“Morahe” O O Tlatsang Lefatshe Ka Loungo
“Mo malatsiñ a a tlañ Yakoba o tla anama mocwe: Iseraela o tla thunya, a kukunya; me ba tla tlatsa lehatshe ka louñō.”—ISAIA 27:6.
1. Moaposetoloi Petere o ne a lebisa jang go morafe wa Iseraele wa semoya?
MALEBANA le botsalo jwa phuthego ya barutwa ba ga Keresete jaaka “morahe” ka 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a kwala mafoko ano ka bofefo fela pele ga tshenyego ya Jerusalema ka ngwaga wa 70 C.E.: “Me lona, lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele, gore lo tlè lo bōnatsè go tlotlomala ga eo o lo biditseñ, a lo bitsa lo le mo lehihiñ a lo isa mo lesediñ ya gagwè ye le gakgamatsañ: Eboñ lona ba e rileñ mo metlheñ e e hetileñ loa bo lo se chaba epè, me gompiyeno lo chaba ea Modimo: loa bo lo no lo e se lo bone boutlwèlō botlhoko, me gompiyeno lo bonye boutlwèlō botlhoko.” (1 Petere 2:9, 10) Abo seo se ne sa kgatlha Modimo jang ne!
2, 3. Jaaka boswa jo bo kgethegileng jwa ga Jehofa Modimo, ke tlamego efe e e sikarwang ke Iseraele wa semoya, mme ba tshwantshiwa le eng ke Jesu Keresete mo go Yohane kgaolo 15?
2 Gompieno, makgolo a dingwaga a 19 morago ga fa Petere a ne a kwala mafoko ao, go sa ntse go na le masalela mo lefatsheng a “morahe” oo o itshenketsweng ka moya. Palo ya bone e nnyennyane fela thata gompieno kwa tlase ga dikete tse di lesome, go ya ka dipego tsa keteko ya ngwaga le ngwaga ya Sejo sa Morena sa Maitseboa. Ke ‘batho ba eleng boswa jo bo kgethegileng jwa ga Jehofa,’ mme ka gone moo ba tshwanetse go bolela tlotlomalo ya ga Jehofa Modimo kgakala, yo o ba biditseng a ba ntsha mo ‘lefifing ja lefatshe a ba tlisa mo leseding ja gagwe je le gakgamatsang.’ ‘Lesedi’ jeno le ile la phatsima segolo bogolo fa e sa le bofelo jwa “Metlha ea Badichaba,” kana “metlha e e laotsweng ya merafe,” ka ngwaga wa 1914.a (Luke 21:24, NW) Jaaka ‘boswa jo bo kgethegileng’ jwa Monei wa Bomodimo wa lesedi jeo je le gakgamatsang, ba tlhotlhwa kgolo fela thata mo go ene. Ba tshwana fela mo go ene le tshimo ya mofine ya semoya.
3 Re ka gakologelwa fano seo Jesu a neng a se bolelela baaposetoloi ba gagwe, bao ba neng ba emela botlhe bao ba neng ba le balatedi ba gagwe ba ba itshenketsweng ka moya: “Ke mofine oa amarure, me Rrè ke èna Mmaakanyi oa tshimo. Kala ñwe le ñwe e e mo go nna, e e sa uñweñ, oa e tlosa: me kala ñwe le ñwe e e uñwañ, oa e ntlahatsa, gore e uñwe bogolo. Lona lo setse lo le bantlè le yana, ka ntlha ea lehoko ye ke le buileñ le lona. Nnañ mo go nna, le nna mo go lona. Yaka kala e sa kake ea uñwa ka eosi, ha e sa nne mo mofineñ; go nntse yalo le lona, ha lo sa nne mo go nna. Ke nna mofine, lona lo dikala: eo o nnañ mo go nna, le nna mo go èna, ke èna eo o uñwañ segolo: gonne kwa ntlè ga me ga lo kake loa diha sepè.”—Yohane 15:1-5.
4. (a) Setshwantsho sa ga Jesu se re gakolola eng kaga tlhaloso e e mo go Isaia kgaolo 27? (b) Boperofeti jono bo na le tiragatso ya jone leng ya motlha wa segompieno, mme godimo ga bomang? (c) Ke boikutlo bofe jo Modimo a sa tlholeng a na le jone malebana le batho ba gagwe?
4 Papiso eo, kana setshwantsho seo, se se neng sa dirwa ke Jesu Keresete se re gakolola ka mafoko a ga Jehofa mo go Isaia 27:2-4, koo re balang ka go re;
“Mo letsatsiñ yeuō: A tshimo ea boyalwa yoa mofine! E ōpeleleñ. Nna Yehofa kea e lebèla; ke tla e nosa ka dipakanyana cotlhe: ke tla e lebèla bosigo le motshegare, gore opè a se ka e senya. Go shakgala ga goeō mo go nna.”
“Tshimo ea boyalwa yoa mofine” gompieno mo lefatsheng e ka bapisiwa le masalela a dikala a “mofine” oo wa tshwantshetso oo go one Bakeresete ba ba itshenketsweng ka moya “morahe o o boitshèpō” e leng maloko a a ungwang. Ka ntlha ya gone moo, ba sikere boikarabelo jwa go ungwa fela thata thata. (Yohane 15:5) Go ya ka boperofeti jwa ga Isaia, e ne e tshwanetse go nna nako ya tsosolosetso ya batho ba ga Jehofa kamogelong ya gagwe le gore go ne go tshwanetswe go opelwa pina kaga “tshimo ea boyalwa yoa mofine.” (Bapisa Isaia 27:13.) Seno se ne se tla kaela lefelo la tiragatso la motlha wa segompieno mo boperofeting jono jo bo tsabakelang jaaka e le e e diragalang morago ga ngwaga wa ntwa wa 1919, mme mabaka a ditso a netefatsa tiragatso eno ya yone nako kgolo ke eno. Gompieno Jehofa ga a sa tlhole a ‘shakgaletse’ batho ba gagwe, lefa e le go nna kgatlhanong le masalela a “morahe o o boitshèpō,” oa gagwe, ‘batho ba gagwe ba eleng boswa jo bo kgethegileng,’ lefa e le kgatlhanong le Bakeresete ba ba ikanyegang bao ba lebeletseng pele botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng. Ka kutlwelo botlhoko o ile a lebisa kamogelo ya gagwe go bone, e le gone mo go dirang gore ba tlhogonolofale le go ungwa fela thata semoyeng.
5. Batho ba ile ba ipedisiwa ke eng go tswa tshimong eno ya mofine ya tshwantshetso, mme ba ka gakologelwa eng kaga yone?
5 “Morahe” ono o o boitshepo, gammogo le balekane ba bone ba ba dirang ka natla, ba ile ba nna jaaka mofine o o ungwang o o ileng wa ntsha “boyalwa yoa mofine” jo bontsi. Ke mofine wa semoya o o ileng wa ipedisa pelo ya ga Jehofa le ya motho. (Baatlhodi 9:13) Ka ntlha ya lebaka leno le le popota batho bao ba ileng ba ipedisiwa ke go nwa senō seno sa semoya ba opela ka boipelo le go gakologelwa sotlhe se Mmaakanyi wa Bomodimo wa “tshimo ea mofine” a ileng a se direla “tshimo ea mofine” eno ya tshwantshetso. Fa re bua ka tsela ya tshwantshetso, o ile a ‘nosetsa’ “tshimo [eno] ea mofine” tota gore e nne e shafetse ka metlha e le gore loungo loo lo lo botshe lo lo monate lo lo ileng lwa ungwa, lo nne le go ipedisa.
Phapaano—Le “Mofine oa Lehatshe”
6. Lefa go ntse jalo, boitemogelo jwa “mofine oa lehatshe,” e tla nna eng go ya ka Tshenolō kgaolo 14?
6 Ga go a ka ga nna jalo kaga seo buka ya bofelo ya Bibela e se bitsang “mofine oa lehatshe.” Ka bofefo fela, taelo ya bomodimo e tla neelwa masomosomo a a bolayang a selegodimo e re: “Ntshetsa thipa ea gago e e bogale kwa ntlè, me u phuthè masitlha a mofine oa lehatshe; gonne difine tsa yeōna di budule thata.” Go tswa foo, jaaka Tshenolō ya boperofeti e tswelela pele go bontsha, “Moengele a latlhèla thipa ea gagwè mo lehatshiñ, me a kgaola mefine ea lehatshe, me a e latlhèla mo segatisecoñ sa mafine, eboñ mo segatisecoñ se segolo sa bogale yoa Modimo. Me segatisecō sa gatèlwa kwa ntlè ga motse, me ga cwa madi mo segatisecoñ, a hitlha mo dikgoleñ tsa megale ea dipitse, a cwèla kwa bokgakaleñ yoa bomaele ba makgolo mabedi.” (Tshenolō 14:18-20) Go tla diragala jalo ka karolo ya bogoromente ba phuthego e e bonalang ya selefatshe ya ga Diabolo; ka go bo e le mmaakanyi wa yone, mme ka gone e kgatlhanong le “mofine oa amarure” o Jehofa Modimo eleng Mmaakanyi wa one. Ga go ketla go nna le tsosoloso ya “mofine oa lehatshe” gotlhelele!
7-9. Ke tiragatso efe e e sebedi e Isaia 27:7-13 e nang le yone, mme ka dinako dife?
7 Lefa go ntse jalo, boperofeti jono jwa ga Isaia kgaolo 27 eleruri ke boperofeti jwa tsosoloso, sa ntlha go morafe wa Iseraele wa tlholego mme go tswa foo go Iseraele wa semoya mo lekgolong la rona la dingwaga la bo-20. Seno se bonala go tswa go se boperofeti bo se bolelang mo Isa 27 temaneng ya 7-13 go ya kwa tlase mo temaneng ya 13, yone e e feleletsang kgaolo eno:
8 “A o mo iteile yaka a iteile bale ba ba kileñ ba mo itaea? kgotsa a o bolailwe kaha polaoñ ea bōnè ba ba kileñ ba bolawa ke èna? Ka selekanyō, ea re u mo lèlèka, ua bo u ganèla naè; o mo tlositse ka cubutlō ea gagwè e e thata, mo motlheñ oa phehō ea botlhabatsatsi. Ke gōna ka mouō boikèpō yoa ga Yakoba bo tla tlhacwègan, me mouō gotlhe ke lōna lounō loa go tlosa boleo yoa gagwè; motlhañ o dihañ mayè aotlhe a sebesho go nna yaka manyaaphiri a a thubagancweñ, gore Medimakō le dichwanchō tsa letsatsi di se ka tsa tlhōla di coga. Gonne motse o o thekeledicweñ o osi hèla, ke bonnō yo bo tlhadiIweñ, yo bo tlhobogilweñ yaka naga hèla: namane e tla hula gōna, e ba e botha gōna, e tla poma e ya dikalana tsa gōna. E tla re ha dikala tsa gōna di omeletse di tla rōywa; basadi ba tla tla ba di chuba ka molelō; gonne ke chaba e e senañ tlhaloganyō; ke gōna eo o ba dihileñ ga a ketla a ba tlhomogèla pelo, le eo o ba bopileñ ga a ketla a ba shupetsa botsalanō bopè.
9 “Me go tla dihala mo letsatsiñ yeuō, go re, Yehofa o tla goba lounō loa gagwè, go simolola kwa morwaleleñ oa Noka e kgolo go ea nokaneñ ea Egepeto, me lona lo tla ōlwa ka monokela, lona bana ba Iseraela. Me go tla dihala mo letsatsiñ yeuō, go re, go tla lediwa lonaka lo logolo; me go tla tla ba ba kileñ ba batla go nyèlèla mo lehatshiñ ya Asiria, le ba e kileñ ea ne e le balelekwi mo lehatshiñ ya Egepeto; ba tla ōbamèla Yehofa mo thabe e e boitshèpō kwa Yerusalema.”
10. Ke maatla afe a lefatshe a a neng a tumile mo motlheng wa boperofeti jwa ga Isaia, mme a ne a felela jang mo tlhaselong ya one e e ikaeletsweng mo motseng mogolo wa bogosi jwa Juda?
10 Mo metlheng ya boperofeti jono jwa ga Isaia, Asiria o ne a nna puso ya lefatshe e e renang mo kgolokweng, e tseela sebaka la ntlha mebuso ya lefatshe e supa e e tlhomaganeng, lemororo Egepeto a ne a sa ntse a dira ka nako eo mme e le ka maatla a a seng kalo kalo. Bogosi jwa ditso tse some tsa Iseraele bo ne jwa intsha mo pusong ya ntlo ya segosi ya ga Kgosi Dafide wa lotso Iwa Juda. Ka jalo kgosi ya Asiria e ne ya tla kgatlhanong le motse wa Jerusalema go batla go re o ineele gotlhelele, fa e le gore o ne o sa batle go re o senngwe. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhabanela bogosi jwa Juda mme a busa ka morago Kgosi Senakaribe yo o boikgogomoso go boela ga gabo ka phenyo ya matlhabisa ditlhong.—Isaia, dikgaolo 36 le 37.
11. Go digwa ga bogosi jwa Juda go ne ga diragadiwa ka mmusi-mogolo wa maatla afe a lefatshe, mme Isaia 27 e lebisa jang go tiragalo eno?
11 Ka jalo, mmusi-mogolo wa puso ya lefatshe e e tlhatlhamang, Maatla a Lefatshe a Sebabelona, a ne a laetswe go senya motse o o boitshepo wa Jerusalema le tempele ya one. Go ya ka dipego tsa Bibela, seno se ne sa diragala ka ngwaga wa 607 B.C.E., ka thata ya Mmusi-mogolo Nebukadenesare. E ne e le ene yo a ileng a ba isa ditshwarwa kwa lefatsheng la Babelona, go senya dingwaga tse 70 tsa bofaladi koo. E ne e le ka ntlha ya tshenyego e e neng e atamela le go isiwa ditshwarwa kwa botshwarweng jwa Babelona ka dingwaga tse 70 go bo dipotso di ne tsa bodiwa ka tshwanelo:
“A o mo [morafe wa Iseraele] iteile yaka a iteile bale ba ba kileñ ba mo itaea?” (Isaia 27:7)
Go ise go ko go nne jalo le ka motlha mo ditsong tsa yone tsa bomorafe fa e sa le 1513 B.C.E., morafe wa Modimo o ne wa itewa ka sebetso se se botlhoko ka 607 B.C.E., thupa e e neng ya batla e dira tshenyego ya gagwe gotlhelele. Dintsho tsa motse oo wa Jerusalema o o thopilweng di ne di le dikgolo fela thata. Ee, Jehofa o ne a bona tlhokafalo ya kgato eno e e boitshegang go re e ne e le botlhokwa-tlhokwa, mme e ne e tshwanelwa ke gore e diragale. O ne a bona tlhokafalo e e potlakileng ya go tlhabantshana le bao ba neng ba tshwanetse go nna ditsala tsa gagwe, bone bao a neng a itsalanya nabo, e le bone ba a neng a tsena mo kgolaganong ya Molao ka Moshe e le motsereganyi.
12. Ka jalo ke potso efe e Jehofa a neng a tlhotlheletsa moperofeti Isaia go e botsa a lebisitse go boitemogelo jwa Iseraele, mme ka gone he matswela e ne ya nna eng ka kamano ya Iseraele le Jehofa?
12 Ka gone he Jehofa o ne a ka tswelela a botsa ka go re:
“Kgotsa a o [morafe wa Iseraele, kana Jakobe] bolailwe kaha polaoñ ea bōnè ba ba kileñ ba bolawa ke èna?” (Isaia 27:7)
O a utlwa he, ee, ka go bo jaanong go ne go ile ga tlhokafala ka Jehofa go tlhabantshana le batho ba gagwe ba ka nako nngwe a neng a ba rata, ga tsosa pokolelo e e boifisang, ‘pokolelo e e tshosang,’ go tswa masoleng a ntwa a Mmuso wa Lefatshe la Babelona, go ya ka ditso tsa Bibela e le wa boraro. Ke ka gone polelo ya bomodimo e neng ya re:
“[O tla mo leleka ka pokolelo e e tshosang fa o ganela nae]; o mo tlositse ka cubutlō ea gagwè e e thata, mo motlheñ oa pheho ea botlhabatsatsi [go supela ntlha eo pokolelo ya ntwa e e tshosang e neng e tla tswa teng].” (Isaia 27:8)
Ka ketapele e e ntseng jalo o ne a tla leleka morafe o o sa ikanyegeng o ka nako nngwe o neng o tshwana le mosadi wa tshwantshetso jaaka phuthego ya gagwe e e bonalang mo lefatsheng. O ne jaanong a mo tlosa mo lefatsheng la gagabo leo a neng a le filwe ke Modimo mme a mo lelekela kgakala kwa diatleng tsa batshwarwa ba Babelona kwa lefatsheng le le kgakala, jaaka ekete o ne a tlhadilwe ka lobakanyana.—Bapisa Isaia 50:1.
13. Ke jang, go ya ka boperofeti jwa ga Isaia, morafe wa Iseraele o neng o tla itirela tetlanyo ka ntlha ya go senya ga one kgolagano ya Modimo?
13 Nako jaanong e ne e tsile ka morafe wa Iseraele, kana Jakobe, go intshetsa tetlanyo ka “boikèpō” jwa yone ka mekgwa e e fetang kgakala kgakala ditlhabelo tsa diphologolo tseo di neng di dirwa mo sebesong sa tempele mo Jerusalema. Seno ke se Jehofa a neng a se tlhalosa mo boemong jwa phuthego ya gagwe ya seka-mosadi, ka go re:
“Ke gōna ka mouō boikèpō yoa ga Yakoba bo tla tlhacwègañ, me mouō gotlhe ke lōna lounō loa go tlosa boleo yoa gagwè; motlhañ o dihañ mayè aotlhe a sebesho go nna yaka manyaaphiri a a thubagancweñ, gore Medimakō le dichwanchō tsa letsatsi di se ka tsa tlhōla di coga.” (Isaia 27:9)
Abo seo e ne e tla nna tshupo ya kgakalo, kana bogale, jwa bomodimo tiragatsong ya boperofeti jono, mme gone go ne go tshwanetse ga nna jalo! Le gone go ne go se ketla go nna le medimako e e boitshepo ya disetwa le ditlhomo tsa maswalo moteng ga morafe oo o o beditsweng.
14. Lefatshe ja Iseraele le ne le tla swafadiwa ka tshwafalo efe e e neng e tla le nyenyefatsa, mme go tlhagolelwa ga gagwe jaaka setlhare sa tshwantshetso go ne go tla dirisanngwa le gone jang?
14 Fa a ne a supa ka tshwafatso e e neng e tla tlisediwa morafe ono wa tshwantshetso wa seka-mosadi wa gagwe wa Iseraele wa bogologolo, Jehofa o ne a oketsa ka go re:
“Gonne motse o o thekeledicweñ o osi hèla, ke bonnō yo bo tlhadilweñ, yo bo tlhobogilweñ yaka naga hèla.”
Lefatshe le ka nako nngwe le neng le tletse ka batho le ne le tla tlhalwa, go nna lefelo le go fulwang fela mo go lone ka lobakanyana.
“Namane e tla hula gōna, e ba e botha gōna, [Jehofa, ka boemedi jwa gagwe o] tla poma . . . dikalana tsa gōna. E tla re ha dikala tsa gōna di omeletse di tla rōywa; basadi ba tla di chuba ka molelō.” (Isaia 27:10, 11)
Ka gone morafe ono wa seka-mosadi wa tshwantshetso wa ga Jehofa o ne o tla nna dikgong fela tsa molelo, kwantle ga bothata bope basadi ba ne ba tla bo ba nonofile sentle go ka phutha sotlhe se se neng se setse. Abo e le boemo jwa matlhabisa ditlhong joo phuthego ya seka-mosadi ya tshwantshetso ya Iseraele e neng e tla isiwa go jone! Mme ke ka baka lang fa dikgato tseo tse di phatlakanyang di ne di tla tshwanelwa ke go tsewa ke Modimo wa seka-monna yo o ntseng jalo eleng Jehofa? Reetsa:
15. Ka ntlha ya tshwaro e e kgethegileng ya ga Jehofa, batho ba morafe wa Iseraele ba tshwanetse ba bo ba ne ba itshupile go nna batho ba mofuta ofe, mme ke ka baka lang fa ba ile ba tshwanelwa ke gore ba nne jaaka merafe e e obamelang ditshwantsho?
15 “Gonne ke chaba e e senañ tlhaloganyō; ke gōna ka mouō eo o ba dihileñ ga a ketla a ba tlhomogèla pelo, le eo o ba bopileñ ga a ketla a ba shupetsa botsalanō bopè.” (Isaia 27:11)
Ka ntlha ya paakanyetso e Jehofa a neng a e direla gore phuthego ya gagwe e e gakgamatsang e e bopilweng e rutwe e be e newe lesedi, Baiseraele ba ne ba tshwanetse ba bo ba ile ba itshupa e le batho ba ba botlhale fela thata. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba nna le temogo e e bofefo le go elatlhoko sentle bosengsepe jwa bolefela jwa kobamelo ya disetwa, ee, ba lemoga ka botlalo go bona boithamako jwa kobamelo ya medimo ya disetwa e e neng e dirwa ke merafe e e neng e se na kitso e e neng e se mo kgolaganong ya botsalano le Modimo o osi o o tshelang le o o boammaaruri, eleng Jehofa. Mme ka ntlha ya go sa bonale ga Modiri le Mmopi wa bone wa selegodimo, ba ne ba latlhegelwa ke tumelo mme ba ikgethela medimo e e itiretsweng ke batho e e bonalang, e le fela go itshenya. Ke ka gone moo kamogelo e nngwe gape le kutlwelo botlhoko ya bomodimo di neng tsa amogiwa batho ba ba ntseng jalo ba ba bogoma.
Go Gololwa mo Botshwarong
16. Fa a ne a tla bo a tsosolosa batho ba gagwe, Jehofa o ne a tla kaela tlhokomelo ya gagwe go eng?
16 Jalo jaanong, go ba tsosolosetsa kobamelong ya gagwe mo nagagaeng ya bone, go ne go tla tlhokafala ka Jehofa go re a retololele tlhokomelo ya gagwe go lefatshe la Babelona leo ka lone “Noka” ya Eufaretese, e neng e elela go tswa teng. O ne a tla neela tlhokomelo kwa tlasenyana le eleng kwa lefatsheng la Egepeto, ka go bo mo mafelong a a ntseng jalo batho ba gagwe ba ne ba ya ba nna bafaladi ka ntlha ya kotlhao ya bone. Mo boemong jwa seno Jehofa o ne a diragatsa polelo ya gagwe e e latelang ya boikaelelo jo:
“Me go tla dihala mo letsatsiñ yeuō, go re, Yehofa o tla goba louōñ loa gagwè, go simolola kwa morwaleleñ oa Noka [ya Eufaretese] e kgolo go ea nokaneñ ea Egepeto [mokgatsha o o mo molelwaneng o o kwa borwabophirima jwa Lefatshe ja Tsholofetso], me lona lo tla ōlwa ka monokela, lona bana ba Iseraela.”—Isaia 27:12, bapisa Dipalō 34:2, 5.
17. Jehofa o ne a kgaola batho ba gagwe mo boemong jwa botshwarwa jang, mme ka dibopego dife?
17 E le gore Jehofa a tle a busetse batho ba gagwe kwa nagagaeng ya bone ya Juda, o ne a tla tshwanelwa ke gore a thubaganye batho ba gagwe ba bahaladi jaaka loungo, ka gone a ba golola. Seno o ne a se dira ka go digwa ga mmuso wa lefatshe wa Babelona le go tsenya Mmuso-mogolo wa Bameda le Baperesia, mmuso wa lefatshe wa bone mo ditsong tsa Bibela. Taolo ya mmusi-mogolo wa Peresia ebong Kuruse yo Mogolo kwa tshimologong ya puso ya gagwe e ne ya ntshiwa gore go gololwe batho ba ga Jehofa ba ba ileng bohaladi mme ba boele kwa lefelong la Jerusalema wa bogologolo go aga gape tempele ya ga Jehofa. Go boa mono go ne ga tla kwa bofelong jwa dingwaga tse 70 tsa botshwarwa jwa Bajuda, ka 537 B.C.E.—Isaia 45:1-7.
18. Ditshwarwa tseno di tshwanetse tsa bo di ile tsa itshwara jang ka taolo ya kgololo ya bone?
18 Baiseraele ba ba otlhailweng mo Babelona, mme gape le mo Asiria le Egepeto, e ne e le ditsa ga Jehofa, mme ka gone o ne a tshwanelwa ke gore a ba thubaganye jaaka loungo Iwa tshwantshetso mo botshwarong jwa bone le bohaladi jwa bone jo ba bo ileng ka go sa rate mme ka gone a ba bontshe kutlwelo botlhoko, bopelonomi jo bo lorato jo bo sa tshwanelang. Abo Baiseraele bao ba bogologolo ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumelelela taolo ya ga Kuruse jang ne, mme abo ba tshwanetse ba bo ba ile ba supa tlhagafalo ya bone mo go itsholeleng molemo ka botlalo sebaka se se galalelang se ba neng ba se filwe! Ke eng seo he, se neng se tla bolelwa go tloga foo kaga “letsatsi” le le tlhogonolofaditsweng leo?
19. (a) Baiseraele bao ba neng ba halalediwa kwa Asiria le Egepeto ba ne ba boleletswe pele gore ba tla obamela mang? (b) Seno se ne se tla raya eng malebana le kobamelo ya ga Jehofa kwa lefelong la pele-pele la tempele, mme seno se na le dikakantsho dife ka morafe wa Iseraele wa semoya wa motlha wa segompieno?
19 “Me go tla dihala mo letsatsiñ yeuō, go re, go tla lediwa lonaka lo logolo; me go tla tla ba ba kileñ ba batla go nyèlèla mo lehatshiñ ya Asiria, le ba e kileñ ea ne e le balelekwi mo lehatshiñ ya Egepeto; ba tla ōbamèla Yehofa mo thabeñ e e boitshèpō kwa Yerusalema.” (Isaia 27:13)
Seo se ne se ka rayang fa e se go nniwa gape ga Lefatshe la Tsholofetso le go agiwa gape ga tempele mo Jerusalema, go tsosolosiwa ga kobamelo ya Mmopi le Modiri wa morafe o o shafaditsweng wa Iseraele? Seno se ne sa tshwanelwa ke gore se diragale go ya ka mafoko a go le pele a ga moperofeti Isaia a a tlhomilweng mo temaneng ya 6. Lefatshe la batho ba gagwe ba ba busitsweng le ne le tshwanetse go nyeula ka baagi, ka kutlwano ba tseneletse mo kobamelong ya gagwe kwa tempeleng ya gagwe, lemororo lefelo leno le le tsosolositsweng la kobamelo le ka tswa le se na bontle jo bo kalo jwa tempele e e gakgamatsang e e neng ya agiwa ke Kgosi Solomone. Ka tsela eno se ne se tla tshwantshetsa tiragatso ya motlha wa segompieno ya semoya e e kopanyeletsang “Iseraela oa Modimo,” go tlatsa ‘lefatshe jotlhe je le ungwang ka loungo lo lo nayang botshelo.’—Bagalatia 6:16; Isaia 27:6.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ka mo go kgatlhisang, Oxford NIV Scofield Study Bible (1984) e akgela jaana mo go Luke 21:24: “‘Metlha ea Badichaba’ e ne ya simolola ka botshwarwa jwa Juda tlase ga ga Nebukadenesare (2 Ditih. 36:1-21). Fa e sale nako eo Jerusalema o ntse a, fela jaaka Jesu a ne a bolela, ‘katakwa ke Badichaba.’”
O Ka Araba Jang?
◻ Iseraele wa tlholego o ne a itemogela jang go ‘bediwa’ mme jang, jaaka go boleletswe pele mo go Isaia 27:7?
◻ lseraele o ne a “anama mocwe” jang? (Isaia 27:2, 6)
◻ Ke bomang ba ba kopanyelediwang mo tiragatsong ya boperofeti jwa ga Isaia kgaolo 27 mo metlheng ya segompieno?
◻ Bano ba ile banna jang jaaka tshimo ya mofine e e ungwang e e ntshang “boyalwa yoa mofine”?
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Ka Bababelona, Jehofa o ne a ba gamola mo go botlhoko ka 607 B.C.E