Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Thero e e Tumileng Thata e e Kileng ya Neelwa
PONO eno ke e nngwe e e gopolwang thata mo historing ya Bibela: Jesu o dutse fa thoko ga thaba, a neela Thero ya gagwe e e tumileng mo Thabeng. Lefelo leno le gaufi le lewatle la Galilea, ekete gaufi le Kaperenama. Jesu o ne a feditse bosigo jotlhe a rapela Modimo, mme mo mosong o o latelang o ne a setse a tlhophile ba ba 12 ba barutwa ba gagwe go nna baaposetoloi. Morago ga moo, a na le bone botlhe, o ne a fologela kwa tlase mo lefelong leno le le lekalekaneng mo thabeng.
Ka nako eno, o ne o ka akanya gore, Jesu o tlaa bo a lapile thata mme o tlaa bo a batla go robala. Mme matshwititshwiti a tlile, bangwe ba tswa kgakala kwa Judea le Jerusalema, bokgakala jwa dimaele di le 60 go ya go 70 (di le 100 go ya go 110 km). Bangwe ba tswa kwa lebopong la lewatle la Ture le Sidona kwa bokone. Ba tlile go reetsa Jesu le go fodisiwa malwetsi a bone. Go na le e leng batho bao ba tshwenngwang ke badimona.
Fa Jesu a fologela kwa tlase, balwetsi ba ikatametsa gaufi le ene go mo ama, mme o ba fodisa botlhe. Morago ga moo, Jesu bonala a pagama mo lefelong le le kwa godimonya kwa thabeng. Koo o dula fa fatshe a bo a simolola go ruta matshwititshwiti a a neng a tletsetletse mo lefelong le le lekalekaneng fa pele ga gagwe. Akanya fela ka ga gone! Jaanong ga go na le eleng motho a le mongwe mo bareetsing yo o lwalang bolwetsi jo bo masisi!
Batho ba tlhoafaletse go reetsa morutisi yo o kgonang go dira dikgakgamatso tse di gakgamatsang tseno. Le fa go ntse jalo, Jesu o neela thero ya gagwe segolo go solegela barutwa ba gagwe molemo,bao ba bonalang ba kgobokane gaufi le ene. Mme gore le rona re solelwe molemo, Mathaio gammogo le Luke ba e kwadile.
Pego ya ga Mathaio ya thero e feta ya ga Luke mo e a nnang gane. Go feta moo, dikarolo tsa seo Mathaio a se kwadileng, Luke o se neela jaaka se se boletsweng ke Jesu ka nako e nngwe mo bodireding jwa gagwe, jaaka go ka tlhokomelwa ka go bapisa Mathaio 6:9-13 le Luke 11:1-4, le Mathaio 6:25-34 le Luke 12:22-31. Lefa go ntse jalo seno ga se a tshwanela go gakgamatsa. Go phepafetse gore Jesu o ne a ruta dilo tse di tshwanang gangwe le gape, mme Luke o ne a tlhopha go kwala dingwe tsa dithuto tseno ka mokgwa o o sa tshwaneng.
Se se dirileng gore thero ya ga Jesu e nne e e botlhokwa jaana ga se boteng jwa diteng tsa yone tsa semoya fela mme ke tsela e e motlhofo le e e phepafetseng eo a neng a neela dinnete tseno ka yone. O ne a lebisa mo maitemogelong a ka gale le go dirisa dilo tse di tlwaetsweng ke batho, ka gone a dira gore megopolo ya gagwe e tlhaloganngwe motlhofo ke botlhe bao ba batlang botshelo jo bo botoka mo tseleng ya Modimo. Mo ditokololong tsa rona tse di latelang re tla sekaseka dingwe tsa dilo tseo a di buileng. Luke 6:12-20; Mathaio 5:1, 2.
◆ Thero ya ga Jesu e e tumileng thata e ne ya neelwa kae, ke bomang bao ba neng ba le teng, mme go diragetseng pele fela ga fa a e neela?
◆ Ke ka ntlhayang fa go sa gakgamatse gore Luke o kwala dithuto dingwe tsa thero ka mokgwa mongwe?
◆ Ke eng se se dirang gore thero ya ga Jesu e nne botlhokwa jaana?