Bibela—Buka ya Setho Sotlhe
“BŌNAÑ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le bathō, le dipuō, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi.”
Boidiidi joo ke jwa mofuta mang? Mme bo dirang?
“Ba chotse makolane ka diatla,” pego eo e tswelapele go bolela jalo. “Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” Nnyaa, ga se segopa se se thubakanyang seo se batlang sengwe kana seo se dirang ditshupetso ka mabaka a a rileng. Go na le moo, ke boidiidi jo bo itumetseng, jo bo ipelang joo bo sa tswang go nna le boitemogelo jo bo kgatlhisang go gaisa. “Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo . . . Ga ba ketla ba tlhōla ba bolawa ke tlala gopè, leha e le lenyōra: . . . me Modimo o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè.”
Molaetsa wa Setho Sotlhe
Setshwantsho sa “boidiidi yo bogolo” joo jwa merafe-rafe se bonwa mo bukeng ya bofelo ya Bibela, Tshenolō, mo kgaolong ya 7, ditemana 9 go ya go 17. Tshen 7:9-17 Ka tsela ya ditshwantsho, e re neela ponelopele ya nako eo setho se tla bong se sa tlhole se kgaogantswe ke lotso, puo, le bomorafe mme se tla bong se utlwana ka kagiso le tirisano-mmogo mme se ipelela go gololesega ga mmatota mo poifong le mo lehumeng. Oo, tota, ke molaetsa o o tlhomolosegileng oo Bibela e o tshwaretseng setho sotlhe.
‘Mme,’ o ka nna wa botsa wa re, ‘molaetsa oo o tlhomologile jang? A batho go dikologa lefatshe ba ile ba seka ba nna ba bua ka kagiso le kutlwano?’ Eleruri, ba dirile jalo. Mo motlheng ono wa poifo ya boditšhaba, eo e gakadiwang ke dikgaratlho tsa sepolotiki, lotso, tsa itsholelo, le bodumedi, ke mang yoo o itekanetseng sentle mo tlhaloganyong yoo a sa amegang ka kagiso ya lefatshe lotlhe? Mme bogologolo pele ga nna le dikgaratlho tse di ntseng jalo tsa boditšhaba le bogologolo pele ga go falola ga setho e nna kgangkgolo, Bibela e ne ya bua ka nako eo setho sotlhe se tla ipelelang kagiso le kutlwano kafa tlase ga puso e le nngwe, Bogosi jwa Modimo.
Pono ya Lefatshe Go Tloga kwa Tshimologong
Go tloga fela kwa tshimologong ya yone, Bibela e neela pono ya lefatshe malebana le isagwe ya setho. “Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatse, lo le henyè” e ne e le taelo ya ntlha eo e neng ya neelwa Adame le Efa ke Mmopi wa bone, ebong Jehofa Modimo. (Genesise 1:28) Adame le Efa e ne e sa tle go nna bagologolwane ba lotso kana morafe o le mongwe fela. Go na le moo, ba ne ba tlile go nna batsadi ba lotso lwa batho. Moaposetoloi Paulo o ne a supela ntlha eno fa a ne a tlisetsa Bagerika kwa Athena molaetsa wa Bibela. O ne a ba bolelela gore Modimo “o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla, go tla ba aga mo lehatshiñ yeotlhe.”—Ditihō 17:26.
Re tshwanetse go dumela gore kgopolo ya lotso lotlhe lwa batho e le bakaulengwe le bokgaitsadi e ne e le kgakala-kgakala le go akanya ga batho ka kakaretso. Le eleng gompieno, go sa kgathalesege go buiwa mo go kana-kana kaga kagiso ya lefatshe lotlhe le bokaulengwe, a ga se boammaaruri gore tlhaolo ya lotso le bomorafe di tswelapele go nna gareng ga dilo tsa konokono tse di kgaoganyang tseo di bogisang setho? Lefa go ntse jalo, Bibela e fenya dikgoreletsi tseno le tse dingwe. E bua le batho ba merafe yotlhe jaaka lelapa le le lengwe le legolo mme e bua ka lefatshe jaaka legae le le lengwe le legolo la lotso lotlhe lwa batho. Ka tsela eno, ruri ke buka ya setho sotlhe.
Tebelelo ya dira gore lotso lotlhe lwa batho lo tshele jaaka lelapa le le itumetseng lefatshe ka bophara e ka bo e diragaditswe fa Adame le Efa ba ka bo ba nnile kutlo go Jehofa Modimo. Mme ga go a ka ga diragala jalo. “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho [Adame] a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile,” Bibela e re bolelela jalo.—Baroma 5:12.
Mo leseding la seno, ga go na lotso kana morafe ope o o gaisang kana o o leng kwa tlase ga lotso kana morafe ope o mongwe. Fano gape, Bibela e bua le setho sotlhe kwantle ga tlhaolele. E bontsha fela gore “botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.” (Baroma 3:23) Lemororo batho mo mafelong mangwe ba ka tswa ba le botoka ka dilo tse di bonalang, ba rutegile botoka, jalo le jalo, a ga go boammaaruri gore gongwe le gongwe koo re lebang gone, re bona batho ba lebanwe ke mathata a konokono a a tshwanang—eleng bolwetse, botsofe, bosaitekanelang, le loso?
Tsholofetso e e Mosola go Setho Sotlhe
Lemororo boemo jwa batho bo ne bo fetogile jo bo sa jeseng di welang, batho ba ne ba sa tlogelwa kwantle ga tsholofelo epe. Fa dilo di ne di ya masweng, Jehofa Modimo o ne a tsenelela ka tsholofetso nngwe. Go Aberahame, Modimo o ne a re: “Me merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago.” (Genesise 22:18) Tsholofetso eno e ile ya tshogana e amogelwa ke ditumelo tse tharo tsa lefatshe tsa konokono—ebong Bojuda, Bokeresete, le Bomoseleme—jaaka bontlhanngwe jwa ditumelo tsa bone. Ke Bibela fela e e senolang go diragadiwa ga tsholofetso eno ka go bega tirisano-mmogo ya ga Jehofa Modimo le Aberahame le ditlogolwana tsa gagwe, go akareletsa le morafe wa bogologolo wa Iseraela.
Mme fano ke gone foo batho ba le bantsi ba dirang maipato gone. Ba akanya gore seno ke sekao sa konokono sa go tlhaola ka bomorafe. Mo motheong ono ba beela Bibela kwa thoko, kana bobotlana bontsi jwa Dikwalo tsa Sehebera, jaaka thutonyana fela ya bomorafe. Lefa go ntse jalo a seno ke kakanyo e e utlwalang? Ke ka ntlhayang fa Jehofa a ne a bontsha ikanyo e e ntseng jalo mo go Aberahame le go dira tsholofetso eo le ene?
Bibela e tlhalosa jaana: “Aberahame a dumèla Modimo, me a go balelwa e le tshiamō; me a bidiwa tsala ea Modimo.” (Yakobe 2:23) Ka mo go kgatlhisang, buka e e boitshepo ya Mamoseleme, eleng Koran, le yone e supa go tumelo jaaka lebaka la go bo Aberahame a ile a amogelwa ke Modimo jaaka tsala. “Ke mang yo o nang le tumelo e e botoka go gaisa yoo o ineelang go Allah ka bojotlhe? Mme e le yo o dirang se se molemo (go ba bangwe) le go latela tumelo ya ga Ibrahim [Aberahame], yo o thokgameng, mme Allah o ne a tsaya Ibrahim jaaka tsala.”—SURAH IV, temana 125, Holy Qur’an, e ranotswe ke M. H. Shakir.
Gotweng ka Baiseraela? Morago ga dingwaga di le 400 Modimo a ntse a dirile tsholofetso eo le Aberahame, Moshe o ne a ba raya a re: “Yehofa ga a ka a tlhōma loratō loa gagwè mo go lona, leha e le go lo itshenkèla, ka go re lo no lo heta dichaba cotlhe ka bontsi; ka gonne lo no lo le babōtlana mo dichabeñ cotlhe hèla: Me . . . ka go bo Yehofa oa lo rata, le ka go bo a rata go tlhōmamisa ikanō e o na a e ikanetse borra ba lona.”—Duteronome 7:7, 8.
Jalo e ne e se ka ntlha ya gore Aberahame kana Baiseraele e ne e le lotso kana morafe o o gaisang e mengwe, kana ka ntlha ya gore ba ne ba le botoka ka tsela epe go gaisa batho ba bangwe. Go na le moo, e ne e le ka ntlha ya lorato lwa Modimo le bopelonomi jo bo sa tshwanelang tseo di bontshiwang mo motheong wa tumelo le ditiro tse di siameng. Moaposetoloi Petere o ne a otlelela ntlha eno fa a ne a re: “[Modimo ga] se motlhaodi wa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.”—Ditihō 10:34, 35.
Ka gone, lemororo Jehofa Modimo a ne a dirisana le morafe wa Iseraela fela ka nako e e rileng, tota o ne a ntse a akantse ka botsogo jo bo siameng jwa setho sotlhe. Tirisano ya gagwe le Iseraela e ne ya seka ya begiwa mo Bibeleng go godisa moya wa bomorafe kana go tlotlomatsa morafe o mongwe mo godimo ga o mongwe. Go na le moo, “dilō cotlhe tse di kwadilweñ galè, di kwadilwe gore di re rutè, gore re bōnè cholohèlō ka pelotelele le ka kgomoco ea dikwalō.” (Baroma 15:4) Ee, ditiragalo tseno di tlotlomatsa lorato lwa Modimo le bopelotelele mo go diragatseng tsholofelo ya gore setho sotlhe se tla boela gape se nna mmogo ka kagiso le ka kutlwano. Tsholofelo eno e tla diragadiwa jang?
Tsamaiso ya Kagiso
“Kaha go kgatlhegeñ ga ōna [Modimo], mo o go ikaeleletseñ, Yoa go hitlhisa sebaka sa botlalō yoa metlha mo go èna, go tla o shōpanyetsa dilō cotlhe mo go Keresete, eboñ dilō tse di kwa magodimoñ, le dilō tse di mo lehatshiñ,” Paulo o ne a tlhalosa jalo. (Baefesia 1:9, 10) “Go hitlhisa” gono ke eng?
Lefoko leno le ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika eleng oi·ko·no·miʹa, leo tota le kayang “tsamaiso ya lelapa.” Ka gone, lemororo setho se kgaogane ka dipolotiki, lotso, tsa itsholelo, bodumedi, Modimo o ikaeletse go fedisa dilo tseno tsotlhe tse di kgaoganyang le go tlisa setho se se kutlo mmogo gape jaaka lelapa le le itumetseng lefatshe ka bophara. O tla dira seno jang? O tla se dira ka Bogosi jwa Bomesia mo matsogong a ga Morwawe, ebong Jesu Keresete.—Bona Daniele 2:44; Isaia 9:6, 7.
Gompieno, mo gare ga poifo le mathata a lefatshe lotlhe, dimilione tsa batho go dikologa lefatshe di ile tsa arabela molaetsa wa Bibela kaga kagiso le kutlwano. Ba ile ba tlhaga jaaka “boidiidi yo bogolo” jo bo senang palo joo bo tlhalosiwang mo bukeng ya Tshenolo. Ka tshwantshetso, ba setse ba akga makolane fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo, ba baka le go ineela mo go yo o “dutseñ mo setuloñ sa bogosi,” Jehofa Modimo, “le go Kwana,” ebong Jesu Keresete.—Tshenolō 7:9, 10.
A molaetsa oo o a ikuela mo go wena? Go sa kgathalesege lotso lwa gago, bomorafe, kana puo, o ka kopanela le “boidiidi yo bogolo” joo jwa merafe-rafe, ka go tlhatlhoba le go amogela molaetsa ono wa Bibela jaanong. O ka bua le bone jaana ka tsholofelo: “Kaha poleloñ ea ōna [Modimo] ea choloheco re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.”—2 Petere 3:13.
Eleruri, Bibela e ka nna buka ya gago!
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Adame le Efa e ne e le batsadi ba lotso lwa batho
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Aberahame, yo o neng a tlogela naga-gae ya gagwe, o ne a bona kamogelo ya Modimo ka ntlha ya tumelo le ditiro tse di siameng