Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Ke Bomang Bao Eleruri ba Itumetseng?
MONGWE le mongwe o batla go itumela. Ka go lemoga seno, Jesu o simolola Thero ya gagwe ya kwa Thabeng ka go tlhalosa bao eleruri ba itumetseng. Jaaka re ka akanya, seno ka bonako se gapa tlhokomelo ya bareetsi ba gagwe ba bantsi. Mme lefa go ntse jalo mafoko a gagwe ao a simololang ka one a tshwanetse go bo a utlwala ekete a a ikganetsa mo go ba le bantsi.
A lebisa dikakgelo tsa gagwe go barutwa ba gagwe, Jesu o simolola ka go re: “Lo segō, lona bahumanegi: gonne bogosi yoa Modimo ke yoa lona. Lo segō, lona ba lo bolawañ ke tlala yana; gonne lo tla kgorisiwa. Lo segō lona ba lo lelañ yana; gonne lo tla tshèga. Lo segō mogañ batho ba lo ilañ . . . Lo itumèlè mo motlheñ ouō, lo bo lo ipele gonne, bōnañ, tuèlō ea lona e kgolo kwa legodimoñ.”
Seno ke pego ya ga Luke ya tsenyeletso ya thero ya ga Jesu. Mme go ya ka pego ya ga Mathaio, gape Jesu o bolela gore ba ba bonolo, ba ba boutlwelobotlhoko, ba ba pelo e phepa, le ba ba ratang kagiso ba itumetse. Jesu o bolela gore bano ba itumetse, ka gonne ba tla rua lefatshe, ba tla utlwelwa botlhoko, ba tla bona Modimo, ebile ba tla bidiwa barwa ba Modimo.
Lefa go ntse jalo, seo Jesu a se bolelang ka go itumela, ga se go itumela fela kana go tlhapelwa, jaaka fa mongwe a ja monate. Boitumelo jwa boammaaruri bo tseneletse go se kae, bo na le mogopolo wa go kgotsofala, go ikutlwa o ritibetse ebile o kgotsofetse mo botshelong.
Jalo bao eleruri ba itumetseng, Jesu o bontsha gore, ke batho bao ba lemogang seo ba se tlhokang semoyeng, ba utlwisiwa botlhoko ke boemo jwa bone jwa sebe, mme e le bao ba itseng Modimo le go mo direla. Morago ga moo, le eleng fa ba tlhoiwa kana ba bogisediwa go dira thato ya Modimo, baa itumela gonne ba itse fa ba itumedisa Modimo mme ba tla amogela tuelo ya gagwe ya botshelo jo bo sa khutleng.
Lefa go ntse jalo, bareetsi ba le bantsi ba ga Jesu, fela jaaka batho bangwe gompieno, ba dumela gore go atlega le go ipelela menate ke seo se dirang gore motho a itumele. Jesu o itse ka tsela e nngwe. O bontsha pharologano eo e tshwanetseng ya gakgamatsa bareetsi ba le bantsi ba gagwe, a re:
“Go bo go latlhèga lona ba lo humileñ! gonne lo amogetse kgomoco ea lona. A bo go latlhèga lona ba lo kgotsheñ yana! gonne lo tla bolawa ke tlala. Go latlhèga lona ba lo tshègañ yana! gonne lo tla hutsahala lo lela. Go latlhèga lona, mogañ batho botlhe ba buañ sentlè kaga lona! gonne borrabō ba dihetse baperofeti ba tsieco hèla yalo.”
Jesu o rayang? Ke ka ntlhayang fa go nna le dikhumo, go lelekisa menate ka boitumelo, le go ipelela go bakiwa ke batho go tlisa tatlhego? Ke ka ntlha ya gore fa motho a na le dilo tseno le go di rata, morago ga moo go direla Modimo, goo eleng gone fela go tlisang boitumelo iwa boammaaruri, ga go akarediwe mo botshelong jwa gagwe. Ka nako e e tshwanang, Jesu o ne a sa bolele gore go humanega, go tshwarwa ke tlala, le go hutsafala fela go dira gore motho a itumele. Lefa go ntse jalo, gantsi batho ba ba ntseng jalo ba ba seng sego ba ka reetsa dithuto tsa ga Jesu, mme ka gone ba segofadiwa ka boitumelo jwa boammaaruri.
Morago ga moo, fa a bua le barutwa ba gagwe, Jesu a re: “Ke lona lecwai ya lehatshe.” Legale ga a bolele gore ke letswai tota. Go na le moo, letswai le thibela go bola. Mokoa o mogolo wa lone o koegilwe gaufi le sebeso kwa tempeleng ya ga Jehofa, mme baperesiti ba ba direlang koo ba le dirisetsa go loka ditshupelo.
Barutwa ba ga Jesu ke “lecwai ya lehatshe” ka gonne ba na le tlhotlheletso e e bolokang mo bathong. Eleruri, molaetsa o ba o sikereng o tla boloka matshelo a botlhe bao ba o reetsang! O tla tlisa dinonofo tsa go nnela ruri le boikanyegi mo matshelong a batho ba ba ntseng jalo, o thibela go bola gope ga semoya kana ga boitshwaro mo go bone.
Jesu o bolelela barutwa ba gagwe gore, “Ke lona lesedi ya lehatshe.” Lesedi ga le huhumediwe kafa tlase ga kgamelo mme le bewa mo setlhomong, jalo Jesu a re: “Hèla yalo a lesedi ya lona le phatsimè ha pele ga batho.” Barutwa ba ga Jesu ba dira seno ka go supa ga bone phatlalatsa, gammogo le ka go direla jaaka dikao tse di phatsimang tsa boitshwaro jo bo dumalanang le melao-metheo ya Bibela. Luke 6:20-26; Mathaio 5:3-16.
◆ Ke bomang bao eleruri ba itumetseng, mme ka ntlhayang?
◆ Ke bomang ba ba latlhegang, mme ka ntlhayang?
◆ Barutwa ba ga Jesu ke “lecwai ya lehatshe” le “lesedi ya lehatshe” jang?