LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 1/1 ts. 5-7
  • Bareri ba Efangedi Ba Bona Thobo Lefatshe ka Bophara

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bareri ba Efangedi Ba Bona Thobo Lefatshe ka Bophara
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mexico
  • India
  • Belgium
  • Portugal
  • Thailand
  • Kenya
  • Go Tswa mo go Tshwenyegeng Thata mo Boikutlong go ya Boitumelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Amogela Mafoko a a Molemo kwa Belgium
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Dinku tsa ga Jesu Di Utlwa Lentswe la Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Mafoko A A Molemo go Tswa Norway
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 1/1 ts. 5-7

Bareri ba Efangedi Ba Bona Thobo Lefatshe ka Bophara

“Jaaka nako e ntse e atamela Hara-magedona, Basupi ba ga Jehofa ba oketsa ditiro tsa bone go falotsa bontsi Jo ba ka bo kgonang Jwa rona mo tShenyegong e e tshosang eo.”—Kakgelo ka Iañ Boyne mo go “The Sunday Gleaner,” ya March 15, 1987, Kingstoñ, Jamaica.

MOKWADI wa kakgelo yo o tsopotsweng fa godimo o bua boammaaruri. Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Hara-magedona, nako ya fa Modimo a tla bo a senya baikepi, e gaufi le gore setho se tshela mo motlheng wa katlholo ya bomodimo. (Tshenolō 14:6, 7) Ka gone he, go tlhokafala gore batho ba reetse molaetsa ono wa mafoko a a molemo. Jesu Keresete, ebong moefangele wa motho yo mogolo yo o kileng a nna gone, o ne a simolola phuthego e e neng ya rera efangele “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe” mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Ditihō 1:8; Bakolosa 1:23) o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le tiro ya boefangele e e tshwanang mo motlheng wa rona. (Mathaio 24:14) Jaanong phuthego e e dirang seo ke ya Basupi ba ga Jehofa, bao ba rerang mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ka potlako mo dinageng di le 210 le mafelo.

Lefa go le jalo, Basupi ba ga Jehofa ga se phuthego e e rerang fela. Gape ke e e rutang. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba “dirè merahe eotlhe barutwa, . . . lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.” (Mathaio 28:19, 20) Re batla go lo kopanya le bangwe ba batho bao ba solegetsweng molemo ke tiro ya bone ya go rera le go ruta.

Mexico

Kopana le Virginia. O na le dingwaga di le 110 mme o batla go lo bolelela gore “go itse Jehofa le go mo direla ga go ko go siiwa ke nako.” Jaaka mosadi yo mmotlana o ne a ineetse ka tlhoafalo mo eleng gore mo dingwageng tse nne o ne a apara diaparo tse di kgethegileng tsa bodumedi. “Mme go ne go tlhaela sengwe,” a rialo. O ne a sa kgone go bona dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa gagwe tsa Bibela gope. Ka sekai, fa a ne a bots a baruti ba kereke ya gagabo ka go re, “Leina la Modimo ke mang?” ba ne ba arabela ka go re, “Leina la Modimo ke Modimo.”

Mme dilo di ne tsa fetoga ka 1983 fa morwadia ngwana wa gagwe a ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Morwadia ngwana wa gagwe yoo o ne a araba potso ya ga Virginia ka go re leina la Modimo ke Jehofa. (Pesalema 83:18) Seo se ne sa tlhotlheletsa Virginia go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa ka boene. Dingwaga di le pedi moragonyana, ka June 2, 1985, o ne a kolobediwa a na le dingwaga di le 108.

“Ke gakologelwa letsatsi leo ka go le rata,” a rialo, “ka gore ke ne ka simolola go tshela mo letsatsing leo. Ka baka la bogodi jwa me, ke rera dioura di le tlhano kana di le thataro mo kgweding mme ke dirisa seikokotlelo go itshegetsa fa ke tsamaya. Ke rata go tsamaya go na le go palama koloi. Ka tsela e e ntseng jalo ke nna ke itekanetse mo mmeleng.”

India

“Ke ne ke le motho yo o letshwenyo le yo o senang mosola mo bathong ba ga rona,” go ne ga rialo monna mongwe yo o neng a le lekgoba la mefuta e mentsi ya boitsholo jo bo maswe. “Ke ne ke e tle ke sutlhise diokobatsi, ke tshameke mutka (go betšha), le go goga motsoko wa mahala o ke neng ke o fiwa ke badirelwa ba me ba sephiri nako le nako. Gape ke ne ke na le tlwaelo ya go nwa bojalwa—ke ne ke dira tsotlhe tseno go sa kgathalesege lebaka la gore ke ne ke le leloko le le tlhagafetseng la kereke.” Mme fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ne a etela kwa ntlong ya gagwe mme a simolola go ithuta Bibela le go dirisa kgakololo ya yone, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga. (Diane 2:1-22; 2 Timotheo 3:16) Jaanong ene, mosadi wa gagwe, le barwadie ba babedi ba thusa ba bangwe go gololesega mo mefuteng eo ya boitsholo jo bo maswe.

Belgium

Banyalani bangwe ba basha ba ne ba gakalela Modimo fela thata. Ka ntlhayang? Ngwana wa bone wa ntlha, wa mosetsana, o ne a swa malatsi a le lesome morago ga go tsalwa. Ngwana wa bone wa bobedi o ne a tsholwa e le segole. Mme wa boraro, yo o neng a lebega a nonofile ebile a itekanetse, o ne a swa go sa lebelelwa morago ga dikgwedi tse tlhano. Mmaabone o ne a sa dumele gore Modimo o o lorato o ne o ka letlelela matlhotlhapelo a a ntseng jalo go ba diragalela fa gone batho ba le bantsi ba ba neng ba tshela matshelo a boaka ba ne ba na le bana ba ba itekanetseng.

Ka bokhutshwane morago ga moo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a rera ka ntlo le ntlo go bapa le ga mo sadi yoo mme a etela kwa ga gagwe. Jaaka Mosupi a ntse a bua ka ditsholofetso tsa Modimo tse di tla tlisetsang setho boitumelo mo isagweng, mosadi yoo o ne a tenegela mogopolo wa gore Modimoke Rara wa selegodimo yo o lorato. (Pesalema 37:10, 11) Lefa go le jalo o ne a dumela go amogela dikgatiso dingwe tsa Bibela. Ka bonya ka bonya, morago ga Mosupi a sena go mo etela makgetlo a le mmalwa, molaetsa wa Bibela wa mafoko a a molemo o ne wa nolofatsa pelo ya gagwe mme wa aga tumelo ya gagwe mo Modimong. Jaanong ene le monna wa gagwe ba na le tsholofelo e e nonofileng eseng fela ya gore Jehofa o tla fodisa morwa wa bone wa segole mo isagweng ya lefatshe la Paradai se mme gape le gore O tla tsosa bana ba bangwe ba bone ba babedi.—Yohane 5:28, 29; Tshenolō 21:1-4.

Portugal

Moso mongwe wa Sontaga, mo sadi mongwe yo o neng a tshotse kgetsi e e tletseng dilo tse a neng a tswa go di reka o ne a ema go buisana le banyalani bangwe. Eno e ne e le nako ya ntlha ba kopana mme e ne e se kitla e nna ya bofelo. Banyalani bao, ba e neng e le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba le mo tirong ya boefangele. Ba ne ba akgolela moreki go tlhokomela ditlhokafalo tsa dilo tse di bonalang tsa balelapa la gagwe. Mme, ba botsa ka go re, ke mang yo o ka tlamelang setho ka ditlhokafalo tsa bone? Ba ne ba araba potso eo ka bobone ka go tlhalosa gore Modimo o ne o ka dira jalo. (Pesalema 107:8, 9; Isaia 33:24) “A o na le tharabololo ya bothata jwa me?” Mosadi yoo o ne a ipotsa ka go rialo. Basupi ba ne ba fetola ka go dumalana mme o ne a ba laleletsa kwa legaeng la gagwe, koo thuto ya Bibela e neng ya simololwa teng. Monna wa gagwe, ka go lemoga diphetogo tse di molemo mo boikutlong jwa mosadi wa gagwe, o ne a kopanela mo thutong ya Bibela mme mo nakong e khutshwane le ene a dira diphetogo mo mokgweng wa botshelo jwa gagwe.

Moragonyana, mosadi yoo o ne a bolelela Basupi bao gore pele ga a bua le bone mo mosong oo wa Sontaga, o ne a lekile go ipolaya gabedi. O ne a ile a hutsafala thata ka jaana ene le monna wa gagwe ba ne ba dirile phetso ya gore ba kgaogane. Lefa go le jalo, jaanong ene, monna wa gagwe, le bana ba bone ba dira botswelelo pele ka kutlwano mo go ithuteng ka mafoko a a molemo.

Thailand

Mo e ka nnang mo botshelong jotlhe jwa gagwe, mosadi mongwe yo o nnang mo karo-long ya bokone jwa naga eno o ne a tshwenngwa ke badimona. Fa a ne a kopana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo tirong ya boefangele, o ne a itseela dingwe tsa dibuka tsa Bibela mme a dumela go nna le thuto ya Bibela ya legae. Morago ga dikgwedi tse pedi a nt se a ithuta, o ne a simolola go anaanela mabaka a Dikwalo a go tlosa dilo tsotlhe tsa bodumedi jwa maaka mo ntlong ya gagwe, tse di tshwanang le medimo ya disetwa, le go thuba ntlo ya meya e a neng a e rata thata e e neng e agetswe go sireletsa balelapa la gagwe mo meyeng e e bosula. (Ditihō 19:19; 1 Bakorintha 10:21; 1 Yohane 5:21) Jaanong ga a sa tlhole a tlhaselwa ke badimona mme ebile o kgona go tlhoma mogopolo mo go thuseng ba bangwe go itse ka Modimo o o osi wa boammaaruri, Jehofa.

Kenya

Fa moeteledipele mongwe wa segopa sa dirukutlhi, a ne a bolelelwa gore o ne a tsewa a le borai mo eleng gore mapodise ba ne ba laetswe go mo thuntsha fela fa ba mmona, o ne a go itlhokomolosa ka go tshega. Lefa go nt se jalo, ka bokhutshwane morago ga moo nngwe ya ditlhaselo tsa gagwe le segopa seo e ne ya seka ya tsamaya go ya ka thulaganyo. O ne a iphitlhela a le nosi, a dikanyeditswe ke bontsi jwa batho ba ba gaketseng ba ba iketleeleditseng go mo atlhola ka bobone. Ka nako eo, mapodise a ne a tla go mo falotsa, ba mo phamola ba tsamaya ka ene, mme ba mo lotlelela mo kgolegelong go emela tsheko.

Agente ya gagwe e ne ya mo gakolola mefuta e le mentsi ya go itatola molato. Mme fa a ntse a le mo kgolegelong, o ne a gakologelwa maeto a mongwe wa Basupi ba ga Jehofa dingwaga tse di fetileng. O ne a simolola go ikotlhaela ditsela tsa gagwe tsa go tlola molao mme a rapela Modimo gore o mo thuse. Tota ebile, o ne a rapela Jehofa a mmitsa ka leina. (Bapisa Ditihō 10:1, 2.) Se se neng se gakgamatsa moatlhodi ke gore serukutlhi seno se ne sa ipona molato fa pele ga kgotlatshekelo. Jalo moatlhodi o ne a mo atlhola ka katlholo e potlana; mo boemong jwa go atlholelwa loso, katlholo ya gagwe e ne ya nna dingwaga tse di lesome mo kgolegelong e e sireleditsweng go di feta tsotlhe.

Fa a le mo kgolegelong, o ne a bala dibuka tsa Bibela ka tlhoafalo e kgolo mme gangwe le gape a rapela Modimo, a mo kopa gore, fa go kgonega, nako ya gagwe mo kgolegelong e fokodiwe e le gore a tle a Mo direle. Fa go sa solofelwang teng, o ne a bolelelwa gore katlholo ya gagwe e ne e fokoditswe ka bogare. Ka gone, morago ga a sena go nna mo kgolegelong dingwaga tse tlhano, o ne a gololwa mme ka bofefo fela a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Ka bofefo fela morago ga moo, o ne a kolobediwa, mme jaanong o itlhometse mokgele wa go nna moefangele wa nako e e tletseng.

Dikai tse di fa godimo ke di sekae fela tsa kafa Basupi ba ga Jehofa ba diragatsang taelo ya bone le tshwanelo ya go rera efangele ka teng “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Palo ya maitemogelo ano e ka menagana ga sekete. A o a belaela, he, gore Basupi ba ga Jehofa ke baefangele ba boammaaruri ba Modimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela