1986—Ngwaga “wa go Sireletsa Kagiso”?
UN E ILE ya bolela 1986 jaaka Ngwaga ya Kagiso Merafe-rafe. Ke botswelelo pele bofe jo bo dirilweng tebang le kagiso mo lefatsheng? Dikakgelo tse di latelang di ile tsa tlhaga go tswa kgolokweng yotlhe.
Go tloga ka April 7 go ya go 12, 1986, batlhomamelao go tswa dinageng di le 103 ba ne ba tsaya karolo mo pokanong ya bo-75 ya IPU (Inter-Parliamentary Union) mo Mexico.
Mokwaledi-Mogolo wa UN ebong Javier Pérez de Cuéllar o ne a romelela Kopano eo Molaetsa ono: “Jaaka Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe e simologa, a rotlhe re tlhokomeleng setlhogo sa yone—‘Go Sireletsa Kagiso le Isagwe ya Setho’—se lebisa tlhokomelo e e botlhokwa eseng fela go 1986 mme gape le mo dingwageng tse di kwa pele. A re soleng molemo dipaka tsa 1986 ka boikemisetso.”
Mookamedi wa IPU o ne a tlhalosa gore o ile a etela dinaga di le mmalwanyana “go botsa gore a mapalamente a koo a ka se nne mapalamente a kagiso.” O ne a digela jaana: “Ke ila ka bona kafa seno se leng boima ka gone, tota mo dikarolong tse dingwe go sena sepe se se solofetsang gotlhelele.”
Setlhopha sa Mexico ka bosone se ne sa tlhalosa kafa “se swabileng thata gore lemororo setho ka kakaretso se amegile ka ga dikotsi tsa kgaisano ya dibetsa le maiteko a a dirilweng ke Merafe e e Kopaneng, ga go na botswelelo pele bope jo bo bonalang jo bo dirilweng mo dingwageng tsa bosheng mo karolong eno ya go latlha dibetsa.”
Setlhopha sa Argentina se ne sa lemosa gore “le bone batho ba ba suleng ba ba dimilione tse di masome a marataro mo ntweng ya lefatshe ya bobedi, ga mmogo le bofelelo jwa yone ka nuklea mo Hiroshima, kana ditlhabano tsa polaano tse di lekgolo le masome a marataro fa e sale ka nako eo ga di a ka tsa lekana go ruta setho gore se mo losing lwa go inyeletsa.” Go ne go tshwenyegilwe ka gore “mafatshe a matlhano a a Nonofileng mo dibetseng tsa nuklea a ile a kokoanya dibetsa tsa nuklea di ka feta 50 000, selekanyo se se lekanang le [dimetrike-tone di le 2,7] tsa dithunyi tse di tlwaelegileng mo mothong mongwe le mongwe yo o mo polaneteng ya rona.”
Maloko a ka metlha a Lekgotla la Itshireletso la UN a ne a emetswe, mme dingwe tsa dikakgelo tsa bone e ne e le tse di latelang:
Setlhopha sa Britani se ne sa tlhalosa jaana: “Boitlhomo jwa konokono e tshwanetse go nna jwa go kganela kgaisanyo ya dibetsa mo lefaufaung. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go leba dilo fela jaaka di ntse . . . Lefaufau le setse le tletse dibetsa.” Setlhopha sa Fora se ne sa otlelela gore “go sa kgoneng ga Merafe e e kopaneng go ka tshegetsa tshireletso ya botlhe le kagiso go dirwe ke gore Mafatshe mangwe a tlhokomologa melao-metheo ya konokono ya molao wa merafe yotlhe le wa boitsholo.” Setlhopha sa U.S.S.R. se ne sa tlhalosa “kafa se amegileng thata ka gone ka ntlha ya kotsi ya nuklea e e bopelang setho, eo e ka gogelang mo goreng tlhabologo yotlhe mo lefatsheng e fele.” Go begwe fa barongwa ba U.S. ba ne ba re ba tla “leka go bega kafa go tlhokafalang ka gone gore merafe yotlhe e dirisane mmogo go tlhabantsha borukhutlhi.”
Ka fa ntlheng nngwe ya lefatshe, Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe o ne wa ketekwa ka March 21 ke kokoano e e neng e le mo “Great Hall of the People” mo Beijing. Mmusi wa China ebong Zhao Ziyang o ne a supa tsholofelo e e fetang ya ba bangwe ka gore: “Fa fela batho ba ba mo lefatsheng ba ntse ba tsweletse ka maiteko a bone a a sa kgaotseng, ruri ruri ba tla bona kagiso.”
Malebana le Ngwaga ya Kagiso ya Merafe-rafe wa UN, Mopapa John Paul II o ne a bolela gore Ofisi ya ga Mopapa e batla go tlhotlheletsa gore “mo lefatsheng ka bophara go nne le merapelo e e kopanyeletsang merafe yotlhe le ditumelo tsotlhe.”
Kagiso e gana go tla mo lefatsheng jeno. E le ka ntlha yang? Kagiso ya mmatota e tshwanetse go tshegediwa ke lorato; lefatshe le kgaogantswe ke boitlotlomatso jwa bomorafe le letlhoo. Kagiso ya mmatota e tlhoka gore go bo go go na le puso e e busang ka botlhale le ka tshiamo; babusi ba ba sa itekanelang ba batho ba ka se fitlhelele tekanyetsong eno. Kagiso ya mmatota e tshwanetse go ikaega ka kobamelo e e kitlanyeng ya Modimo o o osi wa boammaaruri; ditumelo tsa lefatshe di kgaoganye ka diketekete tsa makoko ka tsela e e tlhobosegileng, mme ga go lepe le le tlotlang Jehofa jaaka Morena wa Lobopo Lotlhe. Kagiso ya mmatota e tlhoka gore go tlosiwe “modimo oa lefatshe yeno,” ebong Satane Diabolo, le tsamaiso ya gagwe ya go busa; Ke Bogosi jwa ga Jehofa fela jo go busang Keresete wa Gagwe jo bo tla nyeletsang Satane le ditiro tsa gagwe.—2 Bakorintha 4:4.
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Ledi la gauta la Australia la “kagiso”
Setempe sa Kenya sa dishiling tse 10 sa “kagiso”