“Motlha oa go Bua”—Ke Ofe?
MARY o bereka jaaka mothusi wa tsa kalafi kwa kokelong. Nngwe ya dipatlafalo tse a tshwanetseng go di ikobela mo tirong ya gagwe ke go boloka diphiri. O tshwanetse go boloka dipampiri le boikitsiso jwa tiro ya gagwe gore di seka tsa ya kwa bathong ba ba seng kafa molaong. Ditsetla tsa molao mo boemong jwa gagwe le tsone di laola gore go seka ga itsisiwe batho boikitsiso jwa sephiri jwa balwetsi.
Letsatsi lengwe Mary o ne a nna fa gare ga dinaka tsa nare. Fa a ntse a tlhatlhoba dipego tsa kalafi, o ne a bona boikitsiso jo bo neng bo bontsha gore molwetsi mongwe, Mokereseteka-ene, o ne a ikopetse go senya mpa. A o ne a na le boikarabelo jwa Dikwalo go senolela bagolwane boikitsiso jono mo phuthegong, lemororo go ne go ka gogela kwa go latlhegelweng ke tiro ga gagwe, go bonwa molato, kana gore bahiri ba gagwe ba lebisiwe molato kafa molaong? Kana Diane 11:13 e bontsha gore go siame go boloka kgang e le sephiri? Eno e balega jaana: “Eo o tsamaea tsamaeañ e le mosebi o senola maōma: me eo o mōea oa boikañō oa a lōba.”—Bapisa Diane 25:9, 10.
Basupi ba ga Jehofa ba lebaganwa ke maemo a a ntseng jalo gangwe le gape. Jaaka Mary, ba lemoga ka kelotlhoko seo Kgosi Solomone a neng a se elatlhoko jaana: “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna, le boikaèlèlō boñwe le bonwe tlhatse ga legodimo bo na le motlha oa yōna: . . . motlha oa go didimala, le motlha oa go bua.” (Moreri 3:1, 7) A eno e ne e le nako ya gore Mary a didimale, kana e ne e le nako ya go bua ka se a neng a se lemogile?a
Maemo a ka farologana thata-thata. Ka ntlha ya gone moo, go tla bo go le bokete go tlhoma tekanyetso e e tshwanetseng go latelwa mo kgannyeng nngwe le nngwe, jaaka ekete mongwe le mongwe o tshwanetse go tshwara dikgang jaaka Mary a ne a dira. Ke boammaaruri, Mokeresete mongwe le mongwe, fa a ka lebagana le seemo sa mofuta ono, o tshwanetse a bo a iketleeditse go sekaseka mabaka otlhe a a kopanyelediwang le go fitlha mo phetsong a etsetlhoko melaometheo ya Bibela gammogo le dintlha dipe tse di kopanyelediwang tsa kafa molaong mme seo se tla mo tlogela ka segakolodi se se phepa fa pele ga ga Jehofa. (1 Timotheo 1:5, 19) Fa maleo a le mabotlana mme e le ka ntlha ya go sa itekanelang ga motho, molao-motheo ono o a dira: “Loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.” (1 Petere 4:8) Mme fa go bonala go na le go siamolola mo go masisi, a Mokeresete yo o ikanyegang ka ntlha ya lorato lwa Modimo le Mokeresete-ka-ene o tshwanetse go senola se a se itseng gore yo a lebegang a leofile a tle a amogele thuso le gore bophepa jwa phuthego bo bolokiwe?
Go Dirisa Melao-metheo ya Bibela
Ke melao-metheo efe ya Bibela ya konokono e e dirang? Santlha, mongwe fela yo o fosang mo go masisi gaa a tshwanela go go fitlha. “Eo o bipañ ditlolō tsa gagwè ga a ketla a tlhōgōnōlōhala: me eo o di ipolèlañ a ba a di bakèla, o tla bōna boutlwèlō botlhoko.” (Diane 28:13) Ga gona sepe se Jehofa a sa kakeng a se lemoga. Ditshiamololo tse di fitlhegileng kwa bofelong di tshwanetswe go ikarabelelwa. (Diane 15:3; 1 Timotheo 5:24, 25) Ka dinako tse dingwe Jehofa o dira gore ditshiamololo tse cli fitlhegileng di lemogwe ke maloko a phuthego gore tseno di neelwe tlhokomelo e e tshwanetseng.—Yoshue 7:1-26.
Kaelo e nngwe ya Bibela e bonala mo go Lefitiko 5:1: “Me ha moñwe a leoha ka go re, e rile a le moshupi oa señwe, me a utlwa lencwe ya ikanishō, go re, a señwe o se bonye? kgotsa a o se itse? me ha a se ka a se bolèla, hoñ a a bèlègè tshiamololō ea gagwè.” “Lencwe ya ikanishō” leno e ne e se morogano kana tlhapatso. Kwantle ga moo, le ne le nna gone fa mongwe yo o ileng a siamololelwa a batla gore bape ba ba ka nnang basupi ba mo thuse go bona katlholo e e siameng, fa a lopela diphutso—gongwe go tswa kwa go Jehofa—mongwe, gongwe yo o iseng a supiwe, yo o ileng a mo siamololela. E ne e le mohuta mongwe wa go ikanisa ba bangwe. Basupi bape ba tshiamololo ba ne ba tla itse yo o siamololetsweng mme ba ne ba tla nna le boikarabelo jwa go tla go netefatsa molato. Eseng jalo ba ne ba tla ‘arabela molato wa bone’ fa pele ga ga Jehofa.b
Taolo eno e e tswang kwa bolaoding jwa Maemo a a kwa Godimo mo lobopong e ne e baya boikarabelo mo Moiseraeleng mongwe le mongwe go begela baatlhodi tshiamololo epe e e masisi e a e boneng e le gore kgang e tle e sekasekiwe. Lefa Bakeresete ba se kafa tlase ga Molao wa ga Moshe ka tlhomamo, melao-metheo ya one e santse e dira mo phuthegong ya Bokeresete. Ka ntlha ya gone moo, go ka nna ga nna le dinako dingwe tseo Mokeresete a tshwanetseng go tlisa kgang fa pele ga bagolwane. Ke boammaaruri, ga se kafa molaong mo dinageng di le dintsi go senolela batho ba ba seng kafa molaong se go bonwang e le dipego tsa sephiri. Mme fa Mokeresete a ikutlwa, morago ga go sekaseka ka thapelo, gore o lebagane le seemo seo molao wa Modimo o mmatlang go bega se a se itseng go sa kgathalesege dipatlafalo tsa babusi ba ba botlana, he seo ke boikarabelo jo a bo amogelang fa pele ga ga Jehofa. Go na le dinako tseo Mokeresete a “na[ng] le go utlwa Modimo bogolo go batho.”—Ditihō 5:29.
Lefa maikano kana ditsholofetso tse di masisi di sa tshwanela go tsewa motlhofo go ka nna ga nna le dinako tse dingwe fa ditsholofetso tse di batlwang ke batho di nnang kgatlhanong le patlafalo ya go ineela mo go feletseng mo Modimong wa rona. Fa mongwe a dira boleo jo bo masisi, ene, tota, o ‘hutsiwa phatlalatsa’ ke Yo o siamololetsweng, Jehofa Modimo. (Duteronome 27:26; Diane 3:33) Botlhe ba ba nnang bontlhanngwe jwa phuthego ya Bokeresete ba itsenya mo “ikanoñ” ya go boloka phuthego e le phepa, ka se ba se dirang ka botho gammogo le tsela e ba thusang ba bangwe go nna ba le phepa ka gone.
Boikarabelo jwa Botho
Eno ke mengwe ya melao-metheo ya Bibela eo Mary go lebegang a ile a e elatlhoko mo go direng phetso ya gagwe ya botho. Botlhale bo ne jwa laola gore o ne a sa tshwanela go dira ka bofefo, kwantle ga go sekaseka kgang ka kelotlhoko thata. Bibela e gakolola jaana: “U seka ua nna moshupa molato oa oa ga eno ka boomo; me u se ka ua tsietsa ka molomo oa gago.” (Diane 24:28) Gore go dirwe phetso ya molato ka nitamo, bosupi jwa bobotlana jwa basupi ba ba boneng ka matlho ba le babedi bo a batlega. (Duteronome 19:15) Fa Mary a ne a ile a bona fela go umakiwa mo go khutshwane ga go senya mpa, o ka bo a ile a fetsa go tswa mo segakoloding fela gore bosupi jwa gore go dirilwe molato ope bo ne bo sa tlhatswe pelo mo a neng a ka isa kgang kwa pele. Go ne go ka nna le phoso mo pampiring e e kwadilweng, kana ka tsela nngwe dipego di sa bontshe seemo sentle.
Lefa go ntse jalo, mo kgannyeng eno Mary o ne a na le boikitsiso jo bongwe jo bo utlwalang sentle. Ka sekai, o ne a itse gore kgaitsadi yoo o ne a dueletse molato, go bonala a dumela gore o ne a amogetse tirelo e e neng e boletswe. Gape, o ne a itse sentle ene ka boene gore kgaitsadi yoo o ne sa nyalwa, ka gone go tsosa pelaelo ya kgokahalo. Mary o ne a ikutlwa a na le keletso e e lorato ya go thusa yo o ka tswang a ile a fosa le go sireletsa bophepa jwa phuthego ya ga Jehofa, a gakologelwa Diane 14:25: “Moshupi oa amarure o golola meōea ea batho: me eo o bilolañ maaka o cosa tsieco.”
Go lebega Mary a ne a tlhaloganya dintlha tsa seka-molao sentle mme a ikutlwa gore mo seemong seno melao-metheo ya Bibela e tshwanetse go nna le bokao jo bogolo go na le dipatlafalo tsa gore a sireletse sephiri sa dipego tsa kalañ. Ruri kgaitsadi yoo o ne a tla seka a sulafalelwe le go leka go ipusolosetsa ka go mo direla mathata, o ne a akanya jalo. Ka gone fa Mary a tlhatlhoba dintlha tsotlhe tse a nang le tsone, o ne a fetsa go ya ka segakolodi sa gagwe gore eno e ne e le nako ya go “bua,” eseng go “didimala.”
Jaanong Mary o ne a lebaganwa ke potso e nngwe: O ne a tshwanetse go bua le mang, mme o ne a ka dira jalo jang ka botlhale? O ne a ka ya kwa bagolwaneng ka tlhamalalo, mme o ne a fetsa ka gore a ye pele kwa kgaitsading yoo kwa thoko. Eno e ne e le katamelo e e lorato. Mary o ne a bontsha gore yono yo o belaelwang o ne a ka amogela sebaka sa go tlhalosa dikgang kana, fa a le molato, a netefatse pelaelo eo. Fa kgaitsadi yoo a ne a setse a buisantse le bagolwane kaga kgang eo, go bonala a ne a tla bolela, mme Mary o ne a tla seke a latelela kgang go feta foo. Mary o ne a akanya gore fa kgaitsadi yoo a ne a senya mpa mme a seka a ipolela molato o o masisi ono wa molao wa Modimo, o ne a tla mo kgothaletsa go dira seno. Mme he bagolwane ba ne ba tla mo thusa tumalanong le Yakobe 5:13-20. Ka boitumelo, eno ke tsela e dikgang di ileng tsa dirwa ka yone. Mary o ne a fitlhela gore kgaitsadi yoo o ne a senya mpa ka ntlha ya kgatelelo e kgolo le ka ntlha ya go nna bokoa semoyeng. Ditlhong le poifo di ile tsa mo tlhotlheletsa go fitlha boleo jwa gagwe, mme o ne a itumelela go bona thuso mo bagolwaneng ya go nonofa semoyeng.
Fa Mary a ne a ile a bega pele kwa setlhopheng sa bagolwane, ba ka bo ba ile ba lebagana le phetso e e tshwanang. Ba ne ba tla tshwara jang bosephiri jwa boikitsiso jo bo neng bo tla mo go bone? Ba ne ba tla dira phetso mo motheong wa se ba neng ba ikutlwa gore Jehofa le Lefoko la Gagwe o ne a ba batla go dira jaaka badisa ba letsomane. Fa pego e ne e kopanyeletsa Mokeresete yo o kolobeditsweng yo o neng a kopanela ka tlhagafalo le phuthego, ba ne ba tla tshwanela go sekaseka bosupi jaaka Mary a ile a dira mo go boneng gore a ba tswelele-pele. Fa ba ile ba fetsa ka gore go ne go na le kgonagalo e kgolo ya gore boemo jwa “sebedishō” bo teng mo phuthegong, ba ka nna ba bo ba ile ba abela komiti ya katlholelo go tlhotlhomisa kgang. (Bagalatia 5:9, 10) Fa yo o belaelwang a ne, tota, a ile a intsha mo go nneng leloko, a sa nne gone mo dipokanong dipe ka nako e e rileng mme a sa itshupe e le mongwe wa basupi ba ga Jehofa, ba ka bo ba bone go le botoka gore kgang e ye meriting go fitlhelela nako eo a simololang go itshupa gape jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.
Go Akanyetsa-pele
Bahiri ba na le tshwanelo ya go lebelela gore bahiriwa ba bone ba Bakeresete ba tla ‘kgatlha mo dilong tsotlhe,’ go akareletsa go tlhokomela melao le sephiri. (Tito 2:9, 10) Fa ikano e dirilwe, ga e a tshwanela go tsewa motlhofo. lkano e dira gore tsholofetso e nne masisi le go tlama. (Pesalema 24:4) Mme koo molao o nonotshang patlafalo ya sephiri, kgang e nna masisi le eleng go feta. Ka ntlha ya moo, pele ga Mokeresete a ikana kana a ipaya kafa tlase ga taolo ya bosephiri, e ka tswa go amana le tiro kana sengwe fela, go tla bo go le botlhale go batlisisa ka mo a ka kgonang ka teng mathata a a ka nnang gone ka ntlha ya thulano epe le dipatlafalo tsa Bibela. Go ka dirisanngwa le dikgang jang fa mokaulengwe mongwe kana kgaitsadi a nna mothusiwa? Gantsi ditiro tse di tshwanang le go bereka le dingaka, kwa dikokelong, kwa dikgotleng, le diagente ke mefuta ya ditiro tseo bothata bo ka nnang jwa tsoga mo go tsone. Re ka seka ra itlhokomoloa molao wa ga Kaesara kana bomasisi jwa ikano, mme molao wa ga Jehofa o mogolo thata.
Fa ba lebagana le bothata, bakaulengwe bangwe ba eleng diagente, dingaka, le boradipalo, jalo le jalo, ba ile ba baakanya dikaelo ka go kwala mme ba kopa bakaulengwe ba ba ka nnang ba tla kwa go bone gore ba bale tseno pele ga ba senola sepe se e leng sephiri. Ka gone kutlwisiso e a batlega pele gore fa go tlola molao mo go masisi go senoga, modira-molato a tle a kgothadiwe go ya kwa bagolwaneng mo phuthegong ya ga bone kaga kgang eo. Go tla tlhaloganngwa gore fa a se kile a dira jalo, mogakolodi o tla ikutlwa a tshwanela go ya kwa bagolwaneng ka boene.
Go ka nna ga nna le dinako tseo motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa a tlhotlhelediwang ke go tlhatswega-pelo ga botho ga gagwe go itshetlegile ka kitso ya Lefoko la Modimo go potologa kana le eleng go tlogela dipatlafalo tsa bosephiri ka ntlha ya dipatlafalo tse dikgolwane tsa molao wa bomodimo. Bopelokgale le botlhale bo tla tlhokafalo. Boikaelelo e tla bo e se go tsaya dinopolo kgololesego ya yo mongwe mme e leng go thusa ba ba fositseng le go boloka phuthego ya Bokeresete e le phepa. Diphoso tse di nnyennyane ka ntlha ya sebe di tshwanetse go tlodisiwa matlho. Fano, “loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe,” mme ebile re tshwanetse go itshwarela “ga mashome a shupa ga shupa.” (Mathaio 18:21, 22) Ono ke “motlha oa go didimala.” Mme fa go na le boiteko jwa go bipa boleo jo bogolo, ono e ka nna “motlha oa go bua.”
[Dintlha tsa kwa tlase]
a Mary ke sekai sa motho yo o lebaganeng le boemo joo Bakeresete bangwe ba ileng ba lebagana le jone. Tsela e a tshwarang boemo ka yone e emela tsela eo bangwe ba ileng ba dirisa melao-metheo ya Bibela mo maemong a a tshwanang ka yone.
b Mo go Commentary on the Old Testament, ya ga Keil le Delitzsch ba tlhalosa gore motho o ne a tla bo a le molato wa phoso kana sebe fa a ne a “itse ka bosula jwa yo mongwe, a ka tswa a bo bone, kana a ile a nna le kitso nngwe kaga jone ka tsela epe fela, mme ka gone a ne a tshwanelega go ya kwa kgotleng jaaka mosupi fa go latofadiwa modira-molato, mme a ne a itlhokomolosa go dira jalo, kana a sa tlhalose se a se boneng kana se a se utlwileng, fa a ne a utlwa ikaniso e e masisi ya moatlhodi mo tlhotlhomisong ya molato ya phatlalatsa eo batho botlhe ba ba leng teng, ba ba itseng sengwe fela kaga kgang eo, ba ne ba bidiwa go tla go supa.”
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Ke tsela e e siameng le e e lorato go kgothaletsa mosupi yo o fosang go bua le bagolwane a tlhatswegile pelo gore ba tla dirisana le bothata ka tsala e e bonolo le ka kutlwisiso