LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 5/1 ts. 10-15
  • Kgwetlho ya Go Tsamaya mo Dikgatong tsa Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgwetlho ya Go Tsamaya mo Dikgatong tsa Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ithute go Tsamaisanya le Tsone
  • Re Itise
  • Lo se Fapoge
  • Tsamaya Ka Mosepele o o Tshwanetseng
  • Gana go Iikanya Thata, o Lwantshe Kgobego-Marapo
  • ‘Latela Dikgato Tsa Gagwe Gaufiufi’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Batho ba ba Tsamayang mo Dikgatong tsa ga Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tswelela o Tsamaya Jaaka Jesu Keresete A ne A Tsamaya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Sepela le Modimo—Dikgato Tsa Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 5/1 ts. 10-15

Kgwetlho ya Go Tsamaya mo Dikgatong tsa Gagwe

“Gonne Keresete le èna o bogile botlhoko mo boemoñ yoa lona, a lo tlogèlèla sekaō, gore lo tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè.”—1 PETERE 2:21.

1, 2. (a) Ke eng se e ka nnang kgwetlho ya mmannete, mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba kgatlhegela seno? (b) Ke dipotso dife tse di tsosiwang fano?

A O KILE wa tsamaya mo lotshitshing lwa lewatle lo lo motlhaba kana wa ralala lefelo leo le apesitsweng ke kapoko mme wa iphitlhela o kgatlhwa ke kafa dikgato tse di tlogetsweng ke mongwe yo o fetileng pele ga gago di ntseng ka gone? Mme e bile a gongwe o ka ne o ne wa itlhophela tse dingwe mme wa leka go tsamaya mo go tsone, o leka go di tshwantshanya le tsa gago gore di lebagane kafa go ka kgonegang ka gone? Fa go ntse jalo, o ne wa lemoga gore seo se ne se se motlhofo. Tota, go tsamaya ka kelotlhoko mo dikgatong tsa yo mongwe—e ka ne e le ka tsela ya sebele kana ka tshwantshetso—ke kgwetlho ya mmannete. Lefa go le jalo, ka go ipitsa Bakeresete, re supile keletso ya go dira seo, go tsamaya mo dikgatong tsa ga Keresete ka kelotlhoko.

2 A o ikemiseditse go dira maiteko a a tlhokafalang go fenya kgwetlho eno ka katlego? Go feta moo, a o ikemiseditse go dira jalo, lefa go ka nna jang? Fa go ntse jalo, go tlhaloganya ka botlalo mathata a a leng gone fa o tsamaya mo dikgatong tsa mmatota go tla go dira gore o atlege le go feta mo go tsamayeng mo dikgatong tsa ga Keresete tsa tshwantshetso.

Ithute go Tsamaisanya le Tsone

3. Ke ka ntlhayang fa go tsamaya mo dikgatong tsa yo mongwe lantlha go bonala go sa tlwaelesega?

3 Mongwe le mongwe o na le tsela e e farologaneng ya go tsamaya. Ka sekai, go katologana ga dikgato, ga go tshwane mo bathong ba ba farologaneng, fela jaaka le tsela eo dinao tsa motho di gatang ka yone. Menwana ya gagwe ya dinao e ka leba fela kwa pele, kana e ka leba kafa teng kana kafa thoko go sekae, gongwe lenao le lengwe le lebile kafa thoko go sekaenyana go na le le lengwe. A o lemoga kgwetlho eno? Go tsamaya mo dikgatong tsa motho ka kelotlhoko, o tshwanetse go tsamaisanya katologano ya dikgato tsa gago le kgato ya lonao lwa gago le tsa gagwe. Santlha seno se ka bonala se sa tlwaelesega, mme gone go tshwanetse go dirwa. Ga go na tsela epe gape e nngwe.

4. Ke ka ntlha yang fa go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu e le kgwetlho e e kgethegileng?

4 Tsela ya ga Keresete ya go tsamaya, ka tsela ya tshwantshetso, e ne e le ya mofuta wa yone fela, ka go bo gareng ga balekane ba gagwe e ne e le ene fela motho yo o itekanetseng, “eo o na a sa itse boleo bopè.” (2 Bakorintha 5:21) Ereka batho ka tlholego e le baleofi ba ba sa itekanelang, go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu ga se tsela e ba e tlwaetseng ya go tsamaya. Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Korintha ka seno, a re: “Gonne le gompiyeno lo sa le ba senama: gonne ereka go na le lehuha le kgañ mo go lona, a ga lo ba senama, me lo sepela kaha mokgweñ oa botho?” Ditshekamelo tsa go nna lefufa le kgang, “ditihō tsa nama,” ke dilo tse di tlwaelesegileng mo bathong ba ba sa itekanelang, mme Jesu o ne a tsamaya mo tseleng ya lorato, mme “loratō ga lo pelotshètlha, . . . ga lo ko lo gakatsèga.” Jalo go tsamaya mo dikgatong tsa ga Keresete go lere kgwetlho e e fetang ya fa re ne re ka kopiwa gore re tsamaye mo dikgatong tsa motho yo o sa itekanelang.—1 Bakorintha 3:3; 13:4, 5; Bagalatia 5:19, 20; bona gape le Baefesia 5:2, 8.

5, 6. (a) Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba paletswe ke go tsamaya mo dikgatong tsa ga Keresete, mme seo se gogela mo go reng Paulo a fe kgakololo efe? (b) Batho ba kgothalediwa jang go tsamaya mo dikgatong tsa ga Keresete gompieno, mme seo se felela jang mo go bone?

5 Kwantle ga bosaitekanelang, se sengwe gape se se kganelang motho gore a se tsamaye mo dikgatong tsa ga Keresete ke go sa itse thato ya Modimo. Ka jalo Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba Baefesia gore ‘ba seka ba tlhola ba sepela jaaka baditšhaba ba sepela, mo boithamakong jwa dipelo tsa bone, ka ba fifaditswe mo tlhaloganyong ya bone, ba le baeng ba sa itse botshelo jwa Modimo ka ntlha ya botlhokakitso jo bo mo go bone, ka go kgwaralala ga dipelo tsa bone.’—Baefesia 4:17, 18.

6 Ka tiro ya go rera ka Bogosi, batho gompieno ba kgothalediwa gore ba seka ba tsamaya mo ditseleng tse ba di tlwaetseng, ka go sa itse maikaelelo a Modimo, ba le mo lefifing mo tlhaloganyong, ba tlhotlhelediwa ke dipelo tsa bone tse di kgwaraletseng ka go sala morago dilo tse di senang thuso. Ba kgothalediwa go tsamaisanya le sekao se se itekanetseng sa ga Keresete, ‘ba tsamaya mo go ene fela,’ ka gone ba “gapèla megopolō eotlhe mo kgolegoñ ea go utlwa Keresete.” (Bakolosa 2:6, 7; 2 Bakorintha 10:5) Batho ba ba ikemiseditseng go fenya kgwetlho eno ba tlhomama mo tumelong ya bone. Fa ba ntse ba tlwaela go tsamaya kafa Keresete a tsamaileng ka gone, dilo di nna di ntse di ba tlhofofalela.

7. Ke tlhomamisetso efe e re nang nayo gore, lemororo go se motlhofo gantsi, go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu go ka kgonega?

7 Lefa go ntse jalo, gantsi seno e nna kgwetlho. Pharologano e e gone gareng ga sebopiwa se se itekanetseng le se se sa itekanelang e kgolo. Ka jalo dibopiwa tse di sa itekanelang di tshwanetse go dira diphetogo tse dikgolo gore ba leke go latela sekao se se itekanetseng. Batho bangwe, gongwe e le ka ntlha ya go gotsa kana tikologo ya bone, ba ketefalelwa go sekae ke go tsamaisanya le tsela ya botshelo jwa Bokeresete go na le ba bangwe. Mme Jehofa o re tlhomamisetsa gore mongwe le mongwe yo o ikemiseditseng tota gore o tla iteka o ka kgona. “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ,” ga bolela jalo moaposetoloi Paulo. (Bafilipi 4:13; bona gape 2 Bakorintha 4:7; 12:9.) Go ntse fela jalo le ka Bakeresete botlhe ba boammaaruri.

Re Itise

8, 9. (a) Ke ka ntlha yang fa tlhokomelo e e feletseng le maikutlo a a siameng di tlhokafala fa motho a tsamaya mo dikgatong tsa yo mongwe? (b) Ke go latela kgakololo efe ya Bibela mo go tla re kganelang gore re se fapoge mo dikgatong tsa ga Jesu?

8 Re ka se kgone go tsamaya mo dikgatong tsa mmatota fa re sa lebe ka kelotlhoko moo re gatang gone. Fa matlho a rona a leba kwa le kwa—a lebile dilo tse di mo tikologong ya rona kana mo dilong di sele—re ka tloga ra fosa dikgato gone fela foo kana moragonyana. Fa e se fela re ka tlhoma mogopolo thata-thata, re tla fapoga dikgato tse re tshwanetseng ra bo re tsamaya mo go tsone. Ka jalo, ka metlha yotlhe go tlhokafala gore re ikeletlhoko, segolo-bogolo fa medumo ya tshoganetso kana diphaposo tse dingwe tse re sa di lebelelang di ka nnang tsa re itaya tsebe tsa re ntsha mo tirong e re e dirang.—Bapisa Yobe 18:10, 11.

9 Ka tsela ya tshwantshetso, seno se ntse jalo gape le mo go ba ba tsamayang mo dikgatong tsa ga Jesu. Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe gore ba itlhokomele thata-thata, gore dipelo tsa bone di seka tsa “imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono.” (Luke 21:34) Satane o dirisa diphaposo tseno tsa malatsi otlhe go dira gore matlho a rona a se lebe mo dikgatong tsa ga Jesu. O bofefo go re tshwara re santse re itebetse ka go dirisa maemo a a sa lebelelwang jaaka kganetso, bolwetsi, kana mathata a madi. Go tlhomamisa gore ‘re seka ra katogelela koo,’ re tshwanetse go “tlhōkōmèla segolo thata dilō tse di utlwilweñ,” kana, go tlhoma matlho a rona a tsepilwe mo dikgatong tsa ga Keresete go feta le eleng pele.—Bahebera 2:1; bona gape 1 Yohane 2:15-17.

Lo se Fapoge

10. (a) Ke kotsi efe e e gone fa dikgato tse di farologaneng di kgabaganya tse dingwe? (b) Ka tsela ya semoya, ke ka ntlha yang fa diphelelo tsa go tsamaya mo dikgatong tse di phoso go le diphatsa?

10 Mo lotshitshing lwa lewatle lo lo tletseng batho, go ka nna ga bo go na le dikgato tsa batho ba le bantsinyana mo motlhabeng o o bokgola, mme metlhala mengwe kana dikgato tsa dinao di ka nna tsa kgabaganya mo go tse re tsamayang mo go tsone. Bontsi jwa dikgato tsa dinao, gongwe, di ka bonala e kete di a tshwana. Abo go le botlhokwa-tlhokwa jang ne gore re tlhomamise gore re tsamaya mo go tse di tshwanetseng! Kwantle ga moo re ka nna ra tsiediwa mme ra tsamaya mo tseleng e e phoso. Ka tsela ya semoya, seno se ka nna le diphelelo tse di masisi. Kotsi ya go tsamaya mo dikgatong tse di ka bonalang di siame mme tota-tota go sa nna jalo e bontshiwa mo seaneng se se tlhagisang ka go re: “Go na le tsela e eketeñ e siame mo mothuñ, me bokhutlō yoa eōna ke ditsela tsa losho.”—Diane 16:25.

11. Ke tlhagiso efe eo Paulo a neng a e fa Bakeresete ba pele, mme seo se tlhomela bomang sekao gompieno?

11 Ka ntlha ya yone kotsi eno, Paulo o ne a ikutlwa a patelesega go tlhagisa bakaulengwe ba gagwe mo phuthegong ya pele ya Bakeresete ka go re: “Kea gakgamala ka e le ha lo itlhaganèla go tloga mo go èna eo o lo bileditseñ mo tshegōhacoñ ea ga Keresete, lo ineèla mo mahokuñ a a molemō a sele; . . . go na le bañwe ba ba lo huduañ, ba rata go shōkamisa mahoko a a molemō a ga Keresete. . . . Ha motho moñwe a lo rèrèla Mahoko a a Molemō a sele kwa ntlè ga a lo a amogetseñ, a a hutsègè.” (Bagalatia 1:6-9) Ka go dira fela kafa sekaong sa ga Paulo, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa gompieno se re tlhagisa kgatlhanong le batenegi kana bakaulengwe ba e seng bone ba go ka tweng, ba gata dikgato tsa tsietso. Bakeresete ba boammaaruri ga ba batle go fapoga mo tseleng eo Keresete a e beileng fa pele ga bone ka kaelo ya Modimo.—Pesalema 44:18.

12. (a) Ke jang 2 Timotheo 1:13 e ka re thusang go tila go timediwa gore re latele dikgato tse e seng tsone? (b) Ke eng se se tlhaolang mafoko mangwe a a molemo?

12 Ka go tlhokomela thata-thata matshwao a a tlhaolang dikgato tsa ga Keresete, re tila go tsiediwa. Kitso e e tlhomameng kaga Jesu, kaga dithuto tsa gagwe, le kaga tsela eo phuthego ya Bokeresete e dirang ka yone di re thusa go tlhaola “mahoko a a tshedileñ” a a re sireletsang mo go ba ba ‘sokamisang mahoko a a molemo a ga Keresete.’ (2 Timotheo 1:13) Se sengwe gape se go tweng ke mafoko a a molemo—tota-tota, mo e leng dikgato tse eseng tsone—a palelwa ke go tsena sentle mo motlhaleng o wa boammaaruri. A a bo sokamisa, a dira gore dilo di seka tsa tlhatswega sentle. Go na le go phepafatsa boammaaruri jwa kono-kono jwa Bibela le melao-metheo, a a bo ganetsa. Go na le gore a re kgothaletse go tlhagafalela tirelo ya ga Jehofa, a tatalalela gore re nyafale. Molaetsa wa one ga se o montle e bile ga o galaletse leina la ga Jehofa le phuthego ya gagwe; ga o montle, o tshwaya diphoso, o a nyatsa. Tota ruri, tseno ga se dikgato tse re ka batlang go tsamaya mo go tsone.

Tsamaya Ka Mosepele o o Tshwanetseng

13. Mosepele o kopanyelediwa jang fa re tsamaya mo dikgatong tsa yo mongwe?

13 Fa re ntse re tsamaya, go katologana ga dikgato tsa rona go laolwa ke bofefo jo re tsamayang ka jone. Gantsi, fa re ka tsamaya ka bofefo, dikgato tsa rona le tsone di a katologana; fa re tsamaya ka bonya, ga di katologane. Ka jalo, go ka nna motlhofo fa e ka re re tsamaya mo dikgatong tsa mmatota tsa mongwe ra dira gore mosepele wa rona o dumalane le wa gagwe. Ka tsela e e tshwanang, gore re tsamaye ka katlego mo dikgatong tsa tshwantshetso tsa Moeteledipele wa rona Jesu Keresete, re tshwanetse go tsamaya ka mosepele o o tshwanang le wa gagwe.

14. (a) Ke ka ditsela dife tseo re ka se tsamayeng ka mosepele o o tshwanang le wa ga Jesu? (b) Ke ka ntlha yang fa go le boeleele go leka go tsamaya ka mosepele o o bofefo go feta wa “motlhanka eo o boikañō, le eo o botlhale”?

14 Fa re ka se tsamaye ka mosepele wa ga Keresete re ka diragalelwa ke dilo di le pedi. E kane e le gore re leka go tsamaya ka bofefo, re sia “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yo Jesu a mo dirisang go fitlhelela boikaelelo jwa ga Jehofa, kana re salela kwa morago mo go lateleleng kaelo ya “motlhanka.” (Mathaio 24:45-47) Go tshwantshetsa se se builweng pele, Bakeresete bangwe ka dinako tse dingwe ba ile ba fela pelo gore go dirwe diphetogo mo dithutong tsa motheo kana mo ditsamaisong kana dipaakanyo tse ba neng ba ikutlwa gore di a tlhokafala e bile lobaka lwa tsone lo fitlhile. Ka go ngongoregela gore dilo di ne di sa tsamaye ka bofefo jo bo lekaneng ba ne ba intsha mo bathong ba ga Jehofa. Abo seo e ne e le boeleele jang ne mme e bile e le bopelokhutshwane! Gantsi sone selo seo se neng sa ba kgopisa se ne sa baakanngwa moragonyana—mo nakong e e tshwanetseng ya ga Jehofa.—Diane 19:2; Moreri 7:8, 9.

15. Kgosi Dafide le Jesu ka boene ba ne ba le dikao tse di molemo jang tsa go boloka motsamao o o tshwanetseng?

15 Tsela e e botlhale ke go lebelela mo go Jehofa gore a tseye kgato go na le go leka go laola mosepele oo dilo di tshwanetseng go diragala ka one. Kgosi Dafide wa bogologolo o ne a tlhoma sekao se se siameng. O ne a gana go tsogologela Kgosi Saulo ka boiteko jwa gore a gape bogosi pele ga nako e e tshwanetseng ya ga Jehofa go bo mo naya. (1 Samuele 24:1-15) Ka tsela e e tshwanang, “Morwa Dafide,” Jesu, o ne a lemoga gore o tshwanetse go letela pele a ka tsena ka botlalo mo bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. O ne a itse kaga polelo ya seperofeti e e neng e raya ene e e reng: “Dula kaha lecogoñ ya me ye legolo, go tsamaee ke dihe baba ba gago sebèō sa gago sa dinaō.” Jalo e ne ya re fa setlhopha sa Bajuda se ne se batla “go mo tsaea ka thata, go mo diha kgosi,” Jesu a ngongwaela ka bofefo. (Mathaio 21:9; Pesalema 110:1; Yohane 6:15) Dingwaga di ka nna 30 moragonyana, go ya ka Bahebera 10:12, 13, Jesu o ne a santse a letile gore a bewe kgosi. Tota, o ne a letela makgolo a dingwaga a ka nna 19 pele a ka tlhongwa jaaka Kgosi e e tshwanetseng ya Bogosi jwa Modimo fa bo tlhomiwa ka 1914.

16. (a) Tshwantsha kafa re ka tsamayang ka mosepele o o bonya ka gone go na le jaaka fa re tshwanetse. (b) Boikaelelo jwa bopelotelele jwa ga Jehofa ke eng, mme re tshwanetse go tila jang go sa dirise bopelotelele joo kafa go sa tshwanelang?

16 Lefa go ntse jalo, go palelwa ke go tsamaya ka mosepele o o tshwanetseng, gape go ka raya go tsamaya ka bonya, go salela kwa morago. Ka jalo, fa Lefoko la Modimo le laola gore re fetole matshelo a rona, a re dira jalo kwantle ga tiego epe? Kana re tatalala ka gore ereka Modimo a le pelotelele, re ka nna ra se ke re dire diphetogo tse di ntseng jalo gore re di dire moragonyana, re akanya gore go ka nna motlhofo ka nako eo? Gone go ntse jalo, Jehofa o pelotelele. Mme seno ga se reye gore re iketle fela fa re tshwanetse go dira diphetogo tse di tlhokafalang. Go na le moo, “o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.” (2 Petere 3:9, 15) Abo go ka nna botoka jang ne, he, go etsa mopesalema yo o neng a re: “Ka itlhaganèla, ka se ka ka nyahala go tlhōkōmèla ditaolō tsa gago.”—Pesalema 119:60.

17. Go nna le mosepele o o tshwanetseng go amana ka eng le go rera ka Bogosi, mme seno se gogela mo go reng re ipotse potso efe?

17 Go salela kwa morago gape go ka kopanyeletsa go rera ka Bogosi. Go ya ka Mathaio 25, gone jaanong jaana Jesu o atlhola batho, a kgaoganya “dinku” le “dipodi.” Seno se diragadiwa bogolo jang ka go rera “Mahoko a a Molemō a, a bogosi.” (Mathaio 24:14; 25:31-33; Tshenolō 14:6, 7) Nako e e beetsweng go dira tiro eno ya go kgaoganya e khutshwafetse. (Mathaio 24:34) Jaaka nako e e beilweng e ntse e atamela go fela, re ka lebelela gore Jesu a akofise dilo. Ka go dira jalo, o dira jaaka sedirisiwa sa Modimo yoo, fa a ne a bua ka tiro ya go phutha, a neng a solofetsa a re: “Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” (Isaia 60:22) Jaaka badiri-mmogo le Modimo, ka go tsamaya mo dikgatong tsa Morwawe ka kelotlhoko, a re akofisa mosepele wa rona wa go rera ka Bogosi go ya fela kafa re dumelelwang ka gone ke boemo jwa rona jwa mmele le maikarabelo a Dikwalo? Dipego tsa tirelo ya tshimo di supa gore dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa di dira jalo!

Gana go Iikanya Thata, o Lwantshe Kgobego-Marapo

18. Motho o ka iikanya thata jang, mme Bibela e re tlhagisa jang ka kotsi eno?

18 Fa re ntse re itshoketse go tsamaya mo dikgatong tsa motho yo mongwe, re tlwaelana le tsela eo a tsamayang ka yone. Lefa go le jalo, fa re itshepa thata, ka bokhutshwanyane fela re akofa re fosa kgato. Ka jalo, fa re tsamaya mo dikgatong tsa tshwantshetso tsa ga Jesu, re tshwanetse go lemoga kotsi ya go iikanya thata, ka botlhaswa re ikaega ka nonofo ya rona le dikgono, re akanya gore re setse re tshwere tsela e e itekanetseng ya gagwe ya go tsamaya. Boitemogelo jwa ga Petere jo bo kwadilweng go Luke 22:54-62 bo re fa tlhagiso e e tshwanetseng. Gape bo gatelela kafa se se go 1 Bakorintha 10:12 se leng boammaaruri ka gone, e e reng: “Me ke gōna, eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa.”

19. (a) Ke eng se gangwe le gape se diragalelang Mokeresete mongwe le mongwe? (Yakobe 3:2) (b) Re tshwanetse go leba jang mafoko a ga Paulo go Baroma 7:19, 24?

19 Ka ntlha ya go sa itekanela, Mokeresete mongwe le mongwe o tla nna a fosa ka dinako tse dingwe. Phapogo e ka nna ya bo e le potlana, e sa bonale thata-thata go ba bangwe. Kana e ka nna go fosa lotshwao mo go phepafetseng sentle mo go tla bonwang ke botlhe. Lefa go ka nna jang, abo go gomotsa jang ne go gakologelwa mafoko a a boikanngo a ga Paulo: “Gonne molemō o ke o ratañ, ga ke o dihe: me boshula yo ke sa bo rateñ, ke yōna ke bo dihañ. A motho oa mogolo nna!” (Baroma 7:19, 24) Legale, mafoko ano ga aa tshwanela go tsewa jaaka seipato sa go dira bosula. Go na le moo, ke kgothatso mo Bakereseteng ba ba ineetseng ba ba kgaratlhisiwang ke go sa itekanelang, a a ba thusang go ganelela mo maitekong a bone go fenya kgwetlho ya go tsamaya mo dikgatong tse di itekanetseng tsa ga Jesu.

20. (a) Diane 24:16 e re thusa jang mo lobelong lwa rona lwa botshelo? (b) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

20 “Motho eo o siameñ o ka wa ga shupa, me a coge gapè,” go bolela jalo Diane 24:16. Mo lobelong lwa rona lwa botshelo, ga go ope yo o tshwanetseng go ikutlwa a patelesega go intsha. Lobelo lono lo tshwana le marathone, lobelo lwa bopelotelele, eseng lwa legwatagwata. Phoso lefa e ka nna efe mo motaboging ruri e tla dira gore a fenngwe mo go lone. Mme motabogi wa marathone le eleng fa a ka kgopiwa, o santse a na le nako ya gore o ka digela lobelo lwa gagwe. Jalo fa phoso nngwe ya kgato e o e tsereng e dira gore o itelele o re, “A motho oa mogolo nna!” gakologelwa gore o santse o na le nako gore o ipaakanye. O santse o na le nako ya go boela mo dikgatong tsa Moeteledipele wa gago Jesu Keresete. Ga go tlhokafale gore o kotlomane! Ga go tlhokafale gore o itlhoboge! Ikemisetse, ka thuso ya bomodimo, go fenya ka katlego kgwetlho ya ‘go tsamaya ka kelotlhoko mo dikgatong tsa ga Jesu.’—1 Petere 2:21.

Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse

◻ go tsamaisanya le seemo?

◻ go itisa ka botlalo?

◻ go gakologelwa motlhala wa boammaaruri?

◻ go tsamaya ka mosepele o o tshwanetseng?

◻ go tila go itshepa thata-thata?

◻ go lwantsha kgobego-marapo?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Mosiami, ka go tlhoma matlho a gagwe mo mokgeleng wa gagwe, o tla kakatlologa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela