Bakeresete ba Boammaaruri Ke Bareri ba Bogosi
“Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, atla rèrwa mo lehatshin yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—MATHAIO 24:14.
1, 2. (a) Ke ka baka lang fa molaetsa wa Bogosi o tshwanetse go bolelwa lefatshe ka bophara jaanong? (b) Ke dipotso dife tse mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ka di botsang?
E ITSISE BOGOSI JWA GA JEHOFA. Ka masome a dingwaga, joo e ile ya nna boitlhomo jo bogolo jwa lokwalo-paka leno. Tota, ke karolo ya setlhogo sa lone sa kafa molaong. Mme go botlhokwa gore molaetsa wa Bogosi o bolelwe jaanong mo lefatsheng ka bophara. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya se Jesu a se buileng morago ga go tsopola dikarolo dingwe tse di bontshang “seshupō” sa “go nna gone” (NW) ga gagwe mo go sa bonaleng le bofelo jwa tsamaiso eno. Jesu o ne a re: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe ; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:3, 14.
2 Gompieno, “bokhutlō” bo gaufi eleruri. Jalo he, mosupi mongwe le mongwe yo o ineetseng wa ga Jehofa o ka botsa sentle jaana: Ke ikutlwa jang ka tiro ya go rera ka Bogosi? A ke tlhakanela ka metlha mo go yone? A mme bodihedi jwa me bo tsweledisiwa pele ka botswerere le ka tlhoafalo?
Thomo ya go Rera
3. Mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Mathaio 5:14-16 a supa eng ka balatedi ba gagwe?
3 Ga go na Mokeresete ope wa sebele yo ka bomo a ka itlhokomolosang tiro e e botlhokwa ya go bolelela ba bangwe “Mahoko a a Molemō.” Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe a re: “Ke lona lesedi ya lehatshe. Motse o o beilweñ mo godimo ga thaba ga o kake oa hitlhèga. Le gōna batho ga ba ke ba chuba lobōnè, go tla ba lo huhumetsa tlhatse ga seèlō, me ba lo tlhōme mo setlhomoñ hèla; me lo phatsimèle botlhe ba ba mo tluñ. Hèla yalo a lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho, gore ba bōnè ditihō tsa lona tse di molemō, me ba galaletse Rra eno eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 5:14-16) Seo se ne se supa gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba tla nna bareri ba Bogosi.
4. Ke eng se se ileng sa buiwa ka mmoledi yo mogolo wa Bogosi?
4 Malebana le moreri yo mogolo wa Bogosi, go builwe jaana: “Jaaka Morena wa rona a ntse a rera ka bogosi O ne a tswelela . . . go baakanya le go rulaganya Bodihedi jwa jone . . . O ne a simolola bodihedi jwa boperofeti . . . mme a dira ba ba Lesome le Bobedi le ba ba Masome a a Supang go arola ka go tshwana. Jaaka A ntse a rera go tla ga bogosi le go bolela ‘ditshupo,’ O ne a ba roma ka molaetsa o o tshwanang le ka dinonofo tse di tshwanang. Ka tsela e e gakgamatsang ya go ruta mo go tlhoafetseng, . . . O ne a ba thapisetsa ditsela tsa go tshegetsa maemo a boikarabelo a a kwa godimo ao ba neng ba tla a neelwa moragonyana.”—A Church History, ka Milo Mahan.
5. Malebana le go rera ka Bogosi, Jesu o ne a dira eng?
5 Jesu o ne a baakanyetsa ka tao e e molemo go baaposetoloi ba gagwe le go barutwa ba ba 70 ba a neng a ba roma. (Luke 6:12-16; 10:1-22) Mme gape, Motlhoma sekao wa rona ka boene o ne a “tsamaea a ea le metse le metsana eotlhe, a rèra, a bolèla Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo.” O ne a na le baaposetoloi le basadi bangwe ‘ba ba neng ba ba direla ka dilo tsa bone.’ (Luke 8:1-3) Ee, Jesu e ne e le mmoledi yo o tlhagafetseng wa mafoko a a molemo mme o ne a tsaya dikgato go simolola phuthego e e rerang ka Bogosi.
6. Pele a tlhatlogela kwa legodimong, Jesu o ne a neela balatedi ba gagwe thomo efe?
6 Morago ga bodihedi jwa gagwe jwa dingwaga tse tharo le sephatlo, Jesu o ne a wetsa tiro ya gagwe ya selefatshe Mme pele ga a tlhatlogela kwa legodimong, o ne a neela balatedi ba gagwe taolo eno: “Tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō: Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:19, 20) Ruri, ba ne ba tla nna bareri ba Bogosi.
7. Lemororo barutwa ba ga Jesu pele ba ne ba tlhaela kitso e e tlhomameng kaga Bogosi, ke eng ba ne ba atlega mo go nneng basupi ba gagwe?
7 Fa Jesu a ne a tloga a tlogela lefatshe, barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa ba re: “Morèna, a u bosetsa Iseraela bogosi ka baka lono?” Fa a ba fetola, o ne a ba raya a re: “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseñ mo thateñ ea gagwè.” Lemororo barutwa ka nako eo ba ne ba tlhaela kitso e e tlhomameng ka ga Bogosi, Jesu o ne a ka ba abela go nna baboledi ba jone, go nne ba ne ba tla bona thuso go tsweledisa thomo ya bone. “Me e tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō,” Jesu o ne a oketsa, “me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Ditihō 1:6-8) Tlase ga kaelo ya moya o o boitshepo, balatedi ba ga Jesu e ne e tla re kgabagare ba lemoge gore Bogosi e ne e tla nna goromente wa selegodimo (Yohane 16:12, 13) Mme fa nako e ne e ntse e ya mabaka ka ga Bogosi joo a ne a tla bolelwa “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.”
8. Tiro ya go rera ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e atlegile go le kana kang?
8 Basupi bao ba ne ba dira tiro ya bone sentle-ntle. Legale, Jehofa o ne a na le bone, mme ebile ba ne ba tshegeditswe ke Jesu Keresete yo o galaleditsweng (Ditihō 8:1-8; 11:19-21) Ga go gakgamatse gore e bo e rile ka bofefo fela ka 60 go ya go 61 C.E. moaposetoloi Paulo a bo a ne a ka re “Mahoko a a Molemō” a setse a ‘reretswe lobopo lotlhe tlase ga legodimo’!—Bakolosa 1:23.
9. Jaaka go etswe tlhoko fano, ke tiro efe e kgolo ya phuthego ya Bokeresete?
9 Go ne ga kwalwa jaana, mabapi le tiro ya go neela bosupi: “Polelo ya efangele . . . ga se tiro fela e e dirwang gareng ga tse dintsi tseo Kereke ya Testamente e Ntšha e tshwaregang mo go tsone, mme ke ya motheo, tiro ya yone e e botlhokwa. . . . O tla tlhokomela gore, Jesu o ne a se ka a re [go Ditihō 1:8], Lo tla ntshupela, kana, lo tla neela bosupi kaga me, mme eleng, Lo tla nna basupi ba me. Tiro ya lediri ‘go nna’ fano e na le mosola o o tshwanetseng go tsewa o le botlhokwa thata.u Tlhaloso [mo Segerikeng] ga e bolele fela se Kereke e tla se dirang, mme seo Kereke e tla nnang sone. . . . Kereke ya ga Jesu Keresete . . . ke setlhopha se se supang.” (Pentecost and the Missionary Witness of the Church, ka Harry R. Boer, ditsebe 110-14) Ee, go supa ke tiro e kgolo ya phuthego ya boammaaruri ya Bakeresete.
Ka Tlamelo ya Bomodimo
10, 11. (a) Tota-tota, baboledi ba Bogosi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba rulagantswe jang? (b) Go ne ga diragala eng fa maemo a masha a ne a nna gone?
10 Baboledi ba Bogosi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba amogela kaelo go tswa setlhopheng se se laolang. Bagolwane ba ba etang ba ne ba direla mo phuthegong, mme ditiro tsa phuthego di ne di sikarwa ke balebedi le batlhanka ba bodihedi. (Ditihō 15:1, 2, 22-36; Bafilipi 1:1) Mme go ne ga diragalang fa maemo a masha a ne a tlhagoga?
11 Mme kana, akanyetsa se se neng sa diragala ka bonakonyana morago ga Pentekosete ya 33 C.E. Bajuda ba ba buang Segerika ba ne ba simolola go ngongorega kgatlhanong le Bajuda ba ba buang Sehebera “ka basadi ba ba batlhōlagadi ba bōnè ba tlhokomologwa mo mphoñ ea ka malatsi aotlhe.” Go rarabolola bothata jono, baaposetoloi ba ne ba tlhopha “banna bashupa . . . ba ba bolèlwañ ka molemō” go tlhokomela kabo eno ya dijo. (Ditihō 6:1-8) Mabapi le seno re a bala: “Pele, tlhokomelo ya gore dijo tsa malatsi di ne di abiwa ka tekatekanyo e ne e le sone fela seo, jaaka re bolelelwa, ‘ba ba supang bao’ ba neng ba se tlhophetswe, mme, legale, ditiro tse dingwe di ne di tla akarediwa mo teng jaaka fa di ntse di tlhaga, ka gobo, lemororo melao-metheo ya tumelo e ntšha e ne e sa fetoge, ditsela le metlhala e tseno di neng di tla neelwa ka tsone, gore di dirwe ka katlego le ka maatlametlo, di ne tsa tlogelelwa botlhale le maitemogelo a a dirang go masika a a neng a tla latela . . . go baakanya le go tokafatsa dilo tse dingwe tse di seng botlhokwa thata . . . ke selo se se tlamang mo phuthegong nngwe le nngwe e kgolo.”—Hours With the Bible, New Testament Series, Bolumu II, ka Cunningham Geikie.
12. (a) Ke eng se se neng sa tlaleletsa tswelelopele ya Bokeresete jwa pele? (b) Ke kae le jang balatedi ba ga Jesu ba ileng ba bidiwa Bakeresete?
12 Go ikaega mo Modimong ka pelo e e phepa, ga mmogo le “botlhale le boitemogelo jo bo dirang” jwa setlhopha se se laolang, di ne tsa tlaleletsa mo kgatelong-pele ya Bokeresete jwa pele. Mme tota dilo di ne di diragala ka tlamelo ya bomodimo. Ka motlhala, balatedi ba pele ba ga Jesu go ne go twe ke ba “Tsela.” (Ditihō 9:1, 2) Mme gongwe le eleng pele fela ka 44 C.E. kwa Antioka ya Siria, “barutwa ba simolola go bidiwa Bakeresete ka tlamelo ya bomodimo.” (Ditihō 11:26, NW) Leno e ne e le leina le ba le filweng ke Modimo le ba neng ba le amogela ka go rata.—1 Petere 4:16.a
13. Jaaka Basupi ba ga Jehofa jaanong ba dirisa mefuta e mesha ya go bolela molaetsa, Bakeresete ba pele ba ne ba dirisa eng mo tirong ya go rera Bogosi?
13 Gareng ga Bakeresete bao ba pele, dikgatelo pele tse dingwe gape di ne di le gone ka tlamelo ya bomodimo. Ka motlhala, jaaka Basupi ba ga Jehofa jaanong ba dirisa mefuta ya bosheng ya go itsise molaetsa, jalo Bakeresete ba pele ba ne ba nna ba ntlha go simolola tiriso ya buka ya memeno (codex)—lesego le legolo go tiro ya bone e e gatelang pele ya go rera ka Bogosi. Malebana le seno, C. C. McCown o ne a kwala: “Dibuka tsa bodumedi tsa Bakeresete, mekwalo ya Testamente e Kgologolo le mekwalo e mesha . . . e ne e se ya go balwa ke bahumi go intsha bodutu fela. Batho ba ba neng ba tlhagafetse thata mo tirong ba ne ba batla mo gontsi mo ba neng ba ka go bona mo bukeng. Bone le barongwa ba Bakeresete ba ba tlhoafetseng ba ne ba rata go lebisa ka bofefo mo sengweng kana go ntsha temana e e supelang tlhaloso, kwantle ga go phutholola memeno e meleele-leele ya koma.”—The Biblical Archaeologist Reader, tsebe 261.
14. Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba tlhagafetse go rera tlaseng ga maemo a a ntseng jang?
14 Go “kgona go lebisa ka bofefo mo sengweng kana go ntsha temana e e supelang tlhaloso” go ne go le botlhokwa thata ka ntlha ya mefuta ya go rera ka Bogosi e e neng e dirisiwa ke Bakeresete ba pele. Legale, ka dinako tse dingwe, ba ne ba neela batho bosupi kwa ntle ga boikaelelo, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba dira gantsinyana gompieno. Go ile ga buiwa jaana ka seno: “Nngwe ya dikarolo tse di tlhomologileng tsa go rera ga baaposetoloi e ne e le go go dira le fa go sa ikaelelwa. Go ne go se na go re moaposetoloi a emele sebaka sengwe se segolo. Boemo jwa gagwe jo bo farologaneng e ne e le fela fa a isitswe fa pele ga mmusi mongwe a le legolegwa le le apereng bohibidu jo bo mokgona, fela jaaka Paulo fa pele ga ga Felise, go tla go arabela tatofatso ya tlolo-melao. O ne a se ke a tlhaela sebaka mme o ne a se bona mo kgolegelong, fa thoko ga tsela, le mo legaeng lepe fela je le nyatsegang leo a ka neng a ile a lala teng fa a se na go phirimelelwa. . . . O ne a na le boikutlo jwa gore molaetsa wa gagwè o ne o lebaganye thata-thata le batho-ka-bongwe, lemororo a ne a ipaakanyeditse go ka o neela le one matshwititshwiti. O ne a siametswe ke bareetsi bangwe le bangwe. O ne a sa lebala sekai sa ga Keresete, . . . [yo] bodulo jwa gagwe e neng e le ditsela tse di dithole, kana mo mekgwatlheng e e tletseng batho, kana mo dintshing tse di lokgarapana tsa lewatle ja Galalia wa Juda. . . . [Baaposetoloi] ba ne ba sa lebala gore o ne a ba neile ditaolo tse di kgethegileng go sa le pele fa ba ne ba sa le mmogo kaga mefuta e e molemo ya go rera dithuto tsa gagwe tsa motheo, le gore o ne a nonotsha dithuto tseno tsa ntlha ka tse dingwe, mme, pele ga go tlhatloga ga gagwe, o ne a ba supegetsa gore lefatshe ke lone tshimo ya bone le gore setshedi sengwe le sengwe se tla nna moreetsi wa bone.”—History of the Christian Church, ka John F. .Hurst, Bolumu I, tsebe 96.
‘Ka Ntlo le Ntlo’
15. Baaposetoloi ba ne ba dira tiro ya go rera jang mo malatsing a morago ga Pentekosete ya 33 C.E.?
15 Ka nako ya Pentekosete ya 33 C.E., balatedi ba ga Jesu ba ne ba setse ba dirisa mofuta o mogolo oo wa go rera “Mahoko a a Molemō.” Morago ga gore baaposetoloi ba ba bogisitsweng ba tlontlololwe ka ntlha ya leina la ga Jesu Keresete, ba ne ba dira eng? Aitsane, “ka malatsi aotlhe, mo tempeleñ le mo ma ga bōnè, ba se ka ba bakèle go ruta, le go rèra Yesu ha e le Keresete”! (Ditihō 5:41, 42) Ee, baaposetoloi ba ne ba neela bosupi ka ntlo le ntlo.
16. Ke tiro efe ya go rera e Paulo a neng a e thapisetsa bagolwane mo Efeso?
16 Moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a kgona go gakolola bagolwane ba ba tlhomilweng ba Efeso jaana: “Kaha ke se kañ ka boiha ka gōna go lo bolèlèla señwe le señwe se se molemō, ke ruta mo ponoñ, le ka go nna ke tsamaea le matlo, Ke shupetsa Bayuda le Bagerika tlhabologèlō Modimoñ, le tumèlō mo go Morèna oa rona Yesu Keresete.” (Ditihō 20:20, 21) Paulo o ne a sa reye gore o ne a ruta bagolwane ba ba tlhomilweng mo magaeng a bone. Go na le moo, o ne a neela Bajuda le Bagerika ba ba sa dumelang bosupi kaga go sokologela mo go Jehofa Modimo le tumelo mo go Jesu Keresete. Kwantle ga pelaelo, Paulo gape o ne a ruta bagolwane bao go supa ka ntlo le ntlo.
17. Ke eng seo bora-dithuto ba ba farologaneng ba ileng ba se bolela kaga bodihedi jwa ga Paulo jwa ntlo le ntlo mo Efeso?
17 Malebana le bodihedi jwa ga moaposetoloi mo Efeso, go ne ga twe: “Paulo o ne a itlwaeditse go dira tiro ya gagwe ya diatla go simolola phakela letsatsi le tswa go fitlha ka 11 mo mosong. (Ditihō 20:34-35) Nako e ka yone Turano o a bong a feditse go ruta ga gagwe; mme e re go tloga ka 11 mo mosong go ya go 4 maitseboa a ye go rera mo holong, a tshware ditherisanyo le bathusi le dipuo tsa kwa bothokong le maloko, a rulaganye maeto a go tswelela pele; mme e re morago a tsamaye a gasa efangele ka ntlo le ntlo mo a neng a go simolola ka 4 mo maitseboeng go ya go fitlha mo bosigong (Ditihō 20:20-21, 31).” (A. E. Bailey) Boradithuto bangwe ba ile ba tlhalosa jaana: “O ne a sa kgotsofadiwe fela ke go neela dipuo mo dikokoanong tsa batho, le go abalana ka ditlhaloso tse dingwe, mme ka tlhoafalo o ne a fitlhelela tiro ya gagwe e kgolo kwa bothokong, ka ntlo le ntlo le go isa ka tlhamalalo boammaaruri jwa legodimo kwa magaeng le kwa botennye jwa dipelo tsa Baefesia.” (A. A. Livermore) “Phatlalatsa le ka ntlo le ntlo, le go ralala naga o ne a rera mafoko a a molemo.” (E. M. Blaiklock) “Re tshwanetse go tlhokomela gore moreri yo mogolo yono o ne a rera ka ntlo le ntlo mme maeto a gagwe e ne se a go etela ditsala fela.”—A. T. Robertson.
18. (a) Ke eng fa o ka re go na le motheo o o tiileng wa Dikwalo kaga bodihedi jwa ntlo le ntlo jwa Basupi ba ga Jehofa? (b) Jaaka Jesu le barutwa ba gagwe ba pele, ke kae le jang Basupi ba ga Jehofa ba rerang molaetsa wa Bogosi?
18 Bosupi jwa ntlo le ntlo bo ne jwa dirwa ke baaposetoloi ba ga Jesu ka 33 C.E. E ne e le karolo ya bodihedi jwa ga Paulo mo Efeso mme kwa ntle ga pelaelo le gongwe le gongwe. Jalo go na le motheo o o tiileng wa Dikwalo wa bodihedi jwa ntlo le ntlo jwa Basupi ba ga Jehofa. Mme seno se boammaaruri le ka mefuta e mengwe e e farologaneng e ba e dirisang go anamisa molaetsa wa Bogosi. Ka mo go tshwanang, Cyclopedia ya McClintock and Strong e tlhalosa jaana: “Morena wa rona le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba bona mafelo a go rera gongwe le gongwe fa batho ba neng ba ka phuthegela gone. Mo thoko ga dithaba, mo dintshing tsa mawatle le mo dinokeng, mo mebileng, mo matlong a batho, mo maribeleng a Tempele, mo Sinagogeng ya Bajuda, le mo mafelong a mangwe a a farologaneng a a neng a ka bonala gore go bolelelwe Mafoko a a Molemo.” (Bolumu VIII, tsebe 483) Jaaka Jesu le barutwa ba gagwe ba pele, Basupi ba ga Jehofa ba rera molaetsa wa Bogosi “mo mebileng, mo matlong a batho, . . . le mo mafelong a mangwe a a farologaneng.” Ka motlhala, ba tshwarega mo tirong ya dimakasine ya mmila (ka lokwalo-paka lono le morwa-rra-a-lone Awake!) mme ba itsiwe thata ka bosupi jwa bone jwa ntlo le ntlo.
19. Diphetso di dirwa jang mabapi le mefuta ya go rera eo e dirisiwang jaanong ke Basupi ba ga Jehofa?
19 Mefuta ya konokono ya bodihedi e jaanong e dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa e ne ya tlhongwa sentle mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme, kwa ntle ga seno, go tshwanetse gore Setlhopha se se Laolang sa segompieno sa Bakeresete ba ba tloditsweng se dire diphetso ka mefuta ya go rera eo e tshwanetseng mo nakong eno. Diphetso tse di ntseng jalo di ka seegiwa go se kae mo “botlhaleng le mo boitemogelong jo bo dirang” jwa banna bano. Lefa go ntse jalo, segolo bogolo, fa ba dira diphetso jaaka go dirile Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba setlhopha se se laolang. Ketelelopele ya Modimo le kaelo ya moya wa gagwe o o boitshepo di kopiwa ka thapelo, mme metlhala ya Dikwalo e a latelwa fa go tlhomamisiwa mefuta e e tshwanetseng sentle ya go rera mo “metlheñ ea bohèlō” e e leng gone jaanong.—2 Timotheo 3:1; Ditihō 15:23, 28.
20. (a) Ke eng re ka tlhomamisega gore Modimo o amogela mefuta ya go rera e e dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa? (b) Ke boikutlo bofe jo batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba tshwanetseng go nna le jone tebang le tiro ya go rera Bogosi?
20 Go phepafetse gore mefuta ya go rera e e dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa e bona tlamelo ya bomodimo, gonne Modimo o ile wa segofatsa maiteko ano ka letlotlo la katlego le masego. (Diane 10:22) Bontsi-ntsi bo ntse bo ngangatlela kobamelo ya boammaaruri le go kopanela le masalela a balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu jaaka karolo ya phuthego e e yosi eo e tlotlang leina le le boitshepo la ga Jehofa le go bolela ka bopelokgale mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng jwa selegodimo. Ka gone ekete botlhe bao eleng batlhanka ba ga Jehofa ba ka tswelela ka go iteka mo tirong ya go dira barutwa jaaka tsamaiso eno e atamela bokhutlo jwa yone. Seno re tshwanetse go se dira ka boikanyego, gonne kwa ntle ga pelaelo Bakeresete ba boammaaruri ke bareri ba Bogosi.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona tsebe 316 ya Aid to Bible Understanding, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
O Tlhaloganya Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa molaetsa wa Bogosi o tshwanetse go bolelwa mo lefatsheng ka bophara jaanong?
◻ Tiro e kgolo ya Bakeresete botlhe ba boammaaruri ke efe?
◻ Ke ka ntlha yang fa go ka twe dilo di direga ka tlamelo ya bomodimo gareng ga batlhanka ba ga Jehofa?
◻ Tiro ya go rera ka ntlo le ntlo ya Basupi ba ga Jehofa e na le motheo ofe o o utlwalang?
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe: ‘Tsamayang, lo dire barutwa.’ A ka tlhagafalo o dira tiro eno e kgolo ya Bakeresete botlhe ba boammaaruri?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
A ka metlha o neela bosupi ka ntlo le ntlo? Baaposetoloi ba pele ba ga Jesu ba go dirile. Le mmoledi yo o tlhagafetseng wa Bogosi Paulo o dirile jalo