LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 4/15 ts. 8-9
  • Go Utlwela Molepero Botlhoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Utlwela Molepero Botlhoko
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Utlwela Molepero Botlhoko
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Tlhomogela Molepero Pelo A bo A mo Fodisa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Go “Itse Lorato Lwa ga Keresete”
    Atamalana le Jehofa
  • A o Gakologelwa go Leboga?
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 4/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Go Utlwela Molepero Botlhoko

FA JESU le barutwa ba gagwe ba le bane ba etela metse ya Galalea, dikgang kaga dilo tse di gakgamatsang tseo a di dirang di anama go ralala kgaolo eo. Dikgang tsa ditiro tsa gagwe di fitlha kwa motseng mongwe koo go nang le monna yo o bolawang ke lepero gone. Ngaka Luke o mo tlhalosa jaaka yo o “tletseñ lepero.” Fa bolwetse jono jo bo maswe bo setse bo etegetse, bo ja dikarolo tse di farologaneng tsa mmele ka iketlo. Jalo molepero yono o mo boemong jo bo tlhomolang pelo.

Fa Jesu a fitlha mo motseng oo, molepero yono o a mo atamela. Go ya ka molao wa Modimo, molepero o tshwanetse go ntsha tlhagiso ka go goa a re, “Itshekologō, itshekologō!” go sireletsa ba bangwe gore ba seka ba tla gaufi thata le ene mme jwa ba tshelegela. Jaanong molepero yono o wela fa fatshe ka sefatlhego mme o kopa Jesu a re: “Morèna, ha u rata, u na le thata go nntlahatsa.”

Abo monna yono a na le tumelo mo go Jesu jang ne! Lefa go ntse jalo, abo bolwetsi jwa gagwe bo mo dira gore a lebege a tlhomola pelo jang ne! Jesu o tla dirang? O ne o tla dirang? Jesu a tlhotlhelediwa ke kutlwelobotlhoko o otlolola letsogo la gagwe mme o ama monna yono, a re: “Kea rata: u ntlahalè.” Mme ka bonako fela lepero le a mo tlogela.

A o ne o ka rata gore mongwe yo o kutlwelobotlhoko jaaka yono a nne kgosi ya gago? Tsela eo Jesu a tshwarang molepero yono ka yone e neela tsholofelo ya gore ka nako ya puso ya Bogosi jwa gagwe polelelopele eno ya Bibela e tla diragadiwa: “O tla tlhomogèla bahumanegi le batlhoki pelo.” Ee, Jesu ka nako eo o tla diragatsa keletso ya pelo ya gagwe ya go thusa botlhe bao ba bogang.

Le eleng pele ga a fodisa molepero, bodihedi jwa ga Jesu bo ne bo setse bo ntse bo tsosa kgatlhego e kgolo mo bathong. Jesu jaanong o diragatsa boperofeti jwa ga Isaia ka go laela monna yono yo o fodisitsweng gore: “A seka a bolèlèla opè.” Morago ga moo o mo laela ka go re: “Tsamaea u ichupetsè moperisiti, u ntshetsè bontlahaco yoa gago kaha Moshe o laotseñ ka gōna, gore e nnè chupō mo go bōnè.”

Mme monna yono o itumetse thata mo eleng gore ga a kgone go sa rothise mmutla madi kaga motlholo ono. O a tsamaya mme o simolola go anamisa dikgang gongwe le gongwe, kwantle ga pelaelo a baka kgatlhego le go batla go itse mo bathong mo eleng gore Jesu ga a kgone go tsena ka tlhamalalo mo motseng oo. Ka gone Jesu o nna kwa mafelong a a kwa thoko koo go sa nneng ope gone, mme batho go tswa gongwe le gongwe ba tla koo go mo reetsa le gore ba fodisiwe malwetsi a bone. Luke 5:12-16; Mareko 1:40-45; Mathaio 8:2-4; Lefitiko 13:45; 14:10-13; Pesalema 72:13; Isaia 42:1, 2.

◆ Ke phelelo efe eo lepero le ka nnang le yone, mme ke tlhagiso efe eo molepero a neng a tshwanetse go e neela?

◆ Molepero mongwe o ne a ikuela jang mo go Jesu, mme re ka ithuta eng go tswa mo karabelong ya ga Jesu?

◆ Monna yo o neng a fodisitswe o ne a palelwa ke go utlwa Jesu jang, mme diphelelo e ile ya nna dife?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela