Bagakolodi ba ba Ditswerere—Ke tshegofatso mo Bakaulengweng ba Bone
“Ke tla rebola baatlhodi ba gago, ba nna yaka ga ntlha, le bagakolodi ba gago yaka mo tshimologoñ.”—ISAIA 1:26.
1, 2. (a) Diane 12:15 le 19:20 e bontsha jang mosola wa kgakololo? (b) Ke eng se se tlhokafalang pele gore re tle re amogele kgakololo, mme ke boitemogelo bofe jo bo bontshang seno?
TERRI ke morwadi wa batsadi ba e leng Bakeresete. Kwa sekolong o ne a na le tsala ya gagwe yo mmotlana yo le ene a neng a le “mo boammaaruring.” Lefa go ntse jalo, Terri o ne a lemoga gore fa ba setse ba tla go digela sekolo se sebotlana, tsala ya gagwe o ne a sa tlhole a tlhagafetse mo tumelong jaaka pele. Fa ba ntse ba tsweletse pele mmogo mo sekolong se segolwane, tsala ya gagwe o ne a kgaotsa go nna wa ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete mme a simolola go tshwaya Mokgatlho wa Watch Tower diphoso le phuthego. Lefa go ntse jalo, Terri o ne a rapelela tsala ya gagwe thata, mme ka metlha a nnela go mo gakolola gore a leke go nna a nonofile jaaka Mokeresete. Kgabagare, maiteko a ga Terri a ne a duelwa. Fa a setse a le mo tlelaseng ya bo lesome, tsala ya gagwe o ne a setse a nna gone ka metlha mo dipokanong gape mme e bile jaanong a kolobeditswe. Abo seo e ne e le tshegofatso mo go ene! Mme abo e ne e le tuelo e e molemo jang ne mo tsaleng ya gagwe yo mmotlana yo o ikanyegang ebong Terri!
2 Ka ntlha ya boitemogelo jono, a go na le mongwe yo o ka belaelang gore go a tlhokafala gore Bakeresete ba gakololane ka tsela e e lorato nako le nako? Bibela e re kgothatsa jaana: “Utlwa kgakololō, u cholè thutō, gore u tlè u nnè botlhale mo bokhutlōñ yoa gago.” (Diane 19:20; 12:15) Tsala ya ga Terri e ne ya latela kgakololo eo. Mme gotweng fa e le gore Terri o ne a sena lorato, boitshoko, le bopelokgale jwa go tswelela mo dingwageng tseno tsotlhe a ntse a mo thusa? Ee, gore mongwe le mongwe wa rona a ‘reetse kgakololo,’ go tshwanetse ga bo go na le mogakolodi. Yono e tshwanetse go nna mang?
Kgakololo—E Tswe mo go Mang?
3. Ke bomang ba Jehofa a ba baakanyeditseng go neela kgakololo e e tlhokafalang mo phuthegong ya Bokeresete?
3 Jehofa Modimo o ne a solofetsa gore o tla baakanyetsa batho ba gagwe bagakolodi mo motlheng wa rona. O ne a re: “Ke tla rebola baatlhodi ba gago, ba nna yaka ga ntlha, le bagakolodi ba gago yaka mo tshimologoñ.” (Isaia 1:26) Tsholofetso e e diragadiwa thata-thata mo bagolwaneng ba ba tlhophilweng mo phuthegong ya Bokeresete. Go neela kgakololo ke tsela e nngwe ya go ruta, mme bagolwane ke bone ba segolobogolo ‘ba itseng go ruta.’ (1 Timotheo 3:2) Gongwe moaposetoloi Paulo o ne a gopotse thata ka bagolwane fa a ne a re: “Leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o ntseñ yalo ka moea oa bonōlō.” (Bagalatia 6:1) A mme bagolwane ke bone fela ba ba ka ntshang kgakololo?
4, 5. (a) Dingwe tsa dikai tse di kafa Dikwalong tse di bontshang gore bagolwane ga se bone fela ba ba ka ntshang kgakololo ke dife? (b) Ke mefuta efe ya maemo a segompieno eo Bakeresete bangwe ba e seng bagolwane ba ileng ba ntsha kgakololo?
4 Nnyaa. Terri o ne a se mogolwane, lefa go le jalo kgakololo ya gagwe la bofelo e ne ya tlisa matswela a a molemo. Gakologelwa gape, moeteledipele wa masole wa Mosiria ebong Naamane. O ne a tsaya kgato ka ntlha ya tshedimosetso e e molemo e e neng ya ntshiwa ke mosetsanyana wa Moiseraela mme go tswa foo a tsaya kgakololo ya batlhanka ba gagwe. Dafide o ne a falodisiwa mo go nneng molato wa madi ke kgakololo e e neng e lebaganye sentle ya ga Abigaile mosadi wa ga Nabale. Mme lekawana Elihu o ne a fa Jobe le “bagomotsi” ba gagwe a bararo kgakololo e e botlhale.—1 Samuele 25:23-35; 2 Dikgosi 5:1-4, 13, 14; Jobe 32:1-6
5 Ka tsela e e tshwanang gompieno, kgakololo ga e tswe mo bagolwaneng fela. Batsadi ba gakolola bana ba bone ka metlha yotlhe. Babotlana ba ba tshwanang le Terri gantsi ba a atlega fa ba gakolola balekane ba bone. Mme Bibela ka tsepamo e kgothaletsa bokgaitsadi ba ba godileng gae nna “ba ba rutañ batho se se molemō,” segolo bogolo basadi ba meroba mo phuthegong (Tito 2:3-5) Tota, rona rotlhe ka kakaretso re tlamegile go thusana ka tsela eno. Moaposetoloi, Paulo o ne a re: “Laanañ, me lo agèlèlanè, hèla yaka lo nntse lo diha.”—1 Bathesalonia 5:11.
Maikaelelo a go Ntsha Kgakololo ya Bokeresete
6. Mangwe a maikaelelo a go ntsha kgakololo ya Bokeresete ke afe?
6 Mangwe a maikaelelo a go ntsha kgakololo ya Bokeresete ke afe? Ke go thusa motho go dira botswelelopele le go tswelela mo tseleng ya tshiamo, go rarabolola mathata, go fenya dikgotlhang, mme gongwe le eleng go tlhamalatsa mongwe yo o dirileng phoso. Paulo o ne a lebisa mo mefuteng mengwe ya kgakololo fa a ne a kgothaletsa Timotheo gore a “tlhotlhomisè, [a] kgalemèlè, [a] laye ka bopelotelele yotlhe le ka go ruta.” (2 Timotheo 4:1, 2) Tota ruri ke bokgoni go ka gakolola mongwe ka tsela ya gore a utlwisise go na le gore a utlwe botlhoko.
7, 8. (a) Mangwe a maemo ao kgakololo e ka lebelelwang mo go one mo phuthegong ya Bokeresete ke afe? (b) Ke mo dipakeng dife tseo Mokeresete a ka sekeng a lebelele go fiwa kgakololo mme gone e tlhokafala?
7 Kgakololo e tshwanetse go ntshiwa leng? Batsadi ka metlha yotlhe ba bona dipaka tsa go gakolola bana ba bone, mme bana gantsi ba nna ba e lebeletse. (Diane 6:20; Baefesia 6:4) Mo phuthegong, moithuti o lebeletse go amogela kgakololo fa a sena go fa puo mo Sekolong sa Bodihedi sa Bolegodimo. Mme mmoledi yo mosha wa Bogosi o lebeletse go bona thuso le kgakololo fa a ntse a dira botswelelo pele gore a tle a gole jaaka modihedi wa Mokeresete. (1 Timotheo 4:15) Ka dinako tse dingwe, batho ba ba senkang thuso le kgakololo ba ka nna ba atamela bagolwane le ba bangwe mo phuthegong.
8 Lefa go le jalo, ka dipaka tse dingwe, kgakololo e ka neelwa ba ba sa e lebelelang kana ba ba sa e batleng. Gongwe mongwe o felelwa ke tlhagafalo mo tirelong ya ga Jehofa, ‘a katogelela koo’ jaaka tsala ya ga Terri a ne a dira. (Bahebera 2:1) Motho o ka ne a na le kgotlhang e e masisi le yo mongwe mo phuthegong (Bafilipi 4:2) Kana gongwe mongwe o ka nna a tlhoka thuso ka ga tsela eo a ipaakanyang mo mmeleng ka yone kana mo moaparong, kana mo ditsaleng tse a di kgethang kana mo mminong.—1 Bakorintha 15:33; 1 Timotheo 2:9.
9, 10. (a) Ke ka ntlha yang fa go ntsha kgakololo ya Bokeresete go ka tlhoka bopelokgale? (b) Lefa go le jalo ke ka ntlha yang fa Mokeresete a tshwanetse go neela kgakololo fa e tlhokafala?
9 E ne ya re fa moperofeti Hanani aa fa Kgosi Asa wa Juda kgakololo, Asa a e ganetsa fela thata mo a neng “a mo tsenya mo ntluñ ea kgolegèlō”! (2 Ditihalō 16:7-10) Motho o ne a tlhoka gore a bo a le pelokgale go ka gakolola kgosi mo metlheng eo. Gompieno, bagakolodi ba ka nna ba tlhoka bopelokgale, e re ka jaana go neela kgakololo lantlha go ka ganediwa. Mokeresete mongwe yo o tiileng o ne a ikgogona go fa motho mongwe yo mmotlana kgakololo e e tlhokafalang. Ka baka lang? O ne a tlhalosa ka gore: “Gone jaanong re santse re le ditsala, mme ke batla gore bo nne bo tswelele!” Lefa go le jalo, tota go ikgogona go ntsha thuso fa e tlhokafala ga se sesupo sa go nna tsala e e molemo.—Diane 27:6; bapisa Yakobe 4:17.
10 Tota, maitemogelo a ile a supa gore fa mogakolodi a le setswerere, gantsi maikutlo a a sa siamang a a fokodiwa, mme gantsi go fitlhelelwa boikaelelo jwa kgakololo eo. Go nna mogakolodi yo o setswerere go tlhokang? Go araba seno, a re akanyetseng dikai tse pedi, se sengwe e le se se molemo se sengwe e le se se bosula.
Paulo—Mogakolodi yo o Setswerere
11. Ke ka ntlha yang fa bontsi jwa Bakorintha ba ile ba amogela kgakololo ya ga Paulo lemororo gantsi a ne a e ntsha a sa potologe?
11 Moaposetoloi Paulo o ne a nna le dipaka tse dintsi tsa go ntsha kgakololo, mme ka dinako tse dingwe o ne a batla go bua dilo dingwe ka go tiisetsa. (1 Bakorintha 1:10-13; 3:1-4; Bagalatia 1:6; 3:1) Lefa go le jalo, kgakololo ya gagwe e ne ya atlega ka go bo bao a neng a e lebisitse kwa go bone ba ne ba itse gore Paulo o ne a ba rata. Fela jaaka a ile a raya Bakorintha a re: “Ke lo kwaletse ka dikeledi di le dintsi, ke le mo pitlaganoñ e kgolo, le mo tlaleloñ e e mahèhè ea pelo; e señ gore lo hutsahadiwè, me e le gore lo itse botlalō yoa lorato lo ke lo ratañ ka lōna.” (2 Bakorintha 2:4) Bontsi jwa Bakorintha ba ne ba amogela kgakololo ya ga Paulo ka go bo ba ne ba itse gore o ne a e ba neela kwantle ga maikutlo ape a bopelotshetlha, ka go bo “Loratō . . . ga lo ko lo ipatlèla hèla.” Gape, ba ne ba tlhomamisega gore o ne a sa bue fela ka go bo a ne a tenegile mme e le ka go bo “loratō . . . ga lo ko lo gakatsèga, ga lo ko lo akanya boshula.”—1 Bakorintha 13:4, 5.
12. Ke nonofo efe e e ka tlhofofaletsang mogakolodi wa Mokeresete go bona matswela a a molemo? Tshwantshetsa seno.
12 Gompieno gape, go ntse go le motlhofo ka tsela e e tshwanang go amogela le e leng kgakololo e e nonofileng fa re itse gore yo o re gakololang o a re rata, ga a bue ka ntlha ya go bo a kgopisitswe ke sengwe, mme e bile ga a na maikutlo ape a a bogagapa. Ka sekai, fa e le gore nako e mogolwane a buang fela le banana mo phuthegong ke fa a ba kgala, babotlana bao ba ka nna ba ikutlwa fela gore ba setswe morago. Mme go tweng fa e le gore mogolwane o na le kamano e e molemo le banana bao? Mme go tweng fa e le gore o ya le bone kwa tirelong ya tshimo, o a atamèlesega kwa Holong ya Bogosi, mme ebile o ba kgothaletsa go buisanya le ene ka mathata a bone, ditsholofelo tsa bone, le dipelaelo, gongwe le eleng go ba laletsa (fa batsadi ba dumela) kwa legaeng la gagwe nako le nako? Mme jaanong, fa e le gore o ba fa kgakololo, banana bao go a bonala sentle gore ba tla e amogela, ba itse gore e tswa nio tsaleng ya bone.
Bonolo le Boikokobetso
13. (a) Kgakololo ya Bokeresete e tshwanetse go tshegediwa ka eng tota-tota? (b) Ka jalo, ke eng seo ba ba ntshang kgakololo mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetseng go tila go se dira?
13 Go ne go na le lebaka le lengwe le le dirileng gore kgakololo ya ga Paulo e atlege. O ne a ikaegile ka botlhale jwa bomodimo, e seng ka maikutlo a gagwe. Fela jaaka a ne a gakolola mogakolodi Timotheo a re: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō.” (2 Timotheo 3:16; bapisa 1 Bakorintha 2:1, 2.) Ka tsela e e tshwanang gompieno bagakolodi ba Bakeresete ba tshegetsa se ba se buang ka Dikwalo. Ke boammaaruri gore mo lelapeng, batsadi ga ba tsopole mo Bibeleng nako le nako fa ba gakolola bana ba bone. Lefa go le jalo, e ka ne batsadi ba Bakeresete ba kgothaletsa kutlo, bophepa, go amega ka ba bangwe, go boloka nako, kana sepe se sele, nako le nako se ba se buang se tshwanetse go tshegediwa ka Dikwalo. (Baefesia 6:1; 2 Bakorintha 7:1; Mathaio 7:12; Moreri 3:1-8) Moteng ga phuthego, re tshwanetse ra itisa gore re se leke go pateletsa dipono tsa rona tsa botho kana dikeletso tsa rona mo go ba bangwe. Mme bagolwane ba tshwanetse go tila go faposa Dikwalo gore di bonale e kete di tshegetsa mogopolo mongwe wa seo ba sekametseng thata mo go sone. (Bapisa Mathaio 4:5, 6.) Ka metlha go tshwanetse ga nna le lebaka je le nonofileng la Bibela la kgakololo e ba e ntshang.—Pesalema 119:105.
14, 15. (a) Umaka nonofo e nngwe e e tlhofofatsang gore kgakololo e amogelwa (b) Ke ka ntlha yang go le botlhokwa thata gore mogakolodi a godise nonofo eno?
14 Kgakololo e tswelela sentle gape fa, e neelwa ka moya wa bonolo. Paulo o ne a itse ka seno. Ke sone se e rileng, fa a ne a bua ka mongwe yo o ka nnang a tsaya kgato e nngwe e e phoso pele ga a go lemoga, Paulo a neng a kgothaletsa ba tshwanelegang gore ba ‘sokolole yo o ntseng jalo ka moya wa bonolo.’ (Bagalatia 6:1) O ne a gakolola gape le Timotheo gore a gakolole ba bangwe gore ba “se ka ba bua boshula kaga motho opè, ba se nne dikgañkgañ, ba nnè bonolō, ba le boikokobeco yotlhe mo bathun botlhe.”—Tito 3:1, 2; 1 Timotheo 6:11.
15 Ke goreng bonolo bo tlhokafala? Ka go bo maikutlo a a sa laolweng a a tshelanwa. Mafoko a kgalefo a tsosa mafoko a mangwe a kgalefo, mme ga go motlhofo go akantshanya fa maikutlo a gogomogile. Le e leng fa yo o gakololwang a araba ka bogale, leno ga se lebaka la gore mogakolodi le ene a dire se se tshwanang. Go na le moo, boikutlo jwa bonolo jwa mogakolodi bo ka nna jwa thusa go kokobetsa dilo. “Phetolō e e bonōlō e thibosa bogale.” (Diane 15:1) Seno se ntse jalo a e ka ne mogakolodi e le motsadi, mogolwane, kana mongwe o sele.
16. Ke ka ntlha yang fa yo o ntshang kgakololo ka metlha yotlhe a tshwanetse go supa tlotlo?
16 Mme labofelo, gopola ka seo Paulo a neng a se raya mogolwane yo mmotlana Timotheo: “U se ka ua kgalemèla mogolwane, me u mo laeè yaka ha e ka bo e le rrago; le makau yaka bomonnao.” (1 Timotheo 5:1, 2) Abo e ne e le kgakololo e e molemo jang ne! Akanya fela ka fa mosadi yo o godileng a neng a ka ikutlwa ka gone fa mogolwane yo mmotlana, gongwe e bile a le mmotlana mo a lekanyeng go ka nna morwawe, a ne a ka mo gakolola ka tsela ya go mo kgala thata kana ka tsela ya go tlhoka tlotlo. Go ne go tla nna botoka thata fa mogakolodi a ne a ka ema pele mme a akanye ka gore: ‘Fa ke akanyetsa botho le dingwaga tsa motho yono, ke tsela efe e e lorato thata e e molemo ya go ntsha kgakololo eno? Fa ke ka bo ke ne ke le mo boemong jwa gagwe, ke ne ke ka rata go atamelwa jang?’—Luke 6:31; Bakolosa 4:6.
Kgakololo ya Bafarasai
17, 18. Ke lebaka lefe le lengwe leo le dirileng gore kgakololo e e neng e ntshiwa ke Bafarasai e seka ya thusa sepe?
17 Nama o tlogetse sekao sa ga Paulo jaanong mme o akanye ka sekao se se bosula—sa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba motlha wa ga Jesu. Ba ne ba ntsha kgakololo e le ntsi, mme gantsi e ne e sa solegele morafe molemo. Ka baka lang?
18 Go ne go na le mabaka a le mantsi. Ka motlhala, gopola ka nako eo Bafarasai ba neng ba kgala Jesu ka gobo barutwa ba gagwe ba ne ba sa tlhape diatla pele ga fa ba a ja. Legale, bommè ka bontsi ba gakolola bana ba bonè gore ba tlhape diatla pele ga ba a ja, mme jaaka fa seno se thusa mo botsogong, seno se ka kgothalediwa thata. Mme Bafarasai thata ba ne ba sa amega ka botsogo. Mo go bone, go tlhapa diatla e ne e le ngwao, mme ba ne ba kgopisiwa ke go bo barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa latele ngwao eno. Lefa go ntse jalo, jaaka Jesu a ne a tswelela go ba bontsha, go ne go na le mathata a magolo mo Iseraele a ba ka bong ba a tlhokometse. Ka sekai, bangwe ba ne ba dirisa ngwao ya Sefarasai jaaka tsela ya go tila go utlwa molao wa botlhano mo Melaong e e Lesome: “Tlotla rrago le mmago.” (Ekesodo 20:12; Mathaio 15:1-11) Ka maswabi, bakwadi le Bafarasai ba ne ba tshwaregile thata ka dintlhanyana tse e seng tsa sepe mo e leng gore ba ne ba “tlogetse dilō tsa molaō tse di boima bogolo di sa dihwa, eboñ tshiamishō, le kutlwèlōbotlhoko, le boikañō.”—Mathaio 23:23.
19. Bakeresete ba motlha wa segompieno ba ka tila jang go wela mo seraing sa go ipuelelela?
19 Bagakolodi ba gompieno ba tshwanetse go disa gore ba se dire phoso epe e e tshwanang. Ba tshwanetse go tila go nna ba go ka tweng ba a ipuelelela, ba tshwarega thata mo dilong tse e seng tsa sepe mme ba lebala ‘dilo tse di boima.’ Mo dikgannyeng tse di potlana re kgothalediwa gore re “iphapaanyane moñwe le eo moñwe” ka lorato. (Bakolosa 3:12, 13) Kgono ya go lemoga gore motho o ka se tsose dikgang fa go rileng le gore kgakololo e ka ntshiwa leng tota-tota ke selo se sengwe se se dirang gore motho ‘a nne wa semoya.’—Bagalatia 6:1.
20. Ke ka ntlha yang fa sekao se motho a se tlhomang se le botlhokwa thata mo kgannyeng eno ya go ntsha kgakololo?
20 Go na le se sengwe gape se se neng sa dira gore bagakolodi bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba bodumedi ba seka ba atlega. Ba ne ba na le boikutlo jwa gore “dira ka fa ke buang ka teng, eseng ka fa ke dirang ka teng.” Jesu o ne a ba raya a re: “Le lona, go latlhega lona ba molaō! gonne lo belesa batho merwalō e e botlhokotlhoko go rwalwa; me lona ka losi lo gana go ama merwalō euō leha e le ka monwana moñwe oa lona.” (Luke 11:46) Abo seo e ne e se lorato! Gompieno, batsadi, bagolwane, kana ba bangwe ba ba ntshang kgakololo ba tshwanetse go tlhokomela thata gore bone ka bobone ba dira se ba se bolelelang ba bangwe gore ba se dire. Re ka kgothaletsa ba bangwe jang gore ba tshwarege mo bodiheding jwa tshimo fa rona re sa tlhome sekao se se tshwanetseng? Kana re ka tlhagisa ba bangwe jang kgatlhanong le go rata dilo tse di bonalang fa dilo tse di bonalang di laola matshelo a rona?—Baroma 2:21, 22; Bahebera 13:7.
21. (a) Bafarasai ba ne ba bua ka bodipa jang le batho? (b) Maretshwa a Bafarasai a tshwanetse go tlhagisa jang bagakolodi ba Bakeresete?
21 Baeteledi pele ba Bajuda le bone ba ne ba palelwa ke go nna bagakolodi ba ba siameng ka ntlha ya go bo ba ile ba dirisa maretshwa a go nna badipa. Mo pakeng nngwe, ba ne ba romela banna bangwe go ya go tshwara Jesu. Fa banna bano ba se na go kgatlhwa thata ke tsela eo Jesu a neng a ruta ka yone, mme ba boa ba sa mo tshwara, Bafarisai ba ne ba ba kgalemela, ba ba raya ba re: “A bañwe ba balaodi, kgotsa ba Bafarasai, ba dumetse mo go èna? Me batho ba ba bantsi ba ba sa itseñ molaō, ba hutsegile.” (Yohane 7:45-49) A leno e ne e le lebaka le le tshwanetseng la go ba kgalemela—go dirisa taolo ka dikgoka le go bitsa maina? Ekete bagakolodi ba Bakeresete ba ka se nne molato o o ntseng jalo fa ba neela kgakololo! Ba tshwanetse go tila thata go supa boganka mo go ba bangwe kana go ba supegetsa maikutlo a gore: ‘O tshwanetse go ntheetsa ka go bo ke le mogolwane!’ Kana fa e le gore ba bua le kgaitsedi, ba seka ba supa maikutlo a gore: ‘O tshwanetse go ntheetsa fela ka go bo ke le mogolwane yo o tlhophilweng.’
22. (a) Bakeresete ba tshwanetse go ntsha kgakololo jang mme e le ka ntlha yang? (b) Ke potsoefe e nngwe e go tlhokafalang gore go tlotliwe ka yone?
22 Ee, go ntsha kgakololo ke tsela ya go supa lorato eo rona rotlhe—mme segolo bogolo bagolwane ba ba tlhophilweng—ba tshwanetseng go e neela Bakeresete-ka-bone nako le nako. Kgakololo ga ea tshwanela go neelwa ka tsela fela ya go itshema. Mme fa e le gore ea tlhokafala, e tshwanetse go neelwa ka bopelokgale. E tshwanetse go tshegediwa ke Dikwalo le go ntshiwa ka moya wa bonolo. Gape, go motlhofo thata go amogela kgakololo go mongwe yo o re ratang. Lefa go le jalo, ka dinako tse dingwe go ka ketefala go itse gore motho o ka bua a reng fa a neela kgakololo. Jalo he re ka neela kgakololo jang ka tsela eo e tla atlegang? Go tla tlotliwa ka seno mo setlhogong se se latelang.
A O Ka Tlhalosa?
◻ Ke bomang ba ba nang le tshiamelo le boikarabelo jwa go ntsha kgakololo ya Bokeresete?
◻ Ke ka ntlha yang fa bopelokgale bo ka tlhokafala gore motho a ntshe kgakololo?
◻ Ke ka ntlha yang fa lorato lo Paulo a neng a rata Bakeresete ba Korintha ka lone lo ile lwa ba tlhofofaletsa go amogela kgakololo ya gagwe?
◻ Ke ka ntlha yang fa mogakolodi wa Mokeresete a tshwanetse go nna bonolo le boikokobetso?
◻ Mokeresete o ka tila jang go dira gore kgakololo ya gagwe e nne ekete ea gatelela?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Paulo o ne a kgothaletsa Tito go gakolola ba bangwe gore “ba nnè bonōlō, ba le boikokobeco yotlhe mo bathuñ botlhe”