Nnang Maikutlo Mantle
E NE e le mo mosong mongwe wa selemo. Mme letsatsi la kwa Botlhaba Gare le ne le setse le tlhabile sentle fa rre mongwe a ne a amogela dikgang dingwe tse di hutsafatsang. Morwawe wa maitibolo, wa dingwaga di le 22, o ne a sule mo kotsing ya koloi mo bosigong joo.
O ne o tla itshwara jang ka dikgang tseo? Ereka maloko a lelapa leo, a ne a atamalane thata, jaaka go ntse ka batho ba kwa Botlhaba Gare batsadi ba ne ba huduegile thata. Go ne go tla bonala e le ga tlholego mo go bone go utlwa botlhoko thata ka ntlha ya bohutsana jono jwa tshoganyetso. Lefa go ntse jalo, ba ne ba gakgamatsa batho, ba ne ba bontsha maikutlo a mantle, tota le ka lone letsatsi leo lantlha. Lemororo ba ne ba utlwile botlhoko thata, ba ne ba nna le tsholofelo e e tletseng mo kgonong ya ga Jehofa ya go tsosa morwa wa bone ka nako ya Gagwe e e tlhomilweng. Ba ne ba lebelela pele mo tsholofetsong ya tsamaiso e ntšha ya Modimo koo ‘go se kitlang go tlhola go nna le loso’ gone. (Tshenolō 21:4) Tota le gompieno, dingwaga morago ga moo, ba ba itseng lelapa leo ba santse ba bua ka boikutlo jwa batsadi bao le ka sekao sa tumelo ya bone.
Go bolelang go nna le maikutlo a mantle? Motho yo o nang le maikutlo a mantle o ipoloka a lekalekane go sa kgathalesege maemo a a fetofetogang. Tota le mo maemong a a lekang ga a nne botlha, a letla megopolo e e sa siamang go gola. Seno se kgonega jang? Go bona dikarabo dingwe a re sekasekeng dikao dingwe tsa Bibela.
Fa O Lebane le Go Boifa
Ka ngwaga wa 1512 B.C.E., fa morafe wa Iseraele o ne o le mo nageng ya Parano, Moshe o ne a roma ditlhodi di le 12 go ya go tlhola Lefatshe la Tsholofetso. (Dipalō 13:17-20) Ditlhodi tsotlhe e ne e le dikgosana mo ditsong tsa tsone—banna bao ba nang le tlhotlheletso bao ba neng ba tshwanetse go nna dikao tse di molemo. (Dipalō 13:1, 2) Mme go ne go swabisa jang ne! Morago ga malatsi a le 40, ba ba lesome ba bone ba ne ba neela pego e e sa itumediseng eo e neng ya dira gore Baiseraele ba tsuologele kaelo ya ga Jehofa mme ba batla go boela Egepeto! “Batho ba ba agileñ mo lehatshiñ yeuō ba thata,” ga bolela jalo ditlhodi. “Ga rea nonoha go ea go tlhabana le batho bauō.”—Dipalō 13:28, 31.
Abo e le boikutlo jo bo sa siamang jang ne! Mme go ne ga bonwa maikutlo a a siameng a a farologaneng le ao jang ne mo go Joshua le Kalebe, ditlhodi tse pedi tse di setseng: “Lehatshe ye re le raletseñ re le tlhōla, ke lehatshe ye le molemo o o heteletseñ. Ha Yehofa a itumela mo go rona, hoñ o tla re hitlhisa mo lehatshiñ yeuō, o tla le re naea: ke lehatshe ye le èlañ mashi le dinotshe.” (Dipalō 14:7, 8; 13:30) Ditlhopha tse pedi di bone dilo tse di tshwanang fa di ne di tlhola lefatshe leo. Mme abo e le maikutlo a a farolaganeng jang ne! Maikutlo a a sa siamang a ditlhodi di le lesome a ne a ama morafe otlhe, mme ba simolola go ngongorega. Go ne ga felela ka gore botlhe bao ba neng ba feta dingwaga di le 20 ba swele mo nageng. Ke Joshua le Kalebe fela, ka ntlha ya tsholofelo ya bone e e siameng mo go Jehofa, ba neng ba nna le tshiamelo ya go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso. (Dipalō 14:22-30) Sekao sa bone se tshwanetse go re kgothatsa mo motlheng ono go nna re ikanyega le go nna maikutlo mantle fa pogiso kana kganetso e tla kana e oketsega.
Mo nageng nngwe eo e nnileng kafa tlase ga thibelo ka dingwaga tse dintsi, mmulatsela mongwe yo o kgethegileng o ne a tsenngwa mo kgolegelong mme a tshwarwa makgwakgwa thata. O gakologelwa jaana: “Fa basimegi ba ne ba thatafalela pele, ke ne ka ikutlwa ke le gaufi le Jehofa. Ke ne ke opela dipina tsa Bogosi. Ke ne ka ikgopotsa dikwalo tsotlhe tseo ke neng ke di itse. Ke ne ka lemoga gore, lemororo Jehofa a ne a letla seno go diragala, o ne a kgona—ka nako nngwe le nngwe—go nkgolola. Tseno tsotlhe di ne tsa nthusa go nna maikutlo mantle. Jaaka baaposetoloi, ke ne ka itumelela go bediwa ka ntlha ya leina la ga Jehofa mothatayotlhe. Ke ne ka rapelela thuso ya ga Jehofa ka metlha go nnonotsha. O ne a nthusa, ka go bo ke ne ke utlwa botlhoko jwa dithupa tsa ntlha fela. Ke ne ke dirisa paka nngwe le nngwe go rerela bagolegwa ba bangwe.”
Morago ga go gololwa ga gagwe mo kgolegelong, Mokeresete yono o ne a re: “Ereka re neetse matshelo a rona go Jehofa mme re solofeditse go nna re ikanyega mo go ena, re tshwanetse go tswelela re mo direla go sa kgathalesege mathata ape. O tshwanelwa ke kobamelo ya rona le boineelo jo bo feletseng.”
Le rona, re ka lebana le kganetso e e tshwanang mo isagweng. A re ikemisetseng ka mo go tshwanang re se boife batho. Bolokang maikutlo a mantle, mme jaaka go ne go ntse ka Joshua le Kalebe, re tla neelwa ditshegofatso le dituelo tse dintsi.
Fa O Latlhegelwa ke Ditshiamelo tsa Tirelo
Moshe, jaaka moeteledipele wa morafe wa Iseraele, ke ene yo o neng a romile ditlhodi tse 12. O ne a etelela morafe pele go tswa Egepeto mme kwantle ga pelaelo o ne a lebeletse gore e nne ene yo o ba etelelang pele go tsena mo lefatsheng la tsholofetso. Lefa go ntse jalo, Moshe o ne a latlhegelwa ke tshiamelo eo, fa mo nakong ya kgakalo, a ne a palelwa ke go godisa leina la ga Jehofa. (Dipalō 20:2-13) Moshe o ne a itshwara jang? Mo pineng eo a neng a e tlhama moragonyana, o ne a re: “Ke tla ōpèla leina ya ga Yehofa mokgosi: . . . Lehikwè, tihō ea gagwè e itekanetse: gonne ditsela tsa gagwè cotlhe ke tshiamiso; Modimo o o boikañō, o o senañ tshiamololō, ōna o tekatekanyō, o tshiamō.” (Duteronome 32:3, 4) Abo Moshe o ne a na le maikutlo a mantle jang ne, lemororo a ne a latlhegetswe ke tshiamelo e e botlhokwa ya tirelo!
Go gakologelwa boitemogelo jono jwa ga Moshe go tla re thusa fa go ka diragala gore re lebane le boemo jo bo tshwanang. Go ka diragala gore setlhopha sa bagolwane mo phuthegong se hake go tlosiwa ga mogolwane mongwe kana motlhanka wa bodihedi, ka go bo gongwe a tlhaela tshwanelego e le nngwe kana tse di oketsegileng tsa Dikwalo tse di tlhokafalelang tshiamelo eno ya tirelo. Mokaulengwe yoo a ka akanya gore o ne a sa tshwanelwa go tloswa, a nna bogale, mme a bake mathata a a sa tlhokafaleng. Ka go nna le maikutlo a a sa siamang, a ka simolola go ngongorega, a bona ba bangwe diphoso, tota le go seba. Kwa bokhutlong, a ka emisa go tla dipokanong le go nna le seabe mo tirong ya go rera. Abo e le boemo jo bo maswe jang ne go nna mo go jone! Abo go le botoka jang ne go boloka boikutlo jo bo siameng le go tsaya go tloswa jaaka kotlhao kana thapiso go nna motlhanka yo o botoka wa ga Jehofa. A ka tlamparela paka ya go ithuta le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo gore a tle a bone ditshwanelego tse di tlhokegang gape go Mo direla ka botlalo. Ba bantsi ba ba dirileng jalo moragonyana ba ne ba segofadiwa ka ditshiamelo tsa tirelo tse dikgolwane.—Bahebera 12:11.
Fa Diphetogo Tse di sa Lebelelwang di Diragala
Botshelo bo tletse ka diphetogo tse di sa lebelelwang tseo di ka bakelang ba bangwe go swaba le go nna le boikutlo jo bo sa siamang. O ne wa itshwara jang labofelo fa sengwe se ne se sa diragale ka tsela eo o neng o solofetse ka yone? Tota le ditiragalo tse dinnye di ka re kgoba marapo fa re di letla go dira jalo. Mme o seka wa lebala: Go boloka maikutlo a mantle go tla go thusa go lebana le boemo jo bo fetogileng botoka.
Sekao se se molemo go se gakologelwa ke sa ga Ruthe. O ne a nna motlholagadi a sa le mosha, o ne a boela kwa Iseraele le mmatsalagwe, Naomi, fa leuba le tokafala koo. A sena monna yo o neng a mo tlamela ka ditlhokafalo tsa motheo, lefa go ntse jalo Ruthe o ne a boloka boikutlo jo bo molemo. Ka boitumelo, o ne a ya go ronopa mo masimong kafa morago ga barobi gore ene le matsalagwe ba tle ba nne le dijo tsa go ja. Tiro e e boima eno ga ya ka ya mo kgoba marapo. Ga a ka a nna le boikutlo yo bo sa siamang, a hutsafalela lebaka la gore o latlhegetswe ke monna mme jaanong o ne a le kgakala le lelapa la gaabo le ditsala tsa gagwe. Mme jaaka pego e bontsha, Jehofa o ne a mo duelela tsela ya gagwe e e molemo ka mo go humileng.—Ruthe 4:13-17.
Ka Moo O Ka Bolokang Maikutlo a Mantle Ka Gone
Go boloka maikutlo a mantle go thatafalela ba bangwe. Ditlhobaelo tsa botshelo, segolobogolo mo metlheng eno e e nang le matshwenyego eo re tshelang mo go yona, di ka tseela motho boitumelo—segolo-bogolo fa mathata a a tswelang pele a nnela ruri. Lefa go ntse jalo, tota le mo maemong a a sa itumediseng, motho a ka boloka maikutlo a a sa siamang. Ba bantsi ba dirile jalo mo maemong a a lekang thata. Re ka dira ka mo go tshwanang jang?
Leka gore o seka wa akanya thata ka dilo tse di sa siamang. Tota le mo mathateng a magolo, dilo tse di siameng di ka bonwa. Baaposetoloi ba ne ba bogisiwa kana ba tsenngwa mo kgolegelong gantsi, mme ba ne ba ntse ba itumeletse go kgona go baka Jehofa. (Ditihō 13:50-52; 14:19-22; 16:22-25) Re ka tlhatlhanya ka seo bone gammogo le batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba se dirileng mo dinakong tsa teko le go senkela matshelo a rona dithuto. Ke ka ntlhayang fa ba ne ba itumetse mme ebile ba tlhomame? Ka go bo ba ne ba na le ikanyo e e feletseng le tumelo mo go Jehofa. Ba ne ba ikanya kgono ya gagwe ya go ba tsosa le go ba duela. (Tshenolō 2:10) Ka mo go tshwanang, boloka tsholofelo ya gago mo tsamaisong e ntšha ya tshiamo ya ga Jehofa e phepafetse mo mogopolong.—Bapisa Bahebera 12:2.
Le rona re tshwanetse go itlhola, go sa nnang jalo mogopolo o o sa siamang o ka nwela mo dipelong tsa rona. Abo go le molemo jang ne go ipoloka re le gaufi le Jehofa le go rapelela thuso ya gagwe fa re kgobega marapo! (Pesalema 62:8) Thuso e e agelelang e ka bonwa gape go bagolwane. Tlhagolela moya wa boikokobetso le kutlo. (Pesalema 119:69, 70) Tlhoma mekgele e e phepa, e e fitlhelegang mo botshelong. Dikakantsho tseno tsotlhe di tla re thusa go boloka maikutlo a a molemo le go nna le ‘kagiso ya Modimo’ eo e tla ‘dibelang dipelo tsa rona le megopolo ya rona.’—Bafilipi 4:6, 7.
Ke boammaaruri gore, ka metlha ga go motlhofo go nna le maikutlo a mantle. Lefa go ntse jalo, ka boiteko jo bo tlhoafetseng jo bo tlhotlhelediwang ke tumelo e e nonofileng, boikutlo jo bo ntseng jalo bo ka tlhagolelwa. Jalo, go sa kgathalesege gore maemo a rona e ka nna afe, a rotlhe re ikemisetseng go boloka tebelelo e e molemo. Ga e kitla e raya go latlhegelwa mo go rona mme, go na le moo, e tla direla mo dituelong tse dintsi tse di itumedisang jaanong gammogo le mo isagweng.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Nnang maikutlo mantle mme ditshegofatso le dituelo tse dintsi di tla lo tlela