LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 5/1 ts. 8-9
  • Thuto e Nngwe Gape ka Letsatsi la Bosupa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto e Nngwe Gape ka Letsatsi la Bosupa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuto e Nngwe Gape ka Letsatsi la Bosupa
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Morwa Modimo ke “Lesedi la Lefatshe”
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Kgothatso E A E Fang Baaposetoloi Ba Gagwe Fa A Tsamaya
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Maiteko a Mangwe a go Bolaya Jesu
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 5/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Thuto e Nngwe Gape ka Letsatsi la Bosupa

LETSATSI la bofelo la Modiro wa Metlaagana, e leng letsatsi la bosupa, le santse le tsweletse. Jesu o ruta mo karolong nngwe ya tempele e e bidiwang ‘ntlo ya dikhumo’. Go bonala fa lefelo leno e le le le bidiwang Lolwapa lwa Basadi koo go nang le matlole ao batho ba latlhelang meneelo ya bone gone.

Mo bosigong bongwe le bongwe jwa modiro, go tshubiwa dipone ka mo go kgethegileng mo karolong eno ya tempele. Go bewa ditlhomo tsa dikerese di le nne tse dikgolo fano, sengwe le sengwe se na le dijana di le nne tse dikgolo tse di tshetsweng lookwane. Lesedi leo le tswang mo dijaneng tseno tse 16 tse di nang le lookwane le le tukang le lekane go ka bonesa sekgala se segolo mo tikologong eno bosigo. Seo Jesu a se buang jaanong se ka nna sa gopotsa bareetsi ba gagwe kaga go kgabisa mono. “Ke nna lesedi ya lehatshe,” Jesu o a bolela. “Eo o ntshalañ moragō ga a ketla a tsamaea mo lehihiñ, me o tla nna le lesedi ya botshelō.”

Bafarasai ba a ganetsa: “U ichupa kaga gago: chupō ea gago ga e amarure.”

Fa a araba Jesu a re: “Leha ke ichupa kaga me, chupō ea me e amarure; gonne kea itse kwa ke cwañ, le kwa ke eañ gōna; me lona ga lo itse kwa ke eañ gōna.” O oketsa ka go re: “Ke nna ke ichupañ kaga me, me le Rara eo o nthomileñ oa nchupa.”

“Rrago o kae?” Bafarasai ba batla go itse.

“Go le nna ga lo nkitse, le Rrè ga lo mo itse,” Jesu o a araba. “Ha lo ka bo lo nkitse, Rrè le èna lo no lo tla mo itse.” Lefa tota Bafarasai ba batla gore Jesu a tshwarwe, ga go ope yo o mo amang.

“Kea tsamaea,” Jesu o bua gape jalo. “Kwa ke eañ gōna, ga lo kake loa ea go hitlha gōna.”

Ka seno Bajuda ba simolola go ipotsa ba re: “A o tla ipolaea, ka e le ha, a re, Kwa ke eañ gōna, ga lo kake loa ea go hitlha gōna?”

“Lona lo cwa kwa tlhatse; nna ke cwa kwa godimo: lona lo ba lehatshe yeno; nna ga ke oa lehatshe yeno.” Jaanong o oketsa ka go re: “Ha lo sa dumele ha ke le èna, lo tla shwèla mo dibiñ tsa lona.”

Jesu, ka phepafalo o supela go go nna teng ga gagwe pele ga a nna motho le gore ke ena Mesia yo o solofeditsweng, kana Keresete. Lefa go ntse jalo, baa botsa, mme ruri seo e le ka lonyatso: “U mañ?”

Fa ba ntse ba mo gana jalo, Jesu o a araba: “Hèla se ke saleñ ke se lo bolèlèla le mo tshimologoñ.” Mme o tswelela ka go re: “Eo o nthomileñ o amarure; me dilō tse ke di utlwileñ mo go èna, ke cōna tse ke di buañ le lehatshe.” Jesu o tswelela a re: “E tla re lo sena go tlhatlosa Morwa Motho, ediha gōna lo tla itseñ ha ke le èna; me le gōna lo tla itse ha ke sa dihe sepè ka nosi, me ke bua dilō tse hèla yaka Rara a nthutile. Me eo o nthomileñ ke na naè; ga aa ntlogèla nosi: gonne ke diha ka metlha eotlhe dilō tse di mo kgatlhañ.”

Fa Jesu a bua dilo tse, bontsi bo dumela mo go ene. Go bano a re: “Ha lo nna mo lehokuñ ya me, hoñ lo bo lo le barutwa ba me rure; Me lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.”

“Re losika loa ga Aberahame,” baganetsi ba gagwe baa goeletsa, “me ga re e se re ke re nne mo botlhankeñ yoa ga opè gopè: u bua yañ, ua re, Lo tla gololwa?”

Lefa Bajuda gantsi ba ne ba ntse ba busiwa ke merafe e sele, ga ba tseye mogateledi ope fela jaaka morena wa bone. Ba gana go bidiwa batlhanka. Mme Jesu o supa gore eleruri ke batlhanka. Ka tsela efe? “Amarure, amarure, kea lo raea,” Jesu o a bua, “Moñwe le moñwe eo o leohañ ke motlhanka oa boleo.”

Go gana ga Bajuda go dumela gore ke batlhanka ba boleo go ba baya mo seemong se se kotsi. “Motlhanka ga a nne mo tluñ ka bosakhutleñ,” Jesu o a tlhalosa. “Morwa èna, o nna ka bosakhutleñ.” Ereka motlhanka a sena tshwanelo ya go rua boswa, a ka nna mo kotsing ya go kobiwa nako le nako. Ke fela morwa yo o tsholetsweng mo tlung kana yo o ikgodiseditsweng a nnang ka “bosakhutleñ,” ke gore, fela fa a santse a tshela.

“Ha Morwa a tla lo golola,” Jesu oa tswelela, “lo tla gololèsègèla rure.” Ka jalo, boammaaruri jo bo gololang batho ke boammaaruri kaga Morwa, Jesu Keresete. Ke ka setlhabelo sa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa botho fela mongwe le mongwe a ka gololwang mo boleong jo bo bolayang. Yohane 8:12-36.

◆ Jesu o ruta kae mo letsatsing la bosupa? Ke eng se se diragalang bosigo koo, mme seno se amana jang le thuto ya ga Jesu?

◆ Jesu a re ke kae kwa a tswang gone, mme seno se tshwanetse sa senola eng mabapi le gore ke mang?

◆ Ke ka tsela efe Bajuda e leng batlhanka, mme ke boammaaruri bofe jo bo tla ba gololang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela