O Ka Sepela Le Modimo
“A BATHO ba le babedi ba ka tsamaea mmōgō, ha ba se ka ba dumalana?” moperofeti Amose o ne a botsa jalo. (Amose 3:3) A mme o ka dira ‘tumalano’ ya go sepela le Modimo?
Ee! Gonne, tota, Modimo ke one o simololang ka go re laletsa gore re nne ditsala tsa gagwe. Ga a re pateletse botsalano jo bo ntseng jalo. Go na le moo o re gogela mo go ene ka dinonofo tsa ona tse di molemo-lemo. Aitsane, popo fela e neela bosupi jo bontsi jwa bomolemo jwa Modimo! “Dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo jwa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ.” (Baroma 1:20) Kana jaaka moaposetoloi Paulo a boletse mo go Ditihō 14:17 a re: “[Modimo] oa se ka oa nna hèla o sena seshupō, ka o no o nntse o diha molemō, me oa lo nesetsa dipula tse di cwañ mo legodimoñ, oa lo naea metlha ea mauño, oa tlatsa pelo tsa lona ka diyō le boitumèlō.”
Ka gone banna ba ba tshwanang le Enoke le Noa ba ne ba tlhoafaletse go amogela kakantsho ya Modimo ya botsala. Ba ne ba lemoga gore Modimo o ne o “chwanetse, . . . oa . . . bōna kgalalèlō, le tlotlō.” (Tshenolō 4:11) Jalo ba ne ba arabela taletso ya Modimo mme ba mo atamela ka tumelo. Paulo o boletse jaana, “Kwa ntlè ga tumèlō go reteletse rure go o kgatlha: gonne eo o tlañ Modimoñ o na le go dumèla ha o leeō, e bile e le ōna moduedi oa ba ba o batlañ.” (Bahebera 11:6) Jalo ka go senka go amana le Modimo, le wena, o ka dira ‘tumalano’ le Ona. Mme, Mopesalema o boletse jaana, “Go segō motho eo [Modimo] u mo itshenkèlañ, ua mo ikatametsa.”—Pesalema 65:4.
Ereka go tsalana le Modimo go dirwa tumalanong le one, motho o tshwanetse go ithuta Lefoko la Gagwe, ebong Bibela, gore a ithute seo e leng “go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosegañ, le mo go itekanetseñ.” (Baroma 12:2) Bogologolo mo metlheng ya Bibela mmatli mongwe wa Modimo yo o pelo-e-phepa o ne a botsa jaana: “Nka tlhaloganya yañ [boperofeti jwa ga Isaia] ha moñwe a sa nkgoge?” Mme gongwe o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Lefa go ntse jalo, Modimo o ne wa dira gore morutwa yo o neng a bidiwa Filipo a atamele monna yono le go mo tlhalosetsa boperofeti joo. (Ditihō 8:30-35) A Modimo o bontsha kgatlhego epe e nnye mo go bao ba mmatlang ka bopelo-e-phepa gompieno? Aitsane, lebaka fela la go bo o bala makasine ono o o theilweng mo Bibeleng le bontsha kgatlhego ya Modimo mo go wena! A go ka se nne botlhale gore o letlelele bao o boneng makasine ono mo go bone ba go thuse go ithuta le eleng mo go oketsegileng ka Modimo?
Go Bona Yo o sa Bonaleng
Fa o ntse o gola mo go itseng Modimo ga gago, o tla nna wa mmatota mo go wena go ya pele. O tla akofa o lemoga gore ga se mokoa mongwe wa maikatlapelo o o senang leina mme go na le moo ke Motho yo o nang le leina! Bibela e bolela jaana mo go Pesalema 83:18: “Gore ba tlè ba itse ha wèna wesi, eo leina ya gago e len YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.” Jaaka Motho, Jehofa o na le dinonofo, dilo tseo a di ratang le tseo a sa di rateng—le eleng maikutlo!—Bapisa Ekesodo 34:6, 7; Pesalema 78:40.
Gape Modimo o na le ditekanyetso tse di siameng. Ka sekai, Diane 3:32 e bolela jaana: “Eo o logwadi ke mohedisa pelo mo go Yehofa: me leōma ya gagwè le na le eo o thōkgameñ.” Josefa e ne e le mongwe wa ‘ba ba thokgameng.’ Bibela e bolela ka moo mosadi wa mong wa gagwe wa Mo-Egepeto, ebong Potifarwe, a neng a lopa Josefa kgapetsa gore a kopanele boitshwaro jo bo maswe le ene ka gone. Lefa go ntse jalo o ne a gana, ka go re, “Hoñ boshula yo bogolo yo, ke ka bo diha yañ, ke leohèla Modimo?”—Genesise 39:9.
Jehofa e ne e le wa mmatota mo go Josefa. O ne a na le poifo e e molemo mo go Ene mme a itshola jaaka ekete O ne a na le ene ka sebele. Josefa o ne a tshwana le mopesalema yo o neng a bolela jaana: “Ke nntse ke tlhomile Yehofa ha pele ga me ka galè: ereka a le kaha cogoñ ya me ye legolo, ga nketla ke tshikinyèga.” (Pesalema 16:8; Bapisa le Diane 3:5, 6) Moshe o ne a na le tumelo e e tshwanang. O ne a “ichōka yaka moñwe eo o tlhomileñ matlhō mo go èna eo o sa bōnaleñ.”—Bahebera 11:27.
Ka gone go sepela le Modimo go feta go nna le kitso. Go raya go latela tsela ya botshelo e e dumalanang le thato le boikaelelo tse di senotsweng tsa Modimo! Jaaka moaposetoloi Paulo a e baya jaana: “Me ke gōna, le ha lo ya, le ha lo nwa, le ha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèlè kgalaleco ea Modimo.”—1 Bakorintha 10:31.
Melemo ya go Sepela le Modimo
Sussman le Goode mo bukeng ya bone ya The Magic of Walking ba kwadile jaana, “lefa go tsamaya go sa tlhoke tiriso e ntsi ya maikatlapelo le mesifa, balaodi ba tsa kalafi le tsa botsogo ba dumela gore go na le melemo e e farologaneng e e gakgamatsang e e bonwang ka go tsamaya.” Go laola boima jwa mmele, boroko jo bo botoka, kgololesego mo go tlalelweng, le go thibela makoa a pelo di balelwa mo melemong eo. Fa seo e le boammaaruri ka go tsamaya ga mmatota, re ka lebelela gore go sepela le Modimo go molemo thata.
Lefa go ntse jalo, o seka wa lebelela boitemogelo jo bo feteletseng jwa maikutlo. Mme fa o ntse o ‘atamela Modimo’ ka go rapela le go dira ka tumelo, o tla ipelela “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō yeotlhe.” (Yakobe 4:8; Bafilipi 4:6, 7) Ka sekai, mosadi mongwe, o ne a tlwaetse go nwa go feta tekano le go dirisa diokobatsi ka ntlha ya go tlalelwa ka metlha. O ne gape a leka ditlhopha di le mmalwa tsa La-Bodumedi. Mme morago o ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. O ne a bolela jaana: “Lefa go ne go se sepe sa tse ke di lekileng se se kgonneng go nkgolola mo go tlalelweng ga me, go utlwisisa maikaelelo a ga Jehofa go ne ga nnaya boikaelelo jwa mmatota mo botshelong.” Ee, fela fa motho a simolola go sepela le Modimo, o gogelwa mo tseleng e ka tlhomamo e tla mo tlisetsang melemo ya semoya le ya maikutlo.—Bapisa le Isaia 30:21.
Molemo o mongwe o ne wa tlhagisiwa ke mosadi mongwe yo o botlhale yo o bidiwang Abigaile. O ne a bolelela Kgosi Dafide jaana: “Me leha motho a gu cogologetse, a re, oa gu kōnatèlèla, o batla mōea wa gago, leha go nntse yalo, mōea oa morena oa me o tla hitlhèlwa mo hateñ ea botshelō mo go Yehofa, Modimo oa gago.” A o ke o akanye ka seo! Fa Dafida a ne a tshosediwa ke baba ba gagwe, botshelo jwa gagwe bo ne bo tla nna mo tshireletsong e e bolokesegileng ya ga Jehofa fela jaaka ekete e ne e le selo se se tlhotlhwa se se phuthetsweng sentle go nna se bolokesegile. Lemororo seno tota se sa kaye gore tshireletso ya mmele e tla neelwa batlhanka ba Modimo ka dinako tsotlhe, eleruri o tla sireletsa dikgatlhego tse di sa khutleng tsa ba ba tsamayang le ene gompieno!—1 Samuele 25:29; bapisa Pesalema 116:15.
Lefa go ntse jalo, seno ga se kaye gore ga re kitla re nna le mathata a a tlwaelegileng go setho, jaaka ekete Bakeresete ba tshela mothale o o gakgamatsang wa botshelo. Solomone o ne a lemoga gore batho “ba dihalèlwa botlhe ke motlha le bowèlō.” (Moreri 9:11) Ka sekai, moaposetoloi Paulo, o ne a boga “mutlwa mo nameñ,” go ka direga gore e bo e ne e le bokoa jwa mmele jwa mofuta o o rileng. (2 Bakorintha 12:7; Bagalatia 4:13-15) Ka mo go tshwanang modiri-ka-ene ebong Timotheo o ne a boga “makōa a mantsi.” (1 Timotheo 5:23) Ka mo go tshwanang, Bakeresete gompieno le bone ba na le malwetsi le eleng go ikutlwa ba kgobegile marapo kana ba tlaletswe ka dinako tse dingwe.
Go feta moo, Jehofa Modimo ka dinako tse dingwe o dumelela diteko tsa nakwana gore a tle a re itshekise, jaaka a dirile jalo fa a ne a dumelela gore Josefa a tsenngwe mo kgolegelong. (Pesalema 105:17-19) Bangwe ba ka nna ba boga go swa pele ga nako mo diatleng tsa babogisi ba ba setlhogo jaaka go nnile jalo ka Setefane. (Ditihō 7:57-60) Mme ditsala tsa ga Jehofa ga di a tshwanela go ikutlwa di latlhilwe le ka motlha. (Bapisa 2 Bakorintha 4:8, 9.) “Gonne Modimo ga o tshiamololō ea go re, o ka lebala tihō ea lona, le go rata leina ya ōna mo lo go bonyweñ.” (Bahebera 6:10) Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a tshegeditswe mo dingwageng tsa kgolegelo e e sa siamang o boletse jaana: “Ke tlhatsweple pelo thata gore ga go ope wa ba ba itshokang mo tirelong ya ga Jehofa ka tlhoafalo yo o tla itemogelang go swaba. Ke ikantse Jehofa ka pelo yotlhe le mafoko a gagwe a a tlhomamisang gore, ‘Ga nketla ke go tlhōkafalèla gopè le gōna ga nketla ke go latlha gopè.’”—Bahebera 13:5.
Thuso ya go Tswelela mo Ntweng ya Rona
Go boloka tsela ya boikanyegi e e ntseng jalo ga go motlhofo. Satane le masomosomo a gagwe a meya e e bosula ba ikemiseditse go re raela. (Baefesia 6:12) Gape go na le tsamaiso ya jaanong e e bosula ya dilo le dirai tsa yone tse di gogelang. Mokeresete mongwe yo o bidiwang Demase mo lekgolong la ntlha la dingwaga o ne a faposiwa gonne “a ratile lehatshe yeno.” (2 Timotheo 4:10) La bofelo, go na le nama ya rona e e leofileng le go sekamela ga yone mo go se se bosula. (Baroma 7:21-23) Ntwa e e sa kgaotseng kgatlhanong le ditlhotlheletso tseno ea tlhokafala gore re tle re tswelele re sepela le Modimo.
Lefa go ntse jalo, Modimo o dirile gore go nne le didirisiwa di le tharo tse di maatla go re thusa: (1) Lefoko la Gagwe, Bibela, le le neelang kaelo e e tlhokafalang. (Pesalema 119:105) (2) Phuthego ya Gagwe e e bonalang, phuthego ya Bokeresete, e e tsweletsang thulaganyo ya Modimo ya go fepa semoyeng. (Mathaio 24:45-47; Baefesia 4:11-16) Mokgatlho wa Watch Tower, o o gatisang makasine ono, o na le kamano e e gaufi le phuthego eo. (3) Moya wa Gagwe o o boitshepo, o re o amogelang ka thapelo, ka go ithuta Dikwalo, le ka go kopanela le batho ba gagwe. E tla bo e le phoso e e masisi go tlhokomologa epe ya dipaakanyetso tseno. Moperofeti Mika o re kgothaletsa “go sepela ka boikokobeco le Modimo oa [rona].” (Mika 6:8) Seno se kaya go lemoga ditekanyetso tsa rona le go ikaega gotlhelele ka Modimo.
Eleruri, go sepela ga rona le Modimo go ka tshwantshiwa le mosetsanyana yo o tsamayang le rragwe mo phefong e e maatla. Fa a ne a ka tlogela letsogo la gagwe kana a tsaya tshwetso ya go tsamaya ka tsela ya gagwe, o ne a tla akofa a timela. Mme fa a itshwarelela ka thata, a ka tsamaya le rragwe ka pabalesego le ka tsholofelo. Le rona, re tshwanetse go tlhokomela go ikobela kaelo ya Modimo jaaka e neelwa ka Lefoko le phuthego tsa gagwe. Boitaolo bo ka re tlisetsa fela go timela go go senang tsholofelo. Lefa go ntse jalo, fa re sepela le Modimo ka boikokobetso re ka etelelwa pele ka pabalesego go ralala phefo e e tlang ya Hara-Magedone le go falolela mo thulaganyong e ntsha e e solofeditsweng. Koo, loso le bolwetsi e tla nnang dilo tsa nako e e fetileng. (Tshenolō 16:16; 21:3, 4; 2 Petere 3:13) Ka gone, a o tla amogela taletso ya Modimo e e pelotshweu ya go sepela le ene?
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Lefoko, moya, le phuthego tsa Modimo di ka re thusa go tswelela re ‘sepela le Modimo’ ka boikanyegi