LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 10/15 ts. 13-19
  • Jerusalema—A e ‘Godimo ga Boitumelo Jwa Gago jo Bogolo’?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jerusalema—A e ‘Godimo ga Boitumelo Jwa Gago jo Bogolo’?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masego le Maikarabelo
  • Go Ganediwa ke Baagelani ba ba Lefufa
  • Mathata a mo Teng
  • Lerako la Jerusalema le Weditswe
  • Buka ya Bibela ya bo 16—Nehemia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Nehemia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Nnang lo Fenye Bosula ka Molemo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Jerusalema o o Tshwanelang Leina la one
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 10/15 ts. 13-19

Jerusalema—A e ‘Godimo ga Boitumelo Jwa Gago jo Bogolo’?

“A loleme lwa me lo ngaparele magalapa a me . . . fa ke sa godise Jerusalema godimo ga boitumelo jwa me jo bogolo.”—PESALEMA 137:6.

1. Bontsi jwa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarong ba ne ba ikutlwa jang ka motse o o tlhophilweng wa Modimo?

GO SETSE go fetile makgolo a dingwaga a le supa fa e sa le batshwarwa ba ntlha ba Bajuda ba boela kwa Jerusalema ka 537 B.C.E. Tempele ya Modimo e ne e setse e agilwe, mme gone, motse o ne o sa ntse o le marope. Kafa letlhakoreng le lengwe, kokomana e ntšha e ne e goletse kwa botshwarong. Ga go pelaelo gore bontsi jwa bone ba ne ba ikutlwa jaaka mopesalema yo o neng a opela jaana: “A e re fa nka go lebala, wena Jerusalema, a seatla sa me se segolo se lebale maatlametlo a sone.” (Pesalema 137:5) Bangwe ga ba a ka ba gopola Jerusalema fela; ba ne ba bontsha ka ditiro gore ba e godisitse “godimo ga boitumelo jwa [bone] jo bogolo.”—Pesalema 137:6.

2. Esera e ne e le mang, mme o ne a segofadiwa jang?

2 Ka sekai, akanya ka moperesiti Esera. Tota le e leng pele ga a boela kwa nageng ya gaabo, o ne a rotloetsa kobamelo e e itshekileng kwa Jerusalema. (Esera 7:6, 10) Esera o ne a segofadiwa thata ka ntlha ya go dira jalo. Jehofa Modimo o ne a tlhotlheletsa kgosi ya Peresia go naya Esera tshiamelo ya go etelela pele setlhopha sa bobedi sa batshwarwa ba ba neng ba boela kwa Jerusalama. Mo godimo ga moo, kgosi e ne ya ba abela moneelo o mogolo wa gauta le selefera “go kgabisa ntlo ya ga Jehofa.”—Esera 7:21-27.

3. Nehemia o ne a bontsha jang gore Jerusalema e ne e le yone selo se segolo se a neng a amegile ka sone?

3 Dingwaga di le 12 morago ga foo, go ne ga nna le Mojuda yo mongwe yo o neng a tsaya kgato go dira sengwe—Nehemia. O ne a direla kwa ntlong ya segosi ya Peresia e e kwa Shušane. O ne a na le maemo a a kwa godimo e le motsholaphafana wa ga Kgosi Aretaserese, le fa go ntse jalo, seo e ne e se selo se Nehemia a neng a se tsaya se le “godimo ga boitumelo” jwa gagwe. Go na le moo, o ne a eletsa thata go ya go aga Jerusalema sesha. Nehemia o ne a fetsa dikgwedi di le dintsi a rapelela kgang eno, mme Jehofa Modimo o ne a mo segofatsa ka ntlha ya seo. Fa kgosi ya Peresia e sena go utlwa ka keletso ya ga Nehemia, e ne ya mo tlamela ka masole le ka makwalo a a mo nayang tetla ya go aga Jerusalema sesha.—Nehemia 1:1–2:9.

4. Re ka bontsha jang gore re tsaya kobamelo ya ga Jehofa e le godimo ga boitumelo bope fela jo re ka tswang re na le jone?

4 Ga go pelaelo gore Esera, Nehemia le Bajuda ba bangwe ba bantsi ba ba neng ba ba eme nokeng, ba ne ba supa gore kobamelo ya ga Jehofa, e e neng e remeletse kwa Jerusalema, e ne e le botlhokwa go feta dilo tsotlhe—gore e ne e le ‘godimo ga boitumelo jwa bone jo bogolo,’ ke gore, ba ne ba e rata go gaisa dilo dipe fela tse ba di ratang. A bo batho bao e le kgothatso jang ne mo go botlhe ba gompieno ba tsayang Jehofa, kobamelo ya gagwe le phuthego ya gagwe e e kaelwang ke moya ka tsela e e tshwanang! A go ntse jalo le ka wena? A o bontsha ka boitshoko jwa gago mo ditirong tsa bomodimo gore selo se segolo se o se itumelelang ke go nna le tshiamelo ya go obamela Jehofa le batho ba gagwe ba ba ineetseng mo go ene? (2 Petere 3:11) Gore re tle re rotloetsege go dira jalo, a re sekasekeng matswela a a molemo a Esera a neng a nna le one mo loetong lwa gagwe lwa go ya kwa Jerusalema.

Masego le Maikarabelo

5. Baagi ba Juda ba ne ba nna le masego afe a magolo mo metlheng ya ga Esera?

5 Setlhopha sa batho ba ba ka nnang 6000 ba ba neng ba boa kwa botshwarwa le Esera se ne sa tlela tempele ya ga Jehofa ka meneelo ya gauta le selefera. Boleng jwa tsone e ne e ka nna diranta di le dimilione tse 177 go ya ka ditlhwatlhwa tsa gompieno. E ne e le gauta le selefera tse di fetang tse setlhopha sa ntlha sa batshwarwa se neng sa tla ka tsone ga supa. A bo seo se tshwanetse sa bo se ile sa dira gore baagi ba Jerusalema le Juda ba leboge Jehofa thata jang ne ka ntlha ya go newa batho gore ba ba thuse le dithoto! Mme gone, masego a magolo a Modimo a lere le maikarabelo.—Luke 12:48.

6. Esera o ne a lemoga eng kwa nageng ya gaabo, mme o ne a tsibogela seo jang?

6 Go ise go ye kae Esera o ne a lemoga gore bontsi jwa Bajuda, go akaretsa le baperesiti bangwe le bagolwane, ba ne ba tlodile Molao wa Modimo ka go nyala basadi ba baheitane. (Duteronome 7:3, 4) O ne a hutsafadiwa thata ke kafa ba neng ba tlodile kgolagano ya Molao wa Modimo ka teng. “E rile ke utlwa selo se, ka ikgagola seaparo le sekhutlana, . . . ka dula ka kgakgamalo fela.” (Esera 9:3) Morago ga foo, Esera o ne a tshololela Jehofa maikutlo a gagwe ka thapelo, a na le Baiseraele ba ba neng ba tlaletswe. A reeditswe ke batho botlhe, Esera o ne a umaka dilo tsa nako e e fetileng tse Baiseraele ba neng ba se ka ba utlwa Modimo mo go tsone le dilo tse a neng a ba tlhagisitse ka tsone malebana le gore go tla direga eng fa ba nyalana le baagi ba naga eo ba baheitane. O ne a konela jaana: “Jehofa Modimo wa Iseraele, o tshiamo, gonne re tlogeletswe masalela a a falotseng, jaaka go ntse gompieno, bona, re fa pele ga gago mo molatong wa rona, gonne ga go na ope yo o ka emang fa pele ga gago ka ntlha ya gone mo.”—Esera 9:14, 15.

7. (a) Esera o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo malebana le go atlhola bodirabosula? (b) Batho ba ba molato ba ne ba itshwara jang mo motlheng wa ga Esera?

7 Esera o ne a dirisa lefoko “re.” Ee, o ne a ikakaretsa le mororo a ne a se molato. Tsela e Esera a neng a hutsafetse ka yone le thapelo ya gagwe ya boikokobetso, di ne tsa ama dipelo tsa batho mme ba tlhotlheletsega go dira ditiro tse di supang gore ba a ikwatlhaya. Ba ne ba ithaopela go rarabolola kgang ka tsela e e utlwisang botlhoko—botlhe ba ba neng ba tlodile Molao wa Modimo ba ne ba tla busetsa basadi ba bone ba batswakwa le bana ba bone kwa dinageng tsa bone. Esera o ne a dumalana le tshwetso eo mme a kgothaletsa ba ba molato go dira jaaka ba sweditse. E re ka kgosi ya Peresia e ne e neile Esera taolo, o ne a na le tshwanelo ya go atlhola botlhe ba ba tlodileng molao kana go ba leleka mo Jerusalema le Juda. (Esera 7:12, 26) Mme go bonala go ile ga se ka ga tlhokega gore a tseye kgato e e ntseng jalo. “Phuthego yotlhe” e ne ya re: “Jaaka o buile ka ga rona, re na le go dira fela jalo.” Mo godimo ga moo, ba ne ba ipobola jaana: “Re tlodile thata mo selong se.” (Esera 10:11-13) Esera kgaolo 10 e thathamisa maina a banna ba le 111 ba ba neng ba diragatsa tshwetso eo ya go busa basadi ba bone ba batswakwa le bana ba bone.

8. Ke eng fa kgato e e masisi ya go busa basadi ba batswakwa e ne e solegela setho sotlhe molemo?

8 Kgato eo e ne ya solegela setho sotlhe molemo, e seng Baiseraele fela. Fa dilo di ka bo di sa baakanngwa jalo, Baiseraele ba ka bo ba ile ba tswakana le ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Seo se ne se tla tshwaetsa kokomana ya Losika lo lo Solofeditsweng lo setho sotlhe se neng se tla segofala ka lone. (Genesise 3:15; 22:18) Go ka bo go ile ga nna thata go lemoga Losika lo lo Solofeditsweng lo e leng setlogolwana sa ga Kgosi Dafide wa lotso lwa Juda. Dingwaga di ka nna 12 morago ga foo, kgang eno e e botlhokwa thata e ne ya elwa tlhoko gape ka nako ya fa “ba losika lwa Iseraele ba itomolola mo baennyeng botlhe fela.”—Nehemia 9:1, 2; 10:29, 30.

9. Ke kgakololo efe e e molemo e Baebele e e neelang Bakeresete ba ba nyalaneng le batho ba e seng badumedi?

9 Batlhanka ba gompieno ba ga Jehofa ba ka ithuta eng mo tiragalong eno? Ke boammaaruri gore Bakeresete ga ba kafa tlase ga kgolagano ya Molao. (2 Bakorintha 3:14) Go na le moo, ba ikobela “molao wa ga Keresete.” (Bagalatia 6:2) Ka gone, Mokeresete yo o nyalaneng le motho yo e seng modumedi o tshwanetse go reetsa kgakololo eno ya ga Paulo: “Fa mokaulengwe mongwe a na le mosadi yo o sa dumeleng, mme lefa go ntse jalo a dumalana go nna le ene, a a se mo tlogele.” (1 Bakorintha 7:12) Mo godimo ga moo, Bakeresete ba ba nyalaneng le batho ba e seng badumedi ba a patelesega go ya ka Dikwalo gore ba kgaratlhele gore lenyalo la bone le atlege. (1 Petere 3:1, 2) Go ikobela kgakololo eno e e molemo gantsi go ile ga felela ka masego a gore balekane ba ba sa dumeleng ba fetole tsela e ba lebang kobamelo ya boammaaruri ka yone. E bile bangwe ba ile ba fetoga Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba kolobeditsweng.—1 Bakorintha 7:16.

10. Bakeresete ba ka ithuta eng mo Baiseraeleng ba ba 111 ba ba neng ba busa basadi ba bone ba batswakwa?

10 Le fa go ntse jalo, kgang eno ya Baiseraele ba ba neng ba busa basadi ba bone ba batswakwa e ruta Bakeresete ba ba sa nyalang thuto nngwe e e molemo. Ga ba a tshwanela go simolola go ratana le batho ba e seng badumedi. Go tila selo se se ntseng jalo go ka nna thata, le e leng go nna botlhoko, mme gone, go dira jalo go molemo ka gonne go ka thusa motho gore Modimo a tswelele pele a mo amogela. Bakeresete ba laelwa jaana: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng e le mo go sa lekalekaneng.” (2 Bakorintha 6:14) Mokeresete mongwe le mongwe yo o batlang go nyala o tshwanetse go rulaganyetsa go nyalana fela le motho yo e leng modumedikaene wa mmatota.—1 Bakorintha 7:39.

11. Fela jaaka banna ba Baiseraele, lebaka la boitumelo jwa rona le ka lekwa jang?

11 Gape Bakeresete ba ile ba dira diphetogo mo dilong tse dingwe tse dintsi fa ba sena go lemotshiwa gore ba tsaya tsela e e sa dumalaneng le Dikwalo. (Bagalatia 6:1) Gangwe le gape lokwalopaka lono lo ile lwa umaka boitshwaro jo bo sa dumalaneng le Dikwalo jo bo ka dirang gore motho a se ka a tlhola a tshwanela go nna karolo ya phuthego ya Modimo. Ka sekai, ka 1973, batho ba ga Jehofa ba ne ba simolola go tlhaloganya ka botlalo gore go se dirise diokobatsi sentle le go goga motsoko ke maleo a a masisi. Fa re batla go tshela go ya ka tsela ya bomodimo, re tshwanetse go ‘intlafatsa teswafalo nngwe le nngwe ya nama le ya moya.’ (2 Bakorintha 7:1) Bontsi bo ne jwa tsaya kgakololo eo ya Baebele tsia; ba ne ba iketleeditse go itshokela ditlamorago tse di botlhoko tse di nnang teng fa motho a simolola go tlogela dilo tseno e le gore ba tswelele pele e le karolo ya batho ba Modimo ba ba phepa. Gape go ile ga neelwa kgakololo e e tlhamaletseng ya Dikwalo malebana le dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo, moaparo, go ikgabisa, le mefuta e e siameng ya ditiro, boitlosobodutu, le mmino. Jaaka banna bale ba ba 111 ba Baiseraele, e kete le rona re ka iketleetsa go “lolamisiwa,” fa re tlhagisiwa ka molaomotheo ope fela wa Dikwalo. (2 Bakorintha 13:11) Seno se tla bontsha gore re tsaya tshiamelo ya go obamela Jehofa le batho ba gagwe ba ba boitshepo e le ‘godimo ga boitumelo jwa rona jo bogolo.’

12. Go ne ga direga eng ka 455 B.C.E.?

12 Fa Baebele e sena go umaka tiragalo eno e e malebana le basadi ba batswakwa, ga e re bolelele gore go ile ga direga eng mo Jerusalema mo dingwageng tse 12 tse di neng tsa latela. Ga go pelaelo gore baagelani ba Baiseraele ba ile ba ba ila thata ka ntlha ya go bo ba ne ba robile tumalano ya go nyalelana le bone. Ka 455 B.C.E., Nehemia o ne a fitlha kwa Jerusalema a patilwe ke masole. O ne a tlhomilwe go nna mmusi wa Juda mme o ne a tla ka makwalo a a tswang kwa kgosing ya Peresia a a neng a mo letla go ka aga motse sesha.—Nehemia 2:9, 10; 5:14.

Go Ganediwa ke Baagelani ba ba Lefufa

13. Baagelani ba bodumedi jwa maaka ba Bajuda ba ne ba na le boikutlo jo bo ntseng jang, mme Nehemia o ne a itshwara jang?

13 Baagelani ba bodumedi jwa maaka ba ne ba nna kgatlhanong le go tla ga ga Nehemia. Baeteledipele ba bone ba ne ba mo tshosa ka go botsa jaana: “A lo tlaa tsuologela kgosi?” Nehemia o ne a araba jaana a bontsha tumelo mo go Jehofa: “Modimo wa legodimo o tlaa re tlhogonolofatsa; ke gone ka moo rona batlhanka ba one re tlaa nanogang re aga; mme lona ga lo na kabelo epe, le fa e le tshiamo, le fa e le segopodiso mo Jerusalema.” (Nehemia 2:19, 20) Fa dipota di ne di simolola go baakanngwa bone baba bano ba ne ba sotla jaana: ‘Bajutanyana ba ba seng thata ba, ba dirang? A ba tla tsosolosa maje ba a ntsha mo mekoeng ya matlakala? Fa phokoje a ka palama, a ka thuba lorako lwa bone.’ Nehemia o ne a rapela jaana mo boemong jwa go araba mafoko ano: “A ko o utlwe, Modimo wa rona, gonne re a nyadiwa; o busetse dikgobo tsa bone mo tlhogong ya bone.” (Nehemia 4:2-4) Nehemia o ile a nna a tlhoma sekao se se molemo mo go ikaegeng ka Jehofa!—Nehemia 6:14; 13:14.

14, 15. (a) Nehemia o ne a tsibogela jang go tshosediwa ka dikgoka ke baba? (b) Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgona jang go tswelela pele ka tiro ya bone ya go aga ka tsela ya semoya lemororo ba rakana le kganetso e kgolo?

14 Basupi ba ga Jehofa le bone gompieno ba ikaega ka Modimo fa ba dira tiro ya bone e e botlhokwa ya go rera. Baganetsi ba leka go kgoreletsa tiro eno ya bone ka go ba sotla. Ka dinako tse dingwe batho ba ba kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi ba a tlogela ka gonne ba sa kgone go itshokela go sotliwa gono. Fa tshotlo ya baganetsi bano e palelwa, ba ka nna ba galefa mme ba simolola go dirisa dikgoka. Baagi ba dipota tsa Jerusalema ba ne ba diragalelwa ke sone seo. Le fa go ntse jalo, Nehemia o ne a se ka a ineela. Go na le moo o ne a dira gore baagi ba sirelediwe kgatlhanong le batlhasedi a bo a ba nonotsha tumelo ka go bua jaana: “Lo se ka lwa ba boifa; gakologelwang Morena, yo mogolo, le yo o boitshegang, lo tlhabanele bana ba ga rraeno, le bana ba lona ba basimane le ba basetsana, le basadi ba lona, le matlo a lona.”—Nehemia 4:13, 14.

15 Fela jaaka mo metlheng ya ga Nehemia, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba etleediwa go tswelela pele ka tiro ya bone ya go aga ka tsela ya semoya le mororo ba lebane le kganetso e kgolo. “Motlhanka yo o boikanngo le yo o bonokopela” o ile a tlamela batho ba Modimo ka dijo tsa semoya tse di nonotshang tumelo, tse di ba thusang go nna le matswela le e leng kwa mafelong a tiro e thibetsweng kwa go one. (Mathaio 24:45) Ka ntlha ya seo, Jehofa o tsweletse pele go segofatsa batho ba gagwe ka go atisa tiro ya bone mo lefatsheng lotlhe.—Isaia 60:22.

Mathata a mo Teng

16. Ke mathata afe a mo teng a a neng a batla go koafatsa matlhagatlhaga a baagi ba lerako la Jerusalema?

16 Fa tiro ya go aga lerako la Jerusalema sesha e ntse e gatela pele mme lerako le ntse le tlhatloga, tiro e ne ya nna thata go feta. Ke ka yone nako eno go neng ga lemogiwa bothata jo bo neng bo ka koafatsa matlhagatlhaga a baagi ba ba neng ba tshwere ka natla. Ka ntlha ya tlhaelo ya dijo, Bajuda bangwe ba ne ba fitlhela go le thata go tlamela malapa a bone le go duela makgetho a puso e e neng e ba busa ya Peresia. Bajuda ba ba humileng ba ne ba ba adima dijo le madi. Baiseraele ba ba humanegileng ba ne ba tshwanelwa ke go ntsha ditsha tsa bone le bana ba bone go nna sebeelelo sa go tlhomamisa gore ba tla busa madi a ba a adimileng a na le morokotso, le fa go ntse jalo, seo ne se le kgatlhanong le Molao wa Modimo. (Ekesodo 22:25; Lefitiko 25:35-37; Nehemia 4:6, 10; 5:1-5) Baadimi bano ba ne ba tshosa batho ka gore ba tla ba tseela ditsha tsa bone e bile ba ne ba ba pateletsa go ba rekisetsa bana ba bone go nna makgoba. Nehemia o ne a galefisiwa ke mokgwa ono wa go tlhoka lorato le go rata dikhumo. O ne a tsibogela seo ka bonako e le gore Jehofa a tswelele pele a segofatsa tiro ya go aga lerako la Jerusalema sesha.

17. Ke eng se Nehemia a ileng a se dira go tlhomamisa gore Jehofa o tswelela pele a segofatsa tiro ya go aga, mme ga nna le matswela afe?

17 Go ne ga epiwa “pitso e kgolo” mme Nehemia a lemotsha Baiseraele ba ba humileng gore se ba se dirileng ga se a itumedisa Jehofa. Go tswa foo o ne a ikuela mo go ba ba molato, go akaretsa le baperesiti bangwe, go busa merokotso yotlhe e ba neng ba e tsere le go busa ditsha tse ba neng ba di gapile mo bathong ba ba neng ba sa kgone go duela merokotso eo. Se se itumedisang ke gore, batho bao ba ba molato ba ne ba re: “Re tlaa di rebola, mme ga re ketla re lopa sepe mo go bone; re tlaa dira jalo, fela jaaka o bua.” Seo e ne e se puo ya molomo fela, ka gonne Baebele e bega gore “batho ba dira ka fa lefokong leo [la ga Nehemia] la tsholofetso eo.” Mme phuthego yotlhe ya baka Jehofa.—Nehemia 5:7-13.

18. Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka boikutlo bofe?

18 Go tweng ka motlha wa rona? Go na le go nna bogagapa, Basupi ba ga Jehofa ba itsege lefatshe ka bophara e le batho ba ba leng pelotshweu mo badumedingkabone le mo bathong ba bangwe ba ba wetsweng ke masetlapelo. Fela jaaka mo motlheng wa ga Nehemia, seno se ile sa felela ka gore batho ba le bantsi ba bake Jehofa. Le fa go ntse jalo, “motlhanka yo o boikanngo le bonokopela” o ile a bona go tlhokega gore a ntshe kgakololo ya Dikwalo malebana le dilo tse di amanang le kgwebo le kaga botlhokwa jwa go tila go dirisa ba bangwe ka tsela ya bogagapa. Kwa dinageng dingwe batho ba na le tlwaelo ya go kopa magadi a mantsintsi, le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa ka tlhamalalo gore batho ba ba bogagapa le bapatiki ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo. (1 Bakorintha 6:9, 10) Tsela e e molemo e bontsi jwa Bakeresete ba ileng ba tsibogela kgakololo eno ka yone e tshwana le tsela e Bajuda bale ba neng ba lemoga ka yone gore mokgwa o ba neng ba patika bakaulengwe ba bone ba ba humanegileng ka one o ne o sa siama.

Lerako la Jerusalema le Weditswe

19, 20. (a) Go wediwa ga lerako la Jerusalema go ile ga ama baganetsi ba bodumedi jang? (b) Ke phenyo efe e Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba nna le yone mo dinageng tse dintsi?

19 Le fa go ile ga nna le kganetso e kgolo jalo, lerako la Jerusalema le ne la wediwa mo malatsing a le 52. Seo se ne sa ama baganetsi jang? Nehemia o ne a re: “E rile baba botlhe ba rona ba utlwa ka ga gone, ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya rona tsa boifa, tsa ipona ka tsosi fa di ngotlafetse thata: gonne ba lemoga fa tiro e dirilwe ke Modimo wa rona.”—Nehemia 6:16.

20 Gompieno, baba ba ganetsa tiro ya Modimo ka ditsela tse di farologaneng le mo mafelong a a farologaneng. Le fa go ntse jalo, dimilione tsa batho di lemogile gore go ganetsa tiro ya Basupi ba ga Jehofa ke matsapa a lefela. Ka sekai, akanya ka maiteko a nako e e fetileng a go fedisa tiro ya go rera kwa Jeremane ya Bonasi, kwa Yuropa Botlhaba le mo dinageng tse dintsi tsa Afrika. Maiteko ao otlhe a ile a retela, mme batho ba le bantsi jaanong ba a lemoga gore ‘tiro ya rona e tswa kwa Modimong wa rona.’ A bo batho ba ba nang le nako e telele ba direla Jehofa ka boikanyegi kwa dinageng tseno ba ile ba duelwa mo gogolo jang ne ka ntlha ya go dira gore kobamelo ya ga Jehofa e nne ‘godimo ga boitumelo jwa bone jo bogolo’!

21. Ke ditiragalo dife tse di botlhokwa tse di tla sekasekiwang mo setlhogong se se latelang?

21 Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka ditiragalo tse di botlhokwa tse di neng tsa felela ka gore go kgakolwe tiro ya go tsosolosa lerako la Jerusalema ka boipelo. Gape re tla sekaseka kafa go wediwa ga motse o mogolo go feta oo go go tla solegelang setho sotlhe molemo go ntseng go atamela thata ka teng.

A o A Gakologelwa?

◻ Esera le ba bangwe ba ne ba itumelela Jerusalema jang?

◻ Ke diphoso dife tse Esera le Nehemia ba neng ba thusa bontsi jwa Bajuda go di baakanya?

◻ O ithuta eng mo dipegong tse di malebana le Esera le Nehemia?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jerusalema ke yone e neng e le selo se segolo se Nehemia a neng a amegile ka sone, e seng tiro ya gagwe ya maemo ya kwa Shušane

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Jaaka Nehemia, re tshwanetse go rapela Jehofa gore a re kaele le go re nonotsha gore re tswelele pele mo tirong ya rona e e botlhokwa thata ya go rera

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela