LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w86 3/15 ts. 8-9
  • Dikgakgamatso tse Dintsi mo Kaperenama

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgakgamatso tse Dintsi mo Kaperenama
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgakgamatso tse di Oketsegileng mo Kaperenama
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Jesu o Dira Ditiro Tse Dikgolo Kwa Kaperenama
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Seo Jesu a Neng a se Tletse mo Lefatsheng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Jesu o Rera mo Kgaolong ya Galalea
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
w86 3/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Dikgakgamatso tse Dintsi mo Kaperenama

SABATA sa morago ga fa Jesu a sena go bitsa barutwa ba gagwe ba ntlha ba bane​—Petere, Anderea, Jakobe le Johane—​botlhe ba ya kwa sinagogeng ya lefelo leo mo Kaperenama. Koo Jesu a simolola go ruta, mme batho ba gakgamala ka ntlha ya gore o ba ruta jaaka mongwe yo o nang le taolo mme eseng jaaka bakwadi.

Mo go yone Sabata eno monna yo o nang le badimona o teng. Morago ga lobakanyana, a goa ka lentswe le legolo a re: “Re dihañ ka wèna, wèna Yesu oa Nasaretha? A u tsile go re senya? Kea gu itse eo u leñ èna; u Moitshepi oa Modimo.”

Ledimona leo le laolang monna yono tota ke mongwe wa baengele ba ga Satane. Fa Jesu a kgalemela ledimona, a re: “Didimala, me u cwè mo go èna.”

Ledimona la fafamosa monna yoo mme la goa ka lentswe le legolo thata. Mme la tswa mo monneng yoo kwantle ga go mo gobatsa. Mongwe le mongwe o gakgametse e le tota! “Ana seo se ke eñ?” ba botsa jalo. “O laola ka thata le e leñ meōea e e mashwè, me e mo utlwe.” Dikgang kaga seno di anama le tikologo yotlhe ya lefelo leo. Fa ba tswa mo sinagogeng, Jesu le barutwa ba gagwe ba ya kwa ntlong ya ga Simone, kana Petere. Koo mogwagadia Petere o lwala thata o tshwerwe ke bolwetsi jwa letshoroma. ‘Ka tswee mo thuse,’ ba kopa jalo. Jesu a ya, a mo tshwara ka seatla, a mo kakatlolola. A fodisiwa ka yone nako eo mme a simolola go ba baakanyetsa dijo!

Moragonyana, fa letsatsi le sena go phirima, batho go tswa kwa mafelong otlhe ba simolola go tla mo ntlong ya ga Petere ka balwetsi ba bone. Ka bonako fela motse otlhe wa phuthegela fa kgorong! Mme Jesu a fodisa balwetsi botlhe ba bone, go sa kgathalesege gore malwetsi a bone ke afe. O golola le eleng ba ba nang le madimona. Fa a ntse a tswa, madimona ao a a lelekang a goa a re: “U Morwa Modimo.” Mme Jesu a a kgalemela mme gaa a letle go bua ka gonne a itse gore ke Keresete. Mareko 1:21-34; Luke 4:31-41; Mathaio 8:14-17.

◆ Go diragala eng mo sinagogeng ka Sabata sa morago ga fa Jesu a sena go bitsa barutwa ba gagwe ba bane?

◆ Jesu o leba kae fa a sena go tloga mo sinagogeng, mme ke kgakgamatso efe eo a e dirang koo?

◆ Ke eng seo se diragalang moragonyana mo go jone bosigo joo?

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 9]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela