LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 11/1 ts. 26-31
  • Mathata a Lelapa a a Rarabololwang ka Kgakololo ya Bibela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mathata a Lelapa a a Rarabololwang ka Kgakololo ya Bibela
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Pelotlhomogi” e a Tlhokafala
  • Sireletsa Pelo ya Ngwana wa Gago
  • Dirisa “Botlhale yo bo Itekanetseñ”
  • Ikanye Jehofa
  • Boikarabelo Jwa go Godisa Ngwana—Pono e e Lekalekaneng
    Tsogang!—1997
  • Boikarabelo Jwa Go Godisa Ngwana—Bodumedi le Molao
    Tsogang!—1997
  • Mathata a Mantsi a Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
    Tsogang!—2002
  • Nka Tshwara Jang Motsadi Wa me Yoo A Tlogetseng Legae?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 11/1 ts. 26-31

Mathata a Lelapa a a Rarabololwang ka Kgakololo ya Bibela

1, 2. (a) Ke dilo dingwe dife tseo di tsalang malapa a a thubegileng? (b) Ke eng fa mathata a bao ba leng mo malapeng a a thubegileng a tshwanetse go re ama rotlhe? (1 Bakoritha 12:26)

“BASADI [ba itlhophela] go tlhalwa, bana go kobiwa mo lelapeng, . . . go na le gore ba nne ba ba sa ikanyegeng go Keresete,” go kwadile Arnobius, yo o iphakang jaaka Mokeresete wa lekgolo la bone la dingwaga.a ‘Ee, le ka nako eo, dikganetso tse di botlhoko tsa bodumedi tse di neng di dirwa ke ba ba sa dumeleng di ne di kgaoganye malapa. Jesu o ne a bolela gore boa ba neng ba ‘rata’ maloko a lelapa “bogolo” go ene ba tla bo ba sa mo tshwanela. Jalo, go ne go tla nna le “chaka” e e bakang gore malapa mangwe a kgaogane, ka ntlha ya gore yo o dumelang a sa bontshe lorato lo lo kalo mo lelapeng la gagwe, “le yōna botshelō yoa gagwe.” (Mathaio 10:34-37; Luke 14:26) Kganetso eno e tsweletse-pele go thuba malapa mo motlheng wa rona.

2 Lefa Mokeresete a ka dira gotlhe mo a ka go kgonang go boloka lelapa le le sireletsegileng, balekane bangwe ba ba sa dumeleng gotlhelele ga ba ‘dumele go aga’ le Mokeresete yoo, mme kgaogano kana tlhalo e be e nna gone. (1 Bakorintha 7:12-16) Malapa a a thubegileng a nna gone gape ka gore mo ‘bofelong jwa tsamaiso ya dilo’ go nnile le ‘go tsidifala’ ga lerato la Modimo le melao ya gagwe, ga akareletsa le ya lenyalo. (Mathaio 19:6, 9; 24:3, 12) Mo United States tlhalo e ne ya oketsega ka 236 mo lekgolong fela magareng a 1960 le 1980! Ereka ba le bararo mo banyalaning ba le batlhano ba ba tlhalang mo United States ba na le bana, bao ba leng mo magaeng a a thubegileng ba lebane le mathata a a raraaneng. Ka metlha fa batho ba ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, botshelo jwa lelapa la bone bo a tokafala, mme batho bangwe ba ne ba kopanela mo ditlhalong pele ga ba fetoga Basupi ga Jehofa. Mme ka dinako tse dingwe le eleng Mokeresete yo o paletsweng ke go dirisa kgakololo ya Bibela ka botlalo kwa lelapeng o ile a felela mo tlhalong. (Yohane 13:17) Ke eng seo batsadi ba Bakeretse ba ka se dirang tlaseng ga maemo a a ntseng jaana go godisa bana ba bone gore ba rate Jehofa?

“Pelotlhomogi” e a Tlhokafala

3. Ke pogisego efe e e bakiwang ke tlhalo?

3 Mo motlheng wa ga Malaki banna bangwe ba Baiseraele ba ne ba tlhala basadi ba bone ka boferefere. Go ‘lela le go fegelwa’ ga basadi bano ba ba latlhilgweng ba fa ba ntse ba ikuela mo thusong ya Modimo, go ne tota go “khurumetsa sebesho sa ga Yehofa ka dikeledi.” (Malaki 2:13-16) Go thubega ga lenyalo gompieno go botlhoko ka mo go tshwanang, le fa go na le motheo o o utlwalang wa Dikwalo wa go thubega moo. Le fa monna le mosadi ba utlwa botlhoko, bana ga ntsi la utlwa botlhoko go feta.

4. (a) Ke ka ditsela dife bana ba bogang fa batsadi ba bone ba tlhalana? (b) Motsadi o ka thusa jang ngwana?

4 Lefa tlhalo e namola mo tshotlong, botshelo jwa ngwana nako nngwe bo felela mo phefong. Ka jalo, go a tlhokafala gore motsadi yo o dumelang a bontshe lorato la go intsha setlhalbelo le kakanyo mo go dirisanyeng le kgang. “Ke ne ke tlhola ke le fa gare fela. Ke ne ke ikutlwa ke arogane,” ga tlhalosa mosha yo rraagwe wa Mokeresete a ileng a tlhala tumalanong le Dikwalo fa mosimane a sa ntse a le dingwaga tse tlhano. “Ke ne ka fitlha maikutlo a me a mmatota. Mme seno sa ntsosetsa bohutsana fa gongwe.” Go thusa ngwana go dirisana le go gogomoga ga maikutlo mo go kalo go tlhoka gore motsadi a nne le “pelotlhomogi” gape a nne “pelonamagadi.” (1 Petere 3:8) Ngwana a ka nna a didimala ka go ipona molato, a ikutlwa gore ka tsela nngwe ke ene a dirileng gore go nne le tlhalo. Motsadi o tlhoka gore a tlhalose ka bopelotelele gore o rata ngwana le gore tlhalo ga e a dirwa ke ngwana.

5. Ke eng fa motsadi wa Mokeresete a tshwanelwa ke go leka go fedisa dikilano le yo pele e neng e le molekane wa gagwe?

5 Bogalaka gareng ga batsadi bo ka nna bogolo, segolo jang fa dikgang tsa bodumedi di kopanyelediwa. Lefa go le jalo, kwantle ga go “lehets[a] boshula ka boshula, leha e le kgōbo ka kgōbō,” motsadi yo o dumelang o tshwanelwa ke go akanyetsa go tshela sentle ga ngwana. (1 Petere 3:9) Mo bukeng ya gagwe Growing Up Divorced, Linda Francke o tlhalosa jaana: “Batsadi ba ba ilanang ba dira gore mathata a bana ba a nne bokete thata tota le eleng go nna kotsi. Ngwana o ka nna a intsha mo go dirisaneng ka tlhamalalo le batsadi boo-babedi, a sa batle go tlhagisa kotsi ya go ka ba thulanya ka ditlhogo.” Ee, “lehuha ye le galakañ, le kgañ” ga se fela gore ga di a siama mme gape di ka go lotlhanya le ngwana. (Yakobe 3:14, 16) Ditlhaselo tsa mafoko tse di sa akanyediwang kgatlhanong le motsadi yo mongwe yo o sa dumeleng di ka nna tsa utlwisa ngwana botlhoko thata. (Diane 12:18) Fa molekane wa pele yo o ganetsang a batla go tsweledisa dikgogakgogano pele, “ha go ka nna yalo, [yo o leng modumedi] lo nnè kagishō le batho botlhe.”​—Baroma 12:18-21.

Sireletsa Pelo ya Ngwana wa Gago

6. Morago ga pabalelo ya ngwana e sena go tlhomamisiwa, ke eng se e ka nnang bothata mo batsading bangwe?

6 Morago ga fa pabalelo ya ngwana e sena go tlhomamisiwa, go ka nna ga nna go ntse go na le mathata ao a tshwanelwang ke go lwantshiwa. “Bongwe jwa mathata a magolo,” go tlhalosa jalo pego e e tswang kwa lekaleng la Mokgatlho wa Watch Tower mo Australia, “ke gore motsadi yo o boneng pabalelo ya ngwana o na le go kgoba kgetse . . . Le e leng motsadi yo o mo boammaaruring a ka latlhegelwa ke pono ya lebaka le legolo la gore ke eng fa a ne a batla pabalelo ya ngwana. Lebaka le legolo e tshwanelwa ke go nna go ba godisa jaaka baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa.” Go dira jalo go tlhokafala boiteko jwa mmatota.​—Baefesia 6:4.

7. (a) Ke eng fa ngwana a tshwanetse go rutwa go tlotla motsadi yo o sa dumeleng? (b) O ka akantshanya jang le ngwana fa yo o sa dumeleng a tshwarega mo boitshwarong jo e seng jwa Bokeresete?

7 Ke boammaaruri, molao ga ntsi o neela motsadi yo o sa tlholeng a na le pabalelo ya ngwana ditetla tsa go mo etela. A tse di ka tlotlwa fa go ntse go sireleditswe pelo ya ngwana? Ee, le jaaka go tshwanetse, ngwana o tshwanelwa ke go bontsha tlotlo e e tshwanetseng go motsadi yo o sa dumeleng. Fa mo ketelong motsadi yo o sa dumeleng a ganelela mo boitshwarong jo e seng jwa Bokeresete, go na le go tsosa kilano ka go kgala motsadi yoo, yo o dumelang a ka tlhalosetsa ngwana gore Modimo o dirile ditekanyetso tsa boitshwaro mo Bibeleng le gore “moñwe le moñwe oa rona o tla ikarabèla Modimo,” yo e leng Moatlhodi wa bofelo-felo. (Baroma 14:12) Mme legale, phepafatsa gore boitshwaro jo bo ntseng jalo ga bo a tshwanelwa go ediwa. Ka botlhale bontsha gore le fa batho bangwe ba sa tshele ka ditekanyetso tse, fa go ntse go ya ba le bantsi ba a fetoga ka ntata ya go bona sekao sa Bokeresete mo ngwaneng le mo go yo o kileng a bo a le molekane. Ka tsela e, go ka nna ga kgonagala ka ngwana go nna le tlotlo e e rileng mo motsading yoo. Go farologana ga bodumedi ga banyalani ba ba tlhalanyeng ga go a tshwanela gore go thibele motsadi go tlhotlheletsa ngwana ka tsela e e molemo. Motsadi wa Mokeresete o tla a ‘itsise boiphapaanyo jwa gagwe [rre kana mmè] mo bathong botlhe.’ (Bafilipi 4:5) Mme legale, go tweng, fa yo o sa dumeleng a leka go senya thapiso ya bomodimo?

8. Batsadi bangwe ba le babedi ba ne ba dira jang gore bana ba bone ba ipaakanyetse maeto a go ya kwa balekaneng ba bone ba pele ba ba ganetsang?

8 Go baakanyetsa diketelo tseo ke ga botlhokwa! Motsadi mongwe wa Mokeresete yo monna wa gagwe wa pele a neng a nna motenegi o ne a bega jaana: “Pele ga loeto loo, ke ne ke tle ke ithute le bana kaga ka moo Jehofa a neng a tla leba boitshwaro jwa bone ka gone. Re ne re tle re baakanye seemo. Ke ne ke e tle ke re: ‘Fa rraalona a bua se kana sele, lo tla araba jang?’” Mokeresete yo mongwe yo o neng a tlhalwa ka go bo a ne a nna Mosupi o a oketsa: “Pele ga [banana ba me ba babedi] ba etela rraabone mo mafelo-bekeng, re a rapela re kopa Jehofa go nna le bone le go ba thusa go rerela rraabone, segolo jang ka boitshwaro jwa bone jo bontle.”

9. Batsadi ba Bakeresete ba ka etsa jang sekao sa ga mmaagwe Moshe?

9 Motsadi yo o sa dumeleng yo o nang le ditetla tsa ketelo o ka nna a leka go gapa ngwana ka dimpho tse dintsi, boitloso-bodutu jwa tlhwatlhwa e kgolo, le menate e mengwe ya boitapoloso. Jokebede, mmaagwe Moshe, (le Amerame fa a ne a sa ntse a tshela) ba ne ba itse se Moshe a neng a tla feta a thulana le sone fa a sena go isiwa kwa go morwadia Faro. Jalo kwantle ga pelaelo o ne a dira ka natla go bopa boikutlo jwa gagwe jwa botho fa a ne a santse a na le ene. (Ekesodo 2:1-10) Lefa Moshe a ne a lebanwe ke “mahumō a Egepeto,” a a raelang o ile a dira tlhopho e eleng ya gagwe ka go latela melao-metheo ya bomodimo. O ne a “kaea” ditshiamelo tsa gagwe tsa semoya jaaka dikhumo tsa boammaaruri! (Bahebera 11:23-26) Ka mo go tshwanang batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go baakanyetsa bana ba bone go thulana le dithaelo tse di ntseng jalo ka go tlotla ka dilo tse mo Dikwalong tseo di lebisang mo dikhumong tsa semoya.b Ka gale bana ba bonela kwa pele maikaelelo a a seng boteng a motsadi yo o lekang go reka maikutlo a bone.​—Diane 15:16, 17.

10. Mo dikgannyeng tse di feteletseng, ke dintlha dife tseo motsadi a ka di akanyetsang?

10 Mo dikgannyeng tse di feteletseng, diketelo tse di ntseng jalo di ka nna tsa dira matshosetsi a a masisi mo ngwaneng. Motsadi o tla tshwanelwa ke go dira phetso ya gore go ka dirwang tlaseng ga seemo se se ntseng jalo, ka thapelo a tlhatlhoba bomaswe jwa matshosetsi, kgato e e leng teng ya kafa molaong, le matswela a a ka nnang teng a go gana go amogela ditetla tsa ketelo.c Tila dikgato tsa potlako tseo di ka tsosang dipelaelo tsa gore a tota o tshwanelega sentle jaaka motsadi.​—Bagalatia 6:5; Baroma 13:1; Ditihō 5:29; 1 Petere 2:19, 20.

Dirisa “Botlhale yo bo Itekanetseñ”

11. Fa motsadi wa Mokeresete a sa newa pabalelo ya ngwana, o tshwanelwa ke go lemoga eng?

11 Go tweng fa e le gore ke motsadi wa Mokeresete yo o nang le ditetla tsa ketelo fela? Fa ngwana a sa tlhole a le mo lelapeng la Bokeresete, motsadi yoo o na le taolo e e lekanyeditsweng ya semoya mo ngwaneng. (1 Bakorintha 7:14) Ka motlhala, tlhogo ya lotso Aberahame yo o boikanyego o ne a ka bo a batlile gore morwawe Ishemaele, jaaka Isake, a nyale moobamedi-ka-ene. Mme morago ga Ishemaele, yo o neng a sa ntse a le mmotlana, le mmaagwe Hagare ba sena go lelekiwa mo lelapeng, Aberahame o ne a seka a kgona go thibela Hagare go rulaganyetsa Ishemaele go nyala Moegepeto yo ka phepafalo e neng e se moobamedi wa ga Jehofa.​—Genesise 21:14, 21; 24:1-4.

12. (a) Ke boiteko bofe jo bo tlhomameng jo motsadi wa Mokeresete yo o sa neelwang pabalelo ya ngwana a tshwanetseng go bo dira? (b) Tshwantsha ka moo motsadi wa Mokeresete a ka ‘dirisang botlhale ka katlego.’

12 Go sa kgathalesege seo e ka nnang mabaka a a lekanyeditsweng, motsadi wa Mokeresete yo o sa fiwang pabalelo ya ngwana o ka dira mo go ntsi go tsenya lorato lwa ga Jehofa le le boteng mo ngwaneng. Go dira jalo, motsadi o tshwanelwa ke go ‘tshwara botlhale jo bo itekanetseng le pharologanyo.’ (Diane 3:21) Ee, se se fetang go gagamatsa boiteko se a tlhokafala. “Ha tshipi e le bōboi, me ha motho a sa lootse bogale yoa eōna, hoñ o na le go ikitlimanya bogolo [ka matswela a mannye]: me botlhale bo molemō go siamisa.” (Moreri 10:10) Ka motlhala, ka nako nngwe yo o sa dumeleng a ka nna a dira maipato a go thibela go bonwa ga ngwana. Go na le gore a tsose kgang ya seno ka bonako, motsadi a ka bona matswela a a botoka ka go dirisa Diane 25:15: “Molaodi o tla a kgōnwe ke motho a ikgapa ka bopelotelele; le loleme le le bonōlō lo tlo lo rōbe marapō.” Bopelotelele le bopelonomi, lefa go se motlhofo go di bontsha fa mongwe a lebane le dithibelo tse di sa tshwanelang, di ka nolofatsa le ene yo o thata mo kganetsong ya gagwe jaaka lerapo. (Bapisa 2 Timotheo 2:23-25.) Ka metlha dikgoga-kgogano di ka tilwa ka go boloka ga gago nako le go latela dikakantsho (tse di seng kgatlhanong le Dikwalo) tseo di neelwang ke motsadi yo o nang le pabalelo ya ngwana mabapi le go tlhokomelwa ga ngwana. Fa o amega ka gore yo o sa dumeleng o dira dikakgelo tsa lenyatso ka ga gago mo ngwaneng, gakologelwa 1 Petere 2:15: “Gore lo tlè lo didimatsè botlhōka go itse yoa ba ba dieleele ka go diha sentlè ga lona.” Fa o tlhoma sekao se se molemo, ngwana o tla bona gore ke mang yo o siameng.​—Diane 20:7.

13. Motsadi yo o dumelang o ka dira jang gore loeto le nne le le mosola tota?

13 Mo maetong, leka go tsenya Lefoko la Modimo mo pelong ya ngwana, nako le nako fa go kgonagala, ka go ithuta le ene dilo tsa semoya ka namana le go mo isa kwa dipokanong tsa phuthego. Lefa go na le dithibelo tsa kafa molaong tse di gagametseng motsadi a ka nna a lebisa go dipopo tsa Modimo ka mo go sa ipaakanyediwang, le ka ditsela tse dingwe a thusa ngwana go rata Modimo. (Baroma 1:19, 20; Mathaio 6:28-30) Jesu o ne a lemoga ditlhaelo tsa bareetsi ba gagwe. O ne “a bua lehoko nabō ka dichwanchō di le dintsi tse di nntseñ yana, kaha ba nonohileñ go le utlwa ka gōna.” (Mareko 4:33, 34) Ka jalo mo godimo ga go tlotla mo go tlhoafetseng ka dilo tsa semoya, dira ditiro tse dingwe tse di agang, jaaka go etela ditsala tse di molemo, go akareletsa le bangwe bao ba lekanang le ngwana yoo ka dingwaga. (Diane 13:20) Itumeleleng boitloso bodutu jo bo phepa. Dira loeto leo sebaka se se tlhokegang thata. Kotlhao e e dirwang sentle e bontsha lerato. (Diane 13:24) Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, mathata a ka nna a lebega e le a a boima thata. Dikgatelelo di ka tswa mo matlhakoreng a le mantsi. Gotlhe mo go ka itshokelwa jang?

Ikanye Jehofa

14. Ke tlhomamisetso efe eo re nang le yone go Pesalema 37:23, 24?

14 Mabapi le motho yo tsela ya gagwe ya botshelo ‘e natehelelang’ Jehofa, Dafide o ne a kwala jaana: “Leha a wa, ga a ketla a batanyetsègèla rure; ka go bo Yehofa o mo tshegeditse ka seatla sa gagwè.” (Pesalema 37:23, 24) Ee, Mokeresete yo o kgaratlhang le dikgatelelo tsa lelapa le le thubegileng ka nako nngwe o ka nna a “wa” ka mabaka a go itumologa, go kgobega marapo, le mathata a tsa molao kana madi, mme ga a kitla a “digelwa fa fatshe” gotlhelele semoyeng. Jaaka New Berkeley Version e baya seelenyana seo: “Ha a wa, ga a kitla a wa le go tlhokafala.” Ka ntlha ya eng? Ka gore Jehofa o neelana ka thuso ya gagwe ya go mo tsholetsa ka moya wa gagwe o o boitshepo le baobamedi ba gagwe ba ba lorato.​—Yakobe 1:27.

15, 16. Bangwe mo malapeng a a thubegileng ba ile ba tshegediwa jang?

15 Mosadi mongwe wa Mokeresete, morago ga monna wa gagwe wa pele yo o ganetsang a sena go fiwa pabalelo ya bana ba gagwe ba babedi ba babotlana, o ne a tlhalosa a re: “Fa ke amogwa sengwe le sengwe gotlhelele, ke ne ka ithuta tota go ikanya mo go Jehofa. Ke ithutile go amogela seo a se letlelelang le go sa leke go dira dilo ka mo ke ratang ka teng. Ke sa ntse ke ithuta. Ke thuto e e boima.” Lefa go ntse jalo, o dirisa ka botlalo ditetla tsa ketelo tsa gagwe mme o bone kgomotso e seng fela mo monneng wa gagwe yo mosha, yo e leng mogolwane yo o ikanyegang wa Mokeresete, mme gape le go tswa go ba bangwe mo phuthegong

16 Mokeresete yo mongwe yo monna wa gagwe wa pele wa motenegi o neng a nna le bana ka dikgwedi di le mmalwa a tsuolola taolo e e tswang kwa molaong, o ne a re: “Ke ne ke hutsafetse thata mo e leng gore ke ne ka akanya gore ke ne ke tlile go latlhegelwa ke tlhaloganyo. Selo se le sengwe fela seo se neng sa ntira gore ke seka ka latlhegelwa ke kakanyo mo nakong eo e ne e le go tlhakanela mo bodiheding jwa tshimo.” Morwadie, yo o neng a le dingwaga di supa ka nako eo, o ne a emela Jehofa ka bonatla, le gone go itshokela dipetso tse dintsinyana a betswa ke rraagwe ka gore o ne a gana go bala dikwalo tsa gagwe tsa botenegi. Fa a boela kwa go mmaagwe, o ne a ikaeletse go ngaparela Jehofa le e leng mo go atamalanyeng. Bano le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba bone tiragatso ya Pesalema 54:2-7: “Utlwa morapèlō oa me Modimo; . . . bōnañ, Modimo ke mothusi oa me: Yehofa o na le ba ba tshegetsañ mōea oa me. . . . Gonne o nkgolotsè mo tlaleloñ eotlhe.” Ee, re ka ikanya tshegetso ya ga Jehofa!​—1 Bakorintha 10:13.

17. Batsadi ba ba mo malapeng a a thubegileng ba ka thusa bana ba bone jang, mme go ka felela ka tuelo efe?

17 Ka jalo fa o le motsadi mo lelapeng le le senyegileng, nna kelotlhoko mo maikutlong a ngwana wa gago. Sireletsa pelo ya gagwe ka Lefoko la Modimo. Fa o na le ditetla tsa ketelo fela, he dirisa “botlhale jo bo itekanetseñ” jaaka o ntse o dirisa tseo ka botlalo. Nna le ikanyo mo thateng ya Lefoko la Modimo le le jetsweng mo pelong e e bulegileng. (1 Bathesalonia 2:13) Go bona ngwana a gola a rata Jehofa tota go tshwanelwa ke maiteko otlhe.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Against the Heathen, Book II, 5.

b Bona “Sebaka se se Molemolemo sa Basha” mo tokololong ya rona ya August 15, 1985, gammogo le “O Leba Dilo tse di Bonalang Jang?” mo bukeng Bosha jwa Gago​—Go Iponela Molemo mo go Jone, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

c Molao wa Lenyalo le le Tlhomameng le Tlhalo mo United States o tlhalosa jaana: “Motsadi yo o sa fiwang pabalelo ya ngwana o na le ditshwanelo tsa ketelo ka mabaka a a utlwalang ha e se fela, morago ga tsheko, kgotla-tshekelo e fitlhela gore ketelo e e ntseng jalo e ka baya botsogo jwa mmele jwa ngwana mo kotsing kana ya kgoreletsa thata go gola ga maikutlo ga gagwe.”

A O A Gakologelwa?

◻ Matsadi wa Mokeresete yo o filweng pabalelo ya ngwana o ka sireletsa pelo ya ngwana jang?

◻ “Botlhale yo bo itekanetseng” bo tla thusa jang motsadi yo o dumelang yo o filweng fela ditetla tsa ketelo?

◻ Ke tlhomamisetso efe e e filweng go Pesalema 37:23, 24, mme Jehofa o dirafatsa tsholofetso e jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Dirisa ditetla tsa ketelo go tlhagolela boammaaruri mo pelong ya ngwana wa gago, mme pataganya se le ditiro tse dingwe tse di phepa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela