Tlhokomela Matswela a a Thatafatsang a Sebe!
ONE a ratiwa thata ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bakeresete. Ene le mosetsanyana wa gagwe e ne e le ditsala tse di ntshanang se inong mo tirelong ya tshimo le kwa dipokanong, ba le botsalano ebile ba rata batho. Mme morago bagolwane ba phuthego ya gagwe ba ne ba amogela dipego tsa gore o ne a tsuba ka lenyatso kwa tirong ya gagwe—fela fa pele ga Basupi ka ene! Fa a ne a bodiwa ka tatofatso eno, o ne a dumela go tsuba le kgokafalo, a bua jaana a wetse makgwafo: “Ga ke akanye gore ke batla go nna mo boammaaruring gone jaanong.” Sebe se ne se mo thatafaditse.
Mo go Bahebera 3:13 moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore motho o ne a ka “kgwaraladiwa ke tsieco ea boleo.” Seno se itshupile go nna boammaaruri no batsading ba rona ba ntlha, ebong Adame le Efa. Fa Adame a ne a botswa ka go se reetse ga gagwe, o ne a ipata ka gore: “Mosadi eo o mo nneileñ gore ke nnè naè, ke èna eo o nneileñ setlhare, me ka ya.” Abo Adame o ne a fetogile jang ne mo letsatsing leo a neng a bona mosadi wa gagwe yo montlenyana lantlha a neng a tlhotlheletsega gore are: “[Labofelo] eo ke lesapō ya marapō a me, le nama ea nama ya me.” Jaanong Efa e ne e le “Mosadi eo o mo nneileñ gore ke nnè naè.” Efa ka bokoa o ne a latofatsa noga.—Genesise 2:23; 3:1-13.
Motho yo mongwe yo o neng a thatafadiwa ke sebe mo go sa baakanyegeng e ne e le Judase Isekariota. O tshwanetse a bo a ne a na le pelo e e molemo fa a ne a simolola, ereka Jesu a ne a ka se mo tlhophe jaaka moaposetoloi fa go ne go se jalo. Mme morago ga gore a kgalemelwe ke Jesu ka nako nngwe, Judase ka go betwa ke pelo o ne a loga maano a go oka Morena wa gagwe. (Mathaio 26:6-16) Fa Jesu a ne a senola gore mongwe wa ba ba 12 o ne a tla mo oka, Judase, ene yo o bonalang a sena molato o ne a botsa jaana: “A ke nna?” (Mathaio 26:25) Ke moleofi wa ka bomo fela yo o neng a ka boloka go itimokanya go go ntseng jalo go go lenyatso. Mme fa batlhabani ba ne ba tla go tshwara Jesu, Judase mo dilong tsotlhe, o ne a tlhopha sesupo seo sa bogologolo sa lorato le botsala—go atla—jaaka letshwao la go tlhaola. Jesu a mmotsa a re, “Judase, a o oka Morwa Motho ka katlo?”—Luke 22:48.
Ka Moo Sebe se Thatafatsang ka Gone
Sebe se bona jang taolo e e ntseng jalo mo mothong? Mo go Bahebera 3:7-11 Paulo o bontsha ka moo sebe sa go tlhoka tumelo se neng sa ama morafe wa Iseraele ka gone. Fa a tsopola Pesalema 95:7-11, o re: “Ke gōna hèla yaka Mōea o o Boitshepo o bua, oa re, Gompiyeno ha lo utlwa lencwe ya ōna, Se ikgwaralatseñ pelo tsa lona yaka mo kgakacoñ, yaka mo motlheñ oa tekō kwa nageñ, E borra eno ba ntalèla ka eōna ba nteka, me ba bōna ditihō tsa me ka dinyaga di mashomè manè. Ke gōna ka mouō ke ne ka itumologèla losika lo, ka ba ka re, ba timèla ka galè mo peduñ tsa bonè: me ga baa ka ba itse ditsela tsa me; Yaka ke ikanne mo bogaleñ yoa me, ka re, Ga ba ketla ba tsèna mo boikhucoñ yoa me.”
‘Tiragalo e e gakatsang’ e ne ya diragala mo lefelong le le bidiwang Meriba le Masa. (Pesalema 95:8) Koo, morago fela ga go gololwa ga bone go go gakgamatsang go tswa mo Egepeto, “batho ba ganèla le Moshe ka ntlha ea gōna mouō, ba re, Re neè metse gore re nwè.” (Ekesodo 17:2) Gakologelwa, ba ne ba setse ba bone dipetso tse di senyang tsa Egepeto, metsi a mantsi a Lewatle le le Hibidu a kgaogana ka bogare, le mana a wa go tswa legodimong. Lefa go ntse jalo, ba ne ba “timèla mo peduñ tsa bōnè.” Ba ne ba nwetse thata mo dikeletsong tsa bone tsa bopelotshetlha go ka gakologelwa ditiro tsa ga Jehofa. Jalo ba ne ba seka ba ‘itse ditsela tsa Modimo le go godisa tsholofelo ya gore Jehofa o ne a ka ba tlamela mo maemong ape. “Re neè metse!” ba laela jalo, jaaka ekete Modimo yo o neng a kgaoganya lewatle o ne a sena thata. Ga go gakgamatse, he, gore morago ba ne ba tlhopha go dumela pego e e bosula ya ditlhodi tse di lesome tse di boi tse di neng tsa tlhola Lefatshe la Tsholofetso. (Dipalo 13:32–14:4) Ka ntlha ya go tlhoka tumelo go go ntseng jalo, Jehofa o ne a bolela jaana: “Ga ba ketla ba tsèna mo boikhucoñ yoa me.”—Pesalema 95:11.
Fa a sena go ithuta mo go seno, Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Lo itisè, ba ga echo, e se re kgotsa go bo go ka na le mo go moñwe wa lona pelo e e boshula e e sa dumeleñ, ea go kgaogana le Modimo o o tshedileñ: Me lo laanè ka malatsi aotlhe, ka go nntse go ka twe, Gompiyeno; gore opè oa lona a se ka a kgwaraladiwa ke tsieco ea boleo.” (Bahebera 3:12, 13) “Boleo” jwa Baiseraele e ne e le go tlhoka tumelo. (Bona Bahebera 3:19 bapisa 12:1.) Bo ne jwa ba dira gore ba ‘kgaogane le Modimo yo o tshelang,’ ba latlhegelwe ke ikanyo yotlhe go Jehofa, go sa kgathalesege dikgakgamatso tsotlhe tse a di dirileng. Go fapogela mo boitsholong jo bo maswe go ne go sa tilege.
Ka mo go tshwanang go tlhaela tumelo go ka bakela Mokeresete gompieno gore a ‘timele mo pelong ya gagwe,’ gore a ineele mo tshekamelong ya pelo ya tlholego. “Pelo e boherehere bogolo go dilo cotlhe, e botlhoko thata: emañ eo o ka e itseñ?” (Yeremia 17:9, 10) Dikakanyo le dikeletso tse di phoso di simolola go tlatsa pelo, di tlhotlheletsa tomagano ya ditiragalo e e bolayang: “Me motho moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thatō ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thatō, e re e sena go èmèra, e tsale boleo: me boleo yo, bo re bo sena go gola, bo tsale losho.”—Yakobe 1:14, 15.
Fa Sebe se Thatafatsa Motho
Monna mongwe o ne a ipelela ditshiamelo tse di oketsegileng jaaka mogolwane, lemororo ka botlhale a ne a fitlha molato wa gagwe jaaka mogokafadi. Le eleng fa a sena go nyala, o ne a tswelela ka boitshwaro jo bo maswe. Lefa go ntse jalo, o ne a seka a nna le bothata jwa go boloka ponagalo e e phoso ya go tlhoka molato, le eleng fa a ne a direla mo dikomiting tsa katlholelo go atlholela ba bangwe. Sebe se ne se simolotse go mo thatafatsa. Ka bonako o ne a simolola go belaela le eleng dithuto tsa motheo tsa Bibela. Labofelo fa a ne a patelediwa go bolela phoso ya gagwe, o ne a ka tshikinya magetla a gagwe fela mme a re, “Go santse go thusang jaanong?”
Go itimokanya go ka bolaya segakolodi sa motho jaaka ekete o se fisa ka “tshipi e e molelō.” (1 Timotheo 4:2) Diane di tlhalosa seno ka go re: “Tsela ea mosadi eo o seaka e nntse yalo; o tle a ye, me a iphomole molomo, me a re, Ga ke a diha boikepō bopè.” (Diane 30:20) Moleofi yo o thatafaditsweng o akanya le elenggo re: “Modimo o lebetse: o bipile sehatlhōgō sa ōna.” (Pesalema 10:11) Mme go ganelela ga motho lobaka lo lo leele mo boleong, go oketsa go baya pelo ya gagwe mo kotsing ya go ‘nona jaaka mafura.’ (Pesalema 119:70) Mosha mongwe o ne a dumela ka go re: “Fa ke ne ke dira kgokafalo lantlha, go ne go nja kafa teng. Mme nako nngwe le nngwe morago ga moo, go ne ga nna motlhofo, go fitlhela ke fitlha mo ntlheng ya fa go ne go sa tlhole go ntshwenya le eseng.”
Tota, pelo e batla ditsela tsa go pata phoso. Lekawana lengwe, morago ga go dira kgokafalo le lekgarebe la gagwe, o ne a mo thibela go ya kwa bagolwaneng go ya go bona thuso ka go re: “Re tlile go nyalana! Mme oa itse gore Bibela e bolela gore fa batho ba dira tshwetso ya gore baa ratana, mo matlhong a ga Jehofa go setse go tshwana le gore ba setse ba nyalane.” Abo e le go akanya go go bogagapa, go go faposang jang ne! Ka maswabi, go dira boleo goo kwa bokhutlong go ne ga gola, ga bakela go bolaya—go ntsha mpa! Mosetsana yono yo mosha morago o ne a dumela ka go re: “O simolola ka go nna tlhogo-e-thata, mme o simolola go ikutlwa gore o ka ikgalemela ka bowena.” Lekawana lengwe leo ka mo go tshwanang le neng la wela mo go direng kgokafalo le ne la ipolela jaana: “Go tshwana le go nna letagwa le le reng, ‘Nka tlogela nako nngwe le nngwe fa ke batla. Nte ke nwe labofelo.’ Jalo o beela go ya go bagolwane kwa thoko.” Moleofi o nna setswerere thata mo go tsietseng ba bangwe mo eleng gore o simolola go itsietsa ka boene. “Gonne o iphora mo maitlhoñ a gagwè, a re, Boikèpō yoa gagwè ga bo ketla bo lemogwa, bo ilwa.”—Pesalema 36:2.
Go Tila Serai sa Sebe
Ereka “motho o dumela ka pelo,” Mokeresete o tshwanetse go dira bojotlhe go e sireletsa. (Baroma 10:10; Diane 4:23) Thapelo, dipokano, le thuto ya botho di thusa go tlatsa dipelo tsa rona ka megopolo e e agang. Ke boammaaruri gore nako le nako dikakanyo tse di bosula di tla tsena mo megopolong ya rona. Mme fa di tsena, re ka gana go akanya ka tsone. Re tshwanetse ra ya go Jehofa ka thapelo ka bonako fa re iphitlhela re raelesega go dira se se phoso. (Pesalema 55:22) Mme ‘a boaka, le maswe otlhe le boiphetlho go seka gaba ga umakwa mo go lona, jaaka go tshwanetse baitshepi.’ (Baefesia 5:3) Ka tsela eno ditiragalo tse di lomaganeng tse di ‘tsalang boleo’ le loso di thibelwa pele di simolola.
Gape, gakologelwa gore boipelo jwa sebe ke jwa “lobaka” fela. (Bahebera 11:25) Go ise go ye kae “boleo yoa [gago] bo tla [go] chwara,” mme o lebane le matswela a a botlhoko. (Dipalo 32:23) Ipotse jaana, ‘A tota ke batla go thatafadiwa ke sebe? Lefa seno se ka nna sa itumedisa gone jaanong, se tla nkama jang morago ga lobaka lo lo leele?’
Lefa go ntse jalo, go tweng fa motho a iphitlhela a tshwaregile mo tseleng e e phoso? A o swetsa ka gore motho a ka “tlosa” boleo jwa gagwe ka bontsi jwa tiro ya Bokeresete. “Ditlhabelō tsa Modimo ke mōea o o phatlogileñ,” Kgosi e e sokologileng ebong Dafide o ne a bua jalo. (Pesalema 51:17) Kgakololo ya Bibela go yo o lwalang semoyeng ke gore: E ya kwa bagolwaneng! (Yakobe 5:14, 15) Banna bano ba ba godileng ba tla dira sotlhe se ba ka se kgonang go thusa yo o lwalang go boela mo boitekanelong jwa semoya. Ke jaaka Bibela e re: “Eo o bipañ ditlolō tsa gagwè ga a ketla a tlhōgōnōlōhala: me eo o di ipolèlañ a ba a di bakèla, o tla bōna boutlwèlō botlhoko.” (Diane 28:13) Monna mongwe o ne a bua jaana morago ga gore labofelo a ipolele boleo jwa gagwe go bagolwane: “E ne ekete morwalo o mogolo o ne o tlositswe mo magetleng a me.”—Bapisa Pesalema 32:1-5.
Jaaka lefatshe leno le ntse le etegela ka boikepo, go tla nna le kgwetlho e kgolwane go Mokeresete go boloka bothokgami jwa gagwe. Lefa go ntse jalo, gakologelwa: “Leha moleohi a diha boshula ga kgolo, a ba a gōlōla metlha ea gagwè . . . go tla nna molemō mo go ba ba boihañ Modimo.” (Moreri 8:12) Jalo boifang Jehofa Modimo! O tla lo sireletsa mo matsweleng a a thatafatsang a sebe.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Baiseraele ba ne ba bontsha boikutlo jwa go nna tlhogo-e-thata fa ba ne ba batla metsi mo go Moshe