Go Bulatsela mo Tseleng-Kgolo e e Yang Paradaiseng
MO LETSATSING le le apogileng, le le lapolosang la March kwa New Jersy, ba ba ka nnang 4 300 ba ne ba phuthegetse kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Jersey City. Ba ne ba tswa go ralala United States yotlhe gammogo le kwa dinageng tse dingwe tse dintsi. Pokano eno e e kgethegileng e ne ya bakiwa ke ditiragalo tseo di neng tsa diragala mo dingwageng di le 43 tse di fetileng fa go ne go tlhongwa sekolo se se kgethegileng sa go thapisa barongwa kafa tlase ga kaelo ya mookamedi wa nako eo wa Watch Tower Bible and Tract Society, ebong Nathan H. Knorr.
Pokano eno ya March e ne e le kalogo ya setlhopha sa bo-80 sa Sekolo sa Gileade sa Bibela sa Watchtower. Mme ke eng se se neng sa tlhotlheletsa setlhopha se se kalokalo go tsenela dithuto tsa kalogo? E ne e le boleng jwa thulaganyo jo bo neng bo lebeletswe.
Maikutlo a Barongwa—Sephiri sa Katlego
Modulasetulo wa thulaganyo eo e ne e le Karl Klein, leloko la setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. O ne a itsise sebui sa ntlha, yo e kileng ya bo e le morongwa kwa Japane, ebong Lloyd Barry, mme ga jaanong e le leloko la Setlhopha se se Laolang, yoo o neng a bua malebana le setlhogo se se reng “Mo Tumelong ya Lona lo Tsenyeng Ditiro.” O ne a gakolola gore: “Morago ga dikgwedi di le tlhano tsa thapiso e e tseneletseng ya Gileade, lorato le tumelo tsa lona di tshwanetse tsa bo di le kwa setlhoeng. Jaanong, jaaka lo ya kwa dikabelong tsa lona, lo tsenyeng ditiro.” (Yakobe 2:22, 23) O ne a bolela gore ba tshwanetse go tsoga ‘e sale gale’ jaaka Jehofa mme ba dirise letsatsi le le tletseng mo tirelong ya gagwe ka mo go tshwanetseng.—Yeremia 7:25.
Daniel Sydlik, leloko le lengwe la Setlhopha se se Laolang, o ne a neela kgakololo e e kgothatsang malebana le setlhogo se se reng “O ka Tlhagolela Boikutlo jo bo Siameng.” O ne a bolela gore, mo boemong bope fela o ka nna le boikutlo jo bo siameng kana jo bo sa siamang. A thaile dikakgelo tsa gagwe go Malaki 3:15, 16 o ne a bontsha ka mo go leng motlhofo ka teng go bona diphoso mo nageng e ntšha “Nnang bonya go bona diphoso,” o ne a tswelapele jalo. “Nnang le boikutlo jo bo itumetseng joo Modimo a tla bo segofatsang.”
Dibui tse dingwe, go akareletsa le Ulysses Glass, mokwadisi wa sekolo seo, o ne a tlotlomatsa tlhokafalo ya go itshoka, go kgotsofalela seo se fitlheletsweng le bopelokgale. Jack Redford, yo e kileng ya bo e le morongwa ebile e le mongwe wa batlhatlheledi ba sekolo seo, o ne a neela kgakololo e e mosola mabapi le go nna le mogopolo o o bulegileng. Gakologelwang gore, o ne a re, “batho ba ba botlhale ba fetola megopolo ya bone, dieleele le ka motlha ga di ke di dira jalo!” Jalo o ne a gakolola barongwa ba basha go dumelana le maemo jaaka moaposetoloi Paulo yo o neng a kgona le eleng go tsopola baboki ba lefelo leo. (Ditihō 17:28) “Thunya moo o lemilweng gone. . . . Nna le mogopolo le pelo tse di bulegileng,” o ne a konela jalo.
Puo ya konokono ya kalogo e ne ya neelwa ke mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, ebong Frederick W. Franz, yoo jaanong a nang le dingwaga di le 92. Kafa tlase ga setlhogo se se reng “Go Bulatsela Jaanong mo Tseleng e e Busetsang kwa Paradaiseng ya Mo Lefatsheng,” o ne a bolela kaga go tlhongwa ga Sekolo sa Gileade, “lesea la ntwa le ngwana wa tumelo” yo o neng a simolola mo gare ga Ntwa ya Lefatshe II. Fa a ne a dirisa Isaia 62:10 jaaka temana ya gagwe ya setlhogo, o ne a bontsha ka moo barongwa bano ba basha ba tla bong ba arola ka gone mo tirong eno e kgolo ya go aga tsela-kgolo e tona, e e tlhomameng eo batlabosheng mo kobamelong ya boammaaruri ba ka tsamayang mo go yone fa ba ya Paradaiseng e e tsosolositsweng. Baalogi ba le 24 ba ne ba neelwa didipoloma go konela thulaganyo ya mo mosong.
Thulaganyo ya thapama e ne e akareletsa poeletso e e jesang monate ka baalogi ya dilo tseo ba neng ba di ithutile mo sekolong, gammogo le pono ya esale pele ya dikgwetlho tsa mo isagweng tseo ba neng ba tlile go lebana le tsone. Thulaganyo e ne ya khutla ka motshameko wa Bibela go feletswe ka diaparo tsa one oo o neng o bontsha ka phepafalo ka moo Rahabe, mme moragonyana ga moo Bagibione, ba neng ba bontsha tumelo eo e isang kgololong ka gone.—Yoshua, dikgaolo 2 go ya go 6 le 9.
Barongwa botlhe ba le 6 234, go akareletsa le baalogi ba ba 24 bano ba setlhopha sa Sekolo sa Gileade, ba ile ba ya le lefatshe lotlhe go etelela tiro ya go rera ya go diragatsa Mathaio 24:14 pele.