LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 5/1 ts. 26-28
  • A O Ka Amogela Kotlhao?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Ka Amogela Kotlhao?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Kotlhao Totatota e Bosula?
  • Ba ne ba Gana Kotlhao
  • Bangwe ba ne ba Reetsa
  • Bakeresete ba Gompieno le Kotlhao
  • Kotlhao e Tlhagisa Loungo lo lo Molemo
  • Go Tlhaloganya Boikaelelo Jwa Kgalemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Jehofa o Kgalemela Ba a Ba Ratang
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Kotlhao e Bontsha Gore Modimo O a Re Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • Kotlhao e Ungwela Loungo lwa Kagiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 5/1 ts. 26-28

A O Ka Amogela Kotlhao?

‘MO METLHENG eno batsadi ba itaya tam tam (moropa wa go bina) fela, eseng bana ba bone.’ Go ne ga utlwiwa kakgelo eo mo basetsanyaneng bangwe ba sekolo se segolo mo Afrika. Ba ne ba raya goreng? Gore kotlhao e ne e sa tlhole e bereka. Batsadi ba ne ba sa batle go e dirisa, mme bana ba ne ba itumelela go sa e amogele.

A maikutlo ano ke a a botlhale? Go ya ka buka-mantswe, kotlhao thatathata ke “thapiso e e siamisang, e e bopang, kana e e itekanedisang dikgono tsa mogopolo kana seemo sa boitsholo.” A go na le mongwe yo o ka nnang fela a sa amogele kotlhao e e ntseng jalo? Ke ka ntlhayang fa basetsanyana bao ba Ma-Afrika–le batsadi ba bone​—ba ne ba akanya gore ba ka dira jalo?

Tota-tota, boikutlo jo bo seng bontle tebang le kotlhao ga bo fitlhelwe fela mo basetsanyaneng ba sekolo ba Afrika le mo batsading ba bone. Go bonala ekete batho ba le bantsi gompieno ba leba kgakololo epe fela kana kotlhao e le dilo tse di sa tshwanelang ebile e le go itlhakanya le kgololesego ya bone, e le go kgoreletsa ditshwanelo tsa bone. Lefa go ntse jalo, boikutlo jo bo ntseng jalo ga bo fela mo lekgolong la dingwaga la bo-20. Diketekete tsa dingwaga tse di fetileng, Modimo ka boone o ne a elatlhoko gore “go akanya ga pelo ea motho go . . . boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.” (Genesise 8:21) Fa a ne a supa diphelelo tsa tshekamelo e e ntseng jalo e e bosula e e tsereng diketekete tsa dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, bale bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ.” (2 Timotheo 3:2-4) Ruri ga go gakgamatse go bo kotlhao e sa amogelwe ke botlhe!

A Kotlhao Totatota e Bosula?

A Mokeresete ruriruri o tlhoka kotlhao? Mme kana, Jesu o ne a bolela gore tsela e e isang botshelong e “tshesane.” (Mathaio 7:13, 14) Go motlhofo fela go e fapoga. Jalo a go ka se nne botlhale go amogela kotlhao, thapiso, jaaka buka-mantswe e e bitsa? Akanyetsa mojanala yoo ka kotsi a fapogang mo tseleng ya gagwe mme a felele a le gaufi thata le lefelo lengwe le le kotsi. Fa motho mongwe yo o sa mo itseng a mo kaela tsela ya gagwe gape, o tla itshwara jang? A o tla galefa a sa batle thuso, a ganelela mo go reng o na le tshwanelo ya go ya kwa a ratang teng? A o tla latofatsa motho yono yo o sa mo itseng yo o botsalano ka gore o itlhakanya le ditshwanelo tsa gagwe? Nnyaa le eseng. O tla lebogela go bo a ile a mo thusa.

Jalo Mokeresete yo o botlhale o lebogela thuso eo a e neelwang ka tsela ya kotlhao e e bopelonomi. Mafoko ano a moperofeti a boammaaruri go sa kgathalesege gore motho ke wa dingwaga dife kana boitemogelo bofe mo botshelong: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.” (Yeremia 10:23) Ka jalo, rotlhe re tlhoka kotlhao.

Ba ne ba Gana Kotlhao

Mongwe yo o neng a gana kotlhao ke Kaene, yo o neng a fufegela monnawe Abele. Ka go bona gore Kaene o ne a simolola go fapoga mo tseleng e e siameng, Jehofa ka boene o ne a mo gakolola, ka go mmotsa a re: “Ana u galehetseñ? le sehatlhōgō sa gago se behetseñ? A e ka re ha u diha sentlè a ga u ketla u cholwa? Me ha u sa dihe sentlè, boleo bo ipobile ha moyakoñ: me kelecō ea [jone] e tla nna go wèna, me [a o tla bo, NW] laola”? (Genesise 4:6, 7) Kaene o ne a seka a reetsa. O ne a bolaya monnawe Abele mme ka gona ya nna ene mmolai wa ntlha fa e sale batho ba nna gone.​—Genesise 4:8-16.

Mo metlheng ya ga Samuele, bomorwa Eli le bone ba ne ba seka ba amogela kotlhao. Rraabo e ne e le moperesiti yo mogolo kwa motlaaganeng wa ga Jehofa, mme bana ba gagwe ba ne ba dirisa maemo a bone go utswa ditshupelo le go tlhotlheletsa basadi bangwe go dira boitsholo jo bo sa siamang le bone. Rraabo o ne a ba kgalemela​—ka tsela fela e e bokoa​—mme ba seka ba reetsa. Phelelo ya nna eng? Go gana kotlhao ga bone go ne ga gogela mo go reng ba bolawe mo ntweng, mme dikgang tse di kgaolang pelo tseo tsa bolaya Eli ka boene.​—1 Samuele 2:12-17, 22-25; 3:11-18; 4:1-4, 10-18.

Bangwe ba ne ba Reetsa

Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba amogela kotlhao. Dafide, jaaka kgosi le monna wa motlhabani, o ne a dira bokebekwa jo bo boitshegang fa a ne a bolaya Uria, monna wa mosadi yo Dafide a neng a dirile boaka le ene. Mme Dafide o ne a amogela kgalemelo eo Modimo o neng a e rometse ka moperofeti Nathane, mme ka gone Jehofa a seka a mo latlha gotlhelele. (2 Samuele 12:1-14) Ee, kotlhao e ka re thusa go falola le eleng mo maleong a a masisi.

Jobe o ne a gakololwa ke Elihu yo mmotlana mme o ka bo ka bogale a ile a gana kgakololo ya gagwe. Lemororo Jobe a ne a ile a boga thatathata ka ntlha ya ga Satane, o ne a ganne go ‘hutsa Modimo gore a swe.’ Ka pego e e ntseng jalo, o ka nna a bo a ile a seka a bona lebaka lepe la go reetsa kgakololo ya lekawana leno. Lefa go le jalo, Jobe o ne a reetsa, mme a ithuta gore, go sa kgathalesege bothokgami jwa gagwe, boikutlo jwa gagwe bo ne bo tlhoka go baakanngwa. Mme jalo o ne a nna le tshiamelo ya go amogela kgakololo mo go Jehofa ka boene mme labofelo a duelwa ka masego a le mantsi. (Yobe 2:9, 10; 32:6; 42:12-16) Ka jalo, kotlhao e ka thusa le eleng bao ba neng ba na le dipego tse di tlhomologileng tsa bopelotelele le boikanyego.

Moaposetoloi Petere le ene, o ne a amogela kotlhao. Gakologelwa, Petere e ne e le moaposetoloi wa ga Jesu Keresete, a le motho yo o boneng fa Jesu a fetoga, le yoo Keresete a neng a mo neela “dikopololō tsa bogosi.” (Mathaio 16:18, 19) Lefa go le jalo, mo pakeng nngwe moaposetoloi Paulo, yo o neng a le molatedi yo mosha thata wa ga Jesu, o ne a otlhaya Petere phatlalatsa ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe mo phuthegong ya Antioka. Ka phepafalo Petere o ne a amogela kotlhao, ka go bo moragonyana o ne a bua ka “Paulo mokauleñwe eo o ratègañ.” (2 Petere 3:15; Bagalatia 2:11-14) Jalo he, Mokeresete yo o nang le ditshiamelo di le dintsi le ene, o ka nna a lebelela go amogela kotlhao.

Bakeresete ba Gompieno le Kotlhao

Mo phuthegong, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke go amogela kgakololo go tswa mo mothong yo o godileng. Mme bao segolobogolo ba neetsweng boikarabelo jwa go disa dikgatlhego tsa rona ke bagolwane ba ba tlhophilweng. Ke badisa bano ba semoya bao Bibela e reng ka bone: “U tlhōahalèlè go itse macomane a gago kaha a nntseñ ka gōna; u bo u tlhōkōmèlè matlhape a gago thata.”​—Diane 27:23.

Go ka nna ga re thusa go amogela kotlhao fa re lemoga gore go tlhoka lorato, gammogo le bopelokgale, gore bagolwane ba neele kgakololo. Bagolwane gantsi ba lejwa ka leitlho le le maswe fa ba re ba leka go thusa. Ka sekai, mogolwane mongwe mo Afrika o ne a bua le mongwe yo o nnileng Mokeresete ka lobaka lo loleele, a mo tlhagisa gore o ne a kopanyelediwa mo sengweng se eseng sa Bokeresete. Go ne ga nna bokete go neela kgakololo eo, mme seno sa thatafadiwa gape ke fa a ne a ngala. Labofelo, kgakololo e ne ya ganwa, mme yo o neng a e neelwa o ne a seka a tlhola a batla go buisanya le mogolwane yo o neng a re o leka go mo thusa. Abo go ne go tla bo go le botlhale jang ne fa a ka bo a ile a gakologelwa gore ‘ditlhabo tse di ntshitsweng ke tsala di boikanngo’!​—Diane 27:6.

Kotlhao e ka re thusa go dirisa seane se sengwe gape sa Bibela: “Motho eo o bonokopela o bōna boshula, me a iphitlhe: me ba ba sa tlhalehañ ba hete hèla, me ba utlwe botlhoko ka gōna.” (Diane 22:3) Mafoko ao a ka bo a ile a thusa monna mongwe wa Mokeresete mo nageng e e tshwanang. O ne a itlwaetsa go ya kwa mabenkeleng a bojelo a botlhe kwantle ga mosadi wa gagwe le bana. Seno se ne sa tshwenya bangwe ka go bo mo lefelong leo batshodi ba dijo ba mabenkele a le mantsi a dijo totatota e ne e le diaka tseo di neng di batla bareki. Jalo ka makgetlho a le mmalwa bagolwane ba lefelo leo ba ne ba bua le monna yoo kaga kgang e. Mme o ne a gana kgakololo, gantsi ebile e le ka bogale. Labofelo, o ne a wela mo seraing sa boitsholo jo bo sa siamang. Abo a ka bo a ne a le botlhale jang fa a ka bo a reeditse kgakololo eo boikaelelo e neng e le go mo thusa!

Fa ka lobakanyana re ka lebala kaga pono ya rona mme re leke go bona dilo kafa Jehofa a di lebang ka gone, re tla nna ba ba iketleeditseng go amogela kotlhao. Ke boammaaruri, kotlhao e ka nna selo se se seng monate seo se re gakololang kaga go sa itekanelang ga rona. E ka nna ya re tlhabisa ditlhong ka lobakanyana. Mme akanya fela kafa Jehofa a itumelang ka gone fa batlhanka ba gagwe ba nna botlhale mme ba tila go wela mo boleong. “Morwaaka u tlhalehè,” go bolela Lefoko la gagwe, “me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” (Diane 27:11) Fa re ka lebala kaga boikgodiso jwa rona mme re amogele kotlhao e e neelwang, re tla nna gareng ga bao Jehofa a ka arabang dikgwetlho tsa ga Satane ka bone.

Kotlhao e Tlhagisa Loungo lo lo Molemo

Jaaka fa re setse re bone, kotlhao ke ya rona rotlhe. E tlhokwa ke banna le basadi, bannye le bagolo, ba ba setseng ba na le lobaka lo loleele mo boammaaruring le ba ba saleng basha. Ka jalo, re tshwanetse ra lebelela kotlhao, le eleng go e senka. Ithute Lefoko la Modimo mme o tlhokomele seo le se bolelang seo se direlang jaaka kgakololo mo go wena. (2 Timotheo 3:16, 17) Nna gone mo dipokanong mme o reetse ka kelotlhoko go bona se se dirang mo go wena. (Bahebera 10:24, 25) Fa Kotlhao e e lorato ya Dikwalo e neelwa mo motheong wa botho, leka ka ditsela tsotlhe go e amogela go ya fela kafa boikaelelong joo e neelwang ka jone. Sola molemo thapiso nngwe le nngwe e e siamisang e e tswang mo go Jehofa.

Paulo o ne a raya Bahebera a re: “Mo bakeñ lono, ekete koatlhaō eotlhe e nntse yaka ekete ga e na boitumèdishō, ha e se tlhokohaco hèla: leha go nntse yalo, ea re kwa moragō, ba ba e rutintshicweñ, e ba uñwèle louñō loa kagishō, eboñ louñō loa tshiamō.” (Bahebera 12:11) Ka jalo, lemororo kotlhao ka dinako tse dingwe e ka re utlwisa botlhoko, e na le matswela a a molemo. Go amogela kotlhao go ka re thusa go nna gareng ga bao ba itumedisang Jehofa. Kotlhao e tla re thusa go ‘tsamaya ka thokgamo, go dira tshiamo, le go bua boammaaruri mo dipelong tsa rona.’ (Pesalema 15:1, 2) Ka gone, ekete rotlhe re ka amogela kotlhao.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela