LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 5/1 ts. 15-20
  • Batho ba ba Tsamayang mo Dikgatong tsa ga Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba ba Tsamayang mo Dikgatong tsa ga Jesu
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boitshepo jwa Madi
  • Maitsholo a a Molemo
  • Boitlhaodi
  • Mo Gae
  • Kutlo ka Ntlha ya Lorato
  • Kgwetlho ya Go Tsamaya mo Dikgatong tsa Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • ‘Latela Dikgato Tsa Gagwe Gaufiufi’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Re Lemogiwa ka Boitshwaro jwa Rona
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Bontsha Tlotlo mo Modimong ka Madi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 5/1 ts. 15-20

Batho ba ba Tsamayang mo Dikgatong tsa ga Jesu

“A ga rea sepela ka Mōea o le moñwe hela? a ga rea sepela mo motlhaleñ o le moñwe hèla?”—2 BAKORINTHA 12:18.

1. Ke ka ntlha yang fa gantsi go se thata go lemoga mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?

“JAAKA setlhopha, ke batho ba ba pelonomi, ba ba masisi, le ba ba dirang ka botswerere mo sekolong. Ga go setlhopha se sengwe se go ka buiwang jaana ka sone.” Seno se ne sa buiwa ke mogokgo wa sekolo se sebotlana mo United States. O ne a bua ka bomang? O ne a bua ka bana ba Basupi ba ga Jehofa ba ba neng ba tsena mo sekolong sa gagwe. Tota ruri, batho ba le bantsi ba ile ba lemoga kafa Basupi ba ga Jehofa mmogo le bana ba bone, gantsi ba tshwanang ka ditsela tse di rileng le Basupi ba bangwe. Go setse go lemosegile sentlentle gore ke batho ba ba seoposengwe ka tsela e e gakgamatsang mo go se ba se dumelang le mo boitshwarong jwa bone. Jalo ga go thata go lemoga Basupi.

2. Ke nonofo efe eo e neng e tlhaola Bakeresete ba pele, mme Paulo o ne a reng kaga seno?

2 Kutlwano ya Basupi ba ga Jehofa ke sengwe se se sa tlwaelesegang mo lefatsheng jeno je le makgaoganyane. Mme ga go bokete go tlhaloganya gore ke ka ntlhayang fa re gakologelwa gore botlhe ba leka ka natla go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu. (1 Petere 2:21) Kutlwano e e ntseng jalo gape e ne e le selo se se tshwayang Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Mo pakeng nngwe, Paulo o ne a kgothatsa phuthego ya Korintha a re: “Me yana, ba ga echo, kea lo rapèla, ka leina ya Morèna oa rona Yesu Keresete, gore lo nnè puō ñwe hèla lotlhe, le gore go se nne dikgaoganō mo go lona; me lo ko lo itekanèlè mmōgō, le mo mogopoloñ o le moñwe hèla, le mo tshekatshekoñ, e le ñwe hèla.” (1 Bakorintha 1:10) Paulo gape o ne a fa kgakololo e e tlhotlheleditsweng ya ka fa go ka dirisanngwang ka gone le batho ba ba sa ikemisetsang go boloka kutlwano ya Bokeresete.—Bona Baroma 16:17; 2 Bathesalonia 3:6.

3, 4. Paulo o ne a tlhalosa jang kutlwano ya gagwe le Tito, mme ke eng se se neng se tsala kutlwano eno?

3 Mo e ka nnang ka ngwaga wa 55 C.E., Paulo o ne a romela Tito kwa Korintha go ya go thusa mo go kgobokanyeng madi a bakaulengwe ba ba tlhokang mo Judea mme gongwe le go bona gore phuthego e itshwara jang ka kgakololo ya ga Paulo. Fa a ne a kwalela Bakorintha moragonyana, Paulo o ne a bua ka loeto lwa bosheng lwa ga Tito mme a botsa a re: “A Tito o bapetse señwe mo go lona ka goñwe? a ga rea sepela ka Mōea o le moñwe hela? a ga rea sepela mo motlhaleñ o le moñwe hèla?” (2 Bakorintha 12:18) Paulo o ne a raya goreng fa a ne a re ‘mo moyeng o le mongwe fela’ le “mo motlhaleñ o le moñwe hèla?”

4 O ne a tlhalosa ka kutlwano e e neng e le gone gareng ga gagwe le Tito. Tito e ne e le mopati wa ga Paulo ka dinako tse dingwe mo maetong a gagwe, mme kwa ntle ga pelaelo o ne a ithuta dilo di le dintsi mo go Paulo ka tsela eno. Mme kutlwano e e neng e le gone fa gare ga bone e ne e theilwe mo sengweng se se nonofileng go feta seo. E ne e theilwe mo kamanong e e molemo le Jehofa le mo lebakeng la gore boobabedi e ne e le balatedi ba ga Keresete. Tito o ne a etsa Paulo fela jaaka Paulo a ne a etsa Keresete. (Luke 6:40; 1 Bakorintha 11:1) Jalo ba ne ba tsamaya mo moyeng wa ga Jesu le mo dikgatong tsa gagwe.

5. Ke eng se se ka lebelelwang mo bathong ba gompieno ba etsang Paulo le Tito fa ba ntse ba sepela ‘mo moyeng o le mongwe fela’ le mo ‘dikgatong di le dingwe fela’?

5 Jalo he, ga go gakgamatse go bo Bakeresete mo lekgolong le la dingwaga la bo-20, ka go tsamaya ga bone ka “Mōea o le moñwe hela” le “mo motlhaleñ o le moñwe hèla” jaaka Paulo le Tito, ba ipelela kutlwano e e di gaisang tsotlhe. Tota, go tlhoka kutlwano ga ba ba ipolelang gore ke Bakeresete go ba supa gore ruri ke Bakeresete ba eseng bone, ba ba sa tsamayeng mo dikgatong tsa Moeteledipele yo ba ipolelang gore ba mo setse morago. (Luke 11:17) Pharologano eno e kgolo fa gare ga Bakeresete ba boammaaruri le ba ba ipolelang jalo e ka tshwantshediwa ka ditsela tse di farologaneng. Mma re umake di le nne fela.

Boitshepo jwa Madi

6, 7. (a) Ke pono efe e e tshwanetseng kaga madi e e kopanyelediwang mo go ‘tsamayeng mo dikgatong tsa ga Jesu? (b) Ke pharologano efe e e gone magareng ga Basupi ba ga Jehofa le ba bangwe gompieno ba ba ganang go tshelwa madi?

6 Mo e ka nnang ka ngwaga wa 49 C.E., setlhopha se se laolang sa phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga se ne sa romela lekwalo leo le neng le araba potso e e reng: A Bakeresete ba e seng Bajuda ba tshwanetse go obamela molao wa ga Moshe? Lekwalo le ne la araba ka go re: “Go le Mōea o o Boitshèpō, go le rona, re hitlhetse go le molemō, go re, re se ka ra lo baea morwalō opè go hetisa dilō tse di chwanetseñ tse; Eboñ go re, lo ithibè mo diloñ tse di isediwañ medimo ea disètwa ditlhabèlō, le mo madiñ a dilō tse di tlhabilweñ, le mo diloñ tse di betilweñ, le mo boakeñ.” (Ditihō 15:28, 29) Gakologelwa gore gareng ga “dilō tse di chwanetseñ” go umakiwa go ithiba mo mading. Go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu go raya go sa tsenye madi mo mebeleng ya rona e kane e le ka go a ja kana ka tsela lefa e ka nna efe.

7 Molao-motheo ono o ile wa tlhokomologiwa gotlhelele ke La-Bodumedi ka tlwaelo ya tshelo ya madi. Ke boammaaruri, mo dingwageng tsa bosheng jaana batho ba le bantsinyana ba ile ba lemoga kotsi ya go tshelwa madi mo botsogong jwa bone mme ba ile ba a gana ka ntlha ya mabaka a tsa kalafi. Seno ruri se ntse jalo segolo bogolo ka batho ba le bantsi ba ile ba tsenwa ke AIDS ka ntlha ya go bo ba ile ba tshelwa madi. Mme ke bomang ba ba tsayang gore madi a boitshepo e le ka ntlha ya go tlotla molao wa Modimo, mme ba dira jalo jaaka setlhopha? Fa molwetsi mongwe a ka gana go tshelwa madi, ngaka e itlhaganelela go akanya gore ke mang? A ngaka ga e nke e re: ‘O tshwanetse wa bo o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?’

8. Mosupi mongwe mo Italy o ne a segofadiwa jang ka ntlha ya boikemisetso jwa gagwe go boloka molao wa Modimo mo kgannyeng eno?

8 Antonietta ke motho wa kwa Italy. Dingwaga di ka fera bobedi tse di fetileng o ne a lwala thata, mme madi a gagwe a ne a ngotlega thata mo dingaka di neng tsa gagamalela gore o tshwanetse go tshelwa madi gore go bolokiwe botshelo jwa gagwe. O ne a gana mme a lwantshiwa ke dingaka le ke ba-losika. Le eleng basimanyana ba gagwe ba babedi ba ne ba ikuela ba re: “Mama, fa e le gore o re rata tota-tota, o tshelwe madi.” Mme Antonietta o ne a ikemisetsa gore o tla nna fela a ikanyegile, mme ka boitumelo o ne a seka a swa. Lefa go ntse jalo, seemo sa gagwe se ne se le maswe thata mo eleng gore ngaka e ne ya re: “Re gakgametse fela thata go bo a santse a tshela.” Mme e ne ya re fa kalafi e e siameng e sena go dirwa, a tokafala ka bofefo thata mo ngaka e nngwe e neng ya re: “Ke tsietsegile fela—o ne o ka seka wa fola ka nako e khutshwane mo go kana-kana, le eleng fa re ka bo re ile ra go tshela madi letsatsi lotlhe.” Gone jaanong jaana, ke mmulatsela wa ka metlha, mme basimanyana ba gagwe ba babedi, ba yo mongwe a leng dingwaga tse 12 yo mongwe a leng tse 14 ba dira botswelelopele jo bontle mo boammaaruring. Antonietta ka bopelokgale o ne a tlhokomela ‘selo seo se se tshwanetseng,’ ebong boitshepo jwa madi. Basupi ba ga Jehofa botlhe ba na le pono e e tshwanang fa ba ntse ba tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu.

Maitsholo a a Molemo

9. Ke ‘selo sefe gape se se tshwanetseng’ se se kopanyelediwang mo go tsamayeng mo dikgatong tsa ga Jesu, mme ba ba palelwang ke go tlhokomela seno ba diragalelwa ke eng?

9 ‘Selo se sengwe se se tshwanetseng’ se se neng sa senolwa ke lekwalo le le neng le tswa kwa setlhopheng se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le ‘go ithiba mo boakeng.’ Mo lekwalong la gagwe la ntlha go Bakorintha, Paulo o ne a otlelela seno, ka go re: “Go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Bakeresete ba thusa batho ba ba batlang go direla Jehofa gore ba ikgaoganye le ditlwaelo tseno tse di leswe. Le eleng maloko a phuthego bao ba raelwang ke dilo tseno ba thusiwa go intlafatsa mo go tsone fa ba sokologa mme ba ikotlhaya. (Yakobe 5:13-15) Mme fa Mokeresete mongwe a ka wela mo ditlwaelong tse di jalo tse di leswe mme a gana go ikotlhaya, molao wa Bibela o o tlhamaletseng o a dira fano. Paulo o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go bua a re: ‘Lo seka lwa tlwaelana le mongwe yo o bidiwang mokaulengwe mme e le moakahadi. . . . tlosang motho eo o bosula mo go lona.’—1 Bakorintha 5:11, 13.

10, 11. (a) Ke bomang ba ba tshwanetseng go bonwa molato ka ntlha ya ditekanyetso tse di kwa tlase tsa boitsholo mo go La-Bodumedi, me ka ntlha yang? (b) Boitemogelo jwa monna mongwe mo Philippines bo supa jang gore, jaaka setlhopha, Basupi ba ga Jehofa ba na le ditekanyetso tsa boitsholo tse di kwa godimo?

10 Lemororo thuto eno e le e e phepafetseng, La-Bodumedi le tlhamuketse mo boitsholong jo bo sa siamang. Baruti bao ba nyatsang ditekanyetso tsa bomodimo ba na le molato ka ntlha ya seemo seno, fela jaaka ba ba buang ka ditekanyetso tsa Bibela ka molomo fela mme ba palelwa ke go di kgothaletsa ka bopelokgale mo diphuthegong tsa bone. Lefa go ntse jalo, mo go seno gape Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba tsamayang mo dikgatong tsa ga Jesu.

11 Akanya ka Jose, wa Philippines. O ne a setse a itsege jaaka motho yo o letshwenyo le ra-ditaese lemororo a ne a le dingwaga tse 17 fela. O ne a aga a tagilwe, a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang, mme nako le nako a felela mo kgolegelong ka ntlha ya go utswa. Morago ga moo o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa. “Thuto ya Bibela e ne ya fetola botshelo jwa me gotlhelele,” a bolela. “Ga ke sa tlhole ke e nwa lefa e le go goga motsoko, mme e bile ke ithutile go laola bogale jwa me. Jaanong ke na le segakolodi se se phepa, ke na le mosadi a le mongwe fela. Gape baagelani ba me ba a ntlotla, ba pele ba neng ba mpitsa ‘serukutlhi, Jose’ le ‘Jose wa sepoko.’ Mme jaanong ba mpitsa ‘Jose, Mosupi wa ga Jehofa.’ Ngwanake wa mosimane le setlogolo sa me ke batlhanka ba bodihedi mo phuthegong eo ke leng mogolwane le mmulatsela wa ka metlha mo go yone.” Jose le dimilione tse dingwe tsa Basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ba tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu jaaka Bakeresete ba ba phepa mo boitsholong.

Boitlhaodi

12. Ke boikutlo bofe jwa Bakeresete ba nnete joo Jesu a neng a bo tlotlomatsa mo thapelong ya gagwe e e kwadilweng mo go Yohane kgaolo 17?

12 Mo thapelong e telele e Jesu a neng a e rapela mo bosigong jwa bofelo fa a na le barutwa ba gagwe, o ne a umaka tsela e nngwe eo balatedi ba gagwe ba neng ba tla ‘tsamaya ka yone mo dikgatong tsa gagwe.’ Fa a ne a bua le barutwa ba gagwe, o ne a re: “Bōnè ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” (Yohane 17:16) Seno se raya gore Bakeresete ke baitlhaodi. Go na le gore ba nne le seabe mo dipolotiking kana mo dintweng tsa merafe, ba bolelela ba bangwe kaga Bogosi jwa Modimo, jo e leng jone fela tharabololo ya mathata a lefatshe leno.—Mathaio 6:9, 10; Yohane 18:36.

13, 14. (a) La-Bodumedi le farologana jang le Basupi ba ga Jehofa mo kgannyeng ya boitlhaodi? (b) Go boloka boitlhaodi mo dipolotiking ga Mosupi mongwe mo Japane go ne ga solegela bakaulengwe botlhe molemo jang?

13 Molao-motheo ono wa boitlhaodi o lebetswe ke maloko a le mantsi a La-Bodumedi, bao tlhago ya bone ya bomorafe gantsi e tsewang e feta bodumedi joo ba bo tsenang. Motlhatlheledi wa koranta ya dikgang Mike Royko o umaka gore “Bakeresete” ga ba ise ba ke “ba tshwenngwe le eseng ke go lwantshanya le Bakeresete ba bangwe,” a oketsa ka go re: “Fa go ne go ntse jalo, dintwa tse di ne di le matlho mahibidu mo Yuropa di ka bo di seka tsa nna gone.” Gore ruri Basupi ba ga Jehofa ba ipoloka ba itlhaotse ka tsela ya Bokeresete fa ntwa e tlhaga ke lebaka je le itsegeng. Mme jaaka balatedi ba dikgato tsa ga Jesu, ba bile gape ba itlhaola mo dikgannyeng tsa leago le tsa sepolotiki. Ka jalo, ga go na sepe se se itlhakanyang le kutlwano ya bone e e gakgamatsang ya lefatshe lotlhe.—1 Petere 2:17.

14 Boitlhaodi jwa bone fa gongwe bo tlisa diphelelo tse di neng di sa lebelelwa. Ka sekai, mo kgaolong ya Tsugaru mo bokone jwa Japane, ditlhopho di tsewa masisi. Mme Toshio, yo o neng e le mothusa-mookamedi mo Lephateng la Madi mo ofising ya puso ya lefelo leo, o ne a gana go kopanyelediwa mo letsholong la go tlhopha ra-toropo yo mosha ka ntlha ya segakolodi sa gagwe. Seno se ne sa felela ka gore a fokolediwe maemo ka go isiwa mo Lephateng la go Kgopha Maswe. Lefa go ntse jalo, ngwaga moragonyana ga moo, ra-toropo yoo o ne a tshwarwa a bo a patelediwa gore a tlogele maemo a gagwe ka ntlha ya ditlwaelo tse di sa siamang. Go ne ga tlhophiwa ra-toropo yo mosha. Fa a sena go utlwa kaga go fokolediwa maemo ga ga Toshio, o ne a mmusetsa mo maemong a a kwa godimo a bookamedi, mme seno se ne sa tlisetsa bakaulengwe ba Bakeresete ba ga Toshio masego. Jang? Toshio o tlhalosa gore ke selo se se bokete go bona tetlelelo ya go dirisa lefelo la jiminasi go le dirisetsa dipokano tse dingwe fela kwantle ga metshameko ya mabelo. Mme ka ntlha ya maemo a gagwe, “Jehofa o ne a kgona go ntirisa”—fa go umakiwa mafoko a ga Toshio ka sebele—“go bona tiriso ya dijiminasi tse di neng tsa dirisediwa dikopano tsa kgaolo di le tharo le dikopano tsa potologo di le nne.” O digela jaana: “Fa fela re ntse re ikanyega, Jehofa o tla nna a bula ditsela di le dintsintsi tsa go re dirisa.”

Mo Gae

15. Jesu o ne a tlogelela balatedi ba gagwe ba ba tsamayang mo dikgatong tsa gagwe sekao se se molemo jang mo kgannyeng ya dikamano tsa lelapa?

15 Karolo e nngwe eo Bakeresete ‘ba tsamayang mo dikgatong tsa ga Jesu’ ka yone ke mo gae. Bibela e supa sekao sa ga Jesu jaaka motlhala o o tshwanetseng dikamano tsa mo gae fa e re: “Lo ineèlanè mo poihoñ ea ga Keresete. Basadi ba lo nyecweñ lo ineeleñ mo banneñ ba e leñ ba lona, yaka e ka bo e le mo go Morèna. Gonne monna ke tlhōgō ea mosadi, yaka Keresete le èna e le tlhōgō ea phuthègō, . . . Me yaka phuthègō e ineetse mo go Keresete, a basadi le bōnè ba nnè yalo mo banneñ ba bōnè mo diloñ cotlhe. Banna, ratañ basadi ba lona, hèla yaka Keresete le èna a ratile phuthègō, me a intshetsa eōna.”—Baefesia 5:21-25.

16, 17. (a) Ke seemo sefe se se bosula se se leng gone mo go La-Bodumedi mabapi le dikamano tsa selegae? (b) Dikamano tsa selegae di ka tokafadiwa jang fela, jaaka go bontshitswe ka boitemogelo jwa banyalani bangwe mo Brazil?

16 Gompieno La-Bodumedi le tlhokomologa kgakololo eno mme jalo le na le malapa a le mantsintsi a a thubegileng. Malapa a a thubegileng a tlwaelesegile, mme dikgotlhang tsa batsadi le bana gantsi ke tse di masisi. “Lelapa le makgaoganyane,” ga tlhalosa jalo moporofesa wa moithuta-tlhaloganyo dingwaga tse di fetileng. Baithuta-tlhaloganyo ya ngwana, bagakolodi mo go tsa lenyalo, le dingaka tsa tlhaloganyo ga ba atlege thata mo go thuseng malapa a a mo kotsing. Mme Basupi ba ga Jehofa ba leka thata-thata go dirisa melao-metheo ya Bibela mme ba itsege jaaka batho ba ba nang le dikamano tse di molemo tsa malapa.

17 Ka sekai, Aldemar, e ne e le mothusa-mookamedi wa masole mo Brazil mme a na le mathata a lelapa. Mosadi wa gagwe o ne a mo latlha mme a batla gore ba kgaoganngwe semolao. O ne a simolola go nwa thata mme a bo a leka go ipolaya. Moragonyana, ba-losika lwa gagwe, ba e leng Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba bua le bone ka Bibela. O ne a rata se a neng a se utlwa mme a simolola go ithuta. Ka go batla go dumalanya botshelo jwa gagwe le boemo jwa boitlhaodi joo Basupi ba ga Jehofa ba itsiweng ka jone, o ne a kopa gore a tlogedisiwe tiro ya bosole. Aldemar le mosadi wa gagwe ba ne ba rarabolola mathata a bone a lelapa ka go dirisa melao-metheo ya Bibela eo Aldemar a neng a e ithuta. Gompieno, ba tsamaya mmogo mo dikgatong tsa ga Jesu, ba direla Jehofa mmogo jaaka babulatsela ba ka metlha.

Kutlo ka Ntlha ya Lorato

18. (a) Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tshegofadiwa semoyeng gompieno? (b) Isaia 2:2-4 e diragadiwa jang gompieno?

18 Go phepafetse gore Basupi ba ga Jehofa ba seoposengwe mo go sepeleng ka moya le mo go tsamayeng mo dikgatong tsa ga Keresete Jesu. Mongwe le mongwe wa bone ka sebele lefa ba le setlhopha, ba segofadiwa semoyeng ka ntlha ya go dira jalo. (Pesalema 133:1-3) Bosupi jo bo iponatsang jwa gore ba segofadiwa ke Modimo bo ile jwa tlhotlheletsa bontsi jwa batho ba ba pelonomi go dira tumalanong le polelelopele e e go Isaia 2:2-4. Mo dingwageng fela tse tlhano tse di fetileng, batho ba le 987 828 ba ile ba tsaya dikgato tse di tlhokafalang gore ba ineele mme ba itlhagisa ka go kolobediwa mo metsing. Ka lorato, Jehofa gaa a baya tekanyetso epe mo palong ya batho ba ba ka dirang seno pele ga ‘sepitla se segolo’ se diragala!—Tshenolō 7:9, 14.

19. (a) Ke melemo efe e e iponatsang e e ka nnang gone fa motho a direla Jehofa, mme e tshwanetse go lejwa jang? (b) Ke lebaka lefe la kono-kono le le dirang gore re utlwe ditaolo tsa ga Jehofa?

19 Jaaka maitemogelo a a fa godimo a bontsha, masego a semoya a a ipelelwang ke batho ba Modimo gantsi a na le melemo e e iponatsang. Ka sekai, ka go ithiba mo go gogeng motsoko, ka go nna le maitsholo a a molemo, le ka go tlhokomela boitshepo jwa madi, ba ka nna ba tila go tlelwa ke malwetsi mangwe. Kana ka go bo ba tshela tumalanong le boammaaruri, ba ka nna ba solegelwa molemo mo itsholelong ya bone, mo botsalanong jwa bone le batho, kana mo legaeng. Melemo e e ntseng jalo e e bonalang e tsewa jaaka tshegofatso e e tswang mo go Jehofa, mme e bontsha kafa molao wa ga Jehofa o thusang ka gone. Mme kgonego ya gore motho o ka bona melemo e e jalo e e bonalang ga se lebaka le legolo la go utlwa molao wa Modimo. Bakeresete ba boammaaruri ba utlwa Jehofa ka go bo ba mo rata, ka go bo ke ene ba tshwanetseng go mo obamela, le ka go bo go dira thato ya gagwe ke sone fela selo se se molemo. (1 Yohane 5:2, 3; Tshenolō 4:11) Satane ke ene a ganelang a re batho ba direla Modimo fela ka ntlha ya go bona melemo mengwe ka bopelotshetlha.—Bona Yobe 1:9-11; 2:4, 5.

20. Basupi ba ga Jehofa ba gompieno ba tsamaya jang ka moya o le mongwe fela jaaka basupi ba Bahebera ba ba ikanyegang ba bararo ba metlha ya bogologolo?

20 Basupi ba ga Jehofa ba motlha wa segompieno ba na le moya o o tshwanang le wa basupi ba babotlana ba le bararo ba ba ikanyegang ba Bahebera ba motlha wa ga Daniele. Fa ba ne ba tshosediwa ka gore ba tla latlhelwa mo leubelong lwa molelo, ba ne ba re: “Ha go ka nna yalo, Modimo oa rona o re o dihèlañ, o nonohile go re golola mo bokepishoñ yo bo molelō, yo bo tukañ; me o tla re golola mo seatleñ sa gago, kgosi. Me ha go sa nna yalo, [ke gore, le fa a ka re lesa ra swa] u tlo u itse, kgosi, ha re gana go dihèla medimo ea gago, le go ōbamèla sechwanchō sa gouda se u se tlhomileñ.” (Daniele 3:17, 18) Go sa kgathalesege melemo e e bonalang ya gone foo kana diphelelo, Basupi ba ga Jehofa ba tla tswelela pele ba tsamaya ka kelotlhoko mo dikgatong tsa ga Jesu, ba itse gore ruri ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng je lesha la Modimo! Jaaka batho ba ba utlwanang, ba tla tswelela ba sepela ‘mo moyeng o le mongwe fela’ le ‘mo dikgatong di le dingwe fela,’ lefa go ka diragala eng!

A O ka Tlhalosa Gore:

◻ Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba utlwana jaana?

◻ Basupi ba ga Jehofa ba farologana jang le batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete?

◻ Ke lebaka lefe la kono-kono la go bo Bakeresete ba boammaaruri ba direla Jehofa?

◻ Batho ba Modimo ba leba jang melemo e e nnang gone ka ntlha ya go utlwa Jehofa?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Fa molwetsi mongwe a ka gana go tshelwa madi, gantsi go tsewa gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Batho ba le bantsi ba ba iphakang gore ke Bakeresete ga baa ka ba tshwenngwa le eseng ke go lwantshanya—ba kgothalediwa seo ke baruti ba bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela