Go Lemoga Dikgang
New World Translation E Falola Tlhatlhobo
Mo dinakong tse di fetileng, babadi ba Bibela ba bodumedi bo le bongwe ba ne ba belaela dithanolo tseo di dirilweng ke setlhopha se sengwe sa bodumedi. Go belaela go go ntseng jalo ga go na mabaka ka kakaretso, go bolela jalo moitseanape wa tsa boruti C. Houtman go Nederlands Theologisch Tijdschrift (Makasine wa Boruti wa Dutch) wa barutegi. Morago ga go sekaseka diphetolelo tseno, boikutlo jwa gagwe ke gore ke sewelo fela go ka bonwang mo dikarolong “tseo di bontshang pono ya moranodi go ya ka kereke kana dipolotiki le go ya ka loago.” Lemororo seno e le boammaaruri mo karolong e kgolo, go na le makgetlo ao baranodi ba Bibela ba letleletseng tshekamelo ya bone ya bodumedi gore e bonale mo diphetolelong tsa bone mo go one. Ka sekai, baranodi bangwe ba segompieno ba tlositse leina la sebele la Modimo gotlhelele mo dithanolong tsa bone. Ba bangwe ba fetoletse lefoko Gehenna ka phoso jaaka “molelo wa dihele.” Lefa go ntse jalo, fa mongwe a fetola kana a tlogela karolo ya diteng tsa Bibela ka boomo, o mo boemong jo bo diphatsa. Jaaka buka nngwe ya Bibela e tllhagisa jaana: “Ha motho moñwe a tla okocolola mahoko a lokwalō lo loa polèlèlō pele, Modimo o tla tlosa kabèlō ea gagwè mo setlhariñ sa botshelō.”—Tshenolō 22:19.
Mo boemong jwa go tlosa leina la Modimo mo Bibeleng, New World Translation of the Holy Scriptures e ile ya le boloka—makgetlo a le 7 210. Dikaelo tsa mokwalo wa puo ya Bibela ya kwa tshimologong di neela lebaka la konokono la go dira seno. Ka mo go kgatlhisang, Houtman o tlhalosa gore malebana le tshekamelo ya moranodi “New World Translation ya Basupi ba ga Jehofa e ka falola tshekatsheko e e boteng ya go tshwaya diphoso.”
Popamo e e Itiretsweng ke Batho
Leuba le popamo tsa Afrika di gapile ditlhogo tsa konokono tsa dikoranta go feta ngwaga. Lefa go ntse jalo tatlhegelo e e kwa godimo-dimo eo ga e ntsha mo nageng eo. “Leuba la Ethiopia le simolotse ka 1981,” go bolela jalo mmatlisisi ebong Lloyd Timberlake go makasine wa The Middle East. “Chad e bogile mo leubeng dingwaga di le 10, Cape Verde tse di ka nnang 15. Mme go arabela matlhotlhapelo ao go a simolola mme go khutle, go lekanyediwa ga nako go thailwe segolo mo dipegong tsa dikgang go gaisa mo ditlhokafalong tsa mmatota tsa batho.” Timberlake o baya molato o mogolo wa boemo jwa dijo jwa Afrika eseng mo tlholegong mme mo bathong. O supa “dipuso tse di seng botlhale le dithulaganyo tse di boeleele tsa thuso le tlhabololo” jaaka diphoso tsa konokono tseo di kgaogantseng badira ditshwetso ba bagolo, bao e leng baofisiri ba metse-setoropo, le batho ba metse-selegae, bao ba bogang.
Go ipakela kutlo-botlhoko ga setho ga go simologe. Mo e ka nnang dingwaga di le 3 000 tse di fetileng, mokwadi wa Bibela ebong Kgosi Solomone o ne a akgela ka gore: ‘motho o na le thata mo go yo mongwe go ikutlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Kwantle ga go tlhokomela melaometheo ya bomodimo, dithulaganyo tsa motho, go akareletsa le go tlamela bao ba bolawang ke tlala ka dijo tse di lekaneng, di tla felela ka go palelwa ka ntlha ya bogagaru kana botlhokomologi tsa batho. Abo Bibela e sobokanya botlhale jwa motho fa bo bapisiwa le jwa Modimo sentle jang ne: “Go na le ditoga maanō di dintsi mo peduñ ea monna; me kgakololō ea ga Yehofa eōna, e tla ema”!—Diane 19:21.
Karo ya Pelo mo Baneng
Basupi ba ga Jehofa ba gana ditshelo tsa madl ka ntlha ya mabaka a bodumedi. ‘Ithibeng mo mading,’ Bibela e laela jalo. (Ditihō 15:20) A boemo jono jwa Dikwalo bo direla tlhokomelo ya boitekanelo jwa bana ba bone bothata? Nnyaa. Ka sekai, setlhogo se se reng “Karo ya pelo ya bolwetsi jwa pelo jo o tsalwang ka jone mo baneng ba Basupl ba ga Jehofa’’ mo tokololong ya June, 1985 ya The Journal of Thoracic and Cardiovascular Surgery se sweditse jaana: “Dikaro tsa pelo le go tsenngwa ga tshika ya maitirelo ya madi mo gare ga pelo le makgwafo di ka dirwa ka pabalesego mo baneng kwantle ga tshelo ya madi.”
Setlhogo seo se bolela jaana: “Go feta lobaka Iwa dingwaga di le 20 loo lo felelang ka June, 1983, bana ba le 110 ba batsadi ba tumelo ya Basupi ba ga Jehofa, ba dikgwedi di le 6 go ya go dingwaga di le 12, ba ne ba dirwa karo ya go siamisa bolwetsi jwa pelo joo ba tsetsweng ka jone go dirisiwa tshika ya maitirelo ya madi mo gare ga pelo le makgwafo kwa Kholetsheng ya go Thapisetsa Pelo ya Texas.” Lemororo setlhogo seno se sa neela dipalo malebana le ntlha eo, dingaka tse di arang di boletse gore boikutlo jwa tsone e ne e le “gore bana ba Basupi ba ga Jehofa ka metlha ba atlega ka mo go tshwanang kana botoka” go gaisa bao ba tshetsweng madi.
Ka mo go kgatlhisang, morago ga go thathamisa dilo tseo Bakeresete ba tshwanetseng go iphapaanya le tsone—go kopanyeletsa le madi—baaposetoloi le Bakeresete ba ba godileng ba ile ba kwala ka gore: “Tse e tla reñ ha lo ithibile mo go cōna, go bo go tla nna molemō mo go lona. Dumèlañ”!—Ditihō 15:19.