LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w85 10/15 ts. 15-20
  • “Morahe” O O Otlang Dimilione tse di mo Tlaleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Morahe” O O Otlang Dimilione tse di mo Tlaleng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Go Ingaparela ka Nonofo ya ga Jehofa’
  • ‘Go Tlatsa Lefatshe le le Ungwang’ ka “Lounō”
  • Mokgwa wa “Seinyoki” O Tla Khutlisiwa
  • Go Bolokwa Ga ba Ba Tlhophang Lesedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Dipotso tse di Tswang Go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1986
  • Seatla sa ga Jehofa se Nna Kwa Godimo
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Seo Botsalo jwa Morafe Bo se Reileng mo Bathong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1982
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
w85 10/15 ts. 15-20

“Morahe” O O Otlang Dimilione tse di mo Tlaleng

1, 2. (a) Ke tlhokafalo efe ya mmatota e baagi ba lefatshe ba tshwanetseng ba nna le yone? (b) Re ka leba go batho bafe malebana le seno?

DIBILIONE tsa baagi ba lefatshe di tshwanetse tsa bo di bolaetswe ke tlala ‘dijo’ tseo di tla ba otlelang botshelo jo bo sa feleng mono mo lefatsheng, fa lefatshe leno le fetolelwa go nna paradaise ya kgolokwe. Mme ba tla retologela go mang kana kae? Repaboliki ya Iseraele ga e leke go diragatsa boperofeti jwa Bibela mo go Isaia 27:6 kaga go tlatsa lefatshe ka “louñō” tsholegelong molemo ya go ya go ile ya setho.

2 Morafe wa Iseraele mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa rona o o Tlwaelegileng o ne wa latlhegelwa ke thomo ya go solegela setho sotlhe molemo. Ka gone e ne e le fela masalela a mabotlana a Bajuda ba tlholego ao Mesia a neng a bua mafoko ano le bone: “Taolō eotlhe ke e neilwe kwa legodimon le mo lehatshiñ. Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō . . . Me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.” (Mathaio 28:18-20) Mme gotweng ka makgolo a dingwaga a a 19 moragonyana? Ke mang mo motlheng wa rona yo a ileng a gakologelwa tiragatso ya ga Isaia 27:6? Mme wena le baratiwa ba gago le kopanyelediwa jang?

3. Ke mang mo lekgolong la rona la dingwaga yo o neng a itemogela ‘tshakgalo’ ya Modimo e e umakiwang mo go Isaia 27:4?

3 Lemororo re le masome a dingwaga kgakala le ditiragalo tse di diragetseng, re dira sentle go tlhatlhoba ka bokhutshwane ditiragalo dingwe tse di rileng tsa dingwaga tsa Ntwa ya Lefatshe I. Jehofa Modimo ka nako eo o ne a na le lebaka le le utlwalang la go ‘shakgalela’ merafe ya La-Bodumedi ka ntlha ya go tsenelela ga yone mo ntweng eo ya tshololo ya madi. (Bapisa Isaia 27:4.) Ba ne ba dira seo go na le gore ba neele mebuso ya bone go Modimo Mogodimodimo fa Bogosi jwa gagwe bo ne bo tlhomiwa kwa magodimong ka 1914 mo diatleng tsa Morwawe yo o galaleditsweng, ebong Jesu Keresete. Ba ne ba tlhotlheletsa bogale jwa gagwe ka go bogisa masalela a Iseraela wa semoya, ka bomo ba kgoreletsa Diithuti tsa Bibela tsa Bakeresete bano ba ba ineetseng mo go boleleng ka tshosologo Bogosi jo bo tlhomilweng. Mme bontsi jwa masalela a Iseraele wa semoya, tota, bo ne jwa ineela mo dikgatelelong tsa selefatshe, ka gone ba ba ba tla ba latlhegelwa ke boikarabelo jwa bone jaaka batho ba ba itshenketsweng go tswa mo tsamaisong eno ya dilo ya selefatshe. Ba ne ba se ka ba bona kgang e e neng e kopanyelediwa ya boitlhaodi jo bo feletseng malebana le dikgaruru tsa lefatshe leno, ka jalo ba ne ba tla tlase ga go nna le molato wa madi ka tsela nngwe, mme ka nako e e rileng ba ne ba tshwanelwa gape ke ‘tshakgalo’ e kgolo ya Modimo.

4. ‘Tshakgalo’ ya Modimo e ne ya ama jang batlhanka ba gagwe ba Bakeresete, mme ke thuto efe e re ka e ithutang mo go seno?

4 Fa e le gore o ne o tshela ka nako eo, o akanya gore o ka bo o ile wa itshwara jang mo dikgatelelong tseo tsa nako ya ntwa? O tshwanetse go akanyetsa dilo tse di ntseng jalo, ka go bo ka go dira jalo o ka tswa o itiisetsa go ikemisetsa kaga seo o tla se dirang fa o lebane le dikgatelelo dipe mo isagweng. Morago koo go ka tswa go ile ga bonala ekete e ne e le nako ya go nyahala mo go boleleng ka Bogosi le go kgoba kgetsi. Ba bantsi ba ne ba sekamela mo ntlheng eo, ba ikutlwa gore ba letele fela go galalediwa ga bone go sa le pele go ya go nna le Jesu Keresete yo o tlhomilweng mo setilong. (Luke 22:28-30) Lefa go ntse jalo, go amogela ‘tshakgalo’ e e rileng ya ga Jehofa e ne e le boitemogelo jo bo otlhayang jo bo neng jwa se ka jwa nna jwa lefela mo Bakereseteng ba boammaaruri ba lobaka loo, mme ka gone e ne e se jwa lefela fela. Bo ne jwa ba nonotshetsa tiro e e neng e tla ya go bolela letsatsi ja pusoloso ya Modimo wa rona kgatlhanong le ene yo moperofeti Isaia o mmitsang “Seinyoki” mo go Isaia 27:1, koo re balang jaana:

5. Mo metlheng ya segompieno, Jehofa o ile a retolosetsa tlhokomelo ya gagwe go “Seinyoki” se se umakiwang mo go Isaia 27:1 jang?

5 “Mo letsatsiñ yeuō Yehofa o tla betsa seinyoki se se golo, sa nōga e e sehadima, le seinyoki sa nōga se se ikgarañ, ka chaka ea gagwè e e botlhoko, e e tona, e e thata; me o tla bolaea kgōgèla e e mo nokeñ.”

Morago koo mo metlheng ya bogologolo, Jehofa o ne a retolosetsa tlhokomelo ya gagwe go batshwari ba batho ba gagwe. Jaaka re ne ra tlhalosa go le pele, seo se ne se akareletsa mmuso-mogolo wa Babelona, gammogo le Egepeto le Asiria. (Isaia 27:12, 13) A o ka bona tiragatso ya segompieno ya mafoko ao a tshwantshetso a ga Isaia 27:1? Mo lobakeng lo lo dikologileng Ntwa ya Lefatshe I, batho ba Modimo ba ne ba se ditshwarwa tsa morafe ope kana tsa mmuso-mogolo ope. Mme Jehofa o ne a tlhoka go neela tlhokomelo Seinyoki sa tshwantshetso, eleng, Satane Diabolo. O lelemela ka mokgwa o o bonokwane thata mo lewatleng la batho mme o dirisa dilo mo lefatsheng go tsenya batlhanka ba Modimo mo diphatseng kana go ba kgoreletsa.​—Bapisa Tshenolō 17:15.

6, 7. (a) Ke eng seo se neng sa nna jaaka ‘lokhi le lōrwana” mo metlheng ya segompieno? (b) Re ka lebelela eng malebana le tsone mo isagweng?

6 Fa ka ngwaga wa 1919 masalela a Iseraele wa semoya ka tlhagafalo ba ne ba simolola thero ya bone ka Bogosi e ne e le nako ya ga Jehofa gore a re:

“Go shakgala ga goeō mo go nna. A bo lo lokhi le lōrwana di ka ka tsa tlhabana le nna ka ntwa! ke ne ke tla di chologèla ke di hisa mmōgō.”​—Isaia 27:4.

7 Morago ga go fela ga Ntwa ya Lefatshe I, Kgolagano ya Merafe e ne ya tlhomiwa ka go gana Bogosi jwa Modimo ka Keresete. Re ka tshwantsha seno le “lokhi le lōrwana” tse di beilweng mo tseleng ya ga Jehofa Modimo, jaaka sekgoreletsi kana sethibedi. Jaanong lekgotla la Merafe e e Kopaneng le ile la tseela Kgolagano eo sebaka. Ka Merafe e e Kopaneng merafe e e farologaneng e e leng maloko e ne ya supa maikemisetso a yone a go nna kgatlhanong le go bolelwa ga Bogosi jwa ga Keresete le maikaelelo a jone a go itlhomela bolaodi jo eleng jwa bone jwa lefatshe. Mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe” ka Hara-Magedona, o tla gata ka tshwantshetso “lokhi le lōrwana” tsotlhe, a di phatlakanya mme e re kgabagare a di tshube ka molelo jaaka go ka bo go ntse, a di dire melora fela. Ka gone o tla supa gore yo tota eleng Molaodi wa Lobopo ke mang. O ka bona he, gore le eleng fa e le gore o ne o sa tshele gareng ga Bakeresete ba ba tloditsweng morago koo go dikologa Ntwa ya Lefatshe I, o ka nna wa amiwa​—molemong kana bosuleng—​mo matsweleng a bofelo a ditiragalo tse di tsamaelanang le Isaia 27:1.​—Tshenolō 16:14-16; 17:1–18:4.

‘Go Ingaparela ka Nonofo ya ga Jehofa’

8. Merafe e mentsi gompieno e ikaegile ka eng?

8 Maloko a Merafe e e Kopaneng a ikaegile ka dinonofo tse eleng tsa one le go ikanya mo botshabelong jwa bone jo bo itiretsweng ke motho. Legale, tsholofelo ya bone mo go jone ga e ya nonofa mo go kalo mo e ka ba tshabisang go dira dibetsa tse di boifisang go feta, e le tse e tla reng kgabagare e nne dibetsa tsa ntwa, bomo ya nuklea. Go ka bonala e le gore, poifo ya matswela a go dirisa bomo ya nuklea ke yone e ba kgoreletsang, e seng Merafe e e Kopaneng.

9, 10. Ke ka baka lang fa go tla bo go le botlhale ka rona go ikaega ka “thata” e nngwe?

9 Jaaka re setse re tlhalositse, legale, seo eleruri se bopelang go nna gone ga merafe ke ‘ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe.’ Ke eng se merafe e ka solofelang go se dira kgatlhanong le Modimo Mothatayotlhe, Ene yo o beileng maatla a a boifisang moteng ga bogolo jwa atomo nngwe le nngwe? O ka tswa o tlhatswegile pelo gore Mmopi o maatla ka mo go sa bapisegeng go na le merafe e tshotse dibetsa tsotlhe tsa yone. Bao ba lemogang lebaka leno​—mme Basupi ba ga Jehofa ba dira jalo—​ba na le itshireletso e le nngwe fela e e gone. Eo e tlhomilwe sentle gape mo mafokong a ga Jehofa:

“Goñwe a a chwarè thata ea me, gore a tlè a agisanyè le nna; E, a a agisanyè le nna.” (Isaia 27:5)

Ga go boemedi bope jwa motho jo eleng thata e go ka retologelwang go yone go bona polokesego kana thibelo ya ntwa mo lefatsheng, mme eleruri ga go thata epe e malapa a lefatshe a ka tshabelang go yone gore a nne a babalesegile tota.

10 O ka tswa o itse gore batho ba le bantsi gompieno ba tsentswe tsebe tsebe ke dikganetsano le mekgatlho e e amegileng thata ka dibetsa tsa nuklea le go iphokoletsa dibetsa tseo. Ka maswabi, seo se ba faposa mo bommatoteng jwa gore ntwa e e ka se tilweng ya Modimo Mothatayotlhe ka Hara-Magedona ke yone e e bopelang tshenyego ya merafe yotlhe. Fa e le gore o lemoga bommatota jwa seo, he tsela e e botlhale kaga gago e kopanyeletsa go retologela kwa go Jehofa. “Thata” ya gagwe ke selo seo babatli botlhe ba pabalesego ba tshwanetseng go se ngaparela, eleng, go nna ga gagwe le nonofo e e sa feleng. Phuthego yotlhe ya ga Satane Diabolo ga e ketla e kgona go fenya Mokeresete a le mongwe yo o ngaparelang “thata” eno.

11. Re ka dirisa jang mafoko a ga Jesu mo go Luke 14:31-33 jaaka re ingaparela ka “thata” ya ga Jehofa?

11 Jehofa le masole a gagwe tlase ga Moeteledipele wa one, ebong Jesu Keresete, jaanong, jaaka go ka bo go ntse, ba a gwanta. Lefa ba ka tswa ba le sekgalanyana kgakala, tsela e e nang le tlhaloganyo sentle, fa e se ya botlhale, e laela motho gore a romele, fa re bua ka tshwantshetso, kwa pele ga gagwe barongwa ba kagiso mme a ithapelele kagiso ka ntlha ya matlhotlhapelo ao a a boifisang. Moeteledipele yo o sa fenngweng wa masomosomo a ga Jehofa o ne a gakolola ka tsela e e botlhale e e ntseng jalo fa a ne a le mono mo lefatsheng. (Luke 14:31-33) Mme fa e le gore o tlhatlhoba ka kelotlhoko seo Jesu a neng a se bua koo, o tla fitlhela e le gore o ne a gokaganya boikutlo jwa rona malebana le ‘dithoto tsa rona.’ Boo re tshela mo lefatsheng le le tlhabologileng le le tlhogonolofetseng kana re tshela mo nageng ya Mafatshe a a Tlhabologang koo go tlhokang kgaratlho e kgolo thata ya go bona itshireletso ya madi, re tshwanetse go tlhatlhoba pono ya rona. Ipotse: A ke beile ikanyo ya me mo nonofong ya ga Jehofa jaaka thata ya me kana ke letla ‘dithoto’ go nna le lefelo le le kwa godimo thata? Malebana le seno, tswee-tswee bala Luke 12:15-21.

12. Ke tshupo efe e e gone ya gore bontsi gompieno bo ingaparela ka nonofo ya ga Jehofa?

12 Go dikologa lefatshe, dikete tse dintsi tsa Basupi ba ga Jehofa di setse di retologetse ka go sa reketle kwa go Jehofa, di batla kagiso le ene. Ba bantsi ba rulaganya dikgang tsa bone go senya dioura di le mmalwa kgwedi le kgwedi mo tirong ya go dira barutwa. Mongwe le mongwe yo ka boammaaruri a itekang mo go direleng Jehofa o mo boemong jwa go ka itemogela tsholofetso ya “kagishō ea Modimo” eo e fetang tlhaloganyo le kutlwisiso ya batho botlhe. (Bafilipi 4:7) Fa go sa ntse go na le nako, ba tswelela ka go thusa ba bangwe go tsena mo thulaganyong eno ya kagiso le masomosomo a ga Jehofa. Tiro e e ntseng jalo e e bolokang botshelo e na le seabe sefe mo botshelong jwa gago?

‘Go Tlatsa Lefatshe le le Ungwang’ ka “Lounō”

13. Isaia 27:6 e supa gore go ka lebelelwa eng mo motlheng wa rona?

13 Iseraele wa semoya o ne a tshwanetse go nna le seabe sefe mo go tsosolosediweng ga gagwe mo kamogelong ya bomodimo morago ga Ntwa ya Lefatshe I? Seno re se supegediwa mo mafokong ano a a omosang pelo a ga Isaia 27:6:

“Mo malatsiñ a a tlañ Yakoba o tla anama mocwe: Iseraela o tla thunya, a kukunya; me ba tla tlatsa lehatshe ka louñō.”

Tlhatlhoba bommatota jwa mafoko ao gompieno. Go dira jalo go tla go neela lebaka le le popota la go nna mongwe wa batho ba Modimo kana, fa e le gore o setse o le mongwe wa bone, go tsepama thata-thata le eleng go feta mo boitlhomong go sala o ntse o le gareng ga baobamedi ba boammaaruri go sa kgathalesege diteko kana mathata a a tla tlhagang.

14. Isaia 27:6 e ne ya bona tiragatso ya yone jang mo bathong ba Modimo?

14 Seemo se se jaaka se se boleletsweng pele mo go Isaia 27:6 se ile sa nna sa oketsega le go bonwa gareng ga baobamedi ba ga Jehofa fa e sa le ngwaga wa 1919, fa kopano ya bone ya ntlha ya tsotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya tshwarwa kwa Cedar Point, mo Ohio. Ka sekai, go ne ga se ka ga tsaya sebaka se seleele morago ga seno Watch Tower Society e ileng ya simolola go gatisa makasine wa yone o mosha, The Golden Age, o jaaanong o bidiwang Awake! Go ne go ntse jaaka ekete Juda wa semoya o ne a simolola go anama motswe go tloga foo.

15. Ke tebelelo efe e e kgatlhisang e e neng ya neelwa baobamedi ba boammaaruri kwa tshimologong ya 1918?

15 Ka gone mo dingwageng tse di simololang tsa kgololo le pusetso mo kamogelong ya ga Jehofa, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba simolola go kukunya jaaka ‘boleme jwa ga Jehofa.’ (Isaia 61:3) Ka 1918, ngwaga wa bofelo wa Ntwa ya Lefatshe I, polelo e e gwetlhang maikutlo “Dimilione tse ga Jaanong di Tshelang ga di Ketla di e Swa” e ne ya bolelwa phatlalatsa ke J. F. Rutherford. Ka go ne go setse masalela a mabotlanyana a barutwa ba ba itshenketsweng ka moya ba Kgosi e e busang, ebong Jesu Keresete, ba setse mo lefatsheng go tsweledisa tiro eo ba e tlhophetsweng ke Modimo eo ka nako eo ba neng ba e sikarisiwa, a seo e ne e le go fetisisa dilo?

16. (a) Masalela a ne a itshwara jang ka ditebelelo tse di neng di le mo pele ga bone? (b) Ba ne ba ipelela “louñō” lofe, mme ka matswela afe?

16 Jehofa o ne a tla dirisa Bakeresete ba ba ntseng jalo jang go tlatsa ‘lefatshe le le ungwang ka loungo’? Masalela a Iseraele a semoya a ne a di goga kwa pele, mme gotweng kaga “louñō” leo lefatshe le le ungwang le neng la tladiwa ka lone? Masalela a ne a bona “louñō,” loo lo neng lo akareletsa mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng jwa ga Jehofa mo diatleng tsa ga Keresete, lo natetsha le go ba otla fela thata mo ba neng ba batla gore ba lo abalane le bangwe ka bone. Jehofa o ne a bolelela pele go re yo monnye o ne a tla nna makgolo a a some mme yo mmotlana o ne a tla nna morafe o o thata, mme seno se ne sa itshupa e se maaka mo Modimong. (Isaia 60:22) Ka bofefo masalela a Iseraele wa semoya a ne a kopana le “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele” tsa Modisa yo o Molemo, ebong Jesu Keresete.​—Tshenolō 7:9-17; Yohane 10:16.

17, 18. O ka supela ka eng malebana le go ‘tladiwa ga lefatshe le le ungwang ka loungo’?

17 O ka tswa o lemoga seemo se eleng sa Bokeresete jwa boammaaruri gompieno. Mokgatlho wa Watch Tower jaanong o na le makala a le 94 go dikologa kgolokwe yotlhe. Diphuthego tse di tlhaga tse di rulagantsweng tsa Basupi ba ga Jehofa jaanong di fitlha mo palong e e ka fitlhang go 48 000, mme tseno di fitlhelwa mo mafatsheng a le 203. Malebogo a sotlhe seno a ya go Modimo wa boammaaruri, mme ditiragalo tseno tse di kgatlhisang di ema di tlotlomatsa Lefoko ja gagwe je le se nang selabe, e re ntswa “bokhutlō,” jaaka bo boletswe mo go Mathaio 24:14, bo ise bo tle.

18 Ee, go setse go na le Bakeresete ba ba ka tshwarang dimilione tse tharo ba ba dirang mmogo le Mokgatlho wa Watch Tower go dikologa kgolokwe. Dimilione tseno bontsi jwa tsone ke ba “dinku di sele” tsa ga Keresete, bao ba sa leng ba nnile ba sikara boikarabelo jwa tiro ya go neela bosupi lefatshe ka bophara mme ‘boipelo jwa ga Jehofa bo ile jwa nna nonofo kana thata ya bone.’ (Nehemia 8:10) Ke ka gone moo, mongwe le mongwe wa rona a nang le sebaka sa go tladiwa sentle semoyeng le go tlhakanela mo go ‘tlatseng lefatshe le le ungwang ka loungo.’

19. Ke eng se o ka nnang wa se ipelela malebana le ‘lefatshe le le ungwang,’ mme o ikutlwa jang kaga seo?

19 Re ka tlhomamisega gore Jehofa le ka motlha ga a ketla a dumelela “louñō” lwa jaanong Iwa ‘lefatshe le le ungwang,’ tshimo ya tiro ya Basupi ba gagwe, go senngwa. Tiro ya Basupi ba gagwe ba ba rerang le ka motlha ga e ketla e direlwa lefela! “Louñō,” kana loato Iwa semoya, jaaka le tlhagolelwa ke Bakeresete ba boammaaruri ke la go otla botlhe ba ba ntseng ba atamela go lone. Seno se tla akareletsa, fa nako e ntse e ya, dibilione tsa batho ba ba suleng bao ba tla tsosiwang tlase ga Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete. Akanya fela gore seo se ka nna sa raya eng ka wena mo isagweng! Fa nako e ntse e ya, Baiseraele ba bantsi ba tlholego ba nako e e fetileng ba tla tsosiwa. Bangwe ba bone ba ka nna ba bo ba ile ba kopanyelediwa mo tiragatsong ya ntlha-ntlha ya boperofeti jwa ga Isaia kgaolo 27. A ga e ketla e nna selo se se kgatlhang ka wena go bo o tshela ka nako eo, go go kgonisa go ba tlhalosetsa kafa o ileng wa tlhakanela ka bogolwane, mo go ‘tlatseng lefatshe le le ungwang ka loungo’ ga motlha wa segompieno?​—Bapisa Tshenolō 22:2, 3.

Mokgwa wa “Seinyoki” O Tla Khutlisiwa

20. “Seinyoki” se emetswe ke eng kwa pele, mme go tla felela jang malebana le bolaodi jwa Modimo?

20 Go tswa foo Egepeto wa tshwantshetso, tsamaiso e e boikepo ya motlha wa segompieno eo Satane Diabolo a ileng a nna a e laola jaaka modimo wa yone, ga a ketla a nna teng. Jehofa o tla bo a ile a retolosetsa tlhokomelo ya gagwe go Seinyoki sa tshwantshetso, se se lelemelang, noga e e ikgarileng e e leng mo bogareng jwa lewatle ja batho. Ene le merafe, le eleng makgotla a merafe, ba tla bo ba seo. O tla bo a seo mo tikologong jaaka mmoduhatsi yo o gololesegileng, yo o tlhaga wa setho seo Jesu Keresete a neng a se swela. (Isaia 27:1) Ee, Satane Diabolo o tla tsenngwa mo moleting ka nako yotlhe ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete, Morwa Dafide le Mojaboswa yo o tshwanetseng wa Bogosi. Baiseraele ba semoya ba ba 144 000 e tla nna baruaboswa mmogo le ene mo legodimong, Tau ya tshwantshetso ya lotso Iwa Juda. (Baroma 8:16, 17; Tshenolō 5:5, 9, 10; 7:1-4) Jehofa Modimo Mogodimodimo o tla bo a ile a tlotlomalediwa ruri jaaka Morena Modimo wa lobopo. Phuthego ya lobopo ya ga Jehofa kwa legodimong le mo lefatsheng ka boipelo e tla itemogela kagiso ya go ya go ile le kutlwano. Ka bosaengkae, le eleng ka bosenabokhutlo, Jehofa o tla ipelela phuthego ya gagwe ya lobopo e e kutlwano.

A O Ka Gakologelwa?

◻ Ke ka baka lang fa Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba ikutlwela ‘tshakgalo’ ya ga Jehofa go le pelenyana mo lekgolong leno la dingwaga, mme re ka ithutang mo boitemogelong jono?

◻ Ka go sa tshwane le merafe, re ka ‘ingaparela ka Jehofa jaaka thata ya rona’ jang? (Isaia 27:5)

◻ ‘Lefatshe le le ungwang’ le ile la tladiwa jang ka “louñō” mo motlheng wa rona? (Isaia 27:6)

◻ Re ka lebelela ka tsholofelo tiragatso efe ya mo isagweng ya ga Isaia 27:1?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Babgwe ba na le tsholofelo ya gore batho ba tla itharabololela pōpō ya nuklea, mme batho ba ba botlhale ba merafe yotlhe ba ‘ingaparela ka thata ya ga Jehofa’

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go oketsega ga Bakereste ba ba otlilwang sentle kafa semoyeng go bonala mo katolosong ya makala a Mokgatlho wa Watch Tower

Spain

Brazil

Canada

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela