Go Bona Kgomotso Go Tswa mo Lefokong la Modimo
JEHOFA ke “Rra mautlwèlo botlhoko, le Modimo oa kgomoco eotlhe; O o re gomotsañ mo pitlaganoñ eotlhe ea rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Ka gone, re tshwanetse go retologela go ena le Lefoko la gagwe go bona kgomotso ya boammaaruri mo metlheng ya khutsafalo.—Baroma 15:4.
Fa re ikanyega go Modimo, ‘ga a kitla a re tlhokafalela gope, le gona ga a kitla a re latlha gope.’ Ka mo go tlhomamisegileng, re ka re: “Yehofa ke mothusi oa me; ga nketla ke boiha: ana motho o ka ntihañ?” (Bahebera 13:5, 6; Pesalema 37:39, 40; 145:20) Ka gone, eleruri, ga re tlhoke go hutsafala kana go kgobega marapo, tota lefa re bogisiwa thata.
Ereka karolo ya boperofeti jo bogolo jwa ga Jesu bo diragaditswe mo motlheng wa rona, o rile: “Lo tla okwa le ke batsadi ba lona, le ke bana ba borra lona, le ba losika loa lona, le ditsala; me bañwe ba lona ba tla bolawa ka bōnè. Me lo tla tlhōiwa ke botlhe ka ntlha ea leina ya me.” Mme moragonyana fela ga moo Jesu o okeditse ka gore: “Me leha e le moriri moñwe hèla oa ditlhōgō tsa lona, ga o ketla o nyèlèla.” (Luke 21:16-18) Seno se ne se tla diragala jang? Ka tsogo, yone tsholofelo eo e neng ya tshegetsa Paulo. (Yohane 5:28, 29; 2 Bakorintha 1:9, 10) A ga go gomotse go itse gore tota le loso ka bolone lo ka se re tseele tsholofelo ya rona e e gakgamatsang ya isagwe?
Akanya ka kgomotso eo tsholofelo eno le ditlhomamiso tsa thuso ya Modimo di ka di tlisetsang Bakeresete ba ba bogisiwang ba ba itshoketseng go tlhokofadiwa mo mmeleng, bao ba golofetseng ka ntlha ya bosetlhogo, basadi ba ba boifang Modimo ba ba betilweng, batsadi ba ba kgaogantsweng le bana ba bone ka dikgoka. Ee, mo Lefokong la ga Jehofa re bona dipolelo tse dintsi tsa kgomotso le tlhomamiso tseo di ka re dirang gore re itumele fa re le mo pitlaganong.—Mathaio 5:10-12.
Gakologelwang Tuelo
Fa re lebane le pitlagano le tlhokofatso, gakologelwang gore ga go sepe se se diragalang mo go rona se se sa diragalang mo batlhankeng ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Re ka emelana le diteko tsa ga Diabolo tsa go re thibela go direla Jehofa fa re dira seo moaposetoloi Petere a se tlhotlheleditseng: “Lo èmalanè naè [Diabolo] lo nitame mo tumeloñ ea lona, lo nntse lo itse ha cōna dipogishō tseuo di dihalèla bakauleñwe ba lona ba ba mo lehatshiñ.” (1 Petere 5:9) Ee, Bakeresete ba bangwe ba itshokela diteko tse di tshwanang ka ntlha ya mafoko a a molemo mme ba dira jalo kwantle ga go ineela. Re ka dira se se tshwanang.
Ga rea tshwanela go tlhokomela fela bao ba emeng ba nitame mme gape le dituelo tseo ba di amogetseng. Ka sekai: Satane, o ne a ikemiseditse go supa gore Jobe o ne a direla Jehofa fela ka mabaka a bopelotshetlha, o ne a tlisetsa monna yono wa Modimo tlalelo morago ga tlalelo. Santlha diruiwa tsa gagwe di ne tsa swa, mme morago batlhanka ba gagwe, kwa bofelong tota le bana ba gagwe ba ba lesome. A sa kgotsofadiwa ke seo, Satane o ne a itaya Jobe ka “disho tse di boshula, go simolola ka sebete sa lonaō go ea pogoñ ea gagwè.” (Yobe, dikgaolo 1 le 2) A Jobe o ne a roba bothokgami jwa gagwe go Modimo ka ntlha ya ditlalelo tseno?
Nnya, ga a ka a dira jalo. Mme gotweng ka tuelo? Jehofa o ne a ntšhafatsa botsogo jwa ga Jobe, a mo neela “ka sebedi bogolo” tsotlhe tseo a kileng a nna natso, mme a mo neela botshelo jo boleele, le jo bo kgotsofatsang. (Yobe 42:10-17) Mo godimo ga dituelo tseno, go na le e kgolo thata eleng ya tsogo ka tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Yobe 14:13-15) Eleruri, boitemogelo jwa ga Jobe bo neela kgomotso le nonofo go Bakeresete ba ba bogang gompieno.
“Jehofa o a Thusa”
Jaanong, akanya ka kgang ya mosadi wa Mokeresete yo o itshoketseng pogiso ya dingwaga di le dintsi mo dikampeng tsa pogisetso mo Jeremane ka Ntwa ya Lefatshe II. Mo godimo ga maemo a a boitshegang, pogiso e e setlhogo, mme dikganelo e ne e le go patelediwa go kgaogana le monna wa gagwe le ngwana ka dingwaga di le tlhano, a sa itse seo se neng se diragala ka bone. Kwa bofelong, morago ga dingwaga tsa go itshoka ka boikanyegi, o ne a kopanngwa gape le monna wa gagwe le ngwana, mme ka boraro jwa bone ba diretse Jehofa ka boikanyego fa esale go tloga ka nako eo. Tlhokomela dikakgelo tsa gagwe mabapi le boitemogelo jwa gagwe:
“Dingwaga tsa me mo dikampeng tsa pogisetso mo Jeremane di nthutile thuto e e tlhomologileng. Ke ka moo moya wa ga Jehofa o ka go nonotshang segolo ka gone fa o le mo tekong e e mahehe! Pele ga ke tshwarwa, ke ne ke badile lekwalo la kgaitsadi mongwe leo le neng le bolela gore mo tekong e e mahehe moya wa ga Jehofa o dira gore o retibale mogopolo. Ke ne ke akanya gore gongwe o ne a a tlatsa ka metsi go se kae. Mme fa ke ne ke le mo ditekong ka bonna, ke ne ka itse gore seo a se boletseng e ne e le boammaaruri. Ruri go diragala fela jalo. Go thata go go akanya, fa go ise go go diragalele. Mme tota go ntiragaletse. Jehofa o a thusa.”
A ga o gomodiwe le go nonotshiwa ke dipolelo tseno? Ka ntlha ya go ngaparela bothokgami jwa gagwe mo tekong, mosadi yono wa Mokeresete, mmogo le lelapa la gagwe, o lebeletse go bona tsholofelo ya gagwe ya botshelo jo bo sa khutleng ka boitumelo. (Bahebera 10:39) Abo e le tuelo e e molemo jang ne ya boikanyegi!
Morago ga dingwaga a itemogela diteko, mokaulengwe wa rona yo o rategang Paulo o ne a ikutlwa jang? A kgobegile marapo? A hutsafetse? A tlaletswe? Le eseng! O ne a na le ikanyo, a tletse tsholofelo, a itumeletse go bo a ile a itshoka. Paulo o rile: “Ke tlhabanye ntwa e e molemō, ke digetse sebaka sa tshianō, ke bolokile tumèlō: Go tloga hano ke setse ke beecwe serwalō sa tshiamō, se Morèna, moatlhodi oa tshiamō, o tla se nnaeañ mo tsatsiñ yeuō.” (2 Timotheo 4:7, 8) Paulo o ne a boloka tsela eno kwantle ga go theekesela mme o amogetse tuelo ya gagwe ya selegodimo. (Bafilipi 3:4-14) Ke mang yo o sa gomodiweng ke sekao se se molemo seo? Ekete le rona ka mo go tshwanang re ka itshokela pitlagano, re bona kgomotso mo Dikwalong, re nna re ikanyega go Modimo wa rona, Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Boitemogelo jwa ga Jobe bo neela bakeresete ba ba bogang gompieno nonofo