Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Kgakgamatso ya Ntlha ya ga Jesu
JESU le barutwa ba gagwe ba a ba boneng bosheng ba sa tswa go tloga mo Mokgatsheng wa Joredane. E setse e le letsatsi fela kana a mabedi fa e sale Anderea, Petere, Johane gongwe le Jakobe, Filipo le Nathanaele ba nna barutwa ba ntlha ba ga Jesu.
Jaanong ba mo tseleng go ya gae kwa kgaolong ya Galilea, koo botlhe ba tsaletsweng gone. Lefelo le ba yang go lone ke Kana, toropo ya gaabo Nathanaele, e e agilweng mo dithabaneng tsa Nasaretha koo Jesu ka boene a goletseng teng. Ba laleditswe go tla modirong wa lenyalo kwa Kana.
Mmagwe Jesu, le ene, o tlile lenyalong. Jaaka tsala ya lelapa la bao ba nyalanang, go bonala Maria a ne a tshwaregile mo go tlhokomeleng ditlhokafalo tsa baeng ba le bantsi. Jalo ka bonako o lemoga tlhaelo, eo a e begelang Jesu jaana: “Ga ba na boyalwa yoa mofine.”
Ka gone, fa Maria a akantsha ka phepafalo gore Jesu a dire sengwe ka go tlhaela ga bojalwa jwa mofine, lwantlha Jesu oa itsemeletsa. “Ke dihañ ka wèna?” a botsa jalo. Jaaka Kgosi e e tlhophilweng ya Modimo, ga a tshwanela go kaelwa ke lelapa kana ditsala mo tirong ya gagwe. Jalo Maria o tlogela kgang mo diatleng tsa morwawe ka botlhale, fela ka go bolelela batlhanka jaana: “Se o se lo raeañ, lo se dihè.”
Go na le ditsaga tse dikgolo tsa lentswe di le thataro, tseo se le sengwe sa tsone se kgonang go tsaya dikalone di le lesome. Jesu o laela batlhanka jaana: “Thèlañ metse mo ditsageñ, di tlale.” Mme batlhokomedi ba di tlatsa go fitlha mo losing. Morago ga moo Jesu o re: “Gañ yana, me lo isè molebalebiñ oa modihō.”
Molebalebi o kgatlhilwe thata ke bojalwa jwa mofine jo bo monate, a sa lemoge gore bo dirilwe ka kgakgamatso. A bitsa monyadi, ka go re: “Batho botlhe ba tle ba bèe boyalwa yo bo monate pele; me e re batho ba sena go nwa thata, hoñ ba bèe yo bo señ monate: me wèna boyalwa yo bo monate, u bo boloketse lobaka lono.”
Eno ke kgakgamatso ya ntlha ya ga Jesu, mme fa barutwa ba gagwe ba basha ba e bona, tumelo ya bone mo go ene e a nonofa. Morago ga moo, ba ya kwa motseng wa Kaperenama gaufi le lewatle la Galilea ba na le mmagwe le bomorwa-rragwe. Yohane 2:1-12.
◆ Lenyalo kwa Kana le nna leng?
◆ Ke ka ntlhayang fa Jesu a gana kakantsho ya ga mmagwe?
◆ Jesu o dira kgakgamatso efe, mme ba bangwe ba amega jang?