Go Lemoga Dikgang
Go Bonela Isagwe Pele
“Eleruri isagwe ga e sa tlhole e ntse jaaka pele!” Go bolela jalo mokwadi mongwe mo kgatisong ya bosheng jaana ya Compressed Air Magazine. E ne e lebisitse go dipolelelo-pele tseo di dirilweng ka bo-1930 go ya go bo-1950, fa “batho ba ba amegileng ka isagwe ba lobaka loo ba ne ba dumela mo pusong le mo boitseanapeng kwantle ga bosupi bope, mme ba ne ba bonela pele go bopiwa mo e ka nnang mofuta wa botshelo jo bo itekanetseng pele ga ngwaga wa 2000.” Mokwadi yoo o bolela gore “bontsi jwa diponatshegelo tse di molemo tseno le ka motlha ga di ise di ke di diragadiwe ka gope.” Ke ka ntlhayang fa di sa diragadiwa? Go ne ga dumelwa gore morago ga Ntwa ya Lefatshe II “mathata . . . otlhe a ne a re setse morago,” mme, go dumelwa gore, “dikgatelo-pele tse di gakgamatsang tsa boranyane di ne tsa dirwa.” Lefa go ntse jalo dingwaga tse di latetseng morago ga ntwa eo di ne tsa tlisa “phetogo e kgolo e e ipoeletsang mo bathong, dipolotiking, tikologong le mo mading.” Setlhogo seno se bolela gore jaanong “re tlhalefile go se kae, mme ga re tlhole re amogela puso le boranyane jaaka ditharabololo tsa mathata a batho.”
“Go dumela kwantle ga bosupi” go go ntseng jalo mo diphitlhelelong tsa batho go ne ga tilwa ke diithuti tse di tlhoafetseng tsa Bibela tseo di neng tsa diragatsa kgakololo eno, “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.” (Pesalema 146:3) Di ikaegile ka boperofeti jwa Bibela jo bo sa palelweng, diithuti tseno tsa Bibela di ne tsa itsise gore maemo a losika lono a ne a tla sulafalela pele, go fitlhela Modimo a tsenelela le go emisetsa dipuso tsotlhe tsa batho ka Bogosi jwa gagwe.—Daniele 2:44; Mathaio 24:6-8, 14.
Lemororo ba lebane le diphetogo tse dikgolo tse di tshwanang tsa batho go ba dikologa, batlhanka ba Modimo ga ba na “go ineela ka go setlhomamisege” goo mokwadi a go umakang. Go na le moo, ba latela kgakololo eno ya ga Jesu: “lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.”—Luke 21:28.
Go Santse Go Na le Sebaka sa Ba Ba Oketsegileng
Baagi ba lefatshe, bao bosheng jaana ba phopholeditsweng go dibilione di le 4,5, ba solofetswe go oketsega go ya go dibilione di le 6 ka ngwaga wa 2000, le eleng go fitlhelela dibilione di le 10,5 ka ngwaga wa 2110. “A batho ba le dibillone tse 4,5 ba bantsi? A ba bantsi ka mo go feteletseng? A batho ba le dibilione tse 10 ke morwalo kana a lefatshe le tla kgona go ba tshegetsa botlhe?” Go botsa jalo Hans W. Jürgens, moperofesa wa anthropology le demography kwa unibesithing ya Kiel, Federal Republic of Germany. Fa a ne a kwala mo makasineng wa Geo, o bolela gore lefatshe le na le “sebaka sa dibilione tse di oketsegileng tsa batho” se se lekaneng, bao ba ka tshelang sentle ka mo go lekanetseng fa diphetogo tse di tshwanang mo maemong a go tshela le a itsholelo di ne di ka dirwa. O bolela gore bomorafe ke sekgoreletsi. “Fa fela re letlelela le eleng go godisa moya wa bomorafe wa go ipona re le botlhokwa—mme mokgatlho wa Merafe e e Kopaneng ka go sa ikaelela o nna le seabe se se diphatsa mo kgannyeng eno—go ne go tla nna thata gore re dirise lefatshe la rona ka botlalo goo, go ya ka boammaaruri jwa motheo, go ka kgonagalang ka botlalo.”
Motho ga a tshwanela go gakgamala, he, fa lefatshe le ka kgona go tshegetsa palo e kgolo ya batho bao ba tla gololwang mo lebitleng le le tlwaelegileng la setho ka nako e e tshwanetseng ya Modimo. (Yohane 5:28, 29; Tshenolō 20:12, 13) Ba tla busediwa, eseng mo lefatsheng le le kgaogantsweng ke bogagapa, dikgatlhego tsa bomorafe, mme mo go le le siameng, le le kagiso, mme le kgona go tlamela botlhe ka dijo tse dintsi.—Pesalema 72:7, 8, 16.
“Lefatshe la Bodumedi le le sa Ungweng”
Batho ba ba mo metshamekong ya thelebishene ba lebane le “mathata le go tlhakana tlhogo tseo batho ba ba tlwaelegileng bao ba tsamayang mo mmileng ba lebanang le tsone letsatsi lengwe le lengwe.” Go bolela jalo ra-dipadi Benjamin J. Stein, fa a ne a kwala kafa tlase ga setlhogo se se fa godimo go The Wall Street Journal. “Mme nngwe ya dintlha tsa konokono tsa go dira ditshwetso tota ga e teng gotlhelele mo thelebisheneng: bodumedi.” Lefa tiragalo nngwe ya bodumedi e ka nna ya bonwa mo dibaesekopong, Rre Stein o lemoga gore, “mo mananeong a thelebishene a a gokaganngwang ka bothale a batho ba bantsi ba a lebelelang, tota bodumedi ga bo tlhagelele gotlhelele. Fa go tlhaga bothata jo bo tlhokang pono e e dirang—jo bo leng teng mo e ka nnang mo motshamekong mongwe le mongwe—karabelo e e nnang teng e theilwe mo kitsong e e rileng ya segakolodi sa tlholego ya se se molemo le se se bosula, mo kgakololong ya tsala nngwe, kgakololo nngwe e e gakologelwang, kana, gongwe ka mo go oketsegileng, mo go kaelweng ke maemo.”
Batsadi segolo-bogolo ba tshwanetse ba bo ba lapisitswe ke motswedi oo “go seng ope . . . le ka motlha a buang le eleng kaga bodumedi jaaka jo bo mo kaelang mo botshelong jwa gagwe ka boene,” jaaka go tlhalosa Rre Stein. Megopolo e mesha e tlhotlheletsega motlhofo mme e sekametse mo go etseng ditiro le dipono tsa batho ba ba tumileng bao ba ba lebelelang. Eleruri ke tsela e e botlhale go tlhokomela ka kelotlhoko seo se lebelelwang mo Thelebisheneng. Le eleng se se botlhokwa ka mo go oketsegileng, batsadi ba dira sentle go thapisetsa bana ba bone gore ba dihsetse Bibela go ba kaela. Bana ba tshwanetse go godisediwa “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—Baefesia 6:4; Bafillpi 4:8.