Go Segofalediwa go Latelela Kagiso
MOAPOSETOLOI Petere o ne a bolela gore bao ba ‘ratang botshelo, le go bona metlha e e molemo’ batshwanetse go ‘batla kagiso, le go e latelela.’ (1 Petere 3:10, 11) Seno ga se motlhofo ka metlha yotlhe, mme se felela ka masego. Go tshwantshetsa seno, akanyetsa boitemogelo jo bo latelang jwa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo Canada.
Ke ne ke sa tswa go fetsa dingwaga tse 20 mme ebile ke tloga ke diragatsa dikeletso tsa me tsa ke sa le ngwana. Ke ne ka thapiwa ke ba Royal Canadian Mounted Police. Jalo ke ne ka simolola seo ke neng ke se tsaya jaaka tsela ya botshelo e e ipedisang jaaka lepodisi. Lefa go ntse jalo, morago ga fa ke sena go bereka dingwaga tse di ka nnang 16, ke ne ka bo tlogela.
Pele ga ke tlhalosa lebaka la me la go tlogela mophato oo, gongwe tshedimosetso nngwe kaga botshelo jwa me e ka thusa. Dingwaga tsa ke sa le mosha mo RCMP (Royal Canadian Mounted Police) ke ne ke nna mo kgaolong ya New Brunswick. E ne e le mo lobakeng lono fa ke ne ke kopana le mosadi yo monana yo o neng a nna mosadi wa me. Re ne re nna mo ntlwaneng e potlana thata eo beng ba yona e neng e le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba tle ba re rerele. Lefa go ntse jalo, ka nako eo ke ne ke sa akanye sepe kaga bodumedi mo dilong tse di tlang pele mo botshelong jwa me. Mo letlhakoreng le lengwe, mosadi wa me o ne a akofa a amogela boammaaruri mme kgabagare a nna Mosupi wa ga Jehofa yo o kolobeditsweng. Go bua boammaaruri, ke ne ke sa kgatlhege. Ke ne ka leka dilo tsotlhe go mo fetola mogopolo, mme ka seka ka atlega. Ke ne ka bo ka laletsa moruti wa fa ga rona go tla go mo siamisa. Lefa go ntse jalo, fa ke gopola ka loeto lono lwa gagwe, go bonala fa go tlhaela kitso ya Dikwalo ga moruti go ne ga dira gore boammaaruri bo tie mo go ene.
Ke ne ka fetsa dingwaga di ka nna thataro ke ntse ke leka go supetsa mosadi wa me kafa tumelo ya gagwe e neng e le ya boeleele ka gone, lefa go le jalo o ne a ema a tiile mo go Jehofa. Kgabagare, ke ne ka kgwabofala mme ka simologelwa ke boikutlo jwa gore o ka dira se a se batlang mme nna ke tla dira se ke se dumelang. Legale, ka nako eo dikgatlhego tsa me e ne e se tsa kafa Dikwalong; ke ne ke batla go itlhatlosa mo tseleng ya me ya botshelo mo go ba RCMP kafa ke ka kgonang ka teng. Go kgona seo ke ne ka ithaopela ditiro tse dingwe tse di oketsegileng mme ka leka go ikopanyeletsa mo dikgetsing tse di neng di le masisi thata go gapa tlhokomelo ya bagolwane ba me. Seno e ne e le ka go latlhegelwa ke nako e ke ka bong ke e dirisitse mo lelapeng la me.
Ke ne ka tswelela pele ka mokgwa o o ntseng jaana wa botshelo go fitlhelela ka selemo sa 1978. Mosadi wa me o ne a eleditse go ka nna gone mo Kopanong ya Merafe Yotlhe ya “Tumelo e e Fenyang” mo Montreal, mo kgaolong ya Quebec. Ke ne ka dumela gore ke tla mo isa ka koloi kwa Montreal, mme ka gana go nna gone mo dipokanong tsotlhe. Morago ga ke sena go boa mo letsatsing la ntlha mo kopanong, mosadi wa me o ne a bolela gore thulaganyo ya letsatsi le le latelang e ne e ikgarile ka botshelo jwa lelapa mme a ntlhatswa pelo gore ke tshwanetse go nna gone. Go tla nako kgolo ke eno ke lebogela Jehofa go bo ke dirile seno. Ke ne ka gakgamadiwa thata ke tsela eo setlhopha se segolo seno se neng se itshwere ka tsela e e masisi ka gone. Ba sa goge, go sena puo epe ya matlhapa, mme batho ba bonala ba itumetse thata ba bile ba agisantse. Lemororo ke ne ke sena kitso epe ya Bibela, ke ne ka fitlhela fa dipuo tseo dibui di neng di di neela di ruta thata ebile di na le mosola. Batho bano ba ne ba leka go ithuta le go dirisa melao ya Modimo jaaka e tlhomilwe mo Bibeleng. Jaaka lepodisi, ke ne ke na le boitemogelo jwa gore, batho ba le bantsi, lemororo ba itse molao, ba ne ba leka go senka diipato tsa go dira dilo kafa ba ratang ka teng. Mme jaanong ke ne ke kgatlhegile. Ka bokhutshwanyane morago ga ke sena go boela gae morago ga kopano, ke ne ka simolola go ithuta Bibela mme ka kolobediwa ka October 1979.
Fa ke ntse ke tswelelapele kafa semoyeng, ke ne ka kgona go latlha mekgwa ya me e le mentsi ya selefatshe mme kgabagare ka neelwa tshiamelo ya go direla Jehofa jaaka motlhanka wa bodihedi. Go apara botho jo bosha jwa Bokeresete ga me go ne ga lemogiwa ka bofefo ke mapodisi a mangwe, bao, lantlha, ba neng ba nyatsa tumelo ya me e ntšha. (Baefesia 4:22-24) Morago a lobaka, ke ne ka kgona go fetolela ditshotlo tsa bone go nna dipaka tsa go ba neela bosupi. Tota, fa modumo o sena go utlwala mo lephateng lotlhe gore ke ne ke le Mosupi wa ga Jehofa, bale bantsi ba ne ba tla kwa go nna ka dipotso. Ke bile gape ke lebogela bagolwane ba me bao, ka ntlha ya go tlotla tumelo ya me, ba neng ba nkabela ditiro tse ke neng ke se kitla ke senya kamano ya me le Jehofa mo go tsone.
Ee, sengwe le sengwe se ne se bonala se tsamaya sentle. Maitseboa mangwe fa ke boela gae ke tswa kwa tirong, mosadi wa me o ne a tlhagafetse a bala Tora ya Tebelo ya January 1, 1984, mme segolo-bogolo setlhogo sa thuto mo ditsebeng 23-9 seo se neng se re ‘Batla Kagiso mme O E Latelele.’ Se ne se bua kaga go tila “mmereko o o kopanyeletsang go tshola sebolao go se dirisa kgatlhanong le batho ba bangwe,” jaaka “ka metlha go nna le kotsi ya go nna molato wa madi ka go fedisa botshelo ka sebolao.” (Isaia 2:4; Baroma 12:17, 18) Setlhogo seo se ne sa tswelela pele ka go tlhalosa se re: “Jaaka lefatshe le tswelela pele go nna thubakanyo e e kana re ka se tlhole re tsaya mokaulengwe yo o tswelelang mo mmerekong o o tlhomelelang ka dibetsa jaaka yo o tlhomang sekao. O ka fiwa dikgwedi tse thataro go dira phetogo. Fa e le gore ga a dire phetogo, o tla bo a se mo boemong jwa go ka tshegetsa ditshiamelo dipe tse di kgethegileng tsa tirelo le boikarabelo mo phuthegong.—1 Timotheo 3:2; Tito 1:5, 6.”
Ka phepafalo, ke ne ke tshwanetse go dira phetso e e botlhokwa-tlhokwa. Jaaka lelapa, re ne ra buisanya ka kgang eno mme ra e isa kwa go Jehofa ka thapelo. Mo letsatsing le le latelang kwa tirong ke ne ka atamela mogolwane wa me mme ka mo tlhalosetsa seemo sa me. Morago ga puisano e telele, re ne ra fetsa ka gore go ne go sa bonale fa sepodisi se ka ntetlelela go sa tshole sebetsa. Jalo he, ke ne ka ntsha kitsiso ya gore ke tla bo ke tlogela tiro morago ga dikgwedi tse thataro tse di tlang.
Ke ne ke sa itse le eseng gore ke tla ya go batla tiro kae, jaaka ke ile ka nnela ruri mo tirong e le nngwe morago ga go fetsa sekolo. Gape, seemo sa itsholelo se ne se amile mebereko mo go bosula thata. Go ne go na le batho ba ke ba itseng mo go borakgwebo morago ga go tlwaelana le bone ka dingwaga, jalo ka fetsa ka gore ke utlwe mo go bone. Ka mo go gakgamatsang, go ise go fete beke ke ne ka bolelelwa kaga tsamaiso nngwe eo e neng e tlhoka mongwe yo o neng a ka bereka jaaka motlhotlhomisi. Ke ne ka ikopanya le motho yo o neng a na le boikarabelo jwa go baya batho mo maemong mme ka fitlhela gore ke ne ke tshwanelegela tiro eo. Tiro e ne e tla tshwana thatathata le e ke neng ke e itse jaaka motlhotlhomisi wa boherehere, mme ke ne ke se kitla ke tlhokwa go tshola sebetsa. Go ne ga seka ga ntsaya lobaka lope lo loleele gore ke ise lekwalo la me la kitso ya tiro.
Fa ke ne ke le mo potsolotsong kaga tiro eno, ke ne ka bona fa go ne go tshwanela thata gore ke bue lebaka la me la konokono la go tlogela RCMP. Ke ne ka gakgamadiwa ke gore mmotsolotsi (yo o neng a tla nna mogolwane wa me) o ne a ntlhalosetsa gore o tlogetse tiro ya gagwe ya pele ka ntlha ya mabaka a segakolodi mme o ne a tlhaloganya boemo jwa me. O ne a ba a supa gape gore maemo ano a tshwanetse a tsewa ke motho yo o bothokgami jo bo sa belaetseng. O ne a ntebogela go bo ke buile ka tlhamalalo jaana mme a supa gore o ne a tla haka gore ke bone maemo ao. Go ise go fete dibeke tse pedi fela ke ne ka hirwa kafa molaong.
Ga go na pelaelo epe mo mogopolong wa me gore moya wa ga Jehofa o ne wa nthusa nna le lelapa la me mo boitemogelong jono jotlhe. Gongwe go na le bakaulengwe bangwe ba ba santseng ba lebane le boemo jo bo tshwanang. Ke rapelela gore ekete boitemogelo jwa me bo ka ba kgothatsa go ikaega mo go Jehofa mme a dire dilo kafa tseleng ya gagwe.—Mathaio 6:33.
Jaaka boitemogelo jono bo bontsha, go latelela kagiso le go baya Bogosi jwa Modimo kwa pele mo botshelong jwa gago go tla batla boiteko mme go ka nna ga tlhoka dipaakanyo dingwe mo go wena. Mme masego a tlela bao ba dirisang kgakololo ya Dikwalo, ka gone ba bontsha moya o o tshwanang le wa mopesalema Dafide, yo o neng a re: “Nthuta motlhala oa gago, Yehofa, u ntsamaisè mo tseleñ e e bōnalañ.”—Pesalema 27:11.