LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 9/15 ts. 4-7
  • Morwalela—Tlhagiso ya Nako e e Fetileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Morwalela—Tlhagiso ya Nako e e Fetileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maemo a a Tshwanang
  • Metlha ya Bofelo
  • Go Falola go a Kgonega
  • Go Botlhokwa Thata Gore Re nne Re Disitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Lefatshe je le Neng la Senngwa
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • A O Atlhola Lefatshe ka Tumelo ya Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • A Kgang ya Morwalela wa ga Noa ke Tlhamane Fela?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 9/15 ts. 4-7

Morwalela​—Tlhagiso ya Nako e e Fetileng

MO HISTORING e telele ya setho, go ile ga nna le masetlapelo a tlholego a le mantsi a magolo go lekana le thunyo ele ya Thaba ya St. Helens kana a magolwane go e feta. Mme ga go ape a a ileng a lekana le Morwalela o mogolo wa motlha wa ga Noa. Morwalela oo o ne o le mogolo ebile o senya mo eleng gore o ne wa tlogela lotshwao lo lo sa phimogeng mo bathong ka selekanyo sa lefatshe lotlhe.

Go na le dipolelo di le 150 tse di farologaneng ka Morwalela go tswa dikarolong di le dintsi tse di farologaneng tsa lefatshe, go akareletsa le Babelona, Roma, India, Australia le Amerika. Lemororo dipolelo tseno di farologane ka dintlha, go na le tumalano ka kakaretso malebana le se se bakileng Morwalela oo, go senngwa ga setho mo lefatsheng lotlhe, le go falola ga lelapa lengwe mo arakeng kana mo seketswaneng sengwe. Masetlapelo a kgolokwe yotlhe ke one fela a ka bong a ile a tlogela lotshwao lo lo anameng le loo lo lo sa lebalegeng.

Seithuti sengwe sa Bibela se ne sa kwala jaana: “Tumalano magareng ga dipego tseno tsotlhe ke tlhomamisetso e e ka se ganediweng ya gore polelo eo ga se e e itlhametsweng fela, tlhamane ke ya motho a le mongwe, ga se ya lobopo lotlhe; ka jalo, polelo eo e theilwe mo historing; e nnile gone ka ntlha ya tiragalo eo eleruri e diragetseng mo dingwageng tsa fa setho se ne se santse se simologa.” Mme ke ka ntlhayang fa masetlapelo ao a bogologolo tala e le tlhagiso mo losikeng lo lo tshelang ga jaanong?

Go botlhokwa ka rona segolo gore re eletlhoko mabaka a a bakileng Morwalela oo. Go tshwana ga one le maemo a lefatshe gompieno a dira gore Morwalela oo o nne le bokao mo go rona. Pego ya histori mo bukeng ya Bibela ya Genesise e tlhalosa maemo ao jaana: “Yehofa a bōna ha boikèpo yoa motho bo le bogolo mo lehatshiñ, le go akanya ga megopolō ea pelo ea gagwè gotlhe, go no go le boshula ka metlha eotlhe. Me Modimo oa bōna lehatshe, me bōna, le ne le bodile; gonne nama eotlhe e ne e bodisitse mokgwa oa eōna mo lehatshiñ.”​—Genesise 6:5, 12.

Lefatshe la setho le ne le ile la boga boitshwaro jo bo repileng ka kakaretso, le go akanya ga megopolo ya lone gotlhe go le bosula ka metlha yotlhe. Ka lebaka leo, “lehatshe le ne le tletse thubakanyō.” (Genesise 6:11) Matshelo a ne a dirisiwa ka botlalo go latela dikeletso tefa mahumo le tsa tlhakanelo dikobo. Jesu Keresete o ne a lebisa tlhokomelo go seno fa a ne a re: “Yaka go le ga nna mo metlheñ euō ea pele ga morwalèla, ba ne ba ya, ba nwa, ba nyala, ba nèwa nyaloñ, go tla go hitlha mo tsatsiñ ye Noa o tsenyeñ mo tluñ e e kokobalañ ka yeōna, Me ba sa itse, morwalèla oa ba ga tla oa ba tlosa botlhe; go tla ga Morwa Motho le gōna go tla nna hèla yalo.” (Mathaio 24:38, 39) Go kgotsofatsa dikeletso tsa nama e ne e le yone fela kgatlhego ya bone.

Go ne go ile ga neelwa tlhagiso esale gale ke Noa ka dingwaga di le dintsi, mme losika loo lo ne lwa gana go e dumela. Ruri ba ne ba ise ba ke ba tsamaye ba itemogele morwalela ka bobone. Jalo ereka dilo di ne di tswelela fela jaaka pele, tlhagiso e ne ya wela mo ditsebeng tse di thibaneng. Ga ‘ba a ka ba tlhokomela.’ Go bone go ne go sa kgathalesege gore a tlhagiso e ne e tswa go Mmopi wa bone ka Noa.

Mme Modimo o ne a bolelela Noa jaana: “Bokhutlō yoa nama eotlhe bo hitlhile ha pele ga me; ka lehatshe le tletse thubakanyō ka ntlha ea bōnè: me bōna, ke tla senya bōnè le lehatshe nabō.” (Genesise 6:13) Fa Morwalela o tla, Noa le lelapa la gagwe ba ne ba sireleditswe gonne ba ne ba tlhokometse tlhagiso eo mme ba latetse ditaolo tsa Modimo. Mme ke ka ntlhayang fa seno sotlhe e tshwanetse go nna se se kgatlhisang ka mo go kgethegileng mo go rona?

Maemo a a Tshwanang

Jaaka pele ga metlha ya Morwalela, segolo-bogolo fa esale go tloga ka Ntwa ya Lefatshe I thubakanyo e ile ya fetoga mokgwa wa botshelo. Thubakanyo ya bopolotiki gareng ga dinaga e ile ya felela ka dintwa tse di senyang le tse di boifisang mo historing ya setho. Thubakanyo e ile ya anamela kwa ditoropong, mo mebileng, le mo magaeng, ebile e tshosetsa batsamai. Go feta moo, thelebishene, dibaesekopo, le dipadi di na le ditlhogo tse dintsi tsa thubakanyo.

Tshwano e nngwe e mo mokgweng wa segompieno wa go tshela. Go kgotsofatsa dikeletso tsa kafa dikobong le dilo tse di bonalang go kgatlhegelwa ke losika lwa jaanong. Lefatshe ka bophara, re bona boitshwaro jo bo repileng joo bo ileng jwa tlhagisa leroborobo la malwetsi ao a anamisiwang ke tlhakanelo dikobo. Boaka, kgokafalo, le dikamano tsa bosodoma di tletsetletse. Jaaka losika lwa pele ga Morwalela, losika lwa segompieno lo rata menate ya nama le dilo tse di bonalang go feta go rata Modimo.

Ereka Modimo a ne a ‘tlhokofetse pelo’ ka ntlha ya boitshwaro jo bo maswe ka mo go feteletseng jwa batho ba pele ga Morwalela, a ga go utlwale go konesetsa ka gore o ne a tla ikutlwa ka tsela e e tshwanang gompieno ka boitshwaro jo bo maswe jo bo anameng lefatshe ka bophara? A seo a se dirileng mo lefatsheng leo la motlha wa ga Noa ga sea tshwanela go nna tlhagiso mo losikeng lwa ga jaanong? A ga go botlhale go akanya gore o tla dira tshwetso e e tshwanang le eo re e fitlhelang go Genesise 6:5-7? Erile fa Modimo a ne a bona bosula joo jwa setho, “ga mo tlhokohatsa pelo. Me Jehofa a re, Ke tla senya motho eo ke mo dihileñ ke mo tlosa mo lehatshiñ.” Ka bakwadi ba Bibela ba ba tlhotlheleditsweng, Modimo o ile a bolela gore o tla diragatsa katlholo e e tshwanang le eo mo losikeng lo lo ikgotsofatsang ka mo go feteletseng lo lo tshelang gompieno. Lo atamela matlhotlhapelo a magolo go gaisa mo historing ya motho.

Metlha ya Bofelo

Fa a ne a lebeletse mo motlheng wa rona, mokwadi wa Bibela yo o tlhotlheleditsweng wa lokwalo lwa bobedi lwa Timotheo o tlhalosa boemo jo bo bodileng jwa dilo joo jaanong re bo bonang lefatshe ka bophara. Mo kgaolong ya 3 2Ti 3 temana ya 1 go fitlha ka ya 4, o bolela jaana: “Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlo go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlèlō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.”

Jesu Keresete le ene o ne a bolelela pele ka metlha ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Mo polelelong pele ya gagwe o ne a bolela ka thubakanyo e e feteletseng eo re ileng ra e bona fa esale go tloga ka Ntwa ya Lefatshe I, a re: “Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi.” (Mathaio 24:7) Gape o ne a bolela ka boikepo jo bo anameng gompieno le poifo eo batho ba nang le yone ka isagwe. Jesu o ne a bolela jaana: “E tla re ka boikèpō bo tla bo bo ntsihetse, loratō lwa bontsi bogolo lo tla tsidihala.” (Mathaio 24:12) O ne a bolela gape gore batho ba ne ba tla “idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.”​—Luke 21:26.

Polelwana “metlheñ ea bohèlō” e raya se se tshwanang go losika lono lwa jaanong le seo e neng e se kaya mo losikeng lwa pele ga Morwalela-bokhutlo jwa karolo e kgolo ya tsamaiso ele ya batho ya dilo. Go 2 Bathesalonia 1:8, 9, mokwadi wa Bibela yo o tlhotlheleditsweng Paulo o bolela gore, ka Jesu Keresete, Modimo o tla “itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu: E le ba ba tla utlwañ thupa, eboñ tshenyègō e e sa khutleñ ea go tlogèla rure mo sehatlhogoñ sa Morèna le mo kgalaleloñ ea nonohō ea gagwè.”

Bafalodi bale ba Morwalela ba ne ba fitlhela losika lole lwa pele ga Morwalela lo tlositswe mo lefatsheng. Batho le tsotlhe tseo ba neng ba di tshelela di ne di ile. Go tla nna jalo fa ipusolosetso ya bomodimo e senya losika lo lo boikepo lono lwa ga jaanong. “E tla re kwa pelenyana, moikepi a bo a sa tlhole a le gōna: E, u tla sekaseka helō ga gagwè ka tlhōahalō, me èna o tla ba a seeō.”​—Pesalema 37:10.

Go Falola go a Kgonega

Go tshwana magareng ga losika lwa pele ga Morwalela le losika lwa rona ga go felele mo bosuleng jwa batho bale le tshenyego ya bone fela. Jaaka go ne go na le bafalodi ba Morwalela, jalo go tla nna le bafalodi ba bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo. Bafalodi bale ba Morwalela e ne e le batho ba ba boikokobetso bao ba neng ba sa tshele jaaka batho ka kakaretso ba ne ba tshela. E ne e le barati ba tshiamo bao ba neng ba utlwa Modimo ebile ba tlhokomela ditlhagiso tsa gagwe. Go Genesise 6:8, 9 re bolelelwa jaana: “Noa èna a bōna go sèlwa ke Yehofa sehatlhōgō. . . . Noa e ne e le monna eo o siameñ, a itekanetse mo ditshikeñ tsa gagwè.” Malebana le ene le bafalodi ka ene, moaposetoloi Petere o ne a kwala gore Modimo “oa se ka oa rèkègèla lehatshe ya bogologolo, yale ka o tlisa morwalèla mo lehatshiñ ya baikepi, me oa boloka Noa, a le moreri oa tshiamō, a na le ba bañwe ba shupa.”​—2 Petere 2:5.

Re tlhomamisetswa ke baperofeti ba Modimo gore go tla nna le boidiidi jo bogolo jwa bafalodi mo tshenyong ya bomodimo e e tlang ya tsamaiso ya jaanong ya dilo. Le bone, e tla nna batho ba ba boikokobetso bao eleng barati ba tshiamo mme ba utlwa ditaelo tsa Modimo jaaka Noa. Morago ga go bolelelapele go senngwa ga baikepi, mopesalema o bolela jaana: “Me bapelonomi ba tla rua lehatshe; ba tla inatehisa mo letlotloñ ya kagishō.”​—Pesalema 37:11; Tshenolō 7:9, 13, 14.

Jesu o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a ne a tla bolelwa lefatshe ka bophara. Seno ke tsela eo batho ba ba ratang tshiamo ba lefatshe ba phuthelwang phalolo ka yone. Jesu o ne a bontsha seno mo setshwantshong sa gagwe kaga go kgaoganya dinku mo dipoding. Mme o ne a konesetsa setshwantsho seo ka go bolela gore basiamolodi ba seka-dipodi ba ne ba tla “ea mo pecoñ e e sa khutleñ: me [ba seka-dinku] basiami ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.”​—Mathaio 25:31-46.

Lemororo Morwalela e le wa bogologolo tala mo motlheng wa rona, ka phepafalo ke tlhagiso go rona ya go se gane go reetsa. Pego ya one e ne ya kwalwa, jaaka Bibela e bolela e re, “gore di re rutè.” (Baroma 15:4) Ke tlhagiso kgatlhanong le go tshela ka mokgwa wa thubakanyo, wa selefatshe, le wa go rata dikhumo wa lefatshe kwantle ga go tlhokomela Mmopi wa rona. Ga a fetoge. Modimo o ne wa nyeletsa losika lwa pele ga Morwalela ka ntlha ya bosula jwa lone. Ka lebaka le le tshwanang le leo, o tla nyeletsa losika lwa segompieno le tsamaiso yotlhe ya lone ya goromente wa dipolotiki, papadi ya go rata dikhumo le bodumedi jwa maaka.

Go falola bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo, re tshwanetse ra tlhokomela tlhagiso ya nako e e fetileng. Re tshwanetse go itshupa re le barati ba tshiamo, jaaka go dirile bafalodi ba le robedi ba Morwalela. Mme gore re falole re tshwanetse go latela kgakololo e e go Sefania 2:3 e e reng: “Batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jaaka Noa le lelapa la gagwe ba falotse Morwalela, jalo o ka nna gareng ga bafalodi ba bofelo jwa tsamaiso eno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela