LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 7/1 ts. 16-17
  • O Araba Balatofatsi ba Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Araba Balatofatsi ba Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O Araba Balatofatsi ba Gagwe
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu ke Morwa Modimo
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Keresete—Ene yo Boporofeti bo Buang Thata ka Ene
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go na Le Nako ya go Bereka Le ya Go Ikhutsa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 7/1 ts. 16-17

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

O Araba Balatofatsi ba Gagwe

KE SABATA. Jesu o fodisa monna mongwe yo o neng a ile a lwala dingwaga di le 38. Mme baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba mo tshwaya phoso gore o tlodile Sabata. Jesu o ba araba a re: “Rrè o nntse a diha le gompiyeno, le nna kea diha.”

Go sa kgathalesege maiphako a Bafarisai, tiro ya ga Jesu ga se ya mofuta oo molao wa Sabata o e iletsang. Tiro ya gagwe ya go rera le go fodisa ke kabelo e e tswang go Modimo, mme ka go etsa sekao sa Modimo, o tswelela ka go dira letsatsi lengwe le lengwe. Lefa go ntse jalo, karabo ya gagwe e gakatsa Bajuda go feta le pele, mme ba senka go mmolaya. Ka ntlhayang?

Ke ka go bo jaanong ga ba dumele fela gore Jesu o tlola Sabata mme ba tsaya gore boiphako jwa gagwe jwa gore ke Morwa Modimo ka sebele ke tlhapa. Lefa go ntse jalo, Jesu ga a boife mme o ba araba gape mabapi le kamano ya gagwe e e molemo-lemo le Modimo. A re, “Rara o rata Morwa, me o mo shupetsa cotlhe tse o di dihañ.”

Jesu o tswelela ka go re, “Yaka Rara a cosa bashwi, go nntse hèla yalo, Morwa le èna o rudisa ba o ratañ go ba rudisa.” Tota ruri, Morwa o setse a tsosa baswi ka tsela ya semoya! Jesu a re, “Eo o utlwañ lehoko ya me, me a dumèla eo o nthomileñ, o dule mo loshuñ, o hetetse mo botsheloñ.” Ee, o a tswelela: “Lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo bashwi ba tla utlwañ lencwe ya Morwa Modimo ka lōna; me ba ba utlwañ ba tla tshela.”

Lemororo go tla go fitlha jaanong, go sena pego epe ya gore Jesu o ile a tsosa mongwe mo baswing ka sebele, o bolelela balatofatsi ba gagwe gore tsogo e e ntseng jalo ya sebele ya baswi e tla diragala. A re, “Se gakgamaleleñ mo, gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, Me ba tla cwa.”

Go tla go fitlha jaanong, Jesu ka phepafalo ga a ise a ko a bolele seabe sa gagwe se se botlhokwa-tlhokwa phatlalatsa mo boikaelelong jwa Modimo ka tsela e e tlhomologileng jaana le e e tlhomameng. Mme balatofatsi ba ga Jesu ba na le bosupi jo bo fetang jwa gagwe kaga dilo tse. Jesu o a ba gakolola, “Lo romile kwa go Yohane, me o shupile kaga boamarure.”

Dingwaga tse pedi fela pelenyana, Johane wa Mokolobetsi o ne a bolelela baeteledipele bano ba bodumedi kaga Ene yo o tla tlang morago ga gagwe. Ka go ba gakolola kafa pele ba neng ba tlotla Johane thata ka gone yo jaanong a leng mo kgolegelong, Jesu o re: “Loa rata go itumèla ka lobaka mo lesediñ ya gagwe.” Jesu o ba gakolola seno mo megopolong ya bone ka tsholofelo ya go ba thusa, ee, go ba boloka. Lefa go le jalo ga a ikaege ka bosupi jwa ga Johane.

“Cōna ditihō tse ke di dihañ [go akareletsa le kgakgamatso e a neng a sa tswa go e dira] di shupa kaga me, ha Rara a nthomile.” Mme kwantle ga moo, Jesu o a tswelela: “Rara eo o nthomileñ, o shupile kaga me.” Ka sekai, Modimo o ne a supa kaga Jesu, fa a ne a kolobediwa, ka go re: “Eo ke morwake eo o ratègañ.”

Eleruri, balatofatsi ba ga Jesu ga ba na seipato sepe sa go mo gana. Tsone Dikwalo tseo ba bolelang gore ba a di ithuta di supa kaga ene! “Ha lo ka bo lo dumetse Moshe, le nna lo ka bo lo ntumetse,” Jesu o a digela, “gonne o kwadile kaga me. Me ha lo sa dumele dikwalō tsa gagwè, ana mahoko a me a molomo lo tla a dumèla yañ?” Yohane 5:17-47; 1:19-27; Mathaio 3:17.

◆ Ke ka ntlhayang fa tiro ya ga Jesu e se go tlola Sabata?

◆ Jesu o tlhalosa jang seabe sa gagwe se se botlhokwa-tlhokwa mo boikaelelong jwa Modimo?

◆ Go supa gore ke Morwa Modimo, Jesu o kaya bosupi jwa ga mang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela