Seo Metlha le Dipaka tsa ga Jehofa Di se Kayang mo Motlheng wa Rona
“Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ.”—MATHAIO 7:19.
1. Re ka ithutang o tswa mo tseleng eo Jehofa a dirisaneng le babusi bangwe mo nakong e e fetileng ka yone?
PEGO ya ditiragalo e supela lebaka la gore Jehofa a ka fetola ‘metlha le dipaka, a tlose dikgosi le tlhoma dikgosi.’ (Daniele 2:21) Mo makgolong a dingwaga a a fetileng, fa go ne go tshwanela boikaelelo jwa gagwe, o ne a tlosa Farwe, Nebukadenesare, Beleshasare, Herode Ageripa I, le ba bangwe. Bangwe ba ka nna ba re, ‘lefa go ntse jalo, ditiragalo tseo tsotlhe e ne e le histori ya bogologolo. Tota di kayang mo go rona?’ Di kaya go le gontsi mo rona ka gonne go na le dithuto tse di nonofileng mo go tsone. Seo re se ithutang go tswa mo ditiragalong tseo ke gore fa motlha wa ga Jehofa wa tsone o tla, o khutlisa puso ya babusi ba lefatshe. Mme fa a ne a batla, o ile a tlhoma mmusi yoo yo o tlhophilweng ke ene mo bogosing.
2. Nako ya ga Jehofa e gorogetse eng mo motlheng wa rona?
2 Mo motlheng wa rona, motlha wa ga Jehofa gape o fitlhile wa gore a ‘tlose dikgosi le go tlhoma dikgosi.’ Morago ga gore a ‘tlhome’ Kgosi e e tlhophilweng ke ene, Modimo o tla akofa o tlosa babusi botlhe ba lefatshe leno, gammogo le tsamaiso yotlhe ya dilo eo ba e laolang. Ka ntlhayang? Ka ntlha ya gore, jaaka Beleshasare wa Babelona wa bogologolo, ba “lekancwe mo dilekanyoñ tsa pègō, me [ba] hitlhecwe [ba] tlhaetse.” Boemo gompieno bo tshwana fela le jaaka a ne a ntse fa motlhanka wa Modimo ebong Daniele a ne a bolelela Beleshasare: “Modimo o sekasekile bogosi yoa gago, me o bo khutlisitse.” (Daniele 5:26, 27) Ka jalo, mo motlheng wa rona Jehofa “o tla phololetsa dikgosi mo letsatsiñ ya kgalehō ea gagwè. O tla atlhola mo merahiñ.”—Pesalema 110:5, 6.
“U Hitlhecwe u Tlhaetse”
3, 4. Malebana le kagiso, babusi ba lefatshe ba ‘fitlhetswe ba tlhaela’ jang mo lekgolong leno la dingwaga?
3 Babusi ba lefatshe ba ‘fitlhetswe ba tlhaetse’ jang malebana le tswelopele ya lefatshe? Tsela nngwe ke ya gore ba tshwanetse go bonwa molato segolo ka ntlha ya seo se diragaletseng lelapa la batho mo motlheng wa rona, motlha oo o tletseng ka matlhotlhapelo go farologana le motlha lefa e ka nna ofe. Ka sekai, go tloga ka 1914 fela batho ba ba ka nnang dimilione di le lekgolo ba ile ba bolawa mo dintweng tse di farologaneng! Gompieno, dibetsa tsa nuklea di tshosetsa go nna gone ga botshelo mo lefatsheng. Ka one motsotso ono fela, diketekete tsa dimmisaele tsa nuklea, ka bathuntshi ba iketleeleditse, di lebile kwa mafelong a a nang le batho ba bantsi.
4 Malebana le ntwa ya nnklea, makasine wa Science o begile patlisiso eno e e tsitsibanyang mmele: ‘Mo ntweng epe e kgolo ya nuklea, go nyelediwa gotlhelele ga karolo e kgolo ya botshelo jwa dimela le diphologolo mo lefatsheng go ka kgonagala. Go nyelediwa gotlhelele ga setho ga go kake ga tlogelwa kwa morago.’ Mosimegi mongwe wa puso kwa Yuropa o boletse jaana: “Ditatlhegelo ga di kitla di balwa ka ditoropo mme ka dikontinente tsotlhe.” Tautona ya naga nngwe ya Amerika Borwa o boletse jaana malebana le ditatlhegelo tsa ipabalelo: “Setho se tsamaya ka sekepe se se thubegang seo se ka nnang sa thubega . . . Fa se ka nwela, se ne se ka nwela ka mongwe le mongwe.” Mme lokwalo-dikgang longwe lwa Japane lo akgetse ka go re: “Lefatshe le lebega le le kgakala-kgakala le [kagiso] go feta lefa e le leng mo historing.”
5, 6. Boemo jwa tsa itsholelo bo ntse jang mo mafatsheng a mantsi le mo bathong?
5 Lefa go ntse jalo, merafe e tswelapele go dirisa madi a mantsi go ya pele mo dibetseng. Ditshenyegelo jaanong di tlhatlogetse go mo e ka nnang didolara di le terilione (U.S.) ka ngwaga! Motswedi mongwe o bega gore lefatshele senya mo e ka nnang makgetlo a le 50 a madi mo lesoleng lengwe le lengwe go na le jaaka le dira mo ngwaneng mongwe le mongwe yo o tsenang sekolo. Gape, a o ke o tlhokomele pego ya Merafe e e Kopaneng eo e bontshang gore bobotlana batho ba le dimilione di le 450 ba bolawa ke tlala go ralala lefatshe, mme dipalo tsa bone dia gola. Pego e nngwe e bega gore “ngwaga mongwe le mongwe batho ba le dimilione di le 30 go ya go di le 40 ba bolawa ke tlala” mo mafatsheng a a sa tlhabologang. Gape, e bolela gore mo e ka nnang sephatlho sa bao ba swang ke bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le tlhano.
6 Mosimegi mongwe wa puso wa naga nngwe e kgolo mo Amerika Borwa o bolela gore “40 lekgolong ya babereki e tshelela mo bodiding jwa nta ya tlhogo.” Mo nageng e nngwe gone koo, go tlhoka mmereko goo go leng mo motseng mogolo wa yone go ama 51 lekgolong ya badiri. Pego eo e konela ka go re: “Kontinente ya batho ba le dimilione di le 260 e nwetse mo tlalelpng ya yone e kgolo go gaisa mo sephatlong sa lekgolo la dingwaga.” Morago ga moo tlhokomela ditlhogo tseno tse tharo go tswa kwa mafatsheng a a farologaneng: Selekanyo sa Tlala se Bidiwa se se ‘Boifisang.’” “Selekanyo sa Tlala se kwa Godimo.” “Tlala, Boitemogelo jo bo Botlhoko.” A dipego tseno di ne di tswa mo mafatsheng a a sa tlhabologang? Nnyaa, di ne di tswa mo basimeging ba puso kwa Canada, United States, le Federal Republic of Germany. Ee, le eleng merafe e go tweng e humile e gobua mo mathateng.
7. Ke dikakgelo dife tseo di dirilweng kaga bokebekwa le thubakanyo tseo di tletsetletseng jaana mo motlheng wa rona?
7 Mo mafatsheng a mantsi mathata ano a bontshiwa ke go wa ga bokebekwa, thubakanyo, le borukhutlhi. Ka sekai, mo United States Federal Centers for Disease Control e bega gore ngwaga le ngwaga Maamerika a feta 50 000 a a bolawa kana a ipolaya! Ka go rialo, bobega-dikgang bongwe go The New York Times bo konetse ka go re: “Dilo ga di laolesege.” Bobega-dikgang jo bongwe bo akgetse jaana: “Eno ke nako ya tlhakatlhakano ya boditšhaba.” Jalo, go sa kgathalesege boiteko jwa makgolo-kgolo a dingwaga, boitemogelo, le kgatelopele ya boranyane, baeteledipele ba lefatshe ga ba kgone go naya bontsi jwa batho ba bone dilo tsa konokono tse ba di tlhokang.
8. Pego ya histori e supela eng?
8 Ka tlhomamo, pego ya histori, ya bogologolo le ya segompieno, e supela gore motho, ka boene, ga a na ditharabololo. Boeteledipele jwa sepolotiki, tsa itsholelo, le bodumedi jwa lefatshe leno ga di kake tsa tlisa kagiso, polokesego, boitumelo, boitekanelo, le botshelo joo re bo batlang le joo re bo tlhokang. Ka jalo, lefatshe leno le tshwanetse go tloga! Mme le tla tloga ka gonne seo ke sone se Jehofa a se ikaeletseng. Ke jaaka Bibela e re: “Selèpè se tsepilwe mo mecwiñ ea ditlhare; ke gōna setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, se latlhèlwa mo moleloñ.”—Luke 3:9.
Lebaka le Lengwe la Katlholo
9. Baeteledipele ba lefatshe ka kakaretso ba tsaya maikaelelo a ga Jehofa jang?
9 Maungo a a bosula ao lefatshe leno le baeteledipele ba lone ba a tlhagisitseng ke lebaka le lengwe la go bo Jehofa, morago ga a sena go lekanya lefatshe mo dipegong, a le fitlhetseng le tlhaela, mme o tla le fedisa. Mme go na le lebaka le lengwe: Baeteledipele ba lefatshe ba ntshitse Jehofa—Mmopi le Molaodi wa Lobopo Lotlhe—mo megopolong ya bone. Ga ba na kgatlhego epe ya mmatota mo maikaelelong a gagwe kana mo metlheng le mo dipakeng tsa gagwe. Ke ka lebaka leo Bakorintha ba Ntlha 2:8 e bolelang ka bone ka tlhomamo jaana: “E le yo (botlhale jwa bomodimo) go señ opè oa babusi ba lehatshe yeno eo o bo itseñ.” Jalo Pesalema 146:3 e re gakolola jaana: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.”
10, 11. (a) Bao ba batlang go itse Jehofa ba tshwanetse go dirang? (b) Batlhanka ba ga Jehofa ba kgona jang go itse seo ba bangwe ba sa se itseng?
10 Mo boemong jwa seo, Diane 3:5, 6 e kgothatsa jaana: “U ikanye Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u seka ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla: Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolelè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago.” Batho bao ba dirang seno ga ba kitla ba nnela ruri mo botlhokeng tsholofelo jwa lefatshe leno. Jehofa o tla ba segofatsa ka moya wa gagwe gore ba itse maikaelelo a gagwe le metlha le dipaka tsa gagwe ka bone. Jaaka Ditihō 5:32 e bolela, Jehofa o neela moya wa gagwe o o boitshepo go “bōnè ba ba o utlwañ.”
11 Jalo batlhanka ba Modimo ba itse seo babusi ba lefatshe leno ba sa se itseng. Ba itse maikaelelo a ga Jehofa le dipaka tsa gagwe. Petere wa Ntlha 1:11 e bolela gore, mo nakong e e fetileng, batlhanka ba Modimo “ba kèlèka kaga motlha, le kaha motlha ouō o tla nnañ ka gōna, o Mōea oa ga Keresete o o noñ o le mo go bōnè o o shupañ.” Ka moya wa Modimo o supa seno, moaposetoloi Paulo o ne a ka bolelela baobamedi ka ene ba boammaaruri jaana: “Lo itse motlha.” (Baroma 13:11) Ereka batlhanka ba ga Jehofa ba gompieno ba mo obamela jaaka mmusi, le bone moya o o boitshepo wa Modimo o ba senolela gore ke motlha ofe go ya ka pono ya gagwe. Amose 3:7 e bolela jaana: “Rure Morèna Modimo o tla bo a sa dihe sepè, ha e se ka go senolèla batlhanka ba gagwè baperofeti leōma ya gagwè.”
Lebaka le Lengwe Gape
12, 13. Ke lebaka lefe le lengwe le le maatla la go bo Jehofa a fitlhetse lefatshe leno le baeteledipele ba lone ba tlhaela?
12 Seno se re tlisa mo lebakeng le lengwe gape la go bo Jehofa a fitlhetse lefatshe leno le baeteledipele ba lone ba tlhaela ebile a tla ba fedisa. Gakologelwa seo Farwe, Beleshasare, Herode, le babusi ba bangwe mo nakong e e fetileng ba se dirileng mo batlhankeng ba ga Jehofa. Ba ne ba ba ganetsa, ba ba bogisa, le eleng go ba bοlaya. Modimo o ne wa bona babusi bao molato ka ntlha ya seo.
13 Go a tshwana le mo motlheng wa rona. Babusi ba ba farologaneng ba lefatshe ba ile ba ganetsa, ba bogisa, le eleng go bolaya batlhanka ba ba nang le kagiso ba ga Jehofa. Babusi bao ba ”bua mahoko a a nyatsañ Mogodimodimo, . . . [ba] lapisetsa rure baitshepi ba Mogodimodimo.” (Daniele 7:25; 11:36) Mme pego e e tlhotlheleditsweng go Isaia 54:17 e bolela jaana: “Ga go na sebolaō sepè se se thudilweng kaga gago se se tla segōhalañ; . . . Selō se, ke boshwa yoa batlhanka ba ga Yehofa.” Ka jalo, baganetsi botlhe ba tla isiwa tlase, fela jaaka go dirilwe ka ba bangwe mo nakong e e fetileng. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa o solofetsa go falola le go atlega ga batho ba gagwe.
Motlha wa Bofelo o a Atamela
14, 15. (a) Be tshèla mo lobakeng lofe lwa nako, mme ke ditlhagiso, dife tseo re tshwanetseng go di tlhokomela? (b) Go sa kgathalesege maiteko ape a baeteledipele ba lefatshe, ke eng seo se tlang ka potlako?
14 Jalo, ke motlha ofe ono go ya ka pono ya Modimo? Ke motlha wa bofelo wa lefatshe leno. Letsatsi la lone le a kotlomela. Nako ya lone ya bosigo e atamela ka potlako. Mariga a lone a gaufi le go tsena. Bosnpi jotlhe jwa go diragadiwa ga polelelopele ya Bibela le lenaane la nako la ga Jehofa bo bontsha gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō,” mo “bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.” (2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:3-14, NW.) Jalo re tshwanetse go tsaya tlhagiso eno ya ga Jesu ka masisi: “Me lo rapèlè gore tshabō ea lona e se ka ea nna mariga.” (Mathaio 24:20) Fa nako ya bosigo ya lefatshe leno, kana mariga a yone, e tla, go tla bo go le thari thata go batla go amogelwa ke Jehofa.
15 Nako ya go khutlisa lefatshe leno le le tlontlololang Modimo e tla ka potlako. Fa e tla, Jehofa o tla tlosa babusi botlhe ba lefatshe mo tirong ya bone ka maatla. Dithulaganyo tsa bone tse di sa ungweng le tse di senang tsholofelo di tla khutla, go sa kgathalesege gore di ka ne di ikanyega go le kana kang. Ke boammaaruri, ba ka nna ba leka go itumedisa batho ba bone ka dipeo-marumofatshe le dithulaganyo tse di farologaneng tsa kagiso le polokesego, le eleng ka ‘dingwaga tse di boitshepo,’ mme go gwantela kwa tharabololong ya makgaolakgang kwa ntweng ya Modimo ya Hara-Magedone go tswelapele go sa kgaotse.—Tshenolō 16:13-16.
16. Jehofa o neetse mang bobusi jwa lefatshe?
16 Gape, gakologelwa gore Jehofa ga a “tlose dikgosi” fela mme gape o ‘tlhoma dikgosi.’ (Daniele 2:21) Mephato ya selegodimo eo Jehofa a tla e dirisang go diragatsa dikatlholo tsa gagwe kwa Hara-Magedone e tla bo e eteletswe pele ke Mmusi yoo a mo ‘tlhomileng’ wa lefatshe lotlhe. Yoo ke Morwawe yo o ikanyegang, ebong Jesu Keresete, yoo jaanong a leng mo nonofong ya selegodimo le kgalalelo. Tshenolō 19:16 e mmitsa “Kgosi ea dikgosi le Morèna oa barèna.” Daniele 7:14 e bolela jaana: “Me a nèwa pushō, le kgalalèlō, le bogosi, gore batho botlhe ba dichaba, le ba merahe, le ba dipuō ba mo dihèlè: pusho ea gagwè ke pushō e e sa khutleñ, e e se ketlañ e heta, le bogosi yoa gagwè ke yo bo se ketlañ bo señwa.”—Bona gape Daniele 2:44.
17, 18. (a) Lefoko la Modimo la re ke eng seo se tla diragalelang bao ba sa mo amogeleng le Mmusi wa gagwe yo o tlhophilweng wa lefatshe leno? (b) Ke mang yo mongwe yo o itseng gore ga goa sala nako e ntsi?
17 Ka phepafalo Lefoko la Modimo la boperofeti le bolela seo se tla diragalelang bao ba sa amogeleng Jehofa le Mmusi wa gagwe yo o tlhophilweng wa lefatshe lotlhe. Le bolela jaana: “Me ka bōna moengele moñwe a eme mo letsatsiñ; me a kua ka lencwe ye legolo, a raea dinōnyane cotlhe tse di hohañ ha gare ga loapi loa legodimo, a re, Tlaañ lo phuthègèlè selalèlō se segolo sa Modimo; Gore lo yè nama ea dikgosi, le nama ea beñ ba mephatō, le nama ea banna ba ba thata, le nama ea dipitse, le ea ba ba di pagameñ, le nama ea batho botlhe, ba e leñ bana ba motse le batlhanka, bannye le bagolo.”—Tshenolō 19:17, 18.
18 Yeremia 25:33 e e tlhalosa ka tsela eno: “Me babolaiwa ba ga Yehofa ba tla hitlhèlwa mo motlheñ ouō mo sekhutloñ se señwe sa lefatshe go ea sekhutloñ se señwe sa lehatshe: ga ba ketla ba lelèlwa, leha e le go phuthwa, leha e le go hitlhwa: ba tla nna lechotèlō hèla mo godimo ga mbu.” Ee, ke motlha wa bofelo wa tsamaiso yotlhe ya ga Satane e e boikepo ya dilo. Le ene o a itse! Tshenolō 12:12 e tlhalosa gore o itse gore o saletswe ke “lobaka . . . lo le lokhutshane.”
Batla Jehofa Jaanong
19. Ke motlha ofe le paka efe tse di kgatlhisang tseo di tla simololang morago ga tsamaiso eno e sena go khutlisiwa?
19 Fa nako ya bosigo, kana mariga, ya tsamaiso ya ga Satane e sena go feta, go tla latelang he? Jaanong e tla bo e le motlha wa ga Jehofa wa go tlisa letsatsi le lesha le le phatsimang, paka e e kgatlhisang ya dikgakologo. E tla bo e le nako ya go simolola tsamaiso e ntšha ya ga Jehofa ya tshiamo kafa tlase ga bobusi jwa Kgosi ya gagwe ya selegodimo, ebong Keresete Jesu. Mo tsamaisong e ntšha eo, thubakanyo, tshiamololo, pogo, bolwetsi, le loso di tla bo di sa tlhole di le teng. Batho ba tla tsholelediwa kwa boitekanelong, ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng. Abo eo ke tebelelo e e kgothatsang jang ne!—Pesalema 37:10, 11, 29; Tshenolō 21:4.
20, 21. Batho go tswa merafeng yotlhe ka dipalo-palo jaanong ba batla Jehofa jang?
20 Lefa go ntse jalo, pele ga tsamaiso eno e khutla le tsamaiso e ntšha e simolola, ke paka ya ga Jehofa ya go direla baikokobetsi ba lefatshe sengwe se se botlhokwa. Ke motlha wa gagwe wa go phutha bao ba batlang go ithuta ka ene, bao ba batlang go ineela mo thatong ya gagwe, le bao ba tla ineelang mo Kgosing e e tlhophilweng ke ene. Ka go dira seno, ba tla kafa tlase ga tshireletso ya ga Jehofa: “Leina ya ga Yehofa ke kagō e e thata: mosiami o sianèla mo go eōna, me a bolokège.”—Diane 18:10.
21 Gompieno, dipalo-palo tsa batho di dira seno—tota, dimilione tsa bone di dira jalo. Di tla go tswa morafeng mongwe le mongwe mo lefatsheng. Bano ba tlhalosiwa go Sekaria kgaolo 8, ditemana 20 le 21 jaana: “Yehofa oa mashomōshomō o bua yana: a re, Go tla nama go dihala, go re, go tla tla dichaba, le banni ba metse e le mentsi: Me banni ba motse o moñwe ba tla ea kwa go ba o moñwe, ba re, A re itlhaganeleñ re eeñ go lōpa tlhōgōnōlōhaco mo go Yehofa, le go batla Yehofa oa mashomōshomō.” Temana ya 23 e oketsa jaana: “Mo metlheñ euō [ee, mo motlheng wa rona] go tla dihala, go re, batho ba le shomè ba dipuō cotlhe tsa merahe, ba tla chwara, E, ba tla chwara lokoye loa eo e leñ Moyuda [ke gore, mmaki yo o tloditsweng wa ga Jehofa], ba re, Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.”
22. Ke eng seo re tshwanetseng go se lemoga le go se dira fa e le gore re batla go falola letsatsi la bogale jwa ga Jehofa?
22 Ka gone, obamela Jehofa le batho ba gagwe mme o tle mo lefelong la gagwe la polokesego. Nna le seabe mo tirong e e botlhokwa-tlhokwa eo e dirwang mo lefatsheng gompieno—go phuthiwa le go thapisiwa ga bao ba tla falolang Hara-Magedone le bao ba tla nnang le tebelelo e e molemo ya go ema paradaise mo lefatsheng le go tshelela ruri mo go yone. Lemoga gore ke motlha ofe le paka efe mme o dire seo Isaia 55:6 e se kgothaletsang: “Batlañ Yehofa a sa nntse a ka boñwa; mmitseñ a sa nntse a le gauhi.” Ee, “batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe, ba lo dihileñ katlholō ea gagwè; batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.”—Sefania 2:3.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Babusi ba lefatshe ba ‘fitlhetswe ba tlhaetse’ ka ditsela dife mo matlhong a Modimo?
◻ Ke ka ntlhayang fa batlhanka ba ga Jehofa ba itse metlha le dipaka tsa Gagwe fa babusi ba lefatshe bone ba sa di itse?
◻ Ke ka ntlhayang fa babusi ba tshwanelwa ke katlholo e e botlhoko ya Modimo?
◻ Ke motlha ofe le paka efe tseo di fitlhileng go ya ka pono ya ga Jehofa?
◻ Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go batla Jehofa jaanong, mme jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Bontsi jwa bao jaanong ba bontshang tumelo ba tla falola motlha wa bofelo wa lefatshe leno.