LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 9/1 ts. 11
  • Boammaaruri jwa Bibela bo Golola mo Tirisa-badimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boammaaruri jwa Bibela bo Golola mo Tirisa-badimong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele ya Reng ka Tirisabadimo?
    Tsogang!—2017
  • Lebaka La go Bo o Tshwanetse go Tila Tirisabadimo
    Tsogang!—2008
  • Ke Eng fa Tirisabadimo e Kgatlhegelwa Thata?
    Tsogang!—2000
  • Tirisa-badimo—Modimo o e Leba Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 9/1 ts. 11

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Boammaaruri jwa Bibela bo Golola mo Tirisa-badimong

PONO ya ga Jehofa ka tirisabadimo e ne ya tlhalosediwa Baiseraele sentle ka mafoko ano: “Lo se ka loa diha merèō, leha e le go [dira maselamose].” (Lefitiko 19:26) Mme motho yo o tseneletseng mo maselamoseng le mo tirisa-badimong o ka gololwa jang mo maatleng a badimona? Jesu o ne a re: “Lo tla itse boamarure, me boamarure bo tla lo golola.” (Yohane 8:32) Seno se ne sa supega se le boammaaruri, jaaka go bonwa mo boitemogelong jo bo latelang jwa Mosupi mongwe wa kwa France.

“Fa ke ne ke fudugela kwa legaeng ja me je lesha, ke ne ke santse ke thibelela fela fa moagelani mongwe yo o botsalano a ne a nketela mme a ntaleletsa go mpolelela isagwe ya me ka tepodinaledi. Ka bonako fela ke ne ka fetsa ka gore ke seka ka tlhola ke dirisana le ene ka gope, se e neng e se kgetsi e potana, ka gonne ruri e ne e le motho yo o botsalano tota.

“Ke ne ka simologelwa ke bolwetsi ka November 1980, mme a tla a ithaopela go nthusa. Ke ne ka simolola go anaanela bopelonomi jwa gagwe. Ke ne ke setse ke atamalane le ene thata fa a ne a mpolelela gore gantsi o ne a tsoga a utlwisitswe botlhoko ke go tshwenyega mo mogopolong. Ke gone ke neng ka lemoga gore e ne e se motho yo o itumetseng jaaka ke ne ke akanya. Mme bothata jono jwa tirisa-badimo bo ne bo ka rarabololwa jang? Ka ke ne ke sa tlhole ke kgona go mo itshokela, ke ne ka dira tshwetso ya go buisana le ene kaga boammaaruri.

“Re ne ra simolola re buisana ka mathata a tsa madi a a tlwaelegileng mo go rona basadi ba ba sa nyalwang. Morago o ne a re: ‘Ke na le tharabololo. Ke itirela madi ka go bolela isagwe ka dikarata.’ Jalo ka tsaya Bibela ya me mme ka mmontsha kafa go neng go le diphatsa ka teng go dirisana le matsholo a a maatla a a bosula.

“Seno se ne sa simolola puisano e kgolo kaga tirisa-badimo. O ne a tlhalosa gore sengwe le sengwe se a neng a se bolelela-pele se ne se diragala Ke ne ka leka go mo thusa go akanyetsa dilo. Ke ne ka tswelela ka go mmontsha mafoko a ga Moshe mo go Duteronome 18:10-12: ‘Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè eo o . . . moitseanape, leha e le moñwe eo o [dirang maselamose], leha e le morai, . . . kgotsa eo o buañ le badimo, kgotsa ñaka ea bola, kgotsa eo o botsañ bashwi.’ Fa ke tswa ka kgoro, o ne a re: ‘Fa ke gopola kafa ke boneng tharabololo ya mathata a me ka teng, ruri o ka re ke a lora.’ Abo mafoko ao a ne a nkgothatsa jang ne, ka gonne morago ga puisano e le nngwefela fela, o ne a setse a bua kaga tirisa-badimo jaaka selo se se fetileng! Mo go nna go ne go raya gore mo teng ga pelo ya gagwe o ne a tlhalogantse ka botlalo.

“Ka go bo a ne a rata dijo tsa semoya thata, o ne a bala Bibela go fitlhelela mo mosong ka nako ya boraro kana ya bone. Kwa tshimologong, re ne re ithuta gabedi ka beke. O ne a tla dipokanong mme a tswelela-pele ka bofefo. Legale, re ne ra tlhatlhobisa kgang ya tirisa-badimo ka bophara, re dirisa Bibela le dikgatiso tsa Watch Tower, mme o ne a dira phetso ka boene ya go tshuba sengwe le sengwe se a neng a na naso se se neng se amana le bodimona.

“Mmè yoo o ne a iteka ka metlha mme go ise go ye kae o ne a ya go rerela ba bangwe ‘mafoko a a molemo.’ Nako le nako o ne a lelediwa ke ba a kileng a ne a ba thusa ka tirisa-badimo, mme morago ga a sena go tlhalosa gore o ne a sa tlhole a dira ditiro tsa tirisa-badimo. o ne a ba laleletsa go tla go utlwa ka sengwe se se kgatlhisang go feta seo. O ne a kolobediwa mme jaanong ke kgaitsadi wa rona.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela