Agora—Efelo le Legolo la Athena wa Bogologolo
BORRAMATLHALE ba Athena ba ne ba feretlhegile! Go ne go tlhola go bolelwa megopolo e mesha mo lefelong la motse ono wa Bagerika la agora, kana borekisetso. Le fa go ntse jalo, mo lekgetlhong leno go ne go farologane thata. Monna mongwe wa Mojuda, a sa tswa go goroga fela mo motseng ono, go ne go bonala e le “moitsisephatlalatsa wa medimo ya botswagosele.” O ne a bua dilo tse di sa tlwaelegang mo go ba “go neng go direga gore ba bo ba le gone.” Baepikuria ba ba boikgogomoso le Basetoika ba ne ba botsa ba sa tshege, ba re: “Ke eng se mmalabadi yono a ratang go se bolela?” Ee, lefelo leno la agora la kwa Athena e ne e le lone lefelo le legolo le go neng go tshwarelwa dikganetsano phatlalatsa kwa go lone, mme go ganetsanwa ka sengwe le sengwe se o ka akanyang ka sone. Mme go bua ka medimo e e sa itsiweng—nnyaa, seno e ne e le go feteletsa dilo!—Ditiro 17:17, 18.
Ke tsela e Baathena ba neng ba arabela ka yone ka go belaela fa moaposetoloi Paulo a ne a simolola go rera lekgetlho la ntlha kwa lefelong leno la agora la kwa Athena. O ne a bua ka Jesu Keresete le tsogo ya baswi. Le fa go ntse jalo, mo setsong seno sa Athena se go neng go bonala se kgona go amogela megopolo ya ba bangwe, ke eng se se neng se sa tlwaelega jaana ka go tla ka dikgopolo tse disha tseno mo lefelong la agora?
Athena e Nna le Lefelo la Botlhe
Se tota se neng se sa tlwaelega e ne e le lefelo leno la agora ka bolone, le seabe se se botlhokwatlhokwa se lefelo leno le neng le na le sone mo bodumeding le mo setšhabeng sa Baathena. Lefelo la agora la Athena ke lefelo le le batlang le kgokologela la bogolo jwa diheketara tse di ka nnang lesome kwa ntlheng ya bokonebophirima jwa Acropolis. Go bonala bogologolo mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., ka nako ya ga rradipolotiki le motlhomamolao wa Athena e bong Solon, karolo eno ya naga e ne e beetswe kwa thoko gore e nne lefelo la botlhe mo motseng. Fa go ne go tlhomiwa puso ya batho ka batho kwa Athena, e e neng e beile tlhokomelo thata mo botshelong jwa setšhaba, seno se ne sa dira gore go simololwe go agiwe dilo di le dintsi thata mo lefelong leno mo masimologong a lekgolo le le neng le latela la dingwaga. Seno se ne sa dira gore lefelo leno la agora jaanong e nne lefelo le go direlwang dilo di le dintsi mo go lone le le le botlhokwa thata mo bathong.
Modi wa lefoko la Segerika la a·go·raʹ o tswa mo lediring le le rayang “go kgobokana, go phuthega.” Seno se tshwanela tsela e lefelo leno la agora le neng le dirisiwa ka yone e le lefelo le legolo la bokopanelo mo motseng ono. Lefelo leno la agora le ne la simolola la nna lefelo le legolo le go neng go direlwa dilo tsa setšhaba le tsa batho mo go lone. E ne e le gone koo botsamaisi jwa setšhaba le boatlhodi bo neng bo direlwa gone, e le lefelo le legolo le go neng go rekisetswa e bile go dirwa kgwebo mo go lone, e le lefelo la bobogelo le go neng go tshamekelwa diterama tsa Segerika mo go lone, lefelo le go neng go tshwarelwa diatleletiki mo go lone e bile e le lefelo le le neng le ratega thata le go neng go kopanelwa mo go lone go tshwara dipuisano gone.
A o ne o ka rata go tsaya loeto go bona masalela a ditempele, diobo, difikantswe, le dikago tsa botlhe tse di mo lefelong leno la agora le le kwa Athena? Fa re ntse re leka go batlisisa dilo tsa nako e e fetileng tsa lefelo leno la agora, a re kgaoganeng le medumo le tlhakantsuke ya motse ono wa segompieno, mme re itsamaele ka ditsela tsa mmu, mo gare ga matlotla a a se nang sepe a mmabole, matlapa a a gabilweng, le dikgoro tse di tlhotlhoregang tse di khurumeditsweng ke mefero le ditlhatshana tsa nageng.
Ditempele, Mafelo a a Boitshepo, le Medimo e e Sireletsang
Baeti ba kgatlhwa ke go bona ditempele tse dintsi, mafelo a a boitshepo le mafelo a kobamelo a a neetsweng medimo e e farologaneng. Dilo tseno tsotlhe di ne di dira gore lefelo leno la agora e nne lefelo le legolo la kobamelo, le gaisiwa fela ke Acropolis. Ka Motlha wa Boipelo wa Athena ya motlha oo, bodumedi bo ne bo tsene mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa batho. Seno se ne se raya gore medimo e e farologaneng e e neng e bolelwa e le “medimo e e sireletsang” ya maphata a puso le ditirelo tsa botsamaisi e ne e newa ditempele tsa yone tsa kobamelo mo lefelong leno la agora.
E e neng e tlhageletse mo gare ga dikago tseno e ne e le Tempele ya ga Hephaestus. Modimo wa sesadi Athena o ne a amanngwa le Hephaestus. Medimo eno ka bobedi e ne e obamelwa fano e le medimo e e sireletsang ya botaki le ditiro tsa botswerere. Dilo tse di dirilweng ka tshipi le letsopa tse di epolotsweng ke boithutamarope gaufi le tempele eno di bontsha gore e ne e le ya ga Hephaestus, e bong modimo wa Magerika wa botaki yo o neng a dirisa molelo. Go ka direga gore mo lekgolong la bosupa la dingwaga C.E., tempele eno e e neng e tlhokometswe sentle e ne ya fetolwa go nna Kereke ya Greek Orthodox ya ga St. George, le fa gone e sa tlhole e dirisiwa jalo gompieno.
Gone mme, lefelo leno la agora le ne le tlhoka modimo wa lone o o le sireletsang. Ene e ne e le Zeus Agoraios, yo go tweng e ne e le mosimolodi wa ntlo ya thapelo, yo o neng a tshwaetswe sebeso se se mekgabiso se se neng se gabilwe mo mmaboleng o montle wa Pentelicus. (Bapisa Ditiro 14:11, 12.) Sebeso se se neng se le gaufi le sone sa ga Mmè wa Medimo se ne se potapotilwe ke difikantswe tse dintsintsi tse dintle tsa bagale.
Fa re fetela kwa pelenyana go sekae, re bona tempele e nnye ya ga Ion. Moithutafatshe e bong Pausanias o ne a re ke Tempele ya ga Rre Apollo. Ka ntlha yang? Ka gonne go ya ka tlhamane nngwe ya bogologolo ya Bagerika, e ne e le rraagwe Ion, e leng ene mosimolodi wa morafe wa Ma-Ionia, o Baathena ba neng ba le karolo ya one.a Mo karolong eno, Apollo e ne e le mongwe wa medimo e e sireletsang ya mokgatlho wa botsamaisi wa puso, bogolo jang malebana le mekgatlho e e farologaneng e e neng e le gone mo motseng.
Fela fa re leba kwa bokone, re bona masalela a lentswe la manyaphiri la tempelenyana e nnye, e e agilweng mo gare ga lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E. Fano go ne go obamelwa Zeus le Athena Phatrios, e leng medimo e megolo ya mekgatlho ya bodumedi ya bagologolo. E le gore o nne moagi wa Athena go ne go ka nna ga tlhokega gore o nne leloko la mongwe wa mekgatlho eno. Ka kwa fela ga mmila, re bona matlotla a sebeso sa Medimo e le Lesome le Bobedi.
Mo Lethuding le le fa gaufi la ga Zeus Eleutherios, gape go ne go tlotlwa modimo mongwe yo mogolo wa Magerika, ka seno sebaka e le modimo wa kgololesego le wa kgololo. Leobo leno, kana lethudi leno, e ne e le lefelo le le rategang thata le batho ba neng ba itsamatsamaela ba iketlile fela mo go lone le le ba neng ba kopanela mo go lone. Go bolelwa gore rramatlhajana yo o itsegeng thata e bong Socrates o ne a tlhola a kopanela le ditsala tsa gagwe mo lethuding leno, mo ba neng ba tle ba dule ba tlotle kana ba itsamatsamaele fela mo go lone. Dilo di le dintsi tse di neng di ntshiwa moneelo le tse di neng di ntshiwa go kgabisa lethudi leno, tse di tshwanang le dithebe tsa masole a a suleng a lwela go sireletsa Athena, di ne di amana ka tlhamalalo le go gololwa ga motse ono mo babeng ba one kana le go o boloka ka kgololesego ya one.
Tsela ya Panathenaea
Mo lefelong leno la agora go ne go na le tsela e e sephara, ya mmu e e neng e bidiwa Tsela ya Panathenaea, e e neng e kgabaganya lefelo leno go tswa sekhutlong se sengwe go ya go se sengwe. Leina la yone le tsela e e kgethegileng e e neng e dirilwe ka yone di ne di tswa mo moletlong wa setšhaba wa Athena, e leng Panathenaea. Ka nako ya moletlo ono lesire la modimo wa sesadi e bong Athena le ne le tsewa go tsamaiwa ka lone mo tseleng eno go tswa kwa Ntlong ya Popelelo (e e gaufi le heke ya motse) go ya kwa Acropolis. Lebante le le kgabisitsweng la Parthenon le re thusa go bona gore mokoloko ono wa moletlo o ne o le montle e bile o galalela go le kana kang—bapalami ba dipitse tsa ntwa, dikara tsa lobelo, dikgomo le dinku tse di tlileng go ntshiwa setlhabelo, makawana le basetsana ba ba tshwereng dilwana tse di tlileng go dirisiwa go ntsha ditlhabelo. Mokoloko ono o ne o latelwa ke baagi ba Athena le baeng ba bone, ba batlhami ba dipolane, fa ba ne ba rulaganya lefelo leno la agora, ba neng ba dirile gore ba kgone go tsamaya sentle mo tseleng e e mo lefelong leno. Ka sekai, diobo tse kwa pele di neng di na le direpudi le ditepisi di ne di dirilwe ka bokgeleke go lebagana le tsela ya mokoloko. Ditepisi tsa lone tse dintsintsi tse di neng di rulagantswe bontle mo maribelong di ne di kgona go tshola babogedi ba le bantsi.
“O Tletse Medingwana”
o gare ga ditempele tse dintsintsi jaana, le difikantswe tse di neng di tletse gongwe le gongwe, ga go gakgamatse go bo “moya wa [ga moaposetoloi Paulo o ne] wa simolola go serega fa a bona gore motse o ne o tletse medingwana.” (Ditiro 17:16) Se Paulo a neng a se bona fa a ne a tsena mo lefelong leno la agora se tshwanetse sa bo se ile sa mo tshosa. Difikantswe tse di bontshang dirwe tsa tlhakanelo dikobo tsa modimo Hermes di ne di le dintsi jaana mo e leng gore go ne go tlhokega loobo lo lo feletseng, lo lo neng lo bidiwa Lethudi la ga Hermes, go di tsenya. Diaparo mo ditshwantshong tse dingwe tse di tshasitsweng tsa ga Hermes di bontsha di-swastika—e leng letshwao la tsalo le botshelo. Go ne go na le sefikantswe sa ga Venus Genetrix, e leng modimo wa sesadi wa lorato lwa tlhakanelodikobo, le sa ga Dionysus se se neng se na le difapaano di le mmalwa tsa dirwe tsa tlhakanelodikobo. Se se neng se tshwaya lefelo leno la agora jaaka le le “boitshepo” e ne e le lentswe le le mo molelwaneng le le neng le na le sejana se se neng se na le metsi “a a boitshepo” gore botlhe ba ba tsenang ba kgone go iphepafatsa kafa mokgweng.
Fa re leba ka tsela e ba neng ba tseneletse ka yone mo bodumeding, re kgona go bona sentle gore ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a le mo seemong se se kotsi. O ne a belaelwa ka gore ke “moitsisephatlalatsa wa medimo ya botswagosele,” mme molao wa nako eo o ne o kaile gore ‘ga go na motho ope yo o tla nnang le medimo mengwe e sele, kana e mesha; kana yo e tla reng a le esi fela koo a obamele medimo epe ya botswakwa ntle le fa e letleletswe mo setšhabeng.’ Ka jalo, ga go gakgamatse go bo ba ile ba tshwara moaposetoloi yono mme ba mo isa kwa Areopago go ya go mo tlhoma dipotso.—Ditiro 17:18, 19.
Lefelo le go Direlwang Dilo Tsa Botsamaisi mo go Lone
Go ne go na le kago nngwe e e sediko e e neng e bidiwa Tholos e e neng e le ntlokgolo ya botsamaisi ya puso ya Athena. Badulasetulo ba le bantsi ba motse ono ba ne ba robala mo kagong eno bosigo e le gore ka metlha go bo go ntse go na le badiredi bangwe ba ba tlhokometseng fa ba tlhokwa. Mo teng ga Tholos eno go ne go na le dilo tse di dirisiwang go lekanya bokete jwa dilo le bogolo jwa tsone. Gaufi le yone go ne go na le dikago tsa maphata a a farologaneng a botsamaisi. Ntlo ya Kgotla e ne e le serepudi se se neng se le kafa mhapheng o o kafa bokonebophirima jwa Tholos. Maloko a le 500 a Kgotla a ne a tshwarela dipokano tsa bone koo, mo ba neng ba direla ditiro tsa bone tsa bokhuduthamaga le go direla Lekgotla melao.
Kago e nngwe e e neng e le botlhokwa ya setšhaba e ne e le Lethudi la Segosi. Mookamedimogolo wa Segosi wa Athena—mongwe wa bommakaseterata ba bagolo ba bararo ba motse—o ne a na le setulo mo go lone. Moo o ne a tlhokomela ditiro di le dintsi thata tsa botsamaisi tse di amanang le bodumedi le dilo tsa molao. Go ka direga gore e ne e le mo lefelong leno mo Socrates a neng a tshwanelwa ke go tlhagelela gone fa a ne a latofadiwa ka gore ga a na maitseo. Melao ya bagologolo ya Athena e ne e gabilwe mo dipoteng tsa kago e e neng e lebagane le lethudi leno. Mo letlapeng le le neng le beilwe mo pele ga kago yone eno, baokamedibagolo, kana bommakaseterata ba bagolo, ba ne ba ema mo go lone ngwaga le ngwaga go bolela maikano fa ba simolodisiwa tiro.
Lethudi la ga Attalus
Kago e e tlhokometsweng go di gaisa tsotlhe mo lefelong la agora ke Lethudi la ga Attalus. Fa a ne a sa ntse a le lekawana, Attalus, e bong Kgosi ya Pergamum (wa lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E.), o ne a kile a ithuta mo dikolong tsa Athena, fela jaaka bana ba bangwe ba le mmalwa ba malapa a segosi ba lefatshe la Mediterranean. E rile fa a pegwa mo setulong sa gagwe sa bogosi, o ne a naya motse ono o o nang le sekolo se a rutegetseng mo go sone, mpho eno e ntlentle—Lethudi la ga Attalus.
Lebaka legolo la Lethudi leno la ga Attalus e ne e le go dira gore go nne le lefelo le le ruletsweng le lentle le batho ba neng ba ka tshogana ba kopanetse mo go lone le go ananyetsana dilo gone. Bodilo jwa lone le serepudi sa lone e ne e le mafelo a a siametseng gore motho a ka nna mo go one a lebelela mekoloko e e neng e dirwa moo, mme go nna ga lone lefelo le batho ba ratang go itsamatsamaela fela mo go lone ba iketlile le gone go ka tswa go dirile gore e feleletse e le lefelo le le molemo go direla dithekiso mo go lone. Go ka direga gore Puso e ne e hirisetsa bagwebi mabenkele moo e le gore kago eno e ka dira jaaka lefelo la go tsenya madi mo pusong.
E re ka le buseditswe mo seemong sa lone sa kwa tshimologong, Lethudi la ga Attalus le bontsha kafa kago e ka rulaganngwang ka gone go ya ka sebopego le seemo sa lefelo le e leng mo go lone. Go lekalekana ga dikarolo tsa yone tse di farologaneng, tsela e e kgatlhang e dikholomo tse di kwa tlase le tse di kwa godimo di rulagantsweng ka yone gore di se ka tsa lekalekana, tsela e e kgatlhang e lesedi le moriti di fetafetanang ka yone, le bontlentle jwa dilo tse di dirisitsweng go aga, tsotlhe di dira gore e nne ya mofuta wa yone fela. Go dirisitswe ditsela tse di farologaneng go dira gore dilwana tsa kago eno e se ka ya nna tse di tshwanang tsotlhe fela, bogolo jang ka go dirisa mefuta e meraro e e sa tshwaneng ya dikholomo—tsa Doric, tsa Ionia, le tsa Egepeto.
Lefelo la Ditiro Tsa Setso
Kago e e neng e le lefelo le go direlwang ditiro di le dintsi tsa setso mo go yone mo Athena e ne e le Holo ya Dikonsarate. E ne e le mpho ya ga Vipsanius Agrippa, mogwe wa ga Mmusimogolo wa Roma Augustus. Karolo e e kwa pele ya yone e ne e didilwe ka mmabole o o mebalabala. Holo ya yone, e e neng e kgona go nnisa mo e ka nnang batho ba le 1000, e ne e le bogolo jwa mo e ka nnang dimetara di le 25, mme e simolotse e tswetswe ka dithulelo tse di neng di se na dipilara kafa teng. Go ne go ise go ke go tsamaye go lekeletswe dilo ka tsela eno fa go bewa dithulelo mo lefatsheng la bogologolo! Le fa go ntse jalo, go bonala bontsi jwa boitlosobodutu jo bo neng bo le gone moo e ne e le jo Bakeresete ba boammaaruri, ba ba nang le ditekanyetso tse di kwa godimo thata tsa boitshwaro, ba neng ba ka se ka ba ya kwa go jone.—Baefeso 5:3-5.
Go ka direga gore batho bangwe ba ba ratang dikgang ba metlha ya bogologolo ba ne ba tle ba etele Laeborari ya Pantainos. Dipota tsa yone di ne di tletse ka dikobotlo tse di neng di tsentse makwalomomeno a a kwadilweng ka letsogo a koma le matlalokwalelo. Kamore e kgolo ya laeborari eno e ne e lebile kwa bophirima, mme fa motho a leba go phololetsa dikholomo tse di neng di tlhomagane o kgona go bona lolwapa lo lo tshegeditsweng ka dipilara—e le lefelo le lentle gore batho ba ka itsamatsamaela fela mo go lone, ba bala, kana ba tlhatlhanya ba le mo go lone. Go bonwe mokwalo o o neng o na le melao e mebedi ya laeborari eno. Yone e ne e re: “Ga go a tshwanela ga tsamaiwa ka buka epe,” le “[Laeborari eno] e bulwa go tloga ka ura ya ntlha go fitlha ka ura ya borataro.”
Lefelo la Agora Gompieno
Mo dingwageng tsa bosheng jaana, lefelo leno la agora le batla le epolotswe ka botlalo ke ba American School of Classical Studies. Le ituletse ka fa tlase ga moriti wa dikago tse di goletseng kwa godimo tsa Acropolis, le fetogile go nna lefelo le le rategang thata la bajanala ba ba batlang go bona hisitori ya Athena wa bogologolo.
Fa o ya Monastiraki Flea Market e e gaufi le foo—e e seng sekgala se sekalokalo go tswa mo lefelong leno la agora le Acropolis—o tsena mo lefelong le lengwe le le kgatlhang thata. E naya moeti pono e e gakgamatsang le fa go ntse jalo e le e e kgatlhang ya dilo tsa botshelo jwa Segerika le mefutafuta ya dilo tse di farologaneng tse di rekisiwang tsa Botlhabagare le tse dingwe tse di rekisiwang ka tlhwatlhwa ya sesolo. Mme gape moeti o tla bona Basupi ba ga Jehofa moo ka boitumelo ba dira sone fela se moaposetoloi Paulo a neng a se dira dingwaga di le 1900 tse di fetileng—ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi phatlalatsa mo go ‘ba go diregang gore ba bo ba le gone.’
[Ntlha e e kwa tlase]
a Leina Mo-Ionia le tswa mo go la ga Javan, morwa Jafetha le setlogolwana sa ga Noa.—Genesise 10:1, 2, 4, 5.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Kgwebo Kwa Athena
Lefelo la agora e ne e se lefelo le legolo la batlhalefi le batho ba motse fela mo Athena mme gape e ne e le lefelo le legolo la marekisetso. Athena e ne e le lefelo le legolo thata la kgwebo, le itsege ka ntlha ya boleng jwa madi a yone a a neng a sa fetofetoge le go gagamalela tshiamo ga baokamedibagolo ba yone, ba ba neng ba neilwe go tlhokomela gore ditirisano tsotlhe tsa kgwebo e nne tse di siameng le tse di dirwang ka tolamo.
Athena e ne e romela ntle waene, oli ya motlhware, tswina ya dinotshe, mmabole, le dilo tse di dirilweng kwa madirelong tse di tshwanang le tsa letsopa le dilo tse di dirilweng ka metale. E ne e ananya dilo tseno ka go reka korong thatathata go tswa kwa ntle. E re ka Attica (kgaolo e e gaufi le Athena) e ne e sa kgone go ntsha dikuno tse di lekaneng go tlamela baagi ba yone, melao ya papadi ya kgwebo e ne e gagametse thata. Mmaraka o o kwa Piraeus (e leng boemakepe jwa Athena) ka metlha o ne o tshwanelwa ke go nna le dijo tse di lekaneng tse di phepa go fepa motse le masole. Mme bagwebi ba ne ba sa letlelelwa go boloka dilo ka la gore ba tla di rekisa ka tlhwatlhwa e e kwa godingwana ka nako ya khumanego.