Lefika la Athena le Eleng la Mofuta wa Lone Fela
KAFA bophirima jwa Akoropolise e e itsegeng thata ya Athena mme fa gare go na le mokgatšhana o o di kgaogantseng, go na le lenyaphiri le le seolo leo Bagerika ba le bitsang Areopago. Ditekanyetso tsa lone ga di dikgolo mo go kalo-kalo, di lekanyediwa ka dikgato tse di 1 000 (300m) ka boleele, le go feta go se go nene bophara jwa dikgato tse 400 (120m) le go tlhatlogela kwa godimo ka boleele jwa dikgato tse di ka nnang 370 (115m). Se se tlhomologileng thata-thata kaga lefika leno ke ditso tse di kwa godingwana thata, tsa selefatshe le tsa Bibela, tse di nyalanang le lone.
Leina Areopago tota le raya “Thota ya Ares,” kana “Thota ya Mars,” Mars ke Seroma se se tshwanang fela le Ares ka Segerika, modimo wa ntwa. Go ya ka tlhamane, tsheko ya kgotla-tshekelo ya ntlha, kaga kgetse ya polao e e tlhomologileng thata gareng ga medimo, e ne ya tshwareIwa fano. Ares o ne a sekisediwa go bolaya morwa modimo wa lewatle Poseidone. Ka gone lefika le ne la nna botlhokwa mo dikgannyeng tsa katlholelo le tsa sepolotiki mo Baatheneng ba bogologolo. E ne ya re kgabagare ya nna setilo sa kgotla-tshekelo ya pele pele ya motse oo, eo e neng ya tsaya leina la Kgotla-tshekelo kana Khansele, ya Areopago kana Areopago fela.
Ga go itsiwe gore tota Kgotlatshekelo e ne ya simolola leng fela. Mme mo e ka nnang ka lekgolo la bosupa la dingwaga B.C.E., e ne e na le tlhotlheletso e e maatla fela thata mo dikgannyeng tsotlhe tsa motse oo, maloko a yone a tlhotshwa gareng ga batlotlegi le bahumi, batho ba ba kgethegileng. Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, bontsi jwa thata ya yone bo ne jwa tsosolosediwa go bommakaseterata ba motse le kgotla-tshekelo e e tumileng. Ka thata ya yone e ne ya beelwa fela dikgetse tsa polaano ya batho le tsa sedumedi le dikgang tsa thuto.
Ka nako ya ga Pericles (mo e ka nnang 495-429 B.C.E.), ka sekai, go ne ga bolelwa gore Baareopago ba ne ba sekisa ba ba neng ba tlhapatsa “ditlhare tsa motlhware o o itshepileng” koo go neng go tlhotlhiwa loukwane Iwa motlhware wa tirelo e e boitshepo. Ba ne ba tsewa e le batlhokomedi le bababaledi ba maitsholo le bodumedi, go sireletsa motse mo ‘medimong e sele’ epe fela e e sa eletsegeng. Ka mo go kgatlhisang, baithuti ba ditso ba tla gakologelwa motlhalefi yo o tumileng thata Socrates (470-399 B.C.E.) gore o ne a atlholwa ke kgotla-tshekelo ya Athena ka mabaka ano fela: “go bodufatsa banana” le “tlhokomologo ya medimo e e obamelwang ke motse le mokgwa wa dilo dingwe tse di sa itsiweng tsa bodumedi.”
Fa Areopago e ne e tshwara dikgang tsa dikgetse tsa polaano, di ne di tshwarwa gantsi-ntsi mo mpaananeng e le gore “baatlhodi le molatofatsi ba ka se kgotlelwe ka go nna kafa tlase ga borulelo bo le bongwe le mosekisiwa.” Ditsamaiso di ne di tlhoka molatofatsi gore a nne mo letlapeng le le neng le bidiwa “Moganeledi” le molatofadiwa go nna mo le le neng le bidiwa “Phophomo.” Gompieno, mo godimo ga thota, motho o ka bona matlapa a mabedi a masweu ao go bolelwang e le seemo sa kgotla-tshekelo. Ditheetso mo dikgannyeng tse dingwe ka gongwe di ne di tshwarelwa mo go se se bidiwang “Serala sa Segosi” (Stoa Basileios) mo agora, kana marekisetso, a a fa mokgatsheng fa mhapheng wa Areopago.
Tiragalo e e itsiweng sentle-ntle ya ditso e e neng ya diragala kwa Areopago, lefa go ntse jalo, ke eo e begilweng mo Bibeleng go Ditihō kgaolo 17—loeto lwa ga moaposetoloi Paulo kwa Athena, koo o neng a neela puo e e sa lebalesegeng e e neng ya neelwa “ha gare ga Areopago.”—Ditihō 17:22.
Fa Paulo a ne a etela Athena, o ne a “tlhotlheletsèga mo teñ ga gagwè, ka a bōna motse o tletse medimo ea disètwa.” Seno se ne sa mo tlhotlheletsa go tsenelela mo dipuisanong tse dintsi le batho mo agora kaga “mafoko a a molemo ka ga Jesu le tsogo.” Go bonala fa molaetsa ono o ne wa gwetlha go batla go itse ga batho, segolo-bogolo batlhalefi ba Baepikuria le ba Basetoika, mme ba dira gore Paulo a neele kgang e e tletseng kaga “medimo e sele” le “thutō e ncha e” kwa Areopago.—Ditihō 17:16-34.
Fa a ne a tomoga ka dinao mo pakeng eo, Paulo ka bopelokgale le ka natla e kgolo o ne a femela mafoko a a molemo a ga Jesu. Puo ya gagwe ke bokgeleke jo bo utlwalang le neelo mabaka; bomosola jwa yone bo sala bo ntse bo nonofile gompieno fela jaaka e ne ya utlwiwa la ntlha ke Baathena. Gompieno, go na le tshipi ya segopodiso e e phatsimang kwa tlase ga lefika, mo letlhakoreng la bophirima, go gopola tiragalo eo. Puo ya ga Paulo e gabilwe mo go yone ka ditlhaka tse dikgolo tsa Segerika (kana uncials), gore botlhe ba bone. Ke bosupi jo bo didimetseng eseng fela mo ditsong tsa bogologolo le tse eleng tsa mofuta wa tsone fela tsa lefika leo mme gape mo bommatoteng jwa ditso jwa Bibela.