Pego ya Baboledi ba Bogosi
“Ga Ba Ketla Ba Gu Henya”
MO NAGENG nngwe ya Bogare jwa Amerika, banna bangwe ba le 15 ba ba tshotseng dibetsa ba ne ba tsaya Basupi ba ga Jehofa ba le babedi mo legaeng la bone ka pateletso mme ba ba tlisa mo setlhopheng sa banna bangwe ba le 75 ba ba tshotseng melamu le dithipa tse dikgolo. Ba ne ba tlhapatsa Basupi ka matlhapa mme morago ba ba romela mo setlhopheng sa banna ba bangwe ba ba tshotseng dibetsa ba ka nna 350. Ba ne ba lebeletse gore bakaulengwe ba babedi ba tla boifa mme ba itatole boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete ka go kopanela le setlhopha sa bone. (Isaia 2:4) Mme Basupi ba ne ba ema ba tiile mme ba gana go kopanela mo ditirong tsa sesole. Jalo ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong, fa maloko a dikereke tse dingwe tse dintsi a ne a itatola mme a ya kwa dithabeng le setlhopha seo.
Mo letsatsing le le latelang bakaulengwe ba ne ba isiwa kwa toropong e kgolo go sekisiwa gape. Fa ba ntse ba tsamaya, badisa ba bone ba ba bolelela gore ba ne ba tsieditswe. Bakaulengwe ba ne ba araba ba re: “Gone ruri go boammaaruri gore re tsieditswe! Mme jaanong ga re sa tlhole re gobatsa ope; ga re magodu, matagwa, baakafadi.” Fa mosimegi a ntse a ba reeditse, o ne a ba bontsha bopelonomi mme a ba akgola, a ba raya a re, “Fa mongwe le mongwe a ne a tshwana le lona, dilo di ne di tla bo di farologane . . . mme ekete Modimo wa lona Jehofa o ka lo sireletsa.” Go tswa foo ba ne ba gololwa.
Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ba seng diphatsa, ba ba kagiso ba ba tshegetsang ditekanyetso tsa Modimo tsa tshiamo ba bogisiwa? Ke ka go bo ba se “ba lehatshe” le ditiro tsa lone tsa bopolotiki. (Yohane 17:16) Abo go gomotsa jang ne go itse gore lemororo Satane le lefatshe la gagwe ba tla tlhabana kgatlhanong le batlhanka ba ga Jehofa, ga ba kitla ba fenya! (Yeremia 1:19) Seno se ne sa supelwa fa se ntse jalo mo nageng eno, mme mosimegi yo o neng a ikarabela ka seo o tshwanetswe a akgolelwa kutlwisiso ya gagwe ya boemo jwa boitlhaodi jwa Basupi ba ga Jehofa.
◻ Mafoko a ga Jeremia a ne a itshupa gape fa a le boammaaruri mo boitemogelong bongwe jo bo tswang lefatsheng lengwe la Afrika koo tiro ya Basupi ba ga Jehofa e kganetsweng teng. Morago ga go tlhalosa mathata ao bakaulengwe ba leng mo go one ka go leka go thusa batho go ithuta mo go oketsegileng kaga maikaelelo a a molemo-lemo a ga Jehofa, pego e re: “Ka ntlha ya boemo jwa boitlhaodi jwa batho ba ga Jehofa, bontsi-ntsi jwa bakaulengwe ba rona bo latlhetswe mo kgolegelong, gantsi e le ka dipaka tse di tlhomaganang. Ba itewa mo go botlhoko, ba kgwathisiwa, le go gatelelwa ka ditsela tsotlhe go senya digakolodi tsa bone tsa Bokeresete. Mo kgannyeng nngwe, morago ga go itewa mo go setlhogo go sena go palelwa ke go fedisa bothokgami jwa mokaulengwe, masole mangwe a ne a dira morero wa go mmolaya. Fa yo mogolwane a tla go lemoga ka morero ono, ene ka boene o ne a tsenelela mme ka sephiri a dira gore a fudusediwe motseng o mongwe, ka gone a boloka botshelo jwa gagwe.”
Pogiso eno ga e a emisa Basupi ba ga Jehofa mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi ao Modimo a a laotseng. (Mathaio 24:14) Jehofa o a ba tshegetsa ka moya wa gagwe mme o segofatsa boemo jwa bone jwa boikanyego. Pego go tswa nageng eo e tlhalosa gape ka go re: “Go sa kgathalesege mathata a mmele a magolo, tlala, bolwetsi le ntwa ya selegae e e maswe-maswe, le pogiso, go ile ga nna le koketsego ya 17 lekgolong mo palo-gareng ya palo ya baboledi.” Palo ya ba ba nnileng gone mo Segopotsong e ne ya tlhatlogela go 21 lekgolong, mme 21 lekgolong ya baboledi botlhe e ne ya direla jaaka babulatsela ka April 1984.
Jalo bakaulengwe ba rona ba a itumela lemororo ba bogisiwa. Ba ikanya mo go Jehofa mme ba gakologelwa mafoko a ga Jeremia: “Ba tla tlhabana nau; me ga ba ketla ba gu henya: gonne ke na nau, go bua Yehofa, go gu golola.”—Yeremia 1:19.
[Setshwantso mo go tsebe 27]
Jehofa o tshegetsa Basupi ba gagwe ba ba bogisiwang