LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 4/1 ts. 8-9
  • Go Solegelwa Molemo Ke Ditshwantsho tsa ga Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Solegelwa Molemo Ke Ditshwantsho tsa ga Jesu
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ruta Ka Ditshwantsho
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ditshwantsho Tse di Buang ka Bogosi
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • “O ne A sa Bue le Bone Sepe Fa e Se ka Setshwantsho”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • “O ne A sa Bue le Bone Sepe Fa e Se ka Setshwantsho”
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 4/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Go Solegelwa Molemo Ke Ditshwantsho tsa ga Jesu

FA BARUTWA ba tla kwa go Jesu morago ga a sena go buisa bontsi jwa batho mo lotshitshing jwa lewatle, ba batla go itse thata kaga tsela e ntšha ya gagwe ya go ruta. Ebu, ba kile ba mo utlwa a dirisa ditshwantsho pele mme eseng ka mo go kalo-kalo. Ka gone ba batla go itse: “Ana u buèlañ nabō ka dichwanchō?”

Lebaka le lengwe la go dira jalo ke go diragatsa mafoko a moperofeti: “Ke tla tumolola molomo oa me ka dichwanchō; ke tla kakanya dilō tse di saleñ di lōywa ka go thaiwa ga lehatshe.” Mme go na le mo gontsi go na le moo. Go dirisa dintshwantsho ga gagwe go direla boikaelelo jwa go thusa go senola boikutlo jwa dipelo tsa batho.

Boammaaruri ke gore, bontsi jwa batho ba kgatlhegela Jesu fela jaaka rra-dipolelo yo mogolo le modira-dikgakgamatso, eseng yo o ka direlwang jaaka Morena le yo o ka salwang morago kwantle ga boikgagapeledi. Ga ba batle go kgorelediwa mo ponong ya bone ya dilo kana tsela ya bone ya botshelo. Ga ba batle gore molaetsa o loelele mo go kalo-kalo. Ka gone Jesu a re:

“Ke gōna kaha ke buañ nabō ka dichwanchō ka gōna; ka go bo leha ba lebile, ga ba bone, leha ba utlwa, ga ba utlwe, le gōna ga ba tlhaloganye. Me polèlèlō pele ea ga Isaia e ba dihaletse, e e rileñ, . . . Gonne dipelo tsa batho ba di akotse.”

‘Lefa go ntse jalo,’ Jesu o a tswelela, “matlhō a lona a segō, gonne aa bōna; le ditsèbè tsa lona, gonne dia utlwa. Gonne amarure kea lo raea, baperofeti ba le bantsi, le basiami, ba eleditse go bōna dilō tse lo di bōnañ, me gaa ba ka ba di bōna; le go utlwa dilō tse lo di utlwañ, me gaa ba ka ba di utlwa.”

Ee, baaposetoloi ba ba 12 le bao ba nang le bone ba na le dipelo tse di bulegileng. Ka gone Jesu a re: “Lona lo neilwe go itse masaitsiweñ a bogosi yoa legodimo; me bōnè ga baa go nèwa.” Ka ntlha ya keletso ya bone ya go tlhaloganya, Jesu o neela barutwa ba gagwe tlhaloso ya setshwantsho sa mojadi.

“Peo ke lehoko ya Modimo,” Jesu a rialo, mme mmu ke pelo. Ka peo e e jetsweng fa go kwakwaletseng fa thoko ga tsela, o tlhalosa jaana: “Hoñ go tle diabolo, a tlose lehoko mo peduñ tsa bōnè, gore ba se ka ba dumèla me ba bolokwa.”

Mo letlhakoreng le lengwe, peo e e jetsweng mo mmung o o matlapa ke dipelo tsa batho ba ba amogelang lefoko ka boitumelo. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya gore lefoko le ka seke le itshetlele mo dipelong tseo, batho bano ba boela morago fa nako ya teko kana pogiso e tla.

Mabapi le peo e e wetseng fa gare ga mitlwa, Jesu o a tswelela, seno se raya batho ba ba utlwileng lefoko. Lefa go ntse jalo, bano ba itewa tsebe ke matshwenyego le dikhumo le menate ya botshelo jono, ka gone ba hupediwa gotlhelele mme ba seke ba dire sepe se se siameng.

Labofelo, fa e le kaga peo e e jetsweng mo mmung o o nonneng, Jesu a re, bano ke ba eleng gore, morago ga go utlwa lefoko ka dipelo tse di molemo le tse di siameng, ba a le tshegetsa le go nna le maungo ka boitshoko.

Abo barutwa bano ba tshegofaditswe jang ne bao ba ileng ba batla Jesu go utlwa tlhaloso ya dithuto tsa gagwe! Maikaelelo a ga Jesu ke gore ditshwantsho tsa gagwe di tlhaloganngwe, go fitisetsa boammaaruri mo go ba bangwe. “A lobōnè Io tlo lo tlisiwe gore lo huhumèdiwè tlhatse ga seèlō, kgotsa kaha tlhatse ga bolaō?” O a botsa. Nnyaa, “A ga se gore lo tlhōñwè mo setlhomoñ?” Ka gone Jesu o a oketsa: “Ke gōna itiseñ kaha lo utlwañ ka gōna.” Mathaio 13:10-23, 34-36; Mareko 4:10-25, 33, 34; Luke 8:9-18; Pesalema 78:2; Isaia 6:9, 10.

◆ Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bua ka ditshwantsho?

◆ Barutwa ba ga Jesu ba itshupa ba farologanye jang le bontsi jwa batho?

◆ Jesu o neela tlhaloso efe ya setshwantsho sa mojadi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela