LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 11/1 ts. 10-13
  • Go Ikemisetsa go ‘Tlhomama le go Nitama’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ikemisetsa go ‘Tlhomama le go Nitama’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boammaaruri bo Baka “Ledimo”
  • Go Swabisiwa​—Morago Masego
  • Mathata le Kgatelo-pele kwa Tshwane
  • Thibelo ya Nako ya Ntwa
  • Go ‘Tlhomama le go Nitama’ go sa Kgathalesege Botsofe
  • Go Gola le Phuthego ya ga Jehofa mo Afrika Borwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Amogela ‘Dikeletso tsa Pelo ya Me’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Ke Ile Ka Kgotsofala Fa Ke Direla Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Nna Badiri-mmogo mo Bobulatseleng Botshelo Jotlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 11/1 ts. 10-13

Go Ikemisetsa go ‘Tlhomama le go Nitama’

Jaaka go boletse Paul Smit

KA BO 1830 borra-dipolase ba le bantsi ba basweu ba Profensi ya Kapa kwa Afrika Borwa ba ne ba sa iketla le eseng. Ka e le ba lotso lwa Ma-Dutch, ba ne ba fitlhela molao wa Britani o ba galefisa. Ba le dikete ba ne ba fudugela bokone kwa bogareng jo bo neng bo itsiwe go le gonnye. Morago ga go fenya dikgoreletsi di le dintsi, bangwe ba ne ba aga kwa bokone jwa Noka ya Orange moo moragonyana go neng ga nna Orange Free State. Ba bangwe ba ne ba tshela Noka ya Lekwe mme ba aga moo jaanong go bidiwang Transefala gone. Mo gare ga bone go ne go na le bagologolwane ba me ba ba buang Seburu ba ba neng ba aga kwa Transefala Bokone ka bo-1860. Ke tsaletswe gaufi le torotswana ya Nylstroom ka 1898.

Mokgwa wa botshelo wa baagi ba ba mmalwa ba lefelo leo o ne o sa tlhabologa mo metlheng eo. Diphologolo tse di neng di tletsetletse e ne e le motswedi o mogolo wa go itshedisa, o okediwa ke dikuno dingwe tsa polase. Morago, ga tla ntwa ka 1899​—Ntwa ya Afrika Borwa, kana ya Maburu. Maesemane a ne a swetsa go atolosetsa bolaodi jwa one go di-Repaboliki di le pedi tsa Maburu, ebong Orange Free State le Transefala. Jalo Maesemane le Maburu (“rra-dipolase” ka Seburu) ba ne ba lwa ntwa e e matlho mahibidu ya bolaodi ka dingwaga di le tharo. Mo nakong eno, lelapa la etsho le ne le tsentswe mo kampeng ya pogisetso.

Fa dintwa di fela, re ne ra fitlhela polase ya rona e sentswe le go ferentlhololwa mo go maswe. Go ne go na le go boga go go boitshegang. Dikete tsa banna di ne tsa swela mo ntweng, mme dikete tsa basadi le bana di ne tsa swela kwa dikampeng tsa pogiso. Naga e ne e padimotswe ke lehuma. Go ne go ntse jalo le ka rona. Lefa go ntse jalo, go tlamela ka korong ga ga goromente go ne ga re thusa go nna re tshela, mme batsadi ba me ba ne ba dira ka tlhoafalo mo polaseng, ba jala merogo le dikuno tse dingwe.

Boammaaruri bo Baka “Ledimo”

Mme ga tla ngwaga o o sa lebalegeng wa 1915. Jaaka mosimane wa sekolo wa dingwaga di le 16, ke ne ka amogela bukana ya setlhogo se se reng What Say the Scriptures About Hell? ka poso, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ba nako eo. Ke ne ka e bala mmogo le tsala ya me ya kwa sekolong, Abraham Stroh, mme ra dumela gore e ne e le boammaaruri. Go ne go itumedisa go ithuta gore Modimo ga a tlhokofatse batho ka bosakhutleng; baswi ga ba itse sepe, ba robetse boroko jwa loso, mme ba emetse tsholofetso ya ga Jesu ya tsogo. (Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4; Yohane 5:28, 29) Re ne ra tlhotlhelediwa go tsaya kgato. Nylstroom e ne ya nna lefelo la khuduego, jaaka ekete e ne e padimotswe ke ledimo, ereka rona basimane ba babedi ba sekolo re ne ra itsise gore dithuto tsa motheo tsa Kereke ya Dutch Reformed e ne e le maaka, ka tlhomamo le ka bopelokgale. Tota, baruti ba ne ba betwa ke pelo mme ba nyatsa “bodumedi jo bosha” jono go tswa mo felong ga bone ga therelo.

Ka gone, nna le Abraham re ne re sa tlhole re amogelesega kwa magaeng a ditsala tsa rona. Tota le rre o ne a ntshosetsa ka gore o tla nteleka mo gae. Mme mmè, motho wa seka-nku eleruri, o ne a seka a bua lefoko lepe le le bosula. Moragonyana rre yo o tsofetseng yo ke mo ratang, yo o neng a tlotla Bibela thata, a tlwaela “bodumedi jo bosha,” mme Basupi ba ne ba amogelwa ka diatla tsoopedi kwa legaeng la etsho. Mo metlheng eo ya pele, re ne re sa itse sepe ka Mokgatlho mme re ne re ikaegile ka Jehofa gotlhelele. Moragonyana, barekisi ba dibuka (bao jaanong ba bidiwang babulatsela) ba ne ba re etela mme ba re amanya le Mokgatlho le diofisi tsa one tse di neng di le bokgakala jwa dimaele di le 1 000 (1 600km) kwa Cape Town. Seno sa isa mo go kolobediweng ga me ka 1918.

Dingwaga di le pedi moragonyana ke ne ka ya kopanong kwa Tshwane. Go ne go tlile bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 23, mme e ne e okametswe ke Mokaulengwe Ancketill, moemedi wa Mokgatlho. Abo go ne go le molemo jang ne go nna le badumedi ka nna lefa re ne re le mmalwanyana fela! Thulaganyo e ne e tlhamilwe segolo ka dikgang tsa thuto ya motheo le “ditshupo,” kana maitemogelo, mme e ne ya nkgothaletsa ka mo go lekaneng go nna ke nitame. Ke ne ke e tlhoka.

Go Swabisiwa​—Morago Masego

Letshogo le legolo thata mo botshelong jwa me le ne la tla fa tsala ya me e e gaufi, Abraham, morago ga go tlogela sekolo le go thapiwa ke Lekgotla la Sekolo a ne a tshosediwa go kobiwa fa a ne a sa tlogele bodumedi jwa gagwe. O ne a tlogela boammaaruri mme a kopanela le Kereke ya Dutch Reformed. Seno sa ntlogela ke le mmotlana ebile ke le mosha mo boammaaruring, ke le esi fela kwa Bokone jwa Transefala. Ke ne ka lela ke sa kgaotse ka ntlha ya go latlhegelwa ke tsala ya me, mme ke ne ka rapela go Jehofa ke sa emise mme ka nonotshiwa go nna ke ‘tlhomame, ke nitame, ke ntse ke totafetse mo tirong ya Morena.’​—1 Bakorintha 15:58.

Mme ga fitlha dingwaga tsa pele tsa bo-1920. Jehofa a segofatsa maiteko a me a a tlhomameng a go tshela ka boammaaruri ka mo nka kgonang. Ke ne ka simolola go bona “dinku” mo tikologong ya rona. Mosimanyana wa rra-dipolase yo o gaufi o ne a amogela mafoko a a molemo a Bogosi, jalo a tseela go latlhegelwa ke tsala ga me sebaka. Mokaulengwe yono, Hannes Grobler, o ne a nna a ikanyegile go fitlha losong lwa gagwe lwa bosheng. Gape ke ne ka simolola thuto le lelapa la maloko a le supa, boora Vorster, ke dirisa buka The Harp of God.a

Matlhatso mangwe le mangwe ke ne ke tsamaya ka boitumelo dimaele di le nne (6,4 km) go ralala naga go ya go tshwara thuto. Batsadi ba ne ba nna Basupi ba ba kolobeditsweng mme ba nna ba ikanyegile go ya losong.

Ka 1924, Mokaulengwe George Phillips, yo o neng a sa tswa go fitlha mo Afrika Borwa go tla go direla mo lekaleng kwa Cape Town, o ne a etela Nylstroom​—tiragalo e e tlhotlheletsang mo go nna. E ne ya simolola botsalano jo bo gaufi le nako ya tirisano-mmogo ya bolegodimo tse di neng tsa tswelela go fitlha fa a wetsa tirelo ya gagwe ya selefatshe ka 1982.

Kgatlhego ya lefelo la etsho e ne ya gola, mme ka bonako ra nna le setlhopha se se molemo sa bokgaitsadi le bakaulengwe ba le 13​—setlhopha sa ntlha sa Basupi kwa bokone jwa Tshwane. Fa nako e ntse e ya molaetsa wa Bogosi wa phatsimela kwa lefelong le legolo la Transefala Bokone.

Mathata le Kgatelo-pele kwa Tshwane

Lefa go ntse jalo, ka one ngwaga oo bathapi ba me ba banka ba mphudusetsa kwa Tshwane, kwa go neng go na le setlhotswana sa Baithuti ba Bibela (Basupi ba ga Jehofa) ba le robedi gone. Mme a le mongwe fela o ne a na le kanaanelo e e tshwanetseng ya dikgang tsa bolegodimo, mme o ne a swa ka bonako fela fa ke sena go goroga. Ba bangwe​—e ne e le banna ba ba rutegileng—​ba palelwa ke go anaanela thulaganyo ya Mokgatlho ya go rulaganyeleletsa diphuthego tirelo, mme ba babedi ba bone ba tlogela.

Ka yone nako eo, “mogolwane” wa setlhopha seo o ne a kwala buka ka tlhaloso ya gagwe ya Dikwalo go sa kgathalesege go se dumele ga Mokgatlho. Ke ne ka ikuela mo go ene ka namana gore a tlogele kakanyo eo. Di ne tsa ya magoletsa moso mongwe wa Sontaga. Buka ya gagwe e ne e setse e gatisitswe, mme a tlisa dikaelo dingwe mme a kopa setlhopha go di phatlalatsa. Ke ne ke gakgametse. Ke ne ka ema mme ka ganetsa kopo ya gagwe. Ka gone, “mogolwane” le ba le bane kana ba le batlhano ba ne ba tlogela phuthego. Seno sa tlogela kgaitsadi yo o tsofetseng thata le yo o rategang, gammogo le nna le mosadi wa me. Mme re ne re ikemiseditse go ‘tlhomama le go nitama’ le go tshegetsa Mokgatlho ka boikanyegi. Go tloga ka nako eo go ya pele, Jehofa o ne a neela koketsego ka bonya mme ka tlhomamo.​—1 Bakorintha 3:6; 15:58.

Ka nako e e tshwanetseng Jehofa o ne a oketsa badiri ba le bantsi mo Phuthegong ya Tshwane. Ka sekai, ka 1931 bakaulengwe ba le babedi ba bantsho ba ne ba tla kwa lefelong la rona la thuto mme ba ikitsise. Morago ga moo, ka dingwaga di le mmalwa e ne e le boikarabelo jwa me go direla Makgowa (basweu) gammogo le Ma-Afrika (bantsho)​—tshiamelo ya sewelo mo Afrika Borwa. Go thusa bakaulengwe ba Ma-Afrika, ke ne ke tsamaisa thuto ya setlhopha kwa motse-setoropong wa bone, kana lefelo la bonno le le kwa thoko. Gape ke ne ka dirisa dipuo tse di theipilweng tsa ga Mokaulengwe Rutherford kwa motse-setoropong oo. Gape, mokaulengwe wa Mo-Afrika, Hamilton Kaphwitti Maseko, o ne a aga a nthusa maitseboa mangwe le mangwe a Sontaga go gasa dipuo tseno ka motshini wa go tshameka direkoto kwa Church Square, e leng yone mpa ya Tshwane.

Jehofa a ntse a neela koketsego, phuthego ya Ma-Afrika e ne ya tlhongwa. Ka dingwaga di le dintsi ke ne ka rulaganya dipokano tsa bone tse di kgethegileng, jaaka molebedi wa motse. Go tswa mo ditshimologong tse dinnye, tiro mo gare ga Ma-Afrika e ne ya gola go isa go diphuthego di le 16 mo tikologong ya Tshwane ka 1984.

Thibelo ya Nako ya Ntwa

Tshimologo ya Ntwa ya Lefatshe II ka September 1939 e ne ya tlisa go boga go gogolo mo dinageng di le dintsi. Lefa go ntse jalo, Afrika Borwa e ne e sa kopanyelediwa. Mme, ka ntlha ya ditiragalo tse di tshikinyang lefatshe, batho ba le bantsi ba Afrika Borwa ba ne ba tsoga mo go se tlhokomeleng ga bone mme ba lebisa megopolo ya bone mo go diragadiweng ga boperofeti jwa Bibela. Ka gone, go ne go na le kgolo e e tlhomologileng mo tirong ya Bogosi ka koketsego ya 50 lekgolong ya baboledi ka ngwaga wa tirelo wa 1941. Seno se ne sa tsosa kgalefo ya dikereke, segolo-bogolo Kereke ya Katoliki, tse di neng tsa latofatsa Mokgatlho ka go nna kotsi mo Mmusong. Goromente o ne a thibela dibuka di le dintsi tsa Mokgatlho ka nako eo.

Mo e ka nnang ka nako eo, nna le mosadi wa me Anna mmogo le bana ba rona ba babedi, Paul le Anelise, re ne ra etela Nylstroom, kwa ke neng ke tshwanetse go neela puo gone. Ke ne ka dirisetsa paka eno go bontsha bakaulengwe ba lefelo leo kgonego ya go neela dimakasine tsa rona mo mmileng. Ke ne ka tlhopha go ema fela fa ntle ga Kgotla-tshekelo ya Magaseterata. Ka bonako Saresanta wa Mapodisi a mpolelela fa ke ne ke dira tiro e e seng kafa molaong mme ke tshwanetse go tla kwa Ofising ya Ditatofatso ka bonako. Lefa go ntse jalo, ke ne ka tswelapele ka re ne re sweditse go dira oura. Morago lepodisi le ne la tla go nkitsise fa Mookamedi wa Mapodisi a ne a nkemetse. Mme ka seka ka suta. Lepodisi le lengwe la tlisa molaetsa o o tshwanang mme la amogela karabo e e tshwanang. Re ne ra fetsa oura ka matswela a a molemo, morago ga moo nna le lelapa la me ra fapogela kwa kefing go nwa kopi ya teye gone.

Fa labofelo ke ne ke ya kwa Ofising ya Ditatofatso, ke ne ka botswa gore go diragetseng ka dibuka. Ke ne ka tlhalosa fa di ne di abetswe batho. Moragonyana, mapodisi a ne a tla kwa re neng re nna teng kwa polaseng ya batsadi ba me mme a tsaya dimakasine tsotlhe tse a neng a di fitlhela.

Morago ga go tlotla kgang eno le bakaulengwe ba lefelo leo, re ne ra swetsa gore re se dumelele kgang eo. Jalo mo bekeng e e latelang ba le 30 ba rona ba ne ba tswetse mo mebileng ya Nylstroom ka makatlanamane, mme mo bekeng e e latelang kwa Warmbad, dimaele di le 18 (29 km) kwa borwa. Go fapaana le seo re neng re se lebeletse, ga go ope yo o neng a re thibela. Moragonyana, dibuka tsotlhe tse di neng di sa thibelwa di ne tsa busiwa morago ga mathata a magolo.

Go ‘Tlhomama le go Nitama’ go sa Kgathalesege Botsofe

Mosadi wa me ebong Anna o ne a nkema nokeng ka boikanyegi go fitlha fa a ne a swa ka 1949. Fa e sale ka 1954, fa ke ne ke nyala labobedi, ke ne ke engwe nokeng ka boikanyegi ke mosadi wa me yo o rategang ebong Maud. Bana ba babedi, Paul le Anelise, ba ne ba tsamaya le nna mo dikarolong tsotlhe tsa tirelo ya Bogosi, go tloga ba sa le babotlana. Ka bobedi e nnile babulatsela fa ba tlogela legae. Anelise le monna wa gagwe, Jannie Muller, ba santse ba le mo tirelong eo. Paul o ne a tlogela boammaaruri mme a lelekisa thuto ya unibesiti, mme mo dingwageng tsa bosheng o tsosolositse go kopanela ga gagwe. Ditlogolwana tsa me tse tlhano ke Basupi ba ga Jehofa; ba babedi ba bone, ba direla ka nako e e tletseng mo bodiheding mmogo le balekane ba bone ba lenyalo. Nka kgothaletsa thata gore batsadi ba ipoloke ba le gaufi le bana ba bone, mme ka go laya le ka sekao, ba ba thapisetse go rata le go direla Jehofa ka moya otlhe.​—Duteronome 6:6, 7.

Ke bone koketsego e e itumedisang mo dingwageng tse 69 tsa tirelo. Bogologolo ka 1931 go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le tlhano mo tikologong ya Tshwane. Jaanong go na le ba ba fetang 1 500 ba ba kopanelang mo diphuthegong di le 26. Pako le tlotlo tsotlhe ka seno ke tsa ga Jehofa! Jaanong, fa ke tsogile sentle, ke santse ke ipelela kgwetlho ya go supa ka ntlo le ntlo le go neelana ka dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Awake! mo mmileng, ke le dingwaga di le 86. Nna le Maud re ikemiseditse go ‘tlhomama le go nitama,’ re ikanyege go Jehofa, re bake leina la gagwe ka bosakhutleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela