LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 1/1 ts. 3-4
  • Ke Bomang Bao ba Leng Baefangele ba Boammaaruri?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Bomang Bao ba Leng Baefangele ba Boammaaruri?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boefangele jwa Boammaaruri ke Eng?
  • Ke Mang yo o Emang Nokeng Boefangele jwa Boammaaruri?
  • Thero—Lefelo la Yone mo Kobamelong ya Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • “Dira Tiro ya Moefangele”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Basupi ba ga Jehofa—Bareri ba Boammaaruri ba Efangele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Diragatsa Seabe sa Gago sa go Nna Moefangele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 1/1 ts. 3-4

Ke Bomang Bao ba Leng Baefangele ba Boammaaruri?

GO SA kgathalesege gore o nna kae, mokgatlho wa boefangele o o simolotsweng ke Jesu Keresete o amile botshelo jwa gago ka tsela nngwe. Mme ga se mongwe le mongwe yo o iphakang gore o emetse Keresete yo o ileng a anamisa molaetsa wa boammaaruri wa Lefoko la Modimo. Ga se baefangele botlhe—ba gompieno kana ba bogologolo—bao ba ileng ba tladiwa ka tlhagafalo ya borongwa e e tshwanang le e e neng e bonala mo barutweng ba ga Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.

Ke boammaaruri, dikereke tsa La-Bodumedi di na le barongwa ba go fopholediwang gore ba 220 000 ba ba dirang mo lefatsheng gompieno, a mme barongwa bao go supega ba le baefangele ba boammaaruri? Boefangele jwa Bokeresete bo ne bo sa direlwe go nna tsela ya semoya ya go dira dikolone, koo bareri ba neng ba tla dira jaaka baemedi ba mebuso e megolo e e dirang dikolone. (Bapisa Yakobe 4:4.) Mo godimo ga moo, boefangele jwa Bokeresete jwa boammaaruri bo ne bo se kitla bo buelela se go tweng ke go lwela kgololesego ga bomodimo le go kgothaletsa ka natla diphetogo mo motheong wa ditsamaiso tsa sepolotiki le tsa loago; lefa e le gone gore Jesu o ne a akantse ka bareri ba ba ikgatlhang ka Bibela mo diromamoweng ba ba goeletsang thero ya bone ya “Thuto-bomodimo ya letlhogonolo” ka marang a TV le a radio. (Yohane 17:16; Mathaio 6:24) Mme he, moefangele ke eng?

Boefangele jwa Boammaaruri ke Eng?

Mo dipuong tsa ntlha tsa Bibela, eleng Sehebera le Segerika, moefangele ke moreri wa mafoko a a itumedisang, kana mafoko a a molemo.a Mafoko a a molemo a eng? A poloko, a puso ya tshiamo, le a kagiso. Ka sekai, Isaia 52:7 e tlhalosa jaana: “Di dintlè yañ mo dithabeñ dinaō tsa gagwè eo o tlisañ mahoko a a molemō, eo o utlwatsañ kagishō, eo o tlisañ mahoko a mantlè a a molemō; eo o utlwatsañ polokō; eo o raeañ Siona, are, Modimo oa gago oa busa!”

Gape, fa Morwa wa Modimo a ne a tsalwa, moengele o ne a bolelela badisa jaana: “Se boiheñ; gonne, bōnañ, ke lo lereditse mahoko a a molemō, a boitumèlō yo bogolo, yo bo tla dihalèlañ batho botlhe. Gonne, gompiyeno, mo motsiñ oa ga Dafide, lo tsalecwe Mmoloki, eo e leñ Keresete Morèna.” (Luke 2:10, 11) Ka gone, kgangkgolo ya mafoko a a molemo ke kaga Jesu Keresete.

Dingwaga di ka nna 30 moragonyana, Jesu o ne a tsena mo senagogeng mo motseng wa Nasaretha ka letsatsi la Sabata. Mme a ema a ba a bala. “Me a neèlwa lokwalō loa moperofeti Isaia. Me a re a sena go menolola lokwalō, a bōna golō ha go kwadilweñ gōna, ga twe, Mōea oa ga Yehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go [rera] Mahoko a a Molemō.” Morago ga a sena go bala, “a mena lokwalō, a ba a lo neèla motlhanka, me a dula. Me matlhō a botlhe ba ba mo tluñ ea thutō a bo a tlhomilwe mo go èna. Mme a simolola go ba raea, are, Gompiyeno, lokwalō lo, lo dihahetse mo dit sebeñ tsa lona.” Kwantle ga pelaelo Jesu e ne e le moreri wa mafoko a a molemo, mme mafoko a a molemo a a neng a a bolela a ne a lebisitse mo ‘Bogosing jwa Modimo.’—Luke 4:17-21; 8:1.

Jesu o ne a tshwantsha tiro ya gagwe ya boefangedi le thobo mme a bolela gore “thobō e kgolo rure, me barobi ba bannye.” (Mathaio 9:36-38) Ka gone he, o ne a thapisa balatedi ba gagwe a ba a ba laela gore e nne baefangele le bone. (Mathaio, kgaolo 10; Luke, kgaolo 10) Fela jaaka go ne go ntse ka Morutisi wa bone, kgangkgolo ya thero ya bone e ne e le “Bogosi yoa legodimo.” (Mathaio 10:7) Lefa go nt se jalo, go rerwa ga Bogosi go ne go sa sikarisiwa baaposetoloi ba ga Jesu ba le bosi fela.

Fa go bogisiwa ga phuthego ya Bokeresete e e fatlhogang go ne go tsoga mo motsengmogolo wa Jerusalema, polelo ya ditiragalo mo go Ditihō 8:1 e anela ka go re: “me botlhe hèla ba halalèla mo mahatshiñ a Yudea le Samaria, ha e se baaposetoloi ba le bosi hèla.” A barutwa bao ba ba phatlaladitsweng ba ne ba iphitlha ba ba ba ikgogona ka ntlha ya poifo? Nnyaa, ka gonne temana ya 4 e tswelela ka go re: “Me ea re ka mo ba ba haletseñ ba tsamaea tsamaea ba èta ba rèra lehoko.” Ka tsela eno baefangedi bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bona thobo e kgolo.

Ka mo go kgatlhisang, buka ya A Theological Word Book of the Bible e tlhalosa jaana: “Mo Tesetamenteng e Ntšha [NT] thero ga e amane ka gope le go rutiwa ga bao ba sokologileng, seo gantsi go se rayang gompieno mme ka metlha go amana le go rerelwa ‘mafoko a a itumedisang a Modimo’ ga batho bao eseng Bakeresete.” Ka gone, Bakeresete botlhe ke baefangele, mme boefangele jwa bone ga bo a lekanyediwa mo go bueng le badumedi-mmogo fela.

Mme setlhogo sa boefangele jwa segompieno ke eng? Jesu o ne a bolelela pele gore “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Mme Jesu gaa a ka a laela bao ba neng ba bona go tlhatloga ga gagwe fela mme gape le balatedi ba gagwe ba nako e e tlang go nna “basupi [ba gagwe] mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.”—Ditihō 1:8; bona le Mathaio 28:19, 20.

Ka gone, ntlha-kgolo ya molaetsa wa boefangele ke mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa Modimo go busa Mmusi yo o tlhophilweng, ebong Jesu Keresete, Kgosana ya Kagiso. (Isaia 9:6) Mme a akareletsa boammaaruri jotlhe joo Jesu a neng a bo bua le joo barutwa ba gagwe ba bo kwadileng. Baefangele ba boammaaruri gompieno ba ngaparela sone setlhogo seno ka boikanyegi.

Ke Mang yo o Emang Nokeng Boefangele jwa Boammaaruri?

Baefangele ba boammaaruri ba obamela Jehofa jaaka Modimo. Ke Moefangele yo Mogolo; ke Moema-Nokeng wa thero ya mafoko a a molemo. (Bagalatia 3:8; Tshenolō 10:7) Ebile o eletsa gore batho botlhe gongwe le gongwe ba utlwe le go obamela molaetsa wa gagwe. “Amarure kea lemoga ha Modimo e se motlhaodi oa batho,” ga bolela jalo moaposetoloi Petere a bua le setlhopha se sebotlana mo boemeladikepeng jwa Kaesarea mo Mediterraneañ. “Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōne. Lehoko ye o le rometseñ bana ba Iseraela, o bōlèla Mahoko a a Molemō a kagishō ka Yesu Keresete,-ke èna Morèna oa botlhe.”—Ditihō 10:34-36.

Bibela e ne ya bolelela pele gore mo motlheng wa rona baefangedi ba ne ba tla bona thobo e kgolo gapegape. (Tshenolō 14:15, 16) Bala mangwe a maitemogelo ao Basupi ba ga Jehofa ba nnang nao fa ba nt se ba nna le seabe mo tirong eno ya go roba mo setlhogong se se latelang. Tlhatlhobisa pego ya thero ya bone mo ditsebeng tsa 12 go ya go 15 tsa makasine ono. Mme go tswa foo bua le Basupi ba ga Jehofa fa ba go etela kwa ga gago mme o bone gore a ga o dumele gore ke baefangele ba boammaaruri ba gompieno.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Lediri la Segerika la “[go tlisa] mahoko a a molemō,” kana go rera efangele,” (eu·ag·ge·liʹzo·mai) le ne la emela lefoko la Sehebera le le ranolwang jaaka ‘go tlisa mafoko a a molemo’ (bis·sarʹ) mo go Isaia 52:7. Lediri bis·sarʹ fano le raya “go bolela phenyo ya lobopo lotlhe ya ga Yahweh mo lefatsheng lotlhe le puso ya gagwe ya segosi“le tshimologo ya motlha o mosha, The New International Dictionary of New Testament Theology e tlhalosa jalo—Bapisa mokwalo o o kwa tlase wa Nahume 1:15, mo go New World Translation of the Holy Scriptures—With References.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela