Bodumedi—A Ke Maatla a a Kitlanyang?
A BODUMEDI ka kakaretso ke maatla a a kitlanyang mo lefatsheng? Kana, go na le moo, ke maatla a loso le tshenyo? Re tshwanetse ra araba ka gore, lefatshe le itemogetse lekgolo la dingwaga la ntwa—e tlhotlhelediwa ke bomorafe mme e tshegediwa ke bodumedi. Fa esale ka 1909, bobotlana dintwa tse dikgolo tsa lefatshe di le 14 di ne di tlhotlhelediwa ke bodumedi. “Go tloga metlheng ya bogologolo go fitlhelela jaanong, go lolwe dintwa di sekae fela tseo bobotlana bodumedi bo neng bo sa tseye karolo e e rileng mo go tsone,” go bolela jalo Ernest Lefever, tautona ya Ethics and Public Policy Center mo Washington, D.C.
Lefa go ntse jalo, ka mo go akanngwang ka gone, bodumedi bo tshwanetse go kgona go boloka lefatshe le le mo kagisong. Mike Royko, ra-dikoranta ebile e le morekisi wa ditlhogo tsa botlhokwa gore di gatisediwe gongwe, o kwadile jaana: “Fa masole a ne a ka gana go bolaya motho yo o rileng fela ka go bo e le a bodumedi bo le bongwe, go ne go tla nna thata [eletota] go simolola ntwa.” Jalo morago ga a sena go lemoga gore batho ba tumelo e le nngwe e e seng ya Bokeresete ba ne ba bolaana setlhogo ka masome a dikete o bolela jaana: “Le eleng gore Bakeresete ba ne ba tenwa ke go dira dintwa kgatlhanong le Bakeresete ba bangwe. Fa ba ne ba dirile jalo, bontsi jwa dintwa tse di matlho mahibidu mo Yuropa di kabo di sa diragala le ka motlha.”
Jalo, a goa gakgamatsa go bo batho ba bantsi ba sa batle sepe-sepe se se nang le lonko lwa bodumedi? Pego ya hisetori e tladikilwe kgapetsa ka madi a dintwa a batho ba bodumedi bao ba ileng ba tlhokomologa Lefoko la Modimo Bibela e e Boitshepo kana ba ne ba sokamisa bokao jwa yone go tshwanela dikeletso tsa bone tsa bogagaru.
Lefa go ntse jalo, tsela ya botshelo e e kwadilweng mo Bibeleng, fa e latelwa sentle, ga e ise kwa ntweng mme kwa kagisong le kwa kutlwanong fela. (Diane 3:1-6) Jesu o ne a tlhotlheletsa balatedi ba gagwe jaana, “ratañ baba ba lona, ba ba lo ilañ lo ba dihèlè molemō.” (Luke 6:27) Jesu gape o ne a supa lotshwao lono lwa go tlhaola balatedi ba gagwe ba boammaaruri fa a ne a re: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:35.