Dintlha Tsa Bibela Nehemia 1:1-13:31
Kobamelo Ya Boammaaruri E A Fenya
Kobamelo ya boammaaruri e fenya ka kgato e e tlhamaletseng le go ikaega mo go sa reketleng mo go Jehofa. Eno ke yone kgangkgolo ya buka ya Nehemia. Ke polelo e e phepafetseng ya go agiwa ga lorako lwa Jerusalema tlase ga boeteledipele jo bo pelokgale jwa ga Nehemia.
Buka eno e akaretsa lobaka lo lo botlhokwa-tlhokwa, lo mo go lona dibeke tse 70 tsa dingwaga tse di neng di tla isa kwa go bonaleng ga Mesia lo neng lo tshwanetse go simologa. (Daniele 9:24-27) Neh 1:1 Temana ya ntlha le polelo e e buiwang ka molomo di kaya ka phepatalo gore Nehemia ke ene mokwadi. Buka eno ke tsweledisopele ya ga Esere, e tsweledisa kgang mo e ka nnang dingwaga tse 12 morago ga ditiragalo tse di kwadilweng ke Esere.
Jaaka re bala polelo eno, re bona kafa Jehofa ka mo go gakgamatsang a tsamaisang ditiragalo ka gone gore thato ya gagwe e tle e diragale. Re lemoga gape kafa a kgothatsang le go gomotsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka gone.
Pitlagano Ya Jerusalema
Tswee tswee bala Nehemia 1:1–2:20. Nehemia, yo e leng motshola-phafana wa kgosi ya Peresia, o lemoga gore dithako tsa Jerusalema di santse di le matlotla le gore batho koo “ba mo pitlaganoñ e kgolo.” A hutsafetse thata, Nehemia o goromeletsa pelo ya gagwe mo go Jehofa ka thapelo e e tlhoafetseng. Bohutsana jwa gagwe bo lemogiwa ke kgosi, mme jalo seo se bulela Nehemia tsela ya go ka tsaya loeto go ya Jerusalema go rulaganya kaga go aga lorako lwa motse.
◆ 1:1—Seno e ne a le ka ngwaga ofe?
Eno e ne e le ngwaga ya bo-20 ya ga Kgosi Aretaserese (Longimanus). (2:1) Ereka Kiselefa (November-December) e balwa pele ga Nisane (March-April) mo tlhalosong eno, go bonala fa dikgosi tsa Peresia di ne di bala ngwaga mongwe le mongwe wa puso ya bone go tloga letlhabuleng go ya letlhabuleng, kana go tloga nakong e tota ba tsenang mo setilong sa bogosi ka yone. Bosupi jo bo ikanngwang jwa ditiragalo le dipolelelopele tsa Bibela tse di diragaditsweng di supa go 455 B.C.E. jaaka ngwaga o Nisane wa ngwaga ya bo-20 ya ga Aretaserese o welang mo go yone. Ka gone, polelo ya ga Nehemia e simolola ka letlhabula la 456 B.C.E., mme taolo ya go aga lorako lwa Jerusalema sesha e ne ya ntshiwa ka dikgakologo tsa 455 B.C.E.
◆ 2:4—A eno e ne e le thapelo fela e e potlakileng ya boitlhobogo?
Nnya, ka go bo boemo jo bo swafetseng jwa Jerusalema e ne e le selo se Nehemia a se rapelelang ka metlha yotlhe “motshegare le bosigo” jaanong e setse e le lobakanyana. (1:4, 6) Fa a ne a neelwa sebaka sa go bolelela Kgosi Aretaserese kaga keletso ya gagwe go aga dithako tsa Jerusalema sesha, Nehemia o ne a boa a rapela gape, ka gone a dira se a neng a setse a ile a nna a se dira nako le nako. Karabo e e molemo ya ga Jehofa e ne ya felela ka thomo ya gore a ye go aga dithako tsa motse sesha.
Thuto Mo Go Rona: Nehemia o ne a leba go Jehofa go bona kaelo. Fa re lebane le diphetso tse di boima, le rona, re tshwanetse ra ‘nnela ruri mo thapelong’ mme ra dira go ya kafa kaelong ya ga Jehofa.—Baroma 12:12.
Lorako Lwa Agiwa Go Sa Kgathalesege Morero
Bala 3:1–6:19. Jaaka go aga lorako go simologa, baba baa kgoba le go sotla. Moragonyana, ba tshosetsa ka go tlhasela. Ka bopelokgale, Nehemia o kgothatsa badiri: “Gakologèlwañ Morèna, eo mogolo, le eo o boitshègañ.” Bontlha bongwe jwa bone ba nna ba disitse ka marumo le bora, mme ba bangwe ba dira ba ntse ba baakantse dibolao. Go sa kgathalesege matshosetsi le merero e mengwe, Bajuda ba digela lorako ka malatsi a a 52!
◆ 3:5—“Magōsana” ano e ne e le bomang?
E ne e le Bajuda ba ba thwadi gareng ga baagi kana banni ba pele ba Tekoa, motse o o neng o le dimaele di le lesome (16 km) mo borwa jwa Jerusalema. “Magōsana” ano go bonala fa ba ne ba le boikgogomoso thata go ka ikokobetsa gore ba dire kafa tlase ga taolo ya balebedi ba ba tlhophilweng ke Nehemia.—Bapisa Yeremia 27:11.
◆ 4:17—Ba ne ba bereka jang ka letsogo le le lengwe?
Baagi ba ne ba tla tshwanelwa ke gore ba dirise matsogo oo-mabedi mo tirong ya bone. Bano dibolao tsa bone di ne di le mo dithekeng (4:18) Barwadi ba merwalo ba ne ba ka kgona go tshola sebolao ka letsogo je lengwe ka motlhofo fela mme ba tshegetse merwalo ya mmu kana mangwete mo maruding a bone kana mo ditlhogong.—Genesise 24:15, 45.
◆ 5:7—Ke ka ntlha yang fa go tsaya koketso ka patiko go ne go le phoso?
Seno se ne se tlola molao wa ga Jehofa ka tlhamalalo. (Lefitiko 25:36; Duteronome 23:19) “Bontlha ñwe yoa selekgolo,” fa bo tsewa kgwedi le kgwedi, bo ne bo tla lekana le diphesente tse 12 ka ngwaga (5:11) Batho ba ne ba setse ba le mo tshotlegong ka ntlha ya leuba le lekgetho le le kwa godimo lwa Peresia. (5:3, 4) Lefa go le jalo bahumi ka bopelompe ba ne ba lopa koketso e e kwa godimo mo go barwarraabone ba ba humanegileng.
◆ 6:5—Goreng “Lokwalō Lo Lo Sa Kanwañ”?
Makwalo a sephiri gantsi a ne a tswalelwa ka kelotlhoko mo dikgetsaneng. Ka gone go bo Sanabalate a ile a romela “lokwalō lo lo sa kanwañ” maikaelelo e ka nna ya bo e ne e le a tlhapatso. Kana, ereka tatofatso e e mo ‘lokwalong lo lo sa kanwang’ e ne e ka balwa ke ba bangwe, o ka nna a bo a ne a solofetse gore Nehemia o ne a tla kgopisega mo a neng a tla tloga mo Jerusalema go tla gore a itlhatswe mo ditatofatsong. Sanabalate gape o ka nna a bo a ne a solofetse gore lekwalo le ne le tla tsosa kgaruru mo e leng gore Bajuda ba ne ba tla emisa tiro.
Thuto Mo Go Rona: Ga re a tshwanela go leba tiro ya bonatla jaaka e e kwa tlase ga seriti sa rona mme re ikgogone jaaka “magōsana” a Tekoa. Go na le moo, re tshwanetse ra dira ka natla jaaka go dirile Batekoa ba ba tlwaelegileng bao ba neng ba dira tiro ka diatla tsoo-pedi.—Nehemia 3:5, 27.
Kobamelo Ya Boammaaruri Ya Tsosolosiwa
Bala 7:1–10:39. Tiro yotlhe e direlwa boikaelelong bo le bongwe: go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Morago ga tseo-dipalo, batho ba phuthega go utlwa Esere le Balefi ba bala le go tlhalosa Molao. Morago ga ba sena go o ‘sekegela tsebe,’ ka boitumelo ba keteka Modiro wa Diobo. Batho ba itima dijo le go ipolela maleo a bone, mme go tsewa dikgato go siamisa diphoso tseno.
◆ 7:6—Ke ka ntlha yang fa lenaneo leno le farologana le la ga Esere?
Dipolelo tsoo-pedi di a dumalana gore, kwantle ga malata le baopedi, go ne ga boa kakaretso ya ba le 42 360. (Esere 2:64, 65; Nehemia 7:66, 67) Mme go na le dipharologano mo palong ya ba ba boileng mo malapeng mangwe. Go bonala sentle fa Esere le Nehemia ba ne ba dirisa mekgwa e e farologaneng go rulaganya mananeo a bone. Ka sekai, mongwe o ka nna a bo a ile a rulaganya bao ba ileng ba ikwadisetsa go boa, fa yo mongwe a ne a umaka fela bao tota tota ba ileng ba boa. Baperisiti bangwe, mme gongwe ebile le ba bangwe, ba ne ba seka ba kgona go tlhomamisa tlhago ya bone. (7:64) Seno se ka tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa kakaretso ya mananeo ao a a farologaneng e sa wele mo kakaretsong e e umakilweng ya 42 360.
◆ 8:8—‘Phuthololo’ e ne ya dirwa jang mo Molaong?
Ka phepafalo, kwantle ga go dirisa pitso-mantswe e e molemo le kgatelelo ya mafoko, Esere le bathusi ba gagwe ba ne ba ranola le go tlhalosa melao-metheo ya Molao gore batho ba tle ba kgone go e utlwisisa botoka. Dikgatiso tse di theilweng mo Bibeleng le dipokano tsa Basupi ba ga Jehofa le tsone di thusa mo go ‘phuthololeng’ Lefoko la Modimo.
◆ 9:1—Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ne ba apara letsela ja kgetse le go ikubuetsa mmu?
Go apara letsela ja kgetse—seaparo se se mmala o motshwaana se se logilweng ka boboya jwa podi—e ne e le sesupo sa khutsafalo. Ka mo go tshwanang, go ikubuetsa ka mmu kana melora mo tlhogong kana mo mmeleng go ne go kaya selelo se se golo kana tshwabo. (1 Samuele 4:12; 2 Samuele 13:19) Bajuda ba ne ba dira jalo go bontsha go hutsafalela ga bone le go swabela maleo a bone. Seno se ne se latelwa ke go dira ‘tumalano’ ya boipolelo, “kgolaganō e e tlhōmameñ.” (9:38) Ka mo go tshwanang, re tshwanetse go itemoga ka boikokobetso le go ipolela maleo a rona gore re tle re sireletse kamano ya rona le Modimo.—1 Yohane 1:6-9.
◆ 10:34—A Molao o ne o laotse gore go ntshiwe ditshupelo tsa dikgong?
Nnya, mme dikgong tse dintsi di ne di tlhokafala mo molelong wa sebeso. Ka phepafalo, go ne go sena Banithinima ba ba lekaneng—batlhanka ba e seng Baiseraele ba tempele bao e neng e le “barwaledi ba dikgoñ”—ba ba neng ba le gareng ga ba ba boang. (Yoshue 9:23, 27) Jalo go tlhomamisa gore dikgong di ne di le gone ka metlha, go ne ga thelwa bola go tlhomamisa gore ke karolo efe ya ditso e e neng e tshwanetse go di tlisa ka nako e e rileng.
Thuto Mo Go Rona: “Boitumèlō yoa ga Yehofa” bo ne jwa felela ka go nna le temogo mo Lefokong la Modimo, go le dirisa, le go arabela kaelong ya bolegodimo (8:10) Ka mo go tshwanang, Basupi ba ga Jehofa ba lemoga botlhokwa jwa thuto ya botho, go nna gone ka metlha mo dipokanong, le bodiheding jwa tshimo gore ba bone boipelo.
Kgakolo E E Itumedisang
Bala 11:1–12:47. Gore Jerusalema e tswelele jaaka boremelelo jwa kobamelo ya boammaaruri, e tlhoka baagi ba bantsi. Kwantle ga baithaopi, go tshelwa bola gore a le mongwe mo bathong bangwe le bangwe ba ba lesome ba ba nnang ka kwantle ba fudugele mo motseng. Go tswa foo lorako lwa motse le kgakolwa ka popelelo ya boipelo. Ditlhabelo tse dikgolo di a ntshiwa, mme boipelo jwa batho bo ka utlwiwa kwa kgakala.
◆ 11:2—Ke ka ntlha yang fa baithaopi ba ile ba ‘segofadiwa’?
Go tlogela boswa jwa bone jwa tlholego mme ba fudugela mo Jerusalema go ka nna ga bo go feletse ka tatlhegelo nngwe mo melemong e e rileng. Ba ba neng ba nna mo motseng oo ba ka nna ba bo gape ba ile ba lebana le dikotsi tse di farologaneng. Tlase ga maemo a a ntseng jalo, ba bangwe ba ne ba leba baithaopi jaaka ba ba tshwanetseng go bakiwa mme kwantle ga pelaelo ba rapela gore Jehofa a ba segofatse.
◆ 12:27—Lorako lo ne lwa kgakolwa Ieng?
Lorako lo ne lwa digelwa mo letsatsing la bo-25 lwa kgwedi ya borataro, ebong Elul, ka 455 B.C.E., mme diphuthego tse di tshwaegang di ne tsa diragala mo kgweding e e latelang. (6:15; 8:2; 9:1) Go bonala sentle fa kgakolo e ne ya latela ka bofefo fela jaaka tigelo ya paka eo ya boipelo.
Thuto Mo Go Rona: Moya wa boithaopo le pontsho ya tebogo go Jehofa ka kopelo le mmino di ne di omosa pelo. Gompieno, mo dikopanong le mo dipakeng tse dingwe, Basupi ba ga Jehofa ba ithaopela ditiro go solegela ba bangwe molemo mme ka pelo yotlhe ba opelela Modimo dipako.
Leswe La Tlosiwa
Bala 13:1–31. Fa a boa mo loetong lo a neng a lo ile kwa kgotleng ya Peresia, Nehemia o kgaolwa pelo ke seo se ileng sa diragala a santse a seyo. O tsaya kgato ka bofefo go siamisa mathata.
◆ 13:3—Ke bomang ba ba neng ba dira “bontsi yotlhe yoa batho yo bo tlhaka tlhakanyeñ”?
“Bontsi yotlhe yoa batho yo bo tlhaka tlhakanyeñ” go bonala fa bo ne bo akareletsa baeng ba ba tshwanang le Bamoaba, Baamona, le bana ba baeng bao e neng e se Baiseraele ka mo go feletseng. (13:1, 2) Seno se akantshiwa ke lebaka la gore pelenyana Bajuda ba ne ba leleka basadi ba bone le bana ba bone. (Esere 10:44) Mme gape Bajuda ba ne ba tsere basadi ba seeng, mme seno se ne sa tlhoka gore basadi bano ba tlosiwe mo motseng mmogo le bana ba bone, mo lefatsheng ka bolone, mme ka gone mo ditshiamelong tsa kobamelo le batho ba ga Jehofa—Nehemia 13:23-31.
Thuto Mo Go Rona: Bajuda ba ba boelang kwa morago ke sekai sa tlhagiso mo go rona. Re tshwanetse go nna re tlhagafetse ka metlha yotlhe re itisitse kgatlhanong le go kukunelwa ke lorato lwa dilo tse di bonalang, tshenyego, le botenegi.
Nako le nako, buka ya Nehemia e gatelela molao-motheo wa gore “ha Yehofa a sa age ntlo, ba ba e agañ ba dihèla lehèla.” (Pesalema 127:1) Thuto e kgolo fano mo go rona ke gore sengwe le sengwe se re se dirang, se ka atlega fela fa re segofaditswe ke Jehofa. Mme tshegofatso eo e ikaegile ka gore rona re eteletse kobamelo ya boammaaruri kwa pele mo matshelong a rona.