“Tshenyego e e Dirilweng E Tla Nna Kgolo Thata”
NTWA YA LEFATSHE I e ne ya senya matshelo a mantsi-ntsi a batho le dithoto. Lefa go ntse jalo, se se sa itsegeng thata ke tshenyo e ntwa eo e e dirileng mo setshwanong sa barongwa ba La-bodumedi mo Afrika. Go ya ka morongwa wa Katoliki Francis Schimlek mo bukeng ya gagwe Medicine Versus Witchcraft, dikgang tsa tshenyego eno ya lefatshe lotlhe “di ne di tshwana le thoromo ya lefatshe, e go roroma ga yone go neng ga utlwala kwa lefelong la borongwa le le kgakala-kgakala mo sekgweng sa Afrika. . . . Barongwa ba ga Keresete ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong, mme Bakeresete ba Letelo leo ba ne ba akabala.”
Ke eng fa go ne go ntse jalo? Schimlek o tsopola morongwa Albert Schweitzer jaaka a tlhalosa jaana: “Rotlhe, re itse gore batho ba Letelo leo ba le bantsi ba akabetse thata mo ntlheng ya gore go ka kgonagala jang gore basweu, ba ba tlisitseng Efangele ya Lorato, jaanong ba bo ba bolaana, mme ba seegela kwa thoko ditaelo tsa ga Morena Jesu. Fa ba re botsa re palelwa ke go araba. . . . Ke maswabi ka ntlha ya gore tshenyego e e dirilweng e tla nna kgolo thata.”