LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 4/15 ts. 3-4
  • O Ne O Ka Tlhopha Buka ya Setho Sotlhe Jang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Ne O Ka Tlhopha Buka ya Setho Sotlhe Jang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tlhopho ya Ditswerere
  • Tlhopho ya Konokono
  • Bibela—Buka e e Tshwanetseng go Balwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ithuteng Buka ya O Ka Tshelela Ruri Le ya Go Utlwana mo Kobamelong
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Se Buka Eno e se Tshotseng
    Buka ya Batho Botlhe
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 4/15 ts. 3-4

O Ne O Ka Tlhopha Buka ya Setho Sotlhe Jang?

FA WENA, go sa kgathalesege dilo tsotlhe tsa letsatsi le letsatsi tseo o tshwanetseng go di dira, ka tsela nngwe o ne o ka kgona go bala buka e le nngwe ka beke, o ne o tla kgona go bala dibolumo tse di fetang 3 000 mo botshelong jwa gago jotlhe. Lefa seo se ka lebega se tlhomologile, ga se fete lerothodinyana mo nkgong fa o akanyetsa gore ngwaga mongwe le mongwe ditlhogo tse di fetang tse dintsi tse disha tseo makgetlho a le lesome di gatisiwa mo United States fela. Mme seo ebile ga se kopanyeletse diketeke tsa dibuka tsa konokono tseo motho mongwe le mongwe yo o rutegileng o tshwanetseng go bo a di badile.

Ka phepafalo, fa go tliwa mo dibukeng, phitlhelelo eno e e dirilweng dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng gompieno e opa kgomo lonaka go gaisa lefa e le leng pele: “Ga go na bokhutlō yoa go diha dikwalō di le dintsi; le go akanya mo gogolo ke letsapa mo nameñ.”​—Moreri 12:12.

Mme mo dibukeng tseno tse dintsintsi, a go na le e le nngwe eo e leng boleng le botlhokwa mo eleng gore ke e e tlhomologileng go gaisa tse dingwe tsotlhe jaaka buka eo mongwe le mongwe a tshwanetseng go e bala? A go na le nngwe eo e fenyang melelwane ya bomorafe, mokgwa wa botshelo, le ya puo mme e tshwanelega go ka bidiwa buka ya setho sotlhe?

Kgang eno ya gore ke eng seo re tshwanetseng go se bala ke e e fetang molemo wa thutego fela e e kwa godimo ka gonne kgabagare e tlhotlheletsa tsela eo re akanyang ka yone, ditlwaelo tsa rona, le pono ya rona. Barutisi, batsadi, le ba bangwe​—ba ile ba tlhokomela yone fela, mo nakong e e fetileng le gompieno. Go ile ga tshwarwa dipatlisiso le dipotsolotso di le mmalwa kaga seo e leng sone sa botlhokwa go ka balwa, mme diphelelo e nnile tse di sedimosang eleruri.

Tlhopho ya Ditswerere

Ka 1890 mokwadi mongwe wa dibuka o ne a simolola setlhogo seno le batho ba bantsi ba maemo a a kwa godimo bao ba ratang go bala ba motlha oo. O ne a ba kopa gore ba bolele dibuka tseo ba neng ba akanya gore e ne e le tsa botlhokwa-tlhokwa. Diphelelo e ne ya nna eng? “Bibela, Shakespeare, le Homer e ne e le tsone tseo di ratiwang go gaisa ke batho bano ba ba rutegileng mo lekgolong la dingwaga la bosomerobongwe,” go bega jalo buka nngwe ya tshupiso. “Mme,” e a oketsa, “lenaane la batho bano ba ba tlotlegang le tla nna le sa fetoge gompieno.”

Dipatlisiso dingwe tsa bosheng jaana di ile tsa dumalana le seno. Ka sekai, ka September 1982, makasine wa Time o ne wa gatisa ka moo boperofesara, boraditiragalo, le borametloboya-dibuka ba le robedi ba ba tumileng ba ileng ba araba ka gone potso e e reng, “Ke dibuka dife tse tlhano tseo motho mongwe le mongwe yo o rutegileng a tshwanetseng go bo a di badile?” Lemororo batlhalefi bano ba ne ba sa dumalane ka botlalo, ba le batlhano mo go ba le robedi​—palo e e kwa godimo ka phepafalo—​ba ne ba akaretsa Bibela mo dikhakong tsa bone. Malebana le patlisiso e e tshwanang, Psychology Today e bega gore “mo dibukeng di le 165 tseo di tsopotsweng, Bibela e ne ya bona kemonokeng e e kwa godimo: 15. Ga go na buka epe e nngwe eo e neng e e atamela.”

Seo se kgatlhisang ka mo go kgethegileng ke diphitlhelelo tsa potsolotso nngwe eo e neng e tshwerwe ke The Korea Times go tlhomamisa ka moo batho ba morafe oo bao eseng Bakeresete ba lebang dikereke tsa Bokeresete ka gone. “Pego ya potsolotso eo e ne ya bontsha gore Bakeresete, fa ba bapisiwa le bao eseng Bakeresete, ba bogagapa go feta, ba rata madi thata mme ga ba dinatla go le kalo,” lokwalo-dikgang loo lo bolela jalo. Lefa go ntse jalo, pego eo e tswelapele ka gore: “Go sa kgathalesege go tlhoka tumelo ga bone, 70 lekgolong ya bao ba botsoloditsweng ba anaanela bogolo jwa Bibela thata-thata.”

Tlhopho ya Konokono

Dipotsolotso le dipatlisiso tse dintsi tse di tshwanang le tseo di ka tsopolwa go bontsha gore gangwe le gape Bibela e ne ya tlhophiwa jaaka buka eo e tlhomologileng thata go feta tse dingwe tsotlhe. Ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, e itshupile e le yone e e tlhophiwang go gaisa mo dibukeng, mo nakong e e fetileng le gompieno, kwa botlhaba le kwa bophirima.

Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa go feta moo ke gore wena o e leba jang ka namana? Fa e le gore o nna mo nageng ya Bophirima, a gongwe o akanya gore Bibela e siilwe ke nako mo lefatsheng la rona la segompieno, la boitseanape le gore ga e botlhokwa go le kalo mo go rarabololeng mathata a gompieno? Fa e le go re o nna mo nageng ya Botlhaba, a o leba Bibela jaaka buka ya Bophirima mme ka gone e se ya botlhokwa bope jwa mmatota mo go wena? Kana a Bibela e na le molaetsa oo batho botlhe gompieno ba tlhokang go o utlwa? A e rarabolola mathata ao batho ba lebanang le one gongwe le gongwe gompieno? A tota ke buka ya setho sotlhe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela