LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 9/1 ts. 8-9
  • O Kgetha Baaposetoloi ba Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Kgetha Baaposetoloi ba Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Kgetha Baaposetoloi ba Gagwe
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba ba Lesome le Bobedi
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu o Ruta mo Thabeng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Jesu o Tlhopha Baaposetoloi ba le 12
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 9/1 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

O Kgetha Baaposetoloi ba Gagwe

GO SETSE jaanong go fetile ngwaga le sephatlo fa e sale Johane Mokolobetsi a bega Jesu jaaka Kwana ya Modimo, mme Jesu a simolola bodihedi jwa gagwe jwa phatlalatsa. Ka nako eo, Anderea, Simone Petere, Johane, mme gongwe le Jakobe (morwarraa-Johane), gammogo le Filipo le Nathanaele (yo o bileng a bidiwa Barotholomea), ba ne ba setse ba fetogile barutwa ba gagwe ba ntlha. Morago, ba le bantsi ba ne ba tlhakanela le bone mo go saleng Keresete morago.

Jaanong Jesu o ipaakanyeditse go kgetha baaposetoloi ba gagwe. Bano ba ne ba tla nna ditsala tsa gagwe tse di gaufi-ufi tseo di neng di tla fiwa thapiso e e kgethegileng. Mme pele ga a ka ba kgetha, Jesu o ya kwa thabeng a bo a senya bosigo jotlhe a ntse a rapela, gongwe a kopa botlhale jwa Modimo le gore a ba tlhogonolofatse. Fa bo sena go sa, o bitsa barutwa ba gagwe mme o kgetha ba le 12 mo go bone. Lefa go ntse jalo, ereka ba tswelela go nna barutwana ba ga Jesu, ba santse ba bidiwa barutwa.

Ba barataro ba ba umakilweng fa godimo, ba Jesu a ba kgethang, ke ba ba neng ba fetoga barutwa ba gagwe ba ntlha. Mathaio, yo Jesu a neng a mmitsa a le mo ntlwaneng ya gagwe ya lekgetho, le ene o a kgethiwa. Ba bangwe ba batlhano ba ba kgethiwang ke Judase (yo o bileng a bidiwa Thadaeo), Judase Isekariota, Simone wa Mokanana, Thomase, le Jakobe morwa Alefaeo. Jakobe yono gape o bidiwa Jakobe yo Mmotlana, gongwe e le go mo farologanya le moaposetoloi Jakobe yo mongwe.

Jaanong ba ba 12 bano ba setse ba feditse lobakanyana ba na le Jesu, mme o ba itse sentle-ntle. Tota, ba sekae mo go bone ke ba masika a gagwe. Jakobe le morwa-rraagwe Johane ka phepafalo ke bontsalae ba ntlha. Mme go bonala sentle gore gongwe Alefaeo e ne e le morwarraa Josefa, ene yo o neng a nna rraagwe Jesu. Jalo morwa Alefaeo, ebong moaposetoloi Jakobe, le ene o tla bo a le ntsalae Jesu.

Legale, Jesu ga a na bothata bope jwa go gakologelwa maina a baaposetoloi ba gagwe. A mme wena o ka ba gakologelwa? Mme kana, o ka gakologelwa fela gore go na le ba le babedi ba ba bidiwang Simone, ba le babedi ba ba bidiwang Jakobe, le ba le babedi ba ba bidiwang Judase, le gore Simone o na le morwarraagwe ebong Anderea, le gore Jakobe o na le morwarraagwe ebong Johane. Eno ke tsela ya go gakologelwa baaposetoloi ba ba herang bobedi. Ba bangwe ba bane ke mokgethisi (Mathaio), yo erileng moragonyana a belaela (Thomase), yo o neng a bidiwa a ntse fa tlase ga setlhare (Nathanaele), le tsala ya gagwe Filipo.

Ba le some le bongwe mo baaposetoloing ke ba ba tswang kwa Galalea, kwa kgaolong ya legae la ga Jesu. Nathanaele o tswa kwa Kana. Filipo, Petere, le Anderea ka tlholego ba tswa Bethesaida. Lefa go ntse jalo, Petere le Anderea moragonyana ba fudugela kwa Kaperenama koo go bonalang Mathaio a ne a nna teng. Jakobe le Johane ba ne ba le mo kgwebong ya go tshwara ditlhapi mme le bone go bonala fa ba ka ne ba ne ba nna kwa Kaperenama kana gaufi le gone. Go bonala gore Judase Isekariota, yo o neng a re moragonyana a oka Jesu, ke ene fela moaposetoloi yo o neng a tswa kwa Judea. Mareko 3:13-19; Luke 6:12-16.

◆ Ke baaposetoloi bafe ba ba ka neng ba bo ba ne ba le masika a ga Jesu?

◆ Baaposetoloi ba ga Jesu ke bomang, mme o ka gakologelwa maina a bone jang?

◆ Baaposetoloi bano ba ne batswa kwa mafelong afe?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Pele ga Jesu a tlhopha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12, o ne a lala a rapela Jehofa bosigo jotlhe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela