LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 4/1 ts. 4-7
  • Ka mo Re Ka Itseng ka Gone Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ka mo Re Ka Itseng ka Gone Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bibela​—Buka ya Modimo
  • Go Itse Modimo mo go Boteng
  • Go Bala Bibela go re Atametsa Gaufi le Modimo
  • Melemo e Megolo ya go Itse Modimo
  • Modimo ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A Ruri o ka ‘Atamalana le Modimo’?
    Atamalana le Jehofa
  • Popo e re Ruta go le Gontsi ka Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Dithuto Tsa Boammaaruri ke Dife ka Modimo?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 4/1 ts. 4-7

Ka mo Re Ka Itseng ka Gone Modimo

BATHO bangwe ba dumela gore Modimo o gongwe le gongwe, o teng mo dinaleding le mo dipolaneteng, mo motsheng wa badimo, mo diphukeng tsa nonyane, mo mogwannyeng wa bojang. Lefa go ntse jalo, Bibela e ruta gore Modimo, jaaka Motho o na le lefelo la sebele. Kgosi e e botlhale Solomone mo thapelong ya gagwe go Modimo o ne a re: “Hoñ u tlo u utlwè morapèlō oa bōnè le mokokotlèlō oa bōnè u le bonnoñ yoa gago kwa legodimoñ.” Mme mo bukeng ya Bibela ya ga Isaia, Modimo ka boene o tsopola a re: “Legodimo ke setulō sa me sa bogosi.”​—1 Dikgosi 8:49; Isaia 66:1.

Lemororo Modimo ka boene a seo mo popong ya gagwe, ditshupo tsa botho jwa gagwe di bonala mo go yone. Moaposetoloi Paulo o ne a riana mo go Baroma 1:20: “Dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ.” Mopesalema Dafide ka tsela e e tshwanang o ne a kwala jaana: “Magodimo a bolèla kgalalèlō ea Modimo; phuthologō le eōna e shupa tihō ea diatla tsa ōna. Letsatsi le tlhōmaganya puō le letsatsi ye leñwe, bosigo bo tlhōmaganya chupō ea kicō le bosigo yo boñwe.”​—Pesalema 19:1, 2.

Ee, lebelela fa go le bosigo jo bo tletseng dinaledi mme o akanye ka nakwana ka botlhale jo bogolo le maatla a a neng a tlhokafala go bopa le go tshegetsa lobopo la rona! (Bapisa Isaia 40:26.) Ka boammaaruri, popo ke motswedi o o sa kgaleng wa boikitsiso kaga botho jwa Modimo. Mme motho ga a kitla a utlwisisa ka botlalo bosupi jo bogolo jo e bo ntshang mabapi le dinonofo tsa Modimo le dilo tse di mmolelang. Buka ya Jobe e re gakolola jaana: “Bōnañ, mo ke kwa dintlhaneñ hèla ga ditsela tsa ōna: me re utlwa ka phohonyeco e nnye yañ kaga ōna!” (Yobe 26:14) Go na le polelwana ya bogologolo ya Se-sweden e e reng: ‘Morena o mogolo go ditiro tsa gagwe.’ Ka tshwanelo, fa popo e le kgolo, Modimo o tshwanetse a bo a le mogolo go feta; fa popo e bontsha botlhale, Modimo o tshwanetse a bo a le botlhale go feta; fa popo e bontsha maatla, Modimo o tshwanetse a bo a le maatla le eleng go feta!

Bibela​—Buka ya Modimo

Ka gone popo e neela boikitsiso jo bontsi kaga Modimo. Lefa go ntse jalo, a go ithuta ka popo go ka go bolelela leina la Modimo? A go tla a senola boikaelelo jwa popo le gore ke ka ntlha yang fa o letlelela boikepo? Dikarabo tsa dipotso tseo di tlhoka se se fetang go ithuta ka ditiro tsa Modimo tse di bonalang. Ka lesego, Modimo o ne wa dira gore boikitsiso jwa go nna jalo kaga gagwe bo nne teng mo Bibeleng.

Moo Modimo ga o ise o ke o kaiwe jaaka botlhale jo bo senang popego, jo bo ka sekeng jwa tlhalosiwa kana maatla kana thata e eleng gongwe le gongwe. Mo go Ditihō 3:19 re bala kaga ‘sebele sa ga Jehofa.’ Fa Morwawe, Jesu Keresete, a ne a tsosiwa mo baswing, Bibela e re o ne a tsena mo legodimong ka bolone go bonala fa pele ga “sebele [ka tlhamalalo, “sefatlhègo”] sa Modimo.” (Bahebera 9:24, Kingdom Interlinear) Kwantle ga pelaelo, Jesu ga a ise a ke a bitse Modimo Maatla a Magolo, Botlhale jo bo Senang Bolekanngo, kana lefoko lengwe le le sa tlhaloganyesegeng fa a ne a bua kaga gagwe kana a mo rapela. Go na le moo, ka metlha o ne a mmitsa Rara wa selegodimo, lefoko le le neng le senola kamano e e boteng ya gagwe le Modimo.​—Mathaio 5:48; 6:14, 26, 32.

Ka gone Modimo ga se “Sengwe” se se senang leina mme go na le moo ke Motho yo o nang le leina. Pesalema 83:18 ya riana: “Gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.” Ke boammaaruri, Bibela gape e dirisa maina kana mafoko a a tlhalosang Modimo: “Mothataeotlhe,” “Kgosi e e ntseñ hèla e sena tshimologō leha e le bokhutlō,” “mmoloki,” “Modisa,” “Mogologolo,” “mookami,” ‘Moruti yo Mogolo,’ “Modihi,” “Lehikwè.” (Ruthe 1:20; 1 Timotheo 1:17; Isaia 43:11; Pesalema 23:1; Daniele 7:9, 13, 22; 1 Petere 2:25; Isaia 30:20; 54:5; Duteronome 32:4) Lefa go ntse jalo, maina ao a senola dintlha tse di oketsegileng ka botho jwa Modimo, jaaka go nna mothatayotlhe ga gagwe, kamego e e lorato ya gagwe mo bathong ba gagwe, le botlhale jwa gagwe jo bo senang bolekanngo.

Ereka Modimo e le Motho, le ene o na le dilo tse a di ratang le tse a sa di rateng​—le eleng maikutlo. Bibela e re bolelela gore o rata batho ba gagwe (1 Dikgosi 10:9), ka mo a ipelelang ditiro tsa gagwe ka teng (Pesalema 104:31), ka mo a ilang kobamelo ya medimo ya disetwa ka teng (Duteronome 16:22), le ka mo a utlwisiwang botlhoko ke boikepo ka teng. (Genesise 6:6) Tota ebile mo go 1 Timotheo 1:11 o bidiwa ‘Modimo o o itumetseng.’

Go Itse Modimo mo go Boteng

Ke boammaaruri, ga gona tlhaloganyo epe ya motho e e nonofileng go tlhaloganya tshenolo yotlhe ya botho jwa Modimo. “A boteñ yoa khumō, le yoa botlhale, le yoa kicō ea Modimo! dikatlholō tsa ōna ga di hopholesege yañ, le ditsela tsa ōna ga di tlhomamise e yañ! Gonne mañ eo o itsileñ mogopolō oa Morèna? kgotsa mañ eo o kileñ a nna mogakolodi oa gagwè?” (Baroma 11:33, 34) Lefa go le jalo, mo go yo o nang le tumelo, Modimo o ka nna wa mmatota fela jaaka motho ope fela. Bibela e re bolelela gore Noa o ne a “sepela le Modimo,” jaaka ekete Jehofa o ne a le fela fa thoko ga gagwe. (Genesise 6:9) Gape Modimo e ne e le wa mmatota mo go Moshe mo eleng gore e ne ekete o ne a ‘tlhomile matlho mo go Ene yo o sa bonaleng.’ (Bahebera 11:27) Mme kaga Aberahame go ne gatwe e ne e le “tsala ea Modimo.”​—Yakobe 2:23.

Legale, Modimo ka boene o ne a itshenolela Noa, Aberahame, le Moshe. ‘Ee, fa Modimo o ne o ka intshenolela ka tsela eo ya setho,’ bangwe ba ka nna ba rialo, ‘le nna o ne o ka nna wa mmatota mo go nna.’ Lefa go le jalo, gakologelwa, Noa, Aberahame, le Moshe ba ne ba sena Bibela. Ba ne ba sa itse kaga Jesu Keresete lefa e le kaga dipolelelo-pele tse dintsi tse a di diragaditseng. Ka gone, gotlhe mo Jesu Keresete a ileng a go senola kaga Modimo ba ne ba sa go itse. Mo mabakeng a a ntseng jalo, go ne go tlhokafala ebile go tshwanetse gore Modimo o dire ditshenolo tse di ntseng jalo ka tlhamalalo kaga gagwe.

Lefa go ntse jalo, gompieno re na le Bibela gammogo le tiragatso ya makgolo a dingwaga e e bonalang sentle ya dipolelelo-pele tsa Bibela. Re na le pego ya Efangele ya botshelo, ditiro le mafoko a ga Jesu Keresete. Mme Paulo a re: “Go agile botlalō yotlhe yoa Bomodimo sebele hèla mo go èna [Keresete].” (Bakolosa 2:9) Ee, re mo seemong sa go itse Modimo mo go boteng mo go neng go sa kgonege mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso. A seno ga se emisetse thata-thata lebaka la gore ga a ise a re itshenolele ka tlhamalalo?

Go Bala Bibela go re Atametsa Gaufi le Modimo

Re bala jaana mo go Yakobe 4:8: “Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamèla.” Ka go bala Bibela, re ka atamela gautshwane le Modimo. Mme jang? Santlha, ka go bala karolo ya Bibela letsatsi le letsatsi, o ithuta dinonofo tse disha le dilo tse di mmolelang tsa botho jwa gagwe. Jaaka o bala, gangwe le gape ema o ipotse: ‘Ke eng se ke se ithutileng kaga Modimo mo temaneng kana mo karolong eno?’ Se sengwe, o ka rapelela moya wa Modimo go dira jaaka “mothusi” mo kutlwisisong ya gago le mo go atameleng Modimo ga gago.​—Yohane 14:26.

“Ke anaanetse go nna le kutlwisiso e e botoka ka ga Jehofa jaaka motho,” go ne ga bolela jalo mosadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a bala Bibela go e fetsa. E ne e le seithuti mo Sekolong sa Bibela sa Gilead sa Watchtower, se se katisang barongwa ba ba romelwang mo lefatsheng lotlhe. Go dirisiwa mofuta ofe wa go ithuta mo sekolong seno? Mongwe wa barutisi o tlhalosa jaana: “Re ile ra simolola tiro ya go ithuta Bibela yotlhe jaaka setlhopha. Re ne re tsaya ditsebe di le 10 go ya go di le 15 ka letsatsi, botlhe . . . baithuti ba dira patlisiso le go tlatseletsa mo motlotlong wa rona. Fa re ne re kopana le temana e e thata, re ne re tlhokomela (1) ditemana tse di e dikologileng, (2) maemo a ka nako e go neng go kwalwa ka yone, le (3) bokao jwa mafoko a kono-kono mo setlhogong. Ka metlha re ne re botsa, ‘Seno se re bolelelang kaga Jehofa le dinonofo tsa gagwe?’ Re ne re fitlhela gore ka metlha e ne e re bolelela sengwe kaga gagwe.”

Lemororo o ka nna wa seka wa nna le tshiamelo ya go ithuta Bibela ka mo go rulagantsweng mo sekolong seno, dingwe tsa ditsela tseno tsa go ithuta di ka nna tsa go thusa le lelapa la gago. Ka sekai, gareng ga Basupi ba ga Jehofa ke mokgwa go ithuta dikgaolo di sekae tsa Bibela beke nngwe le nngwe mo dipokanong tsa bone tsa phuthego. Ke eng fa o sa latele thulaganyo eno ya mmalo wa Bibela jaaka lelapa? Gape, Mokgatlho wa Watchtower o gatisa dithuso tsa patlisiso, jaaka Aid to Bible Understanding le New World Translation Reference Bible, tse di ka go thusang mo dikarolong tsa Bibela tse di thata.a Thulaganyo ya mmalo wa Bibela ya ka metlha e ka go thusa thata mo go tlhaloganyeng botho jwa ga Jehofa.

Gape o ka nna wa tlhopha karolo nngwe ya Bibela e e nang le boikuelo jo bo kgethegileng mo go wena. Fa e le gore, ka sekai, o tlhopha go ithuta ditemana di le 17 mo go Pesalema 86:1-17, o tla a fitlhela bobotlana jwa dinonofo di le 15 mo bothong jwa Modimo: O molemo, o bofefo go itshwarela, o tletse bopelonolo le lorato, o ikemiseditse go araba dithapelo, o mogolo go feta medimo, ke mmopi yo o senang bolekane, ke mmusi-mogolo, modiri yo mogolo wa dilo tse di gakgamatsang, ke mogolodi mo loshong, o kutlwelo-botlhoko, o a segofatsa, o bonya go galefa, o tletse boammaaruri, ke mothusi, le mogomotsi. Ke mokgele ofe o o botoka o o neng o ka nna le one o o gaisang go leka go ithuta kaga Mmopi wa gago?

Melemo e Megolo ya go Itse Modimo

Go fitlhelela mokgele wa rona wa bofelo wa botshelo jo bosakhutleng ke fela mongwe wa melemo ya go itse Modimo. (Yohane 17:3) Mo godimo ga moo, go nale go solegelwa molemo ka go nna le tsala ya letsatsi le letsatsi e e amegang kaga gago mme e ikanyega thata-thata. (Pesalema 18:31) Fa Kgosi Dafide a ne a ikutlwa a dikologilwe ke baba mme a imelwa ke mathata, o ne a fitlhela gore Modimo e ne e le ene fela mothusi wa boammaaruri yo o gautshwane. Ka gone o ne a re: “Latlhèla morwalō oa gago mo go Yehofa, me o tla gu kokotletsa: ga a ketla a leseletsa mosiami gopè go tshikiñwa.”​—Pesalema 55:22.

Le wena, o ka ipelela kamano eo le Modimo, fa o iipha nako ya go mo itse. Ga go bokete thata. Dira boiteko jwa go bala Lefoko la gagwe. Kopanela le bao matshelo a bone a bontshang gore ba itse Modimo, jaaka bao ba go tsiseditseng lekwalo-paka leno. Biletsa kwa go Jehofa ka thapelo. Ka gore Modimo ga se maatla a a senang botho a a ka sekeng a utlwe selelo sa gago. Ke Modimo o o tshelang le “eo u utlwañ thapèlō.” Mme “ha u mmatla, o tla bōnwa ke wèna.”​—Pesalema 65:2; 1 Ditihalō 28:9.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Watch Tower Publications Index 1930-1985 e tla a go thusa go bona ditlhaloso le metlotlo ya dikarolo tse di ntseng jalo mo dithusong tseno tsa patlisiso.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Modimo o ne a itshenolela Noa, Aberahame, le Moshe ka sebele

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Popo ke motswedi o o sa kgaleng wa thuto kaga botho jwa Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela