Go Kolobediwa ga Masea—Lebaka La Go Bo Baruti Ba Bangwe Ba Go Gana!
ALAN le Sonia ba ne ba ipatlela fela gore lesea la bone le kolobediwe. Ka gone ba ne ba tshoga fa moratiwa bone wa Anglican a ne a sa gane fela go dira tirelo eno mme gape a tlaleletsa ka kgakololo eno: “Go direng ka bolona.” Lebaka? Alan le Sonia ba ne ba sa nne gone ka metlha kwa kerekeng.—The Christian Century, June 3-10, 1981.
Banyalani ba bantsinyana ba itemogetse go ganwa go go ntseng jalo bosheng jaana—sesupo se se phepa sa gore dikereke tse dingwe di fetola pono ya tsone ya go kolobediwa ga masea. Akanya ka Kereke ya Roma Katoloki. Morago ga kopano ya Vatican II, keteke e ne ya fetola ditirelo tsa yone tsa kolobetso ya masea. Ee, kereke e santse e kolobetsa masea, mme jaanong batsadi ba tshwanetse go tlhomamisa pele gore ba tla godisa ngwana yoo jaaka Mokatoliki. Vatican e ne ya laela go re: “Fa ditlhomamiso tseno di se masisi thata, go ka nna le mabaka a go dia sekaramente; mme fa tota di seyo, tota le sekaramente e tshwanetse go ganwa.”—L’Osservatore Romano, “Taelo ya Go Kolobediwa ga Masea,” December 1, 1980.
Seno se farolagane fela thata le matsatsi a fa, go ya ka moruti wa Katoloki ebong Joseph M. Champlin, “barongwa ba ba tlhoafetseng [ba neng ba ka] kolobetsa masea a baheitane a a latlhilweng mo tseleng,” mme baruti “ba tlhagisa batsadi gore ba seka ba dia go Kolobediwa ga masea go be go fete kgwedi ba ntse ba le mo botlhokong jwa sebe se se bolayang.”
Ke eng se se tlhotlheletsang maikutlo a a ntseng jalo a a fetogileng? Ke ka ntlha ya selo se le sengwe, baeteledi-pele ba dikereke jaanong ba lemoga gore kolobetso ga e dire Mokeresete. Go ya tlase ga bao ba nnang gone kwa kerekeng le go tlhaela ga boineelo jwa ba bantsi mo Bakatoliking ba ba kolobeditsweng go fetogile lebaka la konokono la go amega. “Ke ka ntlhayang fa kereke e tshwanetse go godisa bothata ka go kolobetsa bana bao tota go tlhomamisegang gore e tla nna bagodi ba ba ka se direng ditiro tsa yone?” go tlhalosa jalo setlhogo se se mo go U.S. Catholic.
Lefa go ntse jalo, kganetsano e ntšha ka kolobetso, gape e senola go kgaogana go go masisi magareng ga baruti. Jaaka mokwadi wa Mokatoliki Joseph Martos a re, baruti ba bantsi ga ba dumele gore go kolobediwa ga masea ke “tirelo ya seselamose e e nang le matswela a a sa bonaleng mo moyeng.” Mo go bone, pono e e ntseng jalo ke ya segologolo.
Ga go gakgamatse, he, gore Bakatoliki ba bantsi ba ba dipelo-di-phepa ba tlhakane tlhogo. A kereke ka gale e ne e sa rute gore masea a a sa kolobediwang a ne a ka ya kwa diheleng tse di boitshegang kana a nna sebakanyana kwa pakatori? Bangwe ba ipotsa gore, fa seno e le boammaaruri ke ka ntlhayang fa kolobetso e ka ganwa mo maemong ape? Tseno ke dipotso tse di botlhokwa. Jaaka moruti wa Katoliki ebong Vincent Wilkin a ne a re, palo ya bao ba suleng ba sa kolobediwa ke “palo e kgolo e e senang selekanyo eleruri, mo eleng gore go motlhofo go akanya fa e bopa bontsi jwa lotso lwa batho.”
Ka gone, a re sekasekeng ka bokhutshwane go kolobediwa ga masea—go ya ka histori le ka Bibela.