Go Tshelela Thato ya Modimo—Gompieno le ka Bosakhutleng
“Le lona . . . e tle e re mo lobakeñ [lwa lona] lo lo setseñ loa nama, lo bo lo sa tlhole lo tshelèla dithatō tsa batho, ha e se go rata ga Modimo hèla.”—1 PETER 4:1, 2.
1, 2. (a) Ba le bantsi ba itshwara jang ka mogopolo wa go ineela mo thatong ya mongwe o sele? (b) Bangwe ba ka nna ba itshwara jang mo phuthegong ya Bokeresete? (c) Ka gone ke dipotso dife tseo jaanong di tsosiwang?
O ITSHWARA jang ka mogopolo wa gore o dumelele gore botshelo jwa gago bo laolwe ke Modimo? Ba le bantsi gompieno ba fitlhela mogopolo wa go ineela mo thatong ya mongwe e le selo se se bifelesegang. Le e leng mo ditlhopheng tsa batho tse go tweng di mo boiketlong go na le botsuolodi jo bo oketsegang kgatlhanong le taolo. Mekubukubu, ditshupo-kganano, kgoberego, le thubakanyo ke dilo tsa malatsi otlhe. Mo pitlaganong, se se bonalang ekete tlhabologo se a fetoga go nna lekwati le le omeletseng le le ka robegang.—2 Timotheo 3:1-3.
2 Phapaanong le seo, Basupi ba ga Jehofa ba bontsha gore ba tshelela thato ya Modimo ka boikanyego jwa bone, ka sekai, mo bodiheding jwa bone jwa ntlo le ntlo. Lefa go le jalo, tota le mo phuthegong ya Bokeresete, ka dinako tse dingwe moya wa boitaolo o ile wa bonala mo go ba sekae. Ba ka nna ba nyatsa kotlhao ya bagolwane. Ba sekae ba bontsha tlontlololo mo setlhopheng sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” le Setlhopha se se Laolang sa gagwe. (Mathaio 24:45-47; Ditihō 15:2, 23) Ka gone dipotso di a tsoga: Ke ka ntlhayang fa ke tshwanetse go ineela mo thatong ya Modimo? Ke ka ntlhayang fa botshelo jwa me bo tshwanetse go laolwa ke Modimo?
Sekao sa ga Keresete se se Seng Bogagapa
3. Ke kgakololo efe e Petere a neng a e neela mabapi le mogopolo wa rona?
3 Petere, yo o neng a ile a abalana maitemogelo a le mantsi le Jesu, o ne a dumela gore go ne go na le lebaka je le molemo la go tshelela thato ya Modimo go na le ya motho ka boena. O ne a re: “Me ke gōna, ereka Keresete a kile a boga botlhoko mo nameñ, le lona lo tlhomèlè ōna mogopolō ouō; gonne eo o bogileñ botlhoko mo nameñ o baketse boleo; Gore e tle e re mo lobakeñ lo lo setseñ loa nama, lo bo lo sa tlhole lo tshelela dithatō tsa batho, ha e se go rata ga Modimo hèla.”—1 Petere 4:1, 2.
4. Jesu o ne a bontsha jang boineelo jwa gagwe go Rraagwe?
4 Ke ka ntlhayang fa Jesu a ile a boga mo nameng? Ke ka go bo a ne a eme kafa letlhakoreng la ga Rraagwe mo kganetsanong ya bolaodi jwa lobopo lotlhe, kana bobusi. O ne a supa fa Modimo a le boammaaruri mme Satane a le moaki. Mme o ne a dira seo ka go dira gore botshelo jwa gagwe jwa selefatshe bo laolwe ke Modimo, lemororo bo ne jwa felela ka gore a swe loso lwa moswela-tumelo.—2 Bakorintha 5:14, 15.
5. Ke kgwetlho efe eo sekao sa ga Keresete se e bayang fa pele ga rona?
5 Lefa go le jalo loso loo e ne e le pontsho ya lorato lwa Modimo ka Keresete. (1 Yohane 4:10) Goreng go ne go ntse jalo? Ka go bo ka ntlha ya lone, setho sotlhe se ne sa bona melemo. (Baroma 5:8; 6:23) Mme ke ba le kae ba ba ikemiseditseng gore ba amogele melemo eo? Ke ba le kae ba ba ikemiseditseng gore ba etse Keresete mme ba ithontshe dikeletso tsa bone gore ba tle ba ineele mo thatong ya Modimo?—Bahebera 13:15, 17.
Melemo Jaanong le mo Isagweng
6, 7. Ke melemo efe e e gone ka go ineela mo thatong ya ga Jehofa?
6 Ka gone a bo go le matshwanedi jang ne gore le e leng mo metlheng ya rona go bo go na le taletso eo Jehofa a neng a e neela Baiseraele dingwaga tse 2 700 tse di fetileng: “Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna. A bo u ka bo n reeditse ditaolō tsa me, kagishō ea gago e ka bo ne ne hano e nntse yaka noka, le tshiamō ea gago yaka dintèlō tsa lewatlè.”—Isaia 48:17, 18; bapisa Genesise 22:18.
7 Jehofa o re ruta go iponela molemo ka gore re tshelele thato ya gagwe—mme melemo eo ga se ya kagiso le tshiamo tsa jaanong fela. E akareletsa le masego a isagwe a botshelo jo bo sa khutleng, fela jaaka Jesu a ile a solofetsa: “Gonne go rata ga Rrè ke mo, gore moñwe le moñwe eo o bōnañ Morwa Modimo, a mo dumèla, a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ; me ke tla mo cosa mo letsatsiñ ya bohèlō.”—Yohane 6:40.
8. Tsholofetso ya ga Jesu ya tsogo ke kgomotso mo go rona gompieno ka tsela efe?
8 Mafoko ao ke kgomotso e kgolo mo Bakereseteng ba ba ikanyegang gompieno ba ba setseng ba godile mo dingwageng. Tsamaiso eno ya dilo e mo ngwageng wa yone wa bo-72 fa e sale ka letsatsi le le botlhokwa-tlhokwa lwa 1914. Lefatshe la ga Satane le feditse lobaka lo ba le bantsi ba neng ba sa lo solofela. Tota, Bakeresete bangwe ba ba ikanyegang bao ba neng ba lebeletse go bona Hara-Magedona le tshimologo ya tsamaiso e ntšha ya dilo ba sa tshedile ba sule. Lefa go le jalo matshelo a bone, a a neetsweng go dira thato ya Modimo, ga a ka a nna a lefela. Ka go tshegetsa Lefoko la gagwe, Jesu o tla ba tsosa mme a ba neele molemo wa botshelo jo bo sa khutleng.—Yohane 5:28, 29; 1 Bakorintha 15:58.
Mogopolo wa ga Keresete
9, 10. (a) Re tshwanetse go itlhomelela ka eng? (Bafilipi 2:5-8) (b) Ke eng se se kgethegileng kaga lefoko la Segerika le le ranotsweng go nna “mogopōlō” go 1 Petere 4:1?
9 Ke eng se se ka re tlhofofaletsang gore re ineele mo thatong ya Modimo? Go ya ka kgakololo ya ga Petere, e e tsopotsweng mo serapeng 3, re tshwanetse go itlhomelela ka “ōna mogopolō ouō” o Jesu a neng a na nao.—1 Petere 4:1.
10 Petere fano o dirisa lefoko la Segerika leo le fitlhelwang gabedi fela mo Dikwalong tsa Segerika—eenʹnoi·a. Lemororo baranodi bangwe ba le kwala ka go re “mogopolo,” ga se lefoko je le tlwaelegileng la Segerika go raya “mogopolo,” leo e leng nous. Ka gone, Petere, a tlhotlheleditswe, o ne a na le ntlha nngwe e e tsepameng fa a ne a kgetha leina leno le le sa tlwaelegang thata. Moithuti wa Mogerika ebong W. E. Vine a re enʹnoi·a. “e kaya boikaelelo, boitlhomo, leano.” Greek-English Lexicon ya ga J. H. Thayer e le tlhalosa jaaka “mokgwa wa go akanya le boikutlo.”
11. Ke eng se re ka se ithutang mo sekaong sa ga Jesu mabapi le tsela eo re dirisang matshelo a rona ka yone?
11 Tsela ya ga Jesu ya go intsha setlhabelo ka phepafalo e ne e bontsha boikaelelo jwa gagwe, kana leano. O ne a sa tshele botshelo fela jwa lefela, a ipatlela boitumelo fela le monate. O ne a itse gore o ne a sa tlogelela botshelo jwa gagwe jwa selegodimo jwa pele gore a tle go senya dingwaga di sekae mono lefatsheng mo ditelekisong tsa bogagapa. (Bona pharologanyo e e fitlhelwang go Genesise 6:1, 2, 4, le Yude 6.) Ka jalo o ne a tlhalosa a re: “Ke hologile kwa legodimoñ, ke sa tle go diha go rata ga me, ha e se go rata ga eo o nthomileñ.” (Yohane 6:38) Jesu o ne a se maikutlo mabedi mo go ineeleng ga gagwe mo tirong ya ga Rraagwe, ka metlha a e eteletsa kwa pele go na le thato ya gagwe, le e leng go ya losong lwa gagwe lo lo tlhabisang ditlhong.—Luke 22:42.
12, 13. (a) Jesu o ne a bontsha jang mogopolo wa gagwe kwa sedibeng sa ga Jakobe? (b) Jesu o ne a raya goreng fa a ne a re, “Ke na le seyō se ke se yañ, se lo sa se itseñ”?
12 Le e leng fa a ne a lapile a bile a bolailwe ke tlala, Jesu ka phepafalo o ne a supa gore mogopolo wa gagwe o mo thatong ya ga Rraagwe. Mo pakeng nngwe, fa barutwa ba gagwe ba ile go batla dijo, o ne a ikhutsa fa sedibeng sa ga Jakobe. Mo boemong jwa gore a bo a ka sola sebaka seo molemo go latsa tlhogo go fitlhela barutwa ba boa, o ne a iteka go dira thato ya Modimo. O ne a tsaya kgato e e sa tlwaelegang ya Mojuda. O ne a buisanya le mosadi wa Mosamaria. O ne a budulola matlho a gagwe go utlwisisa kaga Modimo wa boammaaruri. Ka jalo, “Basamaria ba le bantsi ba motse o, ba mo dumèla ka ntlha ea lehoko ya mosadi.”—Yohane 4:6-26, 39-42.
13 Fa barutwa ba gagwe ba boa, ba ne ba mo kgothaletsa gore a je. O ne a ba araba jang? “Ke na le seyō se ke se yañ, se lo sa se itseñ.” Ba ne ba gakgamadiwa ke karabelo ya gagwe go fitlhela a oketsa a re: “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ, le go wetsa tihō ea gagwè.” Ka phepafalo, Jesu o ne a ipelela go ineela mo thatong ya ga Rraagwe. Mo go ene go ne go tshwana le dijo, mme fela jaaka go ja dijo tse di monate, o ne a ipelela kgotsofalo ya mmannete ka ntlha ya gone. Fa re batla go ikutlwa re kgotsofetse sentle mo matshelong a rona, re ka se dire sepe se sele fa e se go latela sekao sa ga Jesu Keresete.—Yohane 4:31-38.
Diphelelo tsa Mogopolo wa ga Keresete
14. Ke eng se re se tlhokang gore re nne le mogopolo wa ga Keresete? Tshwantshetsa seno.
14 Go nna le mogopolo wa ga Keresete go tshwanetse ga re ama jang? Fa re ithuta go akanya jaaka Keresete, he re tla nna le tlhotlheletso ya kafa teng eo e tla re kaelang go dira se Jesu a neng a ka se dira mo maemong lefa e ka nna afe. (Luke 22:42; Baefesia 4:23, 24) Nonofo eno ga e ne e felela ka go boifa kotlhao, jaaka go otlhaiwa ke bagolwane mo phuthegong, mme go na le moo e tla nna kanaanelo e kgolo ya melao le melao-metheo tsa ga Jehofa. Re ka bapisa seemo seo le motho yo o utlwang melao ya dipalamo fa a bona lepodisi fela-go rialo o ineela mo maatleng a a ka kwantle. Mme motho yo o bonang fa botshelo bo le botlhokwa, a rata mogagabo, mme a bona botlhale jwa go nna le melao ya tsa dipalamo o tla utlwa ka go bo a tlotla molao. O na le tlhotlheletso e e nonofileng ya kafa teng.—Pesalema 51:10.
15. (a) Ke eng se be supang gore Jesu o ne a na le nonofo e e kafa teng e e tlhotlheletsang mogopolo wa gagwe? (Baefesia 4:23) (b) Ke dikao dife tsa bothokgami tse di neelang bosupi jwa mogopolo wa ga Keresete mo Bakereseteng ba motlha wa segompieno?
15 Jesu o ne a na le ‘maatla a a mo shafatsang mogopolo’ a kafa teng. Ka gone o ne a ikanyega mo thatong ya ga Rraagwe, le e leng go ya losong. O ne a itshokela pogo kwantle ga go ngongorega kana go kgoba babogisi ba gagwe. (1 Petere 2:21-24) Fa gongwe rona jaaka Bakeresete re ka tlelwa ke dikgatelelo tse di tshwanang. Balaodi ba ba ganetsang ba ka nna ba leka go kganela tiro ya rona ya go rera le dipokano, fela jaaka ba ne ba dira mo Spain fa go busa Franco le mo mafatsheng a a farologaneng a Yuropa mo pusong ya Nazi. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ne ba tshwarwa setlhogo ka boiteko jwa go dira gore ba rekise bakaulengwe ba ba neng ba ikarabela mo phuthegong ya mafelo a bone. Go sa kgathalesege pogiso ba le bantsi ba ne ba ema ba nitame. (Bona 1978 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 171-2, 182-3; 1986 Yearbook of Jehovah’s Witnesses, ditsebe 137-59.)
16. Dingwe tsa ditsela tseo re ka nnang ra lekwa ka tsone gompieno ke dife? Re ka ganana le tseno jang?
16 Re ka nna ra bona kgatelelo ka ntlha ya boitlhaodi jwa Bokeresete kana ka tiriso ya ditshelo tsa madi. (Ditihō 5:29; 15:28, 29) Jalo he kgang e a tsoga, A re tshelela thato ya Modimo kana ya motho? Kana gongwe thaelo e ka tsoga e le e e amanang le dikeletso tsa nama le balekane ba ba seng phepa. Gongwe kwa sekolong kana kwa re berekang teng, go ka nna ga nna le sebaka sa gore re ka goga kana ra dirisa diokobatsi kwantle ga gore ope mo phuthegong a itse kaga gone. Kana gotweng kaga thaelo ya go betšha mo lotaring? Kana go dira boaka kana go gokafala? Gantsi seemo sa kwa tirong ya selefatshe se ka nna sa tlhotlheletsa megopolo e e phoso le ditiro tse di phoso—fa e se fela fa re na le boitlhomo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete mabapi le go dira thato ya Modimo. O tla dirang? A o tla nna le maatla a a tlhamaletseng a a dirang mo mogopolong wa gago gore o latele tsela ya ga Keresete ya go dira dilo tlase ga maemo a a ntseng jalo?—Baefesia 4:17-20; 1 Yohane 2:15, 16.
17, 18. (a) Ke ntlha efe e e nonofileng eo Petere a e ntshang mabapi le bao ba dirang boleo? (b) Ke eng se se tlhokafalang gore re ganetse ge wela mo boleong?
17 Petere o tswelelapele ka go gatelela kafa go tlhokafalang ka teng go dira thato ya Modimo fa a gakolola ka go re: “Gonne lobaka lo lo hitileñ lo chwanetse go bo nene lo lekanye loa go diha keleco ea Badichaba, le loa go tsamaea mo bopepeñ, le mo dithatoñ, le mo go nweñ boyalwa, le mo ditlhapeloñ, le mo ditagoñ, le mo ditiheloñ tse di makgapha tsa medimo ea disètwa: E le dilō tse ba lo gakgamalèlañ kaga cōna, ba bua boshula kaga lona, ka lo sa sianele nabō mo tlhapeloñ euō e e heteletseñ. Mme ke ba ba tla ikarabèlañ èna eo o iketleeleditseñ go atlhola batshedi le bashwi.”—1 Petere 4:3-5.
18 Fano Petere o ntsha ntlha e e nonofileng—ba ba tlhokomologang thato ya Modimo ba tshwanetse go ikarabelela. (Bapisa Baroma 14:12 le Bahebera 13:17.) Paulo o digela ka mo go tshwanang mo lokwalong lwa gagwe go Bakolosa, koo a kwalang a re: “Me ke gōna, bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwè, le dithatō, le keleco e e boshula, le pelotshètlha, tse e leñ tihèlō ea medimo ea disètwa; E le dilō tse bogale yoa Modimo bo tlañ mo baneñ ba ba kgōpō ka ntlha ea cōna.” Botlhe ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo tota ruri ga ba tshelele thato ya Modimo, mme go na le moo, ba kgotsofatsa ditlhotlheletso tsa bone tse di bogagapa. Lefa go le jalo batho ba ka ikgaoganya le boitsholo jo bo ntseng jalo jo bo bodileng, ka go bo, jaaka Paulo a re, “Tse le lona lo kileñ loa tsamaea mo go cōna yale, ka lo tshelèla mo go cōna dilō tseuō.”—Bakolosa 3:5-7; Baefesia 4:19; bona gape 1 Bakorintha 6:9-11.
Go Lemoga se Thato ya Modimo e Leng Sone
19. Ba bantsi jaanong ba supa gore ba tshelela thato ya ga Jehofa jang? (Baroma 12:1, 2)
19 Mo dinngwageng tseno tsa bofelo tsa lekgolo la bo-20 la dingwaga, batho ba ba ka fetang dimilione tse tharo ba lemogile se thato ya Modimo e leng sone go bone. Ka ntlha ya gone moo, ba tlhoafaletse go rera mafoko a a molemo a goromente wa Bogosi jwa Modimo. (Ditihō 8:12; Mareko 13:10) Ga ba itshelele fela, jaaka bontsi jwa ba bangwe bo dira. Ba itse gore ka bonakonyana Modimo o tla tloga a khutlisa tsamaiso eno e e bodileng, mme ba intsha setlhabelo go thusa ba bangwe go bapala kitso e e tlhomameng, fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a gakolola: “Lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; Ka go shwèla lobaka molemō; ka metlha e, e boshula. Ke gōna se nneñ boeleele, me lo tlhaloganyè go rata ga Morèna, go re, ke eñ.”—Baefesia 5:15-17.
20, 21. (a) Re tshwanetse go leba neo ya botshelo jang? (Yakobe 4:13-17) (b) Re ka tila jang go bopega jaaka lefatshe?
20 Botshelo bo tshwana le galase ya metsi a a tsiditsana. Mo masomeng a ntlha a dingwaga tsa botshelo jwa motho, o “nwa” thata le ka bofefo—go fitlhela a ipotsa gore go santse go setse dingwaga di le kae tsa botshelo mo “galaseng.” Seo ke kgakgamatso e e tsietsang mongwe le mongwe. Abo go le botlhokwa jang ne, gore motho a tshele ka go itse gore o ikarabelela go Modimo le go mong-ka-ene! Abo go le botlhokwa-tlhokwa jang ne go akanya kaga thato ya Modimo mme e seng kaga thato fela ya rona ya bogagapa!—Mathaio 7:21, 24, 26.
21 Lefa go ntse jalo, jaaka fa re tshela mo lefatsheng leo le laolwang ke moya wa ga Satane, ga go motlhofo gore re tshelele thato ya Modimo ka metlha yotlhe. (Tshenolō 12:9) Go nna le dikgatelelo ka dinako tsotlhe gore re bopege kafa thatong ya lefatshe le kafa boikutlong jwa mogopolo. Diphetogo tsa feshene le dilo tse di tumileng di ka tlhotlheletsa bangwe mo phuthegong, gore ba simolole go lebega jaaka ditshwantsho tsa motshameki yo mogolo wa boitloso-bodutu. Abo kgakololo ya ga Paulo e tshwanela jang ne: “Lo se ka loa bopèga yaka lehatshe yeno: me lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona, gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ”!—Baroma 12:2.
22. (a) Thato ya Modimo ke efe mo motlheng wa rona? (b) Re ka bontsha jang gore re tshelela thato ya Modimo? (c) Ke lesego lefe le le emetseng ba ba tshelelang thato ya Modimo?
22 Thato ya Modimo ke gore “Mahoko a a Molemō a, a bogosi” a rerwe mo lefatsheng lotlhe pele ga fa a khutlisa tsamaiso ya jaanong ya lefatshe. (Mathaio 24:14; Tshenolō 14:6, 7) Seno se re fa lebaka le le oketsegileng la go arabela mo pitsong ya badihedi ba ba oketsegileng ba nako e e tletseng fa maemo a gago a go dumelela. Ebile go a utlwala gape, gore bagolwane le batlhanka ba bodihedi le bone ba iketleeletse go fudugela kwa diphuthegong tseo thuso ya bone e ka neng e tlhokafala go tsone. Mme ebile ke lebaka je le amang Mosupi mongwe le mongwe thata gore a nne mosupi wa Mokeresete wa boammaaruri—eseng go nna ene ka leina fela mme tota-tota a tshelela thato ya Modimo gone jaanong le ka bo sa khutleng. ltse gore fa o dira jalo ‘o tla bo o ipeelela motlha o o tlang motheo o o molemo, gore o tle o tshware botshelo jo e leng botshelo ruri.’—1 Timotheo 6:19.
O ka Araba Jang?
◻ Jesu o ne a bontsha jang gore o ne a tshelela thato ya Modimo?
◻ Ke melemo efe e e bonwang ke ba ba tshelelang thato ya Modimo?
◻ Mogopolo wa ga Keresete e ne e le ofe tebang le thato ya Modimo?
◻ ‘Maatla a a tlhotlheletsang mogopolo’ a tshwanetse go re ama jang?
◻ Re tshwanetse go leba botshelo jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
A go anaanela molao go go dira gore o utlwe, kana ke fela ka go bo lepodisi le le gone?