Go Dumela mo Modimong—A go Lekane?
“A O DUMELA mo Modimong kana mo moyeng wa lobopo?” go boditse jalo George Gallup Jr, mmatlisisi yo o tumileng wa maikutlo a batho ka dilo. Gongwe seo se tla gakgamatsang ba bangwe ke gore, 95 lekgolong ya bagolo (ba ba nang le dingwaga tse di fetang 30) le basha ba ba boditsweng jalo ba ne ba re, ‘Ee!’ Mme ke go ya bokgakaleng bofe tumelo e fetolelwang mo ditirong? Ka phepafalo ke jo bonnyane thata. Gonne Rre Gallup o begile gore fa go ne go bodiwa bangwe ba bagolo ba ba sa leng basha gore, “Ditumelo tsa bodumedi jwa lona di ama go akanya kana boitshwaro jwa lona jwa letsatsi lengwe le lengwe go ya bokgakaleng bofe,” ba le 26 lekgolong fela ba rile, “thata.”a—The Search for America’s Faith, ka George Gallup, Jr., le David Poling.
Ka phepafalo, he, go dumela fela mo Modimong ga go a lekana. Morutwa Jakobe o kwadile jaana: “Ua dumèla ha Modimo o le moñwe hèla; u diha sentlè; badimo le bōne baa dumèla, me ba tsitsibane hèla ba rorome. . . . Tumèlō e sena ditihō ea bo e sena louño.” (Yakobe 2:19, 20) Ka mo letlhakoreng le lengwe, Bibela e bolela ka batho bangwe ba ba neng ba dira se se fetang tumelo fela. Ka sekai, Enoke “a sepela le Modimo.” (Genesise 5:24) Jalo kamano ya ga Enoke le Modimo e ne ya nna e e gaufi-ufi moo e neng ekete ba ne ba sepela mmogo! Mme ke ka ntlhayang fa Enoke a ne a na le tshiamelo ya kamano eno e e tlholomologileng? Ka ntlha ya selo se le sengwe fela, lemororo a ne a tshela mo tikologong e e boikepo ya bodumedi koo “ditihō . . . tsa boikèpō” tse di boifisang tse di neng di aname gongwe le gongwe, Enoke o ne a latela tsela e e siameng ya botshelo. O ne a senola ka bopelokgale le ka tshosologo ditsela tse di bosula tsa batho ba a neng a tshela le bone, ka go perofesa jaana: “Bōnañ, Yehofa o na a tla, a na le baitshepi ba gagwè ba le makgolo kgolo, a tla go dihaletsa botlhe katlholō, le go chwarisa baikepi botlhe ditihō cotlhe tsa boikèpō tse ba di dihileñ ka go ikèpa, le dilō tse di thata cotlhe tse baleohi ba ba ikèpañ ba di buileñ kaga gagwè.”—Yude 14, 15.
Go sepela le Modimo go ile ga tsenya Enoke mo kotsing e e masisi ka phepafalo baba ba gagwe ba ne ba loga leano la go mmolaya le go khutlisa go perofesa ga gagwe go go tshwenyang. Lefa go ntse jalo, Modimo o o neng o sepela le ena, o ne a tsenelela. Bibela e bolela jaana: “Ka tumèlō Enoke a cholwa a isiwa kwa legodimoñ, gore a se ka a bona losho: me o ne a se ka a bonwa, ka Modimo o mo tseetse kwa legodimoñ.” Ee, “Modimo o ne o mo chotsè” ka loso, ka phepafalo o ne a mo ngomaela mo losong lo lo setlhogo mo diatleng tsa baba ba gagwe.—Bahebera 11:5, 13; Genesise 5:24; bapisa Yohane 3:13.
Noa e ne e le monna yo mongwe yo o neng a ‘sepela le Modimo wa boammaaruri.’ Jaaka Enoke, “Noa e ne e le monna eo o siameñ, a itekanetse mo ditshikeñ tsa gagwè.” (Genesise 6:9) Mme seno go sa kgathalesege lebaka la go bo mo motlheng wa gagwe boitsholo jo bo repileng bo ne bo aname mme thubakanyo e ne e ole. Lefa go ntse jalo, Noa o ne a bontsha poifo-modimo mme o ne a tlhomologile jaaka “moreri oa tshiamō.” Ka gone Modimo o ne a mmoloka mmogo le lelapa la gagwe fa a ne a tlisa morwalela mo lefatsheng leo la kgale!—2 Petere 2:5; Bahebera 11:7; Genesise 6:5, 11.
A Modimo o santse o dira taletso ya go sepela le ene? Ee eleruri! Moaposetoloi Paulo o boletse gore Modimo ‘ga o kgakala le mongwe le mongwe wa rona,’ mme fa re ‘mo apaapa, le go mmona.’ (Ditihō 17:27) Mme re ka dira seno jang? Mme go sepela le Modimo tota go kayang?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ba le somamararo robongwe lekgolong ba ne ba re “dingwe,” ba le 14 lekgolong ba ne ba re “ke sewelo,” mme ba le 12 lekgolong ba ne ba re “le eseng.”