Modimo—A Ke Motho wa Mmatota?
“GO TSHWANETSE ga bo go na le Modimo,” go ne ga bolela jalo tokololo ya August 14, 1981, ya Daily Express. Pampiri e ne e bega malebana le se se lebegang e le go sokologela mo go dumeleng mo Modimong ga baitseanape ba babedi ba ba itsegeng. Go dumela ga bone ga bosheng go ne ga tlhagoga morago ga ba sena go fitlhelela go ganetsana mo go sa tlwaelesegang ga dipalo kgatlhanong le go tlhagelela fela ga botshelo. Lefa go ntse jalo, ke eng se badumedi bano ba basha ba babedi ba se rayang fa ba ne ba re “Modimo.” Daily Express e bega jaana: “Ba akantsha gore Modimo, Ke lobopo.”
Fa o dumela mo Modimong, go akanya ga gago ka ene ke eng? A le wena ka mo go tshwanang o mo leba jaaka botlhale jo bo senang tlhaloso, maatla a a leng gongwe le gongwe a a senang popego, “Sengwe” se segolo? Kana o mo leba jaaka Motho yo o botlhale yo o ka tlhalosiwang?
Bangwe ba go fitlhela go le thata go akanya ka Modimo jaaka Motho. Ba ka nna ba bo ba ikutlwa gore go dira jalo go mo nyenyafatsa mo a nnang setshedi sa seka-motho fela—jaaka setshwantshonyana sa monnamogolo yo o apereng pura-pura e e nang le hutshe mme a na le ditedu tse ditshweu tse di telele, a ntse mo lerung. Kana jaaka Michelangelo a ile a tshwantsha Modimo mo seling ya Ntlo ya thuto ya Bomopapa e e itsegeng, monnamogolo yo o mesifa—yo o thata yo o isiwang ke phefo gongwe le gongwe.
Ke boammaaruri, fa re utlwa ka lefoko “motho,” ka tlholego re ka nna ra akanya ka motho wa nama le madi. Webster’s Third New International Dictionary, ka sekai, e tlhalosa “motho” jaaka “setshedi sa motho wa nama le madi.” Mme gape e tlhalosa “motho” jaaka “setshedi se se nang le dikgono tsa go tlhaloganya, kakanyo le botho.” Ka gone, motho o ka akanya ka tlhomamo ka Modimo jaaka Motho kwantle ga go akanya gore ke motho wa nama le madi.
Mme ba bangwe ba ka nna ba gana ba re, ‘lefa go le jalo pharologanyo ke efe, fa o dumela gore Modimo ke maatla a a senang popego kana gore ke Motho?’ Mme kana, fa Modimo e le maatla fela, “Sengwe,” a seno ga se reye gore botshelo jwa motho ka tsela e e tshwanang ke jwa maitirelo fela? Ka gone motho e ne e tla a nna “sengwe,” leino la motšhine o mogolo. Mme fa Modimo e le Motho yo o botlhale, a seo se ne se ka seke se neele botshelo bokao jo bo golwane? Ruri go ntse jalo, go ne go tla a bulela phatlha kgonagalo ya go nna le kamano le Modimo—eseng kamano gareng ga “dilo” tse pedi mme eleng ya motho le motho.
Ka mo go phepafetseng kamano ya motho le motho le Modimo e ne e tlaa nna e e eletsegang thata. Mme santlha, re itse jang gore Modimo ke Motho kana nnyaa? Le gone, fa e le ene, re ka nna jang le kamano e e ntseng jalo? A re lebeng se Bibela e se bolelang mo kgannyeng eno.