LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 7/1 ts. 23-28
  • Go Dumalana le Baboloka Bothokgami ba ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dumalana le Baboloka Bothokgami ba ga Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ka Moo Kolobetso Eleng Botlhokwa ka Gone
  • Bothokgami jo bo Thailweng mo Loratong le mo Boitshokong
  • Go Tlhatlhoba seo Bothokgami bo se Akareletsang
  • Melemo ya Tsela ya go Boloka Bothokgami
  • A o Tla Nna o Bolokile Bothokgami?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Ke Eng fa o Tshwanetse go Boloka Bothokgami?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Itumedise Pelo Ya Ga Jehofa ka Go Boloka Bothokgami!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Kolobetso le Kamano ya Gago le Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 7/1 ts. 23-28

Go Dumalana le Baboloka Bothokgami ba ga Jehofa

“Me kaga me ke tla nna ke tsamaea mo go tlhokeñ molato ga me: . . . ke tla baka Yehofa mo diphuthegoñ.”​—PESALEMA 26:11, 12.

1, 2. (a) Dikereke dingwe tsa La-Bodimedi di ile tsa dira jang gore di salwe morago? (b) Jesu o ne a dirisa mokgwa ofe wa go ruta? (Mathaio 11:28-30)

KA 1985, go nnile le batho ba le 189 800 bao ba kolobeditsweng ba bontsha boineelo jwa bone go Jehofa jaaka basupi ba gagwe ba Bakeresete. Eo ke palogare ya 520 ka letsatsi. Batho bano botlhe ba dirile tshwetso ya bone ya go kolobediwa jang? A ba ile ba nna gone kwa diphuthegong tsa matshwititshwiti, ba reetsa moreri yo o tseegileng maikutlo, mme morago ga moo ba bo ba dira tshwetso e e rileng ya go tseega maikutlo malebana le Keresete? Eo ke yone tsela eo dikereke dingwe tsa Protesetanta le Evangelical di dirang ka yone. Mme a eo ke tsela eo Keresete a dirang ka yone gore a salwe morago?

2 Fa re tlhatlhoba ka kelotlhoko go rera phatlalatsa ga ga Keresete ga re mo fitlhele a tlhotlheletsa maikutlo ka boferefere. Ka sekai, a o ne a ikuela mo bareetsing ba gagwe ka dikwaere le ka go opela? Kana a o ne a dirisa tlhaloganyo ka botlhale go dira gore bareetsi ba gagwe ba ikutlwe ba le molato mme morago ga moo a bo a baka gore ba ntshe madi? Go na le moo, mokgwa wa gagwe wa go ruta o ne o baka gore batho ba akanye le go nagana. Ereka bontsi jwa bareetsi ba gagwe e ne e le Bajuda, ba ne ba setse ba na le kitso ya Dikwalo tsa Sehebera. O ne a ka ba dira gore ba neele mabaka go ya ka motheo wa kitso ya bone ya nako e e fetileng e le gore ba ke ba mo amogele jaaka Mesia.​—Mathaio, dikgaolo 5-7; Luke 13:10-21.

3. Re itse jang gore Paulo o ne a sa tlhotlheletse maikutlo fela ka thuto ya gagwe?

3 Ka mo go tshwanang, Paulo, lemororo ba bangwe ba ne ba mo tsaya jaaka yo o neng a tlhaela bokgoni jwa go bua, o ne a ikuela mo bokgoning jwa go dirisa tlhaloganyo. (Ditihō 20:7-9; 2 Bakorintha 10:10; 11:6) O ne a kwala jaana: “Ke gōna, ba ga echo, kea lo rapèla ka mautlwèlō botlhoko a Modimo, gore lo ntshè mebele ea lona setlhabèlō se se tshedileñ, se se itshepileñ, le se se lebosègañ mo Modimoñ, mo e leñ tihèlō e e lo lebanyeñ. . . . lo hetolwè ke boshahaco yoa pelo tsa lona [“e le gore boikutlo jwa mogopolo wa lona jotlhe bo ke bo fetolwe,” Phillips], gore lo lemogè mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.”​—Baroma 12:1, 2.

4. Pele ga motho a ka kolobediwa jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o tshwanetse go tsaya dikgato dife?

4 Ka mo go tshwanang gompieno, bao ba kolobetswang ke batho bao ba ileng ba ithuta Dikwalo le go nagana ka tsone ka kelotlhoko pele ga ba tsaya kgato e e masisi ya kolobetso, kana go nwediwa gotlhelele mo metsing. (Ditihō 17:11, 12) Tshwetso ya bone ga se e e mafega, ya go tseega maikutlo. Mo boemong jwa seo, pele ga ba amogelwa gore ba kolobediwe, ba ile ba nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha ka boikaelelo jwa go bapala kitso ya boammaaruri ka Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe ka Keresete Jesu. (Bahebera 10:25) Gape ba ile ba nna le seabe ka metlha mo bodiheding jwa Bokeresete, ba abalana mafoko a a molemo a Bogosi le ba bangwe. (Ditihō 5:42; 1 Bakorintha 9:16) Morago ga moo, mo dibekeng tsa bofelo pele ga ba kolobediwa, ba ile ba boeletsa dipotso tse di fetang 120 le bagolwane ba ba farologaneng ba phuthego tse di malebana le thuto le boitshwaro tsa Bokeresete, gammogo le go sekaseka ditemana tseo di di tshegetsang tsa Bibela​—seno sotlhe e le gore ba nne baboloka bothokgami ba ba amogelwang pele ga ba kolobediwa.​—Ditihō 8:34-36.a

Ka Moo Kolobetso Eleng Botlhokwa ka Gone

5. Kolobetso e kgetholola motho ka tsela efe ya boitshwaro?

5 Ke eng seo motho a se fitlhelelang ka go kolobediwa? Santlha, o ikgetholola le mmoloka bothokgami yo mogolo go gaisa yo o kileng a nna gone mo lefatsheng​—ebong Keresete Jesu. O ne a tlhoma sekao ka boene ka go kolobediwa fa a ne a na le dingwaga di ka nna 30. (Luke 3:21-23) Moragonyana ga moo o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba rute le go kolobetsa go ralala lefatshe. (Mathaio 28:19, 20) A mme o ne a kaya gore barutwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go kolobetsa batho fela ba sa tlhaole, go sa lebiwa boitshwaro jwa bone jwa ga jaanong?

6, 7. (a) Ke eng seo se batliwang mo molateding wa boammaaruri wa ga Keresete? (b) Go nna boitshepo go kayang?

6 Moaposetoloi Petere o neela pono e e tshwanetseng fa a kwala ka gore: “Lo nnè boitshèpō mo go tsheleñ goñwe le goñwe gotlhe ga lona: ka go kwadilwe, ga twe, Lo nnè boitshèpō; gonne Nna ke boitshèpō.” (1 Petere 1:15, 16) Jaanong, mo Mokereseteng yo o ineetseng, go nna “boitshèpō” go bolelang?

7 Go ya ka W. E. Vine’s Expository Dictionary of New Testament Words, lefoko la Segerika ebong haʹgi·os (leo le fetolelwang jaaka “boitshèpō”) “tota le kaya go kgaogana . . . mme ka gone, mo Lokwalong mo bokaong jwa lone jwa boitshwaro le jwa semoya, go kgaogana le boleo mme ka jalo go ineela mo Modimong.” Moithuti mongwe wa Mogerika o bolela gore “ke go tlhaolwa jaaka yo o tshwanang le Modimo.” Kutlwisiso eno e baya tekanyetso e e kwa godimo mo go bao ba tla kolobediwang jaaka Bakeresete ba boammaaruri. Ke tekanyetso ya bothokgami, mme bothokgami ke ‘go ngaparela ditekanyetso tsa boitshwaro ka tlhomamo’​—mo kgannyeng ya Mokeresete, ditekanyetso tsa ga Keresete.​—Yohane 17:17-19; 18:36, 37.

8. (a) Ke ditekanyetso dife tseo di neng di tlwaelegile mo phuthegong ya pele ya Bokeresete malebana le boitshwaro? (b) A La-Bodumedi e ile ya latela ditekanyetso tseo? Neela dikai go tswa mo ditiragalong tsa lefelo la lona.

8 Phuthego ya Bakeresete ba boammaaruri ka gale e ile ya ganelela mo bothokgaming, go boloka phuthego e e phepa. Jalo Paulo o ne a laela Bakeresete ba pele gore “ha go na le motho eo o bidiwañ modumedi, me a le moakahadi, kgotsa a le moiphetlhi, kgotsa a le moōbamedi oa medimo ea disètwa, kgotsa a le mokgadi, kgotsa a le motagwi, kgotsa a le seikgagapeledi; ka re, eo o nntseñ yalo, nya, lo se ka loa tlwaèlana naè, leha e le go ya naè. . . . Tlosañ motho eo o boshula mo gare ga lona.” (1 Bakorintha 5:9-13; 2 Yohane 10, 11) A baruti ba La-Bodumedi ba ile ba dirisa tekanyetso eno e e kwa godimo ya bothokgami mo matsomaneng a bone? La-Bodumedi e amogela​—jaaka maloko a a seng tlhaga kana a a tlhaga—​batho bao ba dirang mefuta yotlhe ya boleo jo bo masisi le bokebekwa ka metlha. Melao-metheo ya Bibela ga e letlelele boitaolo jo bo ntseng jalo le eseng.​—Bapisa Yeremia 8:5, 6, 10.

9. Ke eng seo se gogelang batho ba bantsi gore ba ineele le go kolobediwa?

9 Kwantle ga pelaelo ke ka ntlha ya tekanyetso eno e e kwa godimo mo Basuping ba ga Jehofa, go bo bao ba ratang boammaaruri le bothokgami ba gogelwa gore ba ineele go Morena wa Lobopo lotlhe, ebong Jehofa Modimo. (Habakuke 3:18, 19) Ba bona pharologanyo ka phepafalo magareng ga boitshwaro jwa dikereke tsa lefatshe le jwa Basupi ba ga Jehofa. Ke boammaaruri, bontsi jwa batho ba nyatsa kobamelo e e phepa. (1 Petere 4:3, 4) Lefa go ntse jalo bao ba ratang bothokgami ba sokologela ka dikete mo boammaaruring. Ba bontsha lorato lwa bone go Modimo le mo ditekanyetsong tsa gagwe fa ba ineela mo kolobetsong ya metsi.​—Bapisa Mareko 1:10; Yohane 3:23; Ditihō 8:36.

Bothokgami jo bo Thailweng mo Loratong le mo Boitshokong

10. Ke eng se se tlhokafalang gore Mokeresete a boloke bothokgami jwa gagwe?

10 Bothokgami bo na le tlhotlhwa. Jesu o ne a phepafatsa seno fa a ne a laletsa batho gore ba fetoge balatedi ba gagwe. “Ha motho moñwe leha e le mañ a rata go ntshala moragō, a a iitatolè [“a itlogele kwa morago,” The New English Bible], a a tseè mokgōrō oa gagwè, me a itse go ntshala moragō.” (Mareko 8:34) Tsela ya bothokgami jwa Bokeresete e akareletsa diteko le ditlhabelo mme ka lebaka le le tshwanang le la ga Keresete​—re na le mmaba yo o tshwanang, ebong Satane. (Baefesia 6:11, 12) Ka gone go tlhokafala boitshoko e le gore re latele Jesu “ka metlha,” (NW.) Ka ntlha ya lebaka leo, boineelo ga bo akareletse tshwetso-nyana e e motlhofo fela; ga e a tshwanela go nna monatenyana wa nakwana fela. Lefa go ntse jalo go na le ba le bantsi bao ba ileng ba tlogela boammaaruri mo dikgweding kana dingwaga di se kae tsa go kolobediwa ga bone. Re ka tlhalosa seo jang?

11. Ke ka ntlhayang, gongwe, fa bangwe ba ile ba seka ba tswela pele mo tseleng ya bothokgami?

11 Gongwe ba bangwe ba rulaganyeditse go kolobediwa ba le mo boemong jwa mogopolo jwa go tseega maikutlo go na le jwa go utlwisisa. Ba bangwe ba ka ne ba ile ba lebelela matswela a ka bonako mme ba dira boineelo jwa go ikgatlhegela ba le bosi, le jwa nakwana. Lefa e ka nna lebaka lefe, ba latlhegetswe ke kamano ya bone e e nonofileng le Jehofa. Ga ba a ka ba ‘leba’ go Motlhoma-Sekao wa bone, ebong Jesu Keresete. (Bahebera 12:1, 2) Ka gone, lorato lwa bone go Modimo lo ne lwa reketla mme bothokgami jwa bone e ne e le jwa nakwana. Mme ke ka ntlhayang fa lorato e le selo sa botlhokwa-tlhokwa jaana? Ka gonne ke lone fela motheo o o tlhomameng wa boineelo jo bo nnelang ruri go Jehofa.​—Mareko 12:30, 31; 1 Yohane 4:7, 8, 16; 5:3.

Go Tlhatlhoba seo Bothokgami bo se Akareletsang

12. Ke tsela efe e e botlhale eo o tshwanetseng go e tsaya pele ga kolobetso?

12 Jesu ga a ka a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ba mo latele ka bofofu ba sa bale ditshenyegelo. O ne a gakolola jaana: “Gonne ke ohe oa lona eo e ka reñ ha a rata go aga kagō e e godileñ, me a se ka a dula pele, a bala madi a eōna, gore a tlè a itse ha a na le a a lekanyeñ go e shwetsa”? Ee, motho yo o botlhale o sekaseka ka kelotlhoko gore seo a se dirang se tla felela ka eng. O tshwanetse a tlhomamisega ka seo se mo tlhotlheletsang pele ga a amogela boikarabelo jo bo feletseng jwa boineelo jwa Bokeresete le kolobetso. Mme Jesu o ne a bontsha se se ka kaiwang ke seo fa a ne a konela ka gore: “Go nntse hèla yalo, leha e le mañ mo go lona eo o sa tlogeleñ dilō cotlhe tse o nañ nacō, ga a kake a nna morutwa oa me.”​—Luke 14:28-33.

13. Fa e le gore mooko wa thuto ya ga Jesu ke lorato, o ne a kayang fa a ne a bua ka gore motho a ‘ile’ maloko a lelapa la gagwe? (Mathaio 22:37-40)

13 Go ineela mo go Jehofa go biletsa bothokgami jwa pelo yotlhe mo go direng thato ya Modimo. Ga go na motho ope kana se o nang le sone seo motho a ka se letlelelang gore se emisetse lorato lwa gagwe go Modimo. Ke ka lebaka leo Jesu a boletseng jaana: “Ha motho, leha e le mañ, a tla kwa go nna, me a sa ile rragwè, le mmagwè, le mosadi oa gagwè, le bana, le bana ba ga rragwè ba basimane, le ba basetsana, E, le yōna botshelō yoa gagwè, ga a kake a nna morutwa oa me.” (Luke 14:26) Jaanong Jesu o ne a kayang fa a ne a bua ka gore motho a ile maloko a lelapa la gagwe le eleng ene ka sebele sa gagwe? Ereka a ne a rutile balatedi ba gagwe gore ba rate le eleng baba ba bone, o ne a dirisa lefoko ila ka kutlwisiso efe fano? (Luke 6:27, 35) Go ila fano go na le mogopolo wa go se rate go le kalo.​—Bapisa Mathaio 12:46-50.

14. Ditsala dingwe le ba losika ba itshwara jang fa motho a fetoga mosupi wa ga Jehofa? (Yohane 15:18, 19)

14 Kwantle ga pelaelo fa motho a fetoga mosupi wa ga Jehofa wa Mokeresete, ka bonako o lemoga bao eleng ditsala tsa gagwe tsa boammaaruri. Gongwe ba bangwe ba tla kgaogana le ene ka gonne a latlhile bodumedi jwa gagwe jwa pele, le eleng fa bone ka bobone ba sa dirise bodumedi bope ka tshwanelo. Mme Jesu o ne a solofetsa gore go ne go tla nna le tuelo ya tatlhegelo epe e e ntseng jalo, ka go bolela a re: “Ga go na motho opè eo o tlogetseñ ntlo, kgotsa bomorwa rragwè, kgotsa bokgantsadiè, kgotsa mmagwè, kgotsa rragwè, kgotsa bana, kgotsa masimo, ka ntlha ea me, le ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, Eo o se ketlañ a bōna ga lekgolo le yana mo lobakeñ lono, . . . me mo lehatshiñ ye le tlañ o tla bōna botshelō yo bo sa khutleñ.”​—Mareko 10:29, 30.

15. Ke ka ntlhayang fa bangwe ba tlhaetsa Basupi ba ga Jehofa matlho?

15 Mo makgetlong a mangwe tsela ya boineelo le bothokgami e ka kaya go latlhegelwa ke botumo mo matlhong a batho ba bangwe. (1 Bakorintha 4:12, 13) Ke ka ntlhayang fa seno se tshwanetse go diragala? Ka gonne jaanong o dirisa bodumedi jo bo sa tseiweng jaaka jo bo “tlotlegang.” (Bapisa Mareko 2:15, 16.) Tota gone, ga se selo se se tlotlegang go ‘tsamaya o tshwenya batho ba bangwe ka bodumedi jwa gago ka ntlo le ntlo.’ Ga se selo se se tlotlegang gore motho a ye kgolegelong go na le gore a robe boitlhaodi jwa gagwe mo dikgannyeng tsa bomorafe le tsa boratanaga (Yohane 18:36) Ga se selo se se tlotlegang go gana ditshelo tsa madi ka ntlha ya segakolodi se se thapisitsweng ka Bibela . . . lemororo sebetso sa ga jaanong sa AIDS se dira gore batho ba bangwe ba fetole megopolo ya bone mo kgannyeng eo.​—Bapisa Ditihō 15:28, 29; 17:6, 7; 24:5.

16. Re thusiwa jang gore re boloke bothokgami jwa rona?

16 Lemororo tsela ya bothokgami jwa Bokeresete e le tshesane ebile e leka, re na le thuso eo e sa kgaotseng eo e leng teng. (Mathaio 7:13, 14) Ka gone Paulo o ne a ka re: “Nka diha dilō cotlhe ka èna eo o nnonotshañ.” (Bafilipi 4:13) Mme re ka bona maatla ao ka thapelo e e sa kgaotseng, ka go ithuta Lefoko la Modimo, le ka go kopanela le phuthego ya Bokeresete. Jaaka baboloka bothokgami ba ba kolobeditsweng, re ka nnela boikanyegi ruri, re lebogela maatla ao Modimo a a neelang.​—Baefesia 4:11-13; 6:18; Pesalema 119:105.

Melemo ya Tsela ya go Boloka Bothokgami

17. Kolobetso e ka gogela kwa masegong afe?

17 Kgato ya boineelo le kolobetso e gogela kwa masegong a mantsi. Ka sekai, go ka kaya bodihedi jo bo atologileng le jo bo kgotsofatsang thata. Go na le tebelelo ya go direla jaaka mmulatsela yo o thusang mo isagweng, eo mo mabakeng a mangwe e ka gogelang kwa tirong ya bobulatsela jwa ka metlha le jo bo kgethegileng, tirelo ya borongwa, tiro ya potologo le ya kgaolo, le tirelo ya Bethele. (Bona bokoso e e mo tsebeng 26.) Bakaulengwe ba ba kolobeditsweng bone ba bulegelwa ke tsela ya go direla ba bangwe mo phuthegong jaaka motlhanka wa bodihedi mme, fa nako e ntse e tsamaya, jaaka mogolwane. Mme go na le patlafalo ya konokono e e tshwanang mo masegong ao otlhe​—bothokgami.​—1 Timotheo 3:1-10.

18. Botshelo jwa rona jwa boineelo bo tshwanetse jwa ama jang ba bangwe bao re kopanang le bone?

18 Melemo ya botshelo jwa boineelo le bothokgami bo a atologa go ama ba bangwe. Ka ntlha ya go sala sekao sa ga Keresete morago ka botlalo, motho o fetoga monna kana mosadi, rre kana mmè yo o botoka (1 Petere 2:21; Baefesia 5:21-33; 6:4) Basha ba nna le kamano e e agang le batsadi ba bone, barutabana ba bone, le bagolwane ba phuthego. (Tito 2:6, 7) Mokeresete mongwe le mongwe yo o kolobeditsweng o fetoga moagelani, mothapi, kana mothapiwa yo o botoka. (Mathaio 22:39; Baefesia 6:5-9, Tito 2:9, 10) Mme jaaka Keresete, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a fetoga monkane yo o lapolosang mo go ba bangwe, le eleng jaaka Jesu a boletse a re: “Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō.”​—Mathaio 11:29.

19. Ke molemo ofe o mongwe o mogolo o o nnang teng ka ntlha ya go tsaya kgato ya boineelo?

19 Molemo o mogolo wa go tsaya kgato ya boineelo le kolobetso ke go bona kamano e e nang le kagiso le Mmopi. Seno se gogela kwa kagisong ya mogopolo. Jaaka Paulo a boletse a re: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.”​—Bafilipi 4:6, 7.

20. (a) “Kagishō ea Modimo” e thailwe mo go eng? (b) Ke sebaka sefe seo se bulegelang motho yo o kolobediwang?

20 “Kagishō ea Modimo” e thailwe mo go tlhaloganyeng sekao le setlhabelo sa ga Jesu ka botlalo. Go itse Keresete gono go gogela ba bantsi kwa boikwatlhaong jwa mmatota le phetogo ya boammaaruri ya boitshwaro, kana go ‘sokologa’ mo boleong. (Ditihō 3:19, 20) Ka gone, batho ba ba ineetseng ba bua jaana, jaaka go dirile mopesalema: “Me kaga me ke tla nna ke tsamaea mo go tlhokeñ molato ga me: . . . ke tla baka Yehofa mo diphuthegoñ.” (Pesalema 26:11, 12) Motho yo o kolobediwang mo metsing a bontsha boineelo jwa gagwe go Modimo o dumalana le baboloka bothokgami ba ga Jehofa go dikologa lefatshe. (1 Petere 2:17) Gape o ‘tshwara jo eleng botshelo ruri,’ botshelo jo bo sa khutleng, joo Jehofa a bo solofeditseng ka Keresete Jesu.​—1 Timotheo 6:19; Tito 1:2.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Tora ya Tebelo ya June 1, 1985, ditsebe 29-31, e bontsha thulaganyo e e tshwanetseng malebana le kolobetso, mme e tlhagisa dipotso tse pedi tseo di bodiwang bao ba yang kolobetsong kwa bofelong jwa puo ya kolobetso.

O ne o ka Araba Jang?

◻ Bakeresete ba pele ba ne ba gogelwa jang lantlha ke boammaaruri jo bo neng bo rutiwa ke Keresete le baaposetoloi ba gagwe?

◻ Go nna boitshepo go amana jang le Mokeresete ka bongwe le phuthego?

◻ Bothokgami bo tshwanetse jwa thaiwa mo go eng?

◻ Ke eng seo se kopanyelediwang mo go tlhatlhobeng seo bothokgami bo se akareletsang?

◻ Melemo ya go boloka bothokgami ke efe?

[Lebokoso mo go tsebe 26]

Ditshiamelo mo Bodiheding jwa Nako e e Tletseng

Mmulatsela yo o Thusang: Modihedi yo o kolobeditsweng yo o dirisang bobotlana dioura di le 60 mo tirong ya go rera ka kgwedi.

Mmulatsela wa ka Metlha: Modihedi yo o kolobeditsweng yo o dirisang palogare ya dioura di le 90 ka kgwedi mo tirong ya go rera.

Mmulatsela yo o Kgethegileng: Modihedi yo o kolobeditsweng yo o dirisang bobotlana dioura di le 140 ka kgwedi mo bodiheding mme a amogela madinyana a se kae a ditshenyegelo tsa konokono kgwedi le kgwedi. Babulatsela bano gantsi ba abelwa kwa ditlhopheng tse di kwa thoko le kwa diphuthegong tse dinnyane.

Morongwa wa Gileade: Modihedi yo o kolobeditsweng yo o thapiseditsweng tirelo ya dinaga di sele kwa Sekolong sa kwa Gileade sa Watchtower sa Bibela mme le ene o dirisa bobotlana dioura di le 140 ka kgwedi mo bodiheding

Balebedi ba Potologo le ba Kgaolo: Bagolwane ba ba etang bao ba etelang diphuthego le dipotologo ka maikaelelo a go aga bakaulengwe mo bodiheding jwa bone le mo dipokanong tsa bone. Ba dirisa dioura di le dintsi mo tirelong ya tshimo.

Tirelo ya Bethele: E dirwa ke badihedi ba nako e e tletseng kwa lekaleng lepe la diofisi le madirelo a a gatisang tsa Mokgatlho wa Watchtower go dikologa lefatshe.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Kolobetso e bula tsela . . .

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

. . . ya bodihedi jwa go boloka bothokgami

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela