Lorato lwa Gago Lo Atologile go le Kana-kang?
ACORN BARNACLE ke sebopiwa se sennye, seo se nang le legapa se se nnang mo metsing. Batho ba le bantsi ga ba nke ba se tsenya thata mo tlhogong. Lefa go ntse jalo, barnacle e na le kgono nngwe e e jesang kgakge: E itse go ngaparela mo dilong. Sephiri sa yone ke eng? E dira sekgomaretsi se se nonofileng thata mo e leng gore lerothodinyana fela le bokima jwa 3/10 000 ya intshe (0,00762 mm) le na le “nonofo fela” ya diponto di le 7 000 ka square inch (493 kg/sq cm)! Mongwe le mongwe yo o lekileng go ngaporolola barnacle eno mo e ingapareditseng teng o tla supela gore nonofo ya yone ke ya sekgomaretsi se se nonofileng thata.
Bakeresete ba tlwaelane le sengwe se se tshwanang. Phuthego ya ga Jehofa mo lefatsheng e dirilwe ka batho go tswa merafeng yotlhe, dipuong tsotlhe, ditsong tsotlhe, le ditlhopheng tsotlhe tsa leago. Lefa go le jalo e tshwaraganye ka mo go nonofileng. Sephiri sa yone ke eng? Le yone, e na le sekgomaretsi se se nonofileng, se se nonofileng thata go feta sekgomaretsi sa barnacle. Moaposetoloi Paulo o ne a re bolelela gore sekgomaretsi seo ke eng fa a ne a kwala a re: “Lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:14.
Legale, ga se gore sengwe le sengwe se se bidiwang lorato se a tshwaraganya. Go ile ga lowa dintwa di le dintsi go twe ke tsa “lorato lwa naga.” Lorato lo lo bogagapa lo ka gogela mo lefufeng. “Gonne go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe.” (1 Timotheo 6:10) Mme metlha ya segompieno e e tlhokofatsang e ntse jalo, mo ntlheng e nngwe, e le ka ntlha ya gore batho ba le bantsi ke “baithati.”—2 Timotheo 3:1, 2.
Ke lorato lo lo ntseng jang he, lo lo kitlanyang Bakeresete? Ke lorato lo lo seng bogagapa, lo lo atologileng.
Motswedi Wa Lorato Lono O Kae?
Potso eno e arabiwa ka mafoko a le mararo a makhutshwane ao a neng a kwalwa ke moaposetoloi Johane: “Modimo o loratō.” (1 Yohane 4:8) Lorato lwa ga Jehofa lo bontshiwa ke bopelonomi jwa gagwe go rona. Sengwe le sengwe se se molemo se re nang naso kgabagare se a bo se tswa kwa go ene. “Neō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe se se tletseñ, se cwa kwa godimo.” (Yakobe 1:17) Seno se ntse jalo ka lefatshe le le bonalang le re le ipelelang, mme segolo-bogolo ka masego a semoya a a goromelediwang Bakeresete ba ba anaanelang.
Jesu Keresete o ne a gogela tlhokomelo ya rona gape pontshong e e gakgamatsang ya lorato lwa ga Jehofa, fa a re: “Ena [Jehofa] o tlhabisetsa ba ba molemō le ba ba boshula letsatsi ya gagwè, a nesetse basiami le basiamolodi pula.” (Mathaio 5:45) Mme lorato lwa ga Jehofa mo sethong ka kakaretso lo pota ka kwa go baakanyetsa ka masego a dilo tse di bonalang, ka Jesu a ile a tlhalosa: “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Ke lofe lorato lo lo ka fetang lono ka go atologa?
Ka go bontsha lorato lo lo ntseng jalo mo sethong, Jehofa o bontsha lorato lo lo itsetsepetseng mo molao-motheong. Mo puong ya Segerika, lorato loo lo bidiwa a·gaʹpe. Jehofa o bontsha lorato lono gape go Bakeresete. Lefa go ntse jalo, lorato lwa gagwe go bone ke lo lo oketsegileng. Fa motho a arabela mo loratong lwa Modimo, Jehofa o bontsha phi·liʹa, e bong lefoko la Segerika le le rayang “botsala” kana “tsalano.” Jesu o a re tlhomamisetsa: “Rara ka esi oa lo rata, ka gonne lo nthatile.”—Yohane 16:27.
Etsa Lorato lwa Modimo
Lorato loo lo direlang jaaka sebofo se se tlamang mo Bakereseteng lo latela sekao se se molemo-lemo sa ga Jehofa ka sebele. Fela jaaka moaposetoloi Johane a ile a re: “Rona rea rata, ka go bo o re ratile pele.” (1 Yohane 4:19) Lorato lo lo ntseng jalo ke lotshwao lwa Bokeresete jwa boammaaruri mme, eleruri, ke loungo lwa moya wa Modimo o o boitshepo.—Yohane 13:34, 35; Bagalatia 5:22.
Lorato lwa Mokeresete lo tshwanetse lwa lebisiwa pele go Rragwe wa selegodimo. Mme he, o tshwanetse a bontsha batho ka ene lorato. (Mathaio 22:37-39) Ereka jaana lorato lwa Modimo lo akaretsa gotlhe, lorato lwa rona go badumedi ka rona, le lone, lo tshwanetse lwa atologa, ‘lwa pitlologa.’ Ka mo go tshwanang, moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakeresete ba Korintha a re: “Molomo oa rona o lo atlhametse, lona Bakorintha, pelo ea rona e pitlologile. . . . Me yana le lona pitlologañ.”—2 Bakorintha 6:11-13.
Re ka etsa jang lorato lwa ga Jehofa lo lo atologileng? A re akanyetseng dikai di sekae.
‘Pitlolola’ Lorato lwa Gago mo Lelapeng
Paulo o ne a tlhagisa ka go re “mo metlheñ ea bohèlō” “loratō loa tlhōlègō” lo tla tlhaela. (2 Timotheo 3:1-3) Lefa go le jalo, mo lelapeng la Bokeresete, lorato lo tshwanetse lwa nna lontsi, ka bobedi lorato lo lo itsetsepetseng mo molao-motheong (a·gaʹpe) le lwa mofuta wa botsalano, lorato lo lo tsalano (phi·liʹa).—Mathaio 10:37; Baefesia 5:28; Tito 2:4.
Go bontsha lorato ga se selo se se motlhofo ka metlha yotlhe. Mathata a madi gantsi a tsala dikgotlhang mo lelapeng. Molekane yo mongwe wa lenyalo e ka nna ya re ka dinako tse dingwe a ganana le dilo tse di batlang go ja nako ya molekane yo mongwe. Mosadi o ka nna a ikutlwa gore o a tlhokomologiwa kana o latlhelelwa fela. Bana ba le bantsi ba dingwaga tsa bolesome ba ikutlwa gore batsadi ba bone ga ba ba tlhaloganye. Mathata ano le a mangwe a a tshwanang a ka rarabololwa jang?
Thata-thata, tharabololo ke ya gore mongwe le mongwe yo o amegang a etse sekao sa Modimo sa go ‘pitlologa’ mo loratong lwa bone. “Basadi ba lo nyecweñ, ineeleñ mo banneñ ba lona, yaka go chwanetse mo Moreneñ,” ga kgothatsa Paulo jalo. “Banna, ratañ basadi ba lona, me lo se ka loa ba ñañalèla. Bana, utlwañ batsadi ba lona mo diloñ cotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhañ mo Moreneñ. Borra bana, se chwenyeñ bana ba lona, gore ba se ka ba shulahala pelo.”—Bakolosa 3:18-21.
Go rapelela go bona thuso ya go bontsha lorato eleruri go ka tswelela fa mathata a tsoga. Mme go ntse jalo gape le ka puisano ya lelapa le puisano ya ka metlha ya Bibela. (Duteronome 6:4-9) Jaaka motheo wa puisano e e ntseng jalo e e lorato, malapa a le mantsi a ile a go fitlhela go thusa go dirisa karolo e e reng “Lefoko la Modimo le Tshedile” go Tora ya Tebelo le se se reng “Young People Ask” mo makasineng wa Awake!
Lorato lo lo Atologileng mo Phuthegong
Ke mo go hutsafatsang fa batsadi le bana ba palelwa ke go ratana. Go bile gape go a hutsafatsa fa Bakeresete mmogo ba palelwa ke go bontshana lorato. Moaposetoloi Johane o a tiisetsa: “Eo o sa rateñ mogagabō eo o mmōnañ ka matlhō, ga a kake a rata Modimo o a e señ a o bone.”—1 Yohane 4:20.
Lorato lo re thusa go solofela se se molemo mo bakaulengweng ba rona ba semoya. (1 Bakorintha 13:4, 7) Re ka nna ra bona mokaulengwe wa rona a kgaratlha ka ntlha ya mathata—gongwe le e leng go ‘roba se a se jadileng’ ka ntlha ya ditiro dingwe tse e seng tsa botlhale tsa pele. (Bagalatia 6:7) Lefa go le jalo, lorato lo tla re thusa go boloka boikutlo jo bo molemo tebang le ene. Re tla tila go nna le megopolo ya gore, ‘Tota ke ne ke ntse ke sa mo ikanye thata.’ Lefa lemororo mokaulengwe wa rona a ka ne a le bokoa mo tumelong, re ka bontsha bopelotelele jwa ga Jehofa mo go ba ba bokoa mme re leke go etsa kutlwelo-botlhoko ya Gagwe e e lorato.—2 Petere 3:9.
Lorato lo lo gone gareng ga batlhanka ba ga Jehofa lo thusa go nitamisa Bakeresete ba babotlana mo dingwageng tse di bokete tsa bolesome. E ne ya re fa mosetsanyana mongwe wa Mo-Afrika a bodiwa gore ke eng se se mo thusitseng go kgomarela mo kobamelong ya boammaaruri, a akgela ka go re: “Ke akanya gore e ile ya se ka ya nna fela ka ntlha ya seo ke se ithutileng mo Bibeleng mme lorato loo ke lo bonyeng fa ke ntse ke nna gone mo dipokanong tsa Bokeresete le kafa ke neng ke amogelwa ka gone ke tsone dilo tse di neng tsa nkgatlha thata.”
Ee, lorato lo lo atologileng lo ka direla jaaka setlamo sa bommogo mo phuthegong. Mme gakologelwa gore, lorato lwa ga Jehofa lo fitlhelela batho botlhe. Re ka mo etsa jang mo go seno?
Go Rata Bao Be Sa Ba Itseng
Jesu o ne a sedifatsa e nngwe ya ditsela tse di tlhomologileng tsa go bontsha lorato le e leng go batho bao re sa ba itseng. O ne a re: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Ee, Basupi ba ga Jehofa ba bontsha lorato lwa bone go ba bangwe fa ba rera mafoko a a molemo go batho bao ba sa ba itseng gotlhelele.
Go rata batho ka kakaretso go tlhotlheletsa Bakeresete go thusa baeng ka ditsela tse dingwe gape. Jaaka Mosamaria wa setshwantsho sa ga Jesu, ba leka go nna baagelani ba ba molemo, ‘ba dira se se molemo mo bathong botlhe,’ gantsi go na le matswela a a sa lebelelwang a a itumedisang. (Bagalatia 6:10; Luke 10:29-37) Ka sekai, mosetsanyana mongwe mo Alaska yo o neng a ntse a arola mo tirong ya boefangele e ka nna dimmaele di le 160 (260 km) go tswa legaeng la gagwe o ne a bona lelapa lengwe le le neng le tlhoka madi thata thata mme koloi ya bone e senyegile. Fa a utlwalela selelo sa bone, rragwe mosetsanyana o ne a tsaya mosepele wa dimmaele di le 320 (520 km) go ya go neelana ka thuso. Seno se ne sa lere sebaka sa go bolelela lelapa leno kaga maikaelelo a ga Jehofa le Bogosi. Morago ga go ithuta Bibela, monna le mosadi ba ne ba bontsha boineelo jwa bone go Jehofa. Jaanong, le bone, ba itemogela boipelo jwa go arola mafoko a a molemo le ba bangwe.—Ditihō 20:35.
A O Ka Rata Ba Ba Go Ilang?
Lefa go ntse jalo, lorato lwa Bokeresete lo fetela ka kwa go go rata baeng fela. Jesu o ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe a re: “Ratañ baba ba lona, lo rapèlèlè ba ba lo bogisañ; Gore lo nnè bana ba Rra eno eo o kwa legodimoñ: gonne èna o tlhabisetsa ba ba molemō le ba ba boshula letsatsi ya gagwè, a nesetse basiami le basiamolodi pula.”—Mathaio 5:44, 45.
A ruri go ka kgonega go rata bao ba re bogisang? Mo Ntweng ya Lefatshe II, Basupi ba ga Jehofa mo Nazi Germany ba ne ba itewa mo go setlhogo le go patelediwa go dira tiro e e boima ka dijonyana fela tse e seng tsa sepe. Ka phepafalo, ba ne ba ka se ke ba nne le lorato lope lo lo kalo-kalo le botsalano (phi·liʹa) mo babogising ba bone. Lefa go le jalo, ba ne ba ba bontsha lorato lo lo tshwanang lwa motheo (a·gaʹpe) loo Jehofa a lo bontshitseng setho sotlhe. Ka gone, fa go kgonega, Basupi ba ne ba abalana le babogisi molaetsa o o nayang botshelo wa boammaaruri. Mme bangwe ba baba bano e ne ya re kgabagare ba nna Bakeresete.
Ba le bantsi go ba ba bogisang batlhanka ba Modimo ba dira jalo ka go tlhoka kitso, jaaka go dirile Saulo, yo o neng a re morago a nna moaposetoloi Paulo. (Bagalatia 1:13, 14) Fa re tla go lemoga gore babogisi bao, ka tsela e nngwe, ke ba ba tsieditsweng ke maaka a ga Satane, re thusiwa go nna le boikutlo jo bo lorato ka mo go oketsegileng mo go bone.—2 Bakorintha 4:4.
Jehofa, Modimo o o bothitho le kutlwelo-botlhoko, o ipelela go duela bao ba bontshang lorato lo lo atologileng mo lapeng, mo phuthegong, go baeng, le e leng mo babeng. Lorato lo lo ntseng jalo lo bofaganya lelapa le maloko a phuthego mmogo thata-thata, le e leng fela jaaka sekgomaretsi sa barnacle se e dira gore e kgone go ngaparela mo lejeng. Mme gape, lorato lo kgothaletsa ba ba kwantle go arola mo kutlwanong ya Bokeresete. A ga re na lebaka le le tshwanang he, la go arabela ka kanaanelo mo loratong lwa Modimo ka go atolosa lorato lwa rona le e leng ka mo go oketsegileng? Tota re a dira! Jalo he, a re “totè bogolo bogolo.”—1 Bathesalonia 4:9, 10.