LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 3/15 ts. 4-7
  • A Masea A Tshwanetse go Kolobediwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Masea A Tshwanetse go Kolobediwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A ke Ngwao ya Modimo kana ya Batho?
  • ‘Mo Molelwaneng wa Dihele’
  • Kgang E Ya Magoletsa Gape
  • Go Kolobediwa ga Masea le Ngwana wa Gago
  • Go Kolobediwa ga Masea—Lebaka La Go Bo Baruti Ba Bangwe Ba Go Gana!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • A Masea a Tshwanetse go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Kolobetso ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Kolobetso e Botlhokwa Thata
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 3/15 ts. 4-7

A Masea A Tshwanetse go Kolobediwa?

Lesea ga le lebege jaaka moleofi le eseng. Lefa go ntse jalo go tlhatswa boleo ke seo tirelo eno ya bogologolo eleng kaga sone. Moemedi wa ngwana o itatola Satane le ditiro tsa gagwe gararo. Morago ga moo moruti o tsaya senwelo se sennye mme o tshela metsi mo phatleng ya ngwana ka makgetlho a mararo a ntse a re, “Ke go kolobetsa mo leineng la ga Rara, le la Morwa, le la Moya o o Boitshepo.”

MO E ka nnang mo dingwageng di le dikete di le pedi masea a ne a kolobediwa mo tirelong e e ntseng jaana. Batsadi ba ka nna ba e tlhalosa jaaka boitemogelo jo bo tlhotlheletsang ka mo go boteng. Lefa go ntse jalo, a mokgwa ono o simologile go tswa mo Lefokong la Modimo? Baruti ba Katoloki ba dumela gore ga goa nna jalo.​—Bona New Catholic Encyclopedia, volume 2, tsebe 69.

Ipalele buka ya Bibela ya Ditihō, mme o tla bona ka bonako gore mo Bakereseteng ba pele, kolobetso e ne e le ya bao ba kgonang go ‘utlwa le go amogela mafoko’ ba tlhajoganya go ‘dira boikwatlhao.’ (Ditihō 2:14, 22, 38, 41, Douay Version) Dilo tse lesea le ka se kgoneng go di dira! Ke boammaaruri, gore Bibela e bua ka malapa otlhe, jaaka la ga Kornelio, a kolobediwa.a Mme le eleng ka nako eo, kolobetso e ne e le ya bao ba “utlwañ lehoko”​—eseng masea.​—Ditihō 10:44-47.

A ke Ngwao ya Modimo kana ya Batho?

E palelwa ke go supa mo tiragalong ya Bibela, Vatican (Lekgotlha la Bapapa) e re, “mokgwa wa go kolobetsa masea o tsewa jaaka ngwao e e sa gopolesegeng.” Mme a ngwao eno e ne ya tlhongwa ke Jesu Keresete? Nnya, gonne go kolobediwa ga masea go ne go sa itsiwe go fitlha nako e teletsana morago ga go swa ga baaposetoloi. Kwa bofelong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga, rara wa kereke ebong Tertullian o ne a re, “A [bana] ba nne Bakeresete fa ba kgona go itse Keresete.”

Lefa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa gore labofelo go ne go tla tla motlha oo “ba se ketlañ ba itiseletsa go utlwa thuto e e itekanetseñ ka ōna.” (2 Timotheo 4:3) Morago ga gore baaposetoloi ba swe mme ba sa tlhole ba kgona go ‘nna ba ba ganetsang,’ mekgwa e e seng ya dikwalo e ne ya simolola go tsena mo teng ga kobamelo ya Bokeresete. (2 Bathesolonia 2:6) Mo go yone go ne go le go kolobediwa ga masea. Mme go kolobediwa ga masea go ne ga seka ga nna molao go fitlha mo lekgolong la botlhano la dingwaga. Ka nako eo go ne ga nna le kganetsano e e matlho mahibidu e e neng ya fetola La-Bodumedi go ya go ile.

E ne ya simologa fa moitlami wa Moesemane yo o bidiwang Pelagius a ne a tsaya leeto go ya Roma. Ka ntlha ya go gakgamadiwa ke go bola go a neng a go bona koo mo go ba ba bidiwang Bakeresete, moitlami yono a ikemisetsa go tlhotlheletsa batho “go iteka thata mo go itsholeng sentle.” Motho a ka seka a bona ‘sebe sa motheo’ molato ka ntlha ya makoa a gagwe, ga bua jalo Pelagius. “Sengwe le sengwe se se molemo le sengwe le sengwe se se bosula . . . se dirwa ke rona, ga se a tsalwa le rona.” Ka bonako thuto yaka ga Pelagius ya nna puo ya La-Bodumedi.

Mme ka lobaka lo lo khutshwane. Baeteledipele ba kereke ba ne ba leba go latlha ‘sebe sa motheo’ jaaka thuto e e kgatlhanong le ya kereke. Mme ka go se lemoge Pelagius o ne a ba segela mo lefureng ka go dumela mokgwa o o neng o tletsetletse ka nako eo​—go kolobediwa ga masea. Mobishopo yo o neng a bidiwa Augustine o ne a bona seno jaaka go se tlhomame go go phepa. ‘Fa masea a tshwanetse go kolobediwa go tweng ka ao a sa kolobediwang?’ Augustine a bua jalo. Go bonala tshwetso e e utlwalang e nnile gore a a ntseng jalo a ne a tla boga molelo wa dihele ka ntlha ya gore a ne a sa kolobediwa. Morago ga gore ntlha eno e e sa tlhomamang e tlhongwe, Augustine a otlelela ka gore: Ereka masea a a sa kolobediwang a atlhotswe eleruri, ke eng se sengwe se e ka nnang lebaka la seno kwantle ga ‘sebe sa motheo’?

Thuto ya ga Pelagius e ne ya wa. Morago ga moo mogakolodi wa kereke kwa Carthage a bolela fa dithuto tsa ga Pelagius di le kgatlhanong le tsa kereke. ‘Sebe sa motheo’ sa nna karolo ya Bokatoliki fela jaaka boipobolo. Mme kereke jaanong e ne ya faposediwa mo tseleng ya go tsweletsa pele go sokololwa ga bontsi ​—gantsi ka kgapeletso​—go boloka batho mo ‘melelong ya dihele.’ Go kolobediwa ga masea go ne ga fetoga mo go nneng mokgwa o o tlwaelegileng go nna sediriswa sa molao sa go boloka, sediriswa seo Boporosetanta bo neng bo tla se rua.

‘Mo Molelwaneng wa Dihele’

Thuto ya ga Augustine e ne ya tsosa dipotso tse di tlhabisang ditlhong tse di thata: Modimo yo o lorato a ka dira jang gore masea a a senang molato a boge mo diheleng? A masea a a sa kolobediwang a tla amogela kotlhao e e tshwanang le ya baleofi ba ba ditlhogo di thata? Go neela dikarabo go ne ga seka ga nna motlhofo mo baruting. Moruti wa Katoliki ebong Vincent Wilkin o re: “Bangwe ba ne ba atlholela masea a a sa kolobediwang botlhoko jotlhe jo bo tletseng jwa dikgabo tsa molelo wa dihele, bangwe ba ne ba dumela gore a ne a sa jewe ke dikgabo tsa molelo mme a ne a fisiwa go ya selekanyong sa mogote se se botlhoko eleruri; bangwe ba ne ba ka dira gore botlhoko mo diheleng bo nne jo bonnye thata ka mo go ka kgonegang ka gone . . . Ba bangwe ba ne ba ka ba baya mo lefatsheng la paradaise.”b

Lefa go ntse jalo, tumelo e e itsegeng thata go di gaisa tsotlhe, e itshupile e le ya gore meya ya masea a a sa kolobediwang e tsenngwa mo limbo. Lefoko leno tota le raya “molelwane” (jaaka o o tshwanang le bokhutlo, kana momeno, wa seaparo) mme le tlhalosa lefelo leo le ka nnang le le mo molelwaneng wa dihele. Go baruti, limbo ke tumelo e e tlhwatswang pelo eleruri. Bobotlana e fokotsa setshwantsho se se tsitsibanyang mmele sa masea a a bogang.

Mme go tshwana le tumelo epe e e itiretsweng ke motho, limbo e na le mathata a yone. Ke ka ntlhayang fa e sa umakiwe mo Dikwalong? A masea a ka tswa mo limbo? Mme santlha ke ka ntlhayang fa masea a a senang molato a tshwanetse go ya koo? Ka mo go tlhaloganyesegang, kereke e umaka gore limbo “ga se thuto ya semolao ya Katoliki.”c​—New Catholic Encyclopedia.

Kgang E Ya Magoletsa Gape

Mo makgolokgolong a dingwaga Makatoliki ka kakaretso a ne a tshwarelela mo ponong ya ga Augustine mme ‘ba sireletsa’ bana ba bone kgatlhanong le ‘limbo’ ka kolobetso. Lefa go ntse jalo, fa esale ka bo 1950 go nnile le tsosoloso ya mmatota ya kgang ya go kolobediwa ga masea. Baithuti ba Makatoliki ba ne ba simolotse go belaela go go masisi gore a mokgwa ono ke wa Bibela. Bangwe ba dumela gore ba ka se amogele ditumelo tsa ga Augustine tsa molelo wa dihele kana limbo.

Lefa go ntse jalo, lantlha, baeteledi-pele ba ba ganelelang mo dithutong tsa bogologolo ba ne ba gana go fetoga. Ka 1951 Mopapa Pius XII o ne a bua le setlhopha sa babelegisi. A dumalana gape le tumelo ya gore “boemo jwa go nna boitshepo mo nakong ya go swa bo tlhokafalela poloko thata,” o ne a kgothaletsa babelegisi go dira tirelo eno ya kolobetso ka bobone fa go ne go bonala ekete ngwana yo o sa tswang go tsalwa o ne a ya go swa. “Ka gone, lo seka lwa palelwa ke go dira tirelo eno e e kutlwelo-botlhoko,” a laela jalo. Ka mo go tshwanang, ka 1958 Vatican e ne ya ntsha tlhagiso e e maatla ya gore “masea a tshwanetse go kolobediwa ka bonako ka mo go ka kgonegang ka gone.”

Lefa go ntse jalo, kganetso e ne ya tsoga gape morago ga kokoano e e itsegeng ya Vatican II. Ka kgato e e gakgamatsang, kereke e ne ya leka go tsaya letlhakore le le ganetsanang le maemo a a pelontle. ‘Kolobetso e tlhokafalela poloko thata,’ ga bua lekgotla jalo. Lefa go ntse jalo, ka go batla go itse, poloko e ne e kgonega gape go “bao eseng molato wa bone fa ba ne ba seka ba itse mafoko a a molemo a ga Keresete.”d

Se se neng sa latela morago ga moo, kereke e ne ya tsosolosa tirelo ya go kolobediwa ga masea. Magareng ga dilo tse dingwe, baruti jaanong ba ne ba nna le tetla ya go gana go kolobetsa ngwana fa batsadi ba sa solofetse go mo godisa jaaka Mokatoliki. A labofelo kereke e ne ya tlogela thuto ya ga Augustine? Bangwe ba ne ba akanya jalo mme ba simolola go botsa ka tlhokafalo ya go kolobediwa ga masea.

Morago ga moo Vatican ya ntsha “Taelo ya yone kaga Go Kolobediwa ga Masea,” e e neng e tlhalosa jaana: “Kereke . . . ga e itse tsela e nngwe ya go tlhomamisa go tsena ga bana mo boitumelong jo bo sa khutleng kwantle ga kolobetso.” Bobishopo ba ne ha laelwa go “busetsa bao ba . . . neng ba tlogetse mokgwa ono wa setso mo go one gape.” Mme go tweng ka masea a a swang a sa kolobediwa? “Kereke e ka ba solofetsa bopelotlhomogi jwa Modimo fela.

Go Kolobediwa ga Masea le Ngwana wa Gago

Kwantle ga pelaelo, Makatoliki a le mantsi a a dipelo-di-phepa a gakgamadiwa ke seno sotlhe eletota. Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ka nna ba ikutlwa gore, thuto ya Katoliki go akareletsa le kolobetso, bobotlana e neela ngwana tshimologo e e molemo ya bodumedi. Mme a e dira jalo? Mmè mongwe wa Mokatoliki o ne a re: “Ke na le bana ba babedi ba ba nnyane thata, ka bobedi ba ne ba kolobediwa e sale masea, mme ga ke bone go nna boitshepo gope mo go bone, fa e se se fapaaneng thata le seno.”

Go kolobetsa ngwanyana ga go mo thuse gore a nonofe mo tumelong. Tota, go kgatlhanong le taelo ya ga Jesu e e reng: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihe merahe eotlhe barutwa [kana “dirang baithuti”] . . . lo ba kolobetse.” (Mathaio 28:19) Kolobetso ga e na bokao kwantle ga fa motho a godile ka mo go lekaneng go nna morutwa. Ke boammaaruri, gore go na le “ngwao e e sa gopolesegeng” ka go kolobediwa ga masea. Mme a Jesu o ne a seka a latofatsa bao ba neng ba ‘dirolotse lefoko la Modimo ka ntlha ya mekgwa ya bone’?​—Mathaio 15:6.

Kwa bokhutlong, Bibela e kgothaletsa batsadi go thapisetsa bana ba bone mo dilong tsa semoya ‘go tswa bonnyaneng.’ (2 Timotheo 3:14-17) Ka jalo Basupi ba ga Jehofa ba tsaya kgakololo eno ya Bibela ya go godisetsa bana ba bone “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna” ka masisi. (Baefesia 6:4) Gantsi seno se dirwa ka go nna le thuto ya Bibela ya lelapa ka metlha. Batsadi ba ba ntseng jalo ba ruta bana ba bone go nna teng le go tsaya karolo mo dipokanong tsa Bokeresete. (Bahebera 10:24, 25) Ba kgothaletsa bana ba bone go dira “boipolelo jwa phatlalatsa” jwa tumelo ya bone. (Baroma 10:10, NW) Ka nako e e tshwanetseng, bana ba bone ba ka nna ba tlhotlhelediwa go dira boineelo jwa bone ka bobone go Jehofa Modimo le go bo bontsha ka kolobetso ya metsi. Seno ke sa Dikwalo mme se na le bokao jo bogolwane le jo bo kgotsofatsang go na le go leba tirelo ya bogologolo e dirwa mo leseeng le le sa tlhaloganyeng.

Fa ngwana wa Mokeresete a ka swa pele a kolobediwa, batsadi ga baa tshwanela go tshoga gore o a sha kwa diheleng kana o diegile kwa limbo. Bibela e ruta gore baswi ga ba itse sepe. (Moreri 9:5, 10) Ka gone batsadi ba ka gomodiwa ke tsholofetso ya ga Jesu ya gore “lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè ka lōna, me ba tla cwa” ka tsholofelo ya botshelo mo Paradaiseng e e tsosolositsweng (Yohane 5:28, 29; Luke 23:43) Tsholofelo eno e e theilweng mo Bibeleng e gomotsa fela thata go na le dingwao tsa batho tse di fetofetogang​—le tse di tlhakanyang tlhogo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ka dinako dingwe lefoko “lelapa” mo Bibeleng ka phepafalo ga le akareletse masea. Ka sekai, Tito 1:11 e bua ka batenegi “e le batho ba ba ribigetsañ ba matlo ba le mmōgō.”​—Bona gape 1 Samuele 1:21, 22.

b Augustine ka boene o akantshitse gore masea a a sa kolobediwang “a tla kopanyelediwa mo katlholong e e motlhofo ya tsotlhe.”

c Fa kopano ya kereke ya lekgolo la bo 18 la dingwaga e ne e leka go itsise fa limbo e le “tlhamane ya ga Pelagius,” Mopapa Pius VI o ne a ntsha makasine wa bapapa o o latofatsang kopano eno jaaka e e kgatlhanong le dithuto tsa kereke. Lemororo o ne o sa rebole limbo ka botlalo, makasine ono wa bapapa o ne wa boloka tumelo eno e ntse e tshela.

d Moruti wa Katoliki ebong Tad Guzie o ne a bitsa boemo jo bosha jwa kereke “sekaramente e e tshegisang le e e senang tlhaloganyo e mo go yone go tlhokafalang kolobetso ya metsi mo maemong a ntlha a go bolokiwa ga masea, mme maemo a bofelo e le a tiro e kgolwane ya mongwe le mongwe.”

[Tšhate mo go tsebe 7]

Ditlha tsa Histori ya Go Kolobediwa ga Masea

Letlha (C.E.) Tiragalo

c. 193 ․ Terullian o bulelela go kolobediwa ga bagodi

253 ․ Lekgotla la Carthage le itsise gore ‘masea

a tshwanetse go kolobediwa ka bonako’

412-417 ․ Kgang magareng ga Pelagius le Augustine

malebana le ‘seabe sa motheo’

417 ․ Lekgotla la Carthage le latofatsa thuto ee kgatlhanong le ya kereke ya ga Pelagius.

Go kolobediwa ga masea go nna mo thulaganyong ya Bokatoliki

1201, 1208 ․ Mopapa Innocent III o kwala

go dumalana le go kolobediwa ga masea

1545-1563 ․ Lekgotla la Trent le neela mongwe le mongwe

yo o ganang go kolobediwa ga masea “go latlhwa”

1794 ․ Makasine wa Bapapa ebong Auctorem Fidei o latofatsa Jansenist Synod,

eo e neng e bitsa limbo thuto e e kgatlhanong le thuto ya kereke

1951 ․ Mopapa Pius XII o otlelela go tlhokafala ga go

kolobediwa ga masea ka go kgothaletsa babelegisi

go dira tirelo eno mo mabakeng a tshoganyetso

1958 ․ Lekgotla la Vatican le laela gore ‘masea

a kolobediwe ka bonako ka mo go ka kgonegang ka gone’

1963-1965 ․ Lekgotla la Bobedi la Vatican

le laela gore poloko ea kgonega kwantle ga kolobetso. Le laela gore tirelo

ya go kolobediwa e tsosoloswe

1980 ․ Vatican e tshegetsa mokgwa wa go kolobediwa ga masea, e re,

‘ga e itse tsela e nngwa e bana ba ka tsenang ka yone mo boitumelong jo bo sa khutleng’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela